Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 40

Etsa Petere, O se Ka wa Itlhoboga

Etsa Petere, O se Ka wa Itlhoboga

“Tloga fa go nna Morena, ka gonne ke monna yo o nang le boleo.”—LUKE 5:8.

PINA 38 O Tla go Nonotsha

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Petere o ne a ikutlwa jang fa Jesu a sena go dira kgakgamatso?

 PETERE le banna ba a neng a na le bone, ba ne ba feditse bosigo jotlhe ba leka go tshwara ditlhapi, mme go ne go se nko e e tswang lemina. Ba ne ba gakgamala tota fa Jesu a mo raya a re: “Suteletsa mokoro kwa go leng boteng gone, mme lo digele matloa a lona kwa tlase gore lo tshware ditlhapi.” (Luke 5:4) Petere o ne a belaela gore ba ka kgona go tshwara ditlhapi, mme gone o ne a dira se Jesu a neng a ba laetse gore ba se dire. Fa ba sena go latlhela matloa mo lewatleng, a ne a tlala ditlhapi tse dintsi mo a neng a simolola go gagoga. Petere le banna bao ba ne ba lemoga gore Jesu o ne a dirile kgakgamatso, mme ba ne ba “gakgamatse e bile ba tshogile thata.” Ka jalo, Petere o ne a re: “Tloga fa go nna Morena, ka gonne ke monna yo o nang le boleo.” (Luke 5:6-9) Go lebega Petere a ne a ikutlwa a sa tshwanelege go bo a na le Jesu.

2. Go ithuta mo go Petere go ka re tswela mosola jang?

2 Petere o ne a bua boammaaruri fa a ne a re “ke monna yo o nang le boleo” ka gonne Baebele e re bolelela gore ka dinako dingwe o ne a bua kgotsa a dira dilo dingwe tse a neng a di ikwatlhaela moragonyana. A le wena o tle o ikutlwe jaaka Petere? Fa e le gore o na le lobaka lo loleele o batla go tlogela botho bongwe kgotsa o lwantsha bokoa bongwe, o ka kgothadiwa ke go ithuta se se diragaletseng Petere. Goreng re rialo? Lebaka ke gore Jehofa a ka bo a sa dira gore diphoso tsa ga Petere di kwalwe mo Baebeleng fa e le gore o ne a sa batle gore re ithute mo go tsone. (2 Tim. 3:16, 17) Go ithuta ka makoa a ga Petere go tla re thusa gore re tlhaloganye gore Jehofa ga a lebelela gore re se ka ra dira diphoso. Go na le moo, o batla gore re se ka ra latlhela seditse fa re dirile diphoso.

3. Goreng re sa tshwanela go itlhoboga?

3 Seane sengwe se a re, maleka ga se makgona, makgona ke maboeletsa. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re se ka itlhoboga. Ka sekai, fa mongwe a batla go ithuta go letsa diphala, go ka mo tsaya dingwaga di le dintsi gore a kgone go dira jalo. Tota e bile, le fa e setse e le setswerere, a ka tla a dira diphoso. Le fa go ntse jalo, ga a ineele, o nna a ikatisa. Ka tsela e e tshwanang, fa e le gore re kgonne go lwantsha bokoa bongwe, mme fa nako e ntse e tsamaya re bo re boela kwa go jone, ga re a tshwanela go itlhoboga. Go na le moo, re tshwanetse go tokafatsa. Gantsi re ikwatlhaela dilo tse re di buileng kgotsa tse re di dirileng, mme fa re sa ineele Jehofa o tla re thusa go tokafatsa. (1 Pet. 5:10) A jaanong re bone gore ke eng se se thusitseng Petere gore a se ka a itlhoboga. Gape re tla bona gore tsela e Jesu a neng a mo tlhomogela pelo ka yone le fa a ne a dira diphoso, e ka re rotloetsa jang gore re tswelele re direla Jehofa.

MAKOA LE MASEGO A PETERE A ILENG A NNA LE ONE

O ne o ka dira eng fa o ne o ka diragalelwa ke se se diragaletseng Petere? (Bona serapa 4)

4. Petere o ne a tlhalosa gore ke motho yo o ntseng jang mo go Luke 5:​5-10, mme Jesu o ile a bontsha jang gore o a mo tshepa?

4 Baebele ga e re bolelele gore ke eng fa Petere a ne a re “ke monna yo o nang le boleo” e bile ga e re bolelele gore o ne a bua ka maleo afe. (Bala Luke 5:5-10.) Mme go ka direga gore go na le diphoso dingwe tse di masisi tse a ileng a di dira. Jesu o ile a lemoga gore Petere o ne a inyatsa, mme seo se ne se dira gore a tshoge. Gape o ne a itse gore Petere o ne a ka kgona go tswelela a direla Jehofa. Ka jalo, o ne a mo raya a re “tlogela go tshoga.” Tsela e Jesu a neng a tshepa Petere ka yone, e ne ya dira gore a dire diphetogo mo botshelong. Moragonyana ene le monnawe e bong Anderea ba ne ba tlogela kgwebo ya bone ya go tshwara ditlhapi, ba bo ba bereka le Jesu ka metlha mo bodireding. Seo se ile sa dira gore Jehofa a ba segofatse.—Mar. 1:16-18.

5. Jehofa o ne a segofatsa Petere jang ka gonne a sa letla letshogo gore le dire gore a tlogele go nna molatedi wa ga Jesu?

5 E re ka Petere a ile a tlhopha go nna molatedi wa ga Jesu, o ile a itumelela masego a le mantsi. O ile a bona fa Jesu a fodisa balwetse, a leleka madimona le fa a ne a tsosa baswi. b (Math. 8:14-17; Mar. 5:37, 41, 42) Gape Petere o ne a bona ponatshegelo e e gakgamatsang e a neng a se kitla a e lebala. Mo ponatshegelo eo, o ne a bona Jesu e le Kgosi mo Bogosing Jwa Modimo. (Mar. 9:1-8; 2 Pet. 1:16-18) Petere a ka bo a sa bona masego ao fa a ka bo a ile a letla letshogo gore le mo thibele go nna morutwa wa ga Jesu.

6. A makoa a Petere a neng a na le one a ne a fela? Tlhalosa.

6 Le fa Petere a ne a itumeletse masego ao, o ne a sa ntse a lwantshana le makoa mangwe. Ka sekai, fa Jesu a ne a tlhalosetsa barutwa ba gagwe gore o ne a tla utlwisiwa botlhoko a bo a swa jaaka go boleletswe pele mo Baebeleng, Petere o ne a mo kgalemela a bo a mmolelela gore seo ga se kitla se mo diragalela. (Mar. 8:31-33) Gape Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba nna ba ngangisana ka gore ke mang yo mogolo. (Mar. 9:33, 34) E bile mo bosigong jwa pele Jesu a bolawa, Petere o ile a kgaola monna mongwe tsebe. (Joh. 18:10) Mo go jone bosigo joo, Petere o ne a welwa ke letshogo a bo a itatola Jesu ka makgetlo a le mararo. (Mar. 14:66-72) Go tswa foo, o ne a thubega ka selelo.—Math. 26:75.

7. Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a letla Petere gore a dire eng?

7 Jesu ga a ka a latlha Petere ka gonne a kgobegile marapo. Fa a sena go tsosiwa, o ne a letla Petere gore a bontshe gore o sa ntse a mo rata. Ka jalo, o ne a mo naya maikarabelo a gore a dise dinku tsa gagwe. (Joh. 21:15-17) Petere o ile a dira se Jesu a neng a kopa gore a se dire. Petere e ne e le mongwe wa barutwa ba ba neng ba tlodiwa ka moya o o boitshepo kwa Jerusalema ka letsatsi la Pentekosete.

8. Petere o ile a dira phoso efe kwa Antioka?

8 Tota le fa Petere a sena go tlodiwa ka moya o o boitshepo, o ne a tshwanelwa ke go lwantsha makoa a gagwe. Ka ngwaga wa 36 C.E., Modimo o ne a mo romela kwa go Korenelio yo e neng e se Mojuda. Fa a le koo, Modimo o ne a tlotsa Korenelio ka moya o o boitshepo go bontsha gore “ga a na tlhaolele” le gore o amogela batho ba e seng Bajuda gore ba tle mo phuthegong ya gagwe. (Dit. 10:34, 44, 45) Morago ga tiragalo eno, Petere o ne a simolola go ja le batho ba e seng Bajuda, e leng sengwe se a neng a ka se se dire pele ga foo. (Bagal. 2:12) Le fa go ntse jalo, Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba tsaya gore Bajuda le batho ba e seng Bajuda ga ba a tshwanela go ja mmogo. Fa bangwe ba bone ba ya kwa Antioka, Petere o ne a kgaotsa go ja le bakaulengwe ba gagwe ba e seng Bajuda ka gonne a tshaba Bakeresete bao ba Bajuda. Moaposetoloi Paulo o ne a mo kgalemela batho ba bangwe ba reeditse. (Bagal. 2:13, 14) Mme gone, ke eng se se thusitseng Petere gore a se ka a itlhoboga le fa a ne a dirile phoso eo?

KE ENG SE SE THUSITSENG PETERE GORE A SE KA A ITLHOBOGA?

9. Johane 6:68 le 69 e bontsha jang gore Petere o ne a ikanyega?

9 Petere ga a ka a letla sepe go mo thibela go nna molatedi wa ga Jesu ka gonne o ne a ikanyega. O ne a bontsha gore o a ikanyega fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe sengwe se ba neng ba sa se tlhaloganye. (Bala Johane 6:68, 69.) Bontsi jwa barutwa bao ba ne ba tlogela Jesu ba sa mo letla gore a tlhalose se a neng a se bua. Petere ene ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa a bo a re Jesu o “bua mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.”

Tsela e Jesu a neng a tshepa Petere ka yone e go gomotsa jang? (Bona serapa 10)

10. Ke eng se Jesu a neng a se itse ka Petere? (Bona le setshwantsho.)

10 Jesu o ne a itse gore mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a le mo lefatsheng, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba tla mo latlha. Mme Jesu ene ga a ka a latlha Petere. Go na le moo, o ne a itse gore Petere o ne a tla itharabologelwa a bo a tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi. (Luke 22:31, 32) Gape Jesu o ne a tlhaloganya gore “moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.” (Mar. 14:38) Ka jalo, tota le fa Petere a ile a mo iitatola, Jesu ga a ka a mo tlhoboga. Go na le moo, o ile a iponatsa kwa go Petere baaposetoloi ba bangwe ba seyo. (Mar. 16:7; Luke 24:34; 1 Bakor. 15:5) Seo se ka tswa se ile sa nonotsha Petere fela thata ka gonne o ne a kgobegile marapo tota.

11. Jesu o ile a tlhomamisetsa Petere jang gore Jehofa o tla mo tlhokomela?

11 Jesu o ile a tlhomamisetsa Petere gore Jehofa o ne a tla mo tlhokomela. Fa a sena go tsosiwa, o ne a dira kgakgamatso e a kileng a e dira. O ile a dira gore Petere le baaposetoloi ba bangwe ba tshware ditlhapi tse dintsi. (Joh. 21:​4-6) Ga go pelaelo gore kgakgamatso eo, e ile ya tlhomamisetsa Petere gore Jehofa o ne a tlile go mo naya dilo tse a neng a di tlhoka. Gongwe e bile o ile a gopola gore Jesu o ile a re Jehofa o ne a tla tlhokomela batho ba ba nnang ba batla ‘Bogosi pele.’ (Math. 6:33) Seo se ile sa thusa Petere gore a dire tiro ya go rera go na le go tshwara ditlhapi. Ka Pentekosete ya 33 C.E. o ne a neela puo e e ileng ya thusa batho ba le bantsi gore ba amogele dikgang tse di molemo. (Dit. 2:14, 37-41) Moragonyana o ile a thusa Basamaria le batho ba e neng e se Bajuda gore e nne balatedi ba ga Jesu. (Dit. 8:14-17; 10:44-48) Eleruri Jehofa o ile a dirisa Petere gore a thuse batho ba ditšhaba tse di farologaneng gore ba mo direle!

RE ITHUTA ENG?

12. Se se diragaletseng Petere se ka re thusa jang fa e le gore re ntse re lwantshana le bokoa bongwe?

12 Jehofa a ka re thusa gore re se ka ra itlhoboga. Gone ke boammaaruri gore, ka dinako tse dingwe go thata go dira jalo, segolobogolo fa e le gore re feditse dingwaga di le dintsi re mekamekana le bokoa bongwe. Mo godimo ga moo, makoa a rona a ka tswa a le thata go gaisa a ga Petere. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re thusa gore re se ka ra ineela. (Pes. 94:17-19) Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o neng a ratana le banna ba bangwe ka dingwaga di le dintsi pele a ithuta boammaaruri, o ne a dira tshwetso ya go tlogela mokgwa oo a bo a tshela ka tsela e Jehofa a e batlang. Mme gone, o sa ntse a lwantshana le dikeletso tse di sa siamang. O thusitswe ke eng? A re: “Jehofa o nnaya maatla. Ke lemogile gore moya wa gagwe o ka nthusa gore ke tshele ka tsela e a e batlang . . . Le fa ke na le makoa, Jehofa o ne a nnaya dikabelo dingwe mo phuthegong e bile o ne a nthusa.”

Mokaulengwe Horst Henschel o simolotse tirelo ya nako e e tletseng ka di-1 tsa January 1950. A o akanya gore o ikwatlhaela go bo a diretse Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe? (Bona serapa 13 le 15) d

13. Re ka etsa jang se Petere a ileng a se dira mo go Ditiro 4:13, 29 le 31? (Bona le setshwantsho.)

13 Mo setlhogong seno re bone gore Petere o ne a dira diphoso tse di masisi ka gonne a ne a tshaba batho. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse go nna pelokgale, mme o ne a mo araba. (Bala Ditiro 4:13, 29, 31.) Le rona, Jehofa a ka re thusa fa e le gore re tshaba batho. Ka sekai, o ne a thusa mokaulengwe yo mosha yo o bidiwang Horst, yo o neng a nna kwa Germany ka Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe. Ka nako eo, batho ba ne ba laetswe gore ba dumedise ba re, “Hitler o tla re boloka!” Tota le fa Horst a ne a itse gore seo se ne se le phoso, o ne a dira jalo fa a le kwa sekolong ka gonne a tshaba barutabana le bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng. Batsadi ba gagwe ga ba a ka ba mo omanya, go na le moo ba ne ba rapela le ene ba kopa Jehofa gore a mo thuse go nna pelokgale. Fa nako e ntse e tsamaya, Horst o ile a kgona go ikemela ka gonne batsadi ba gagwe le Jehofa ba ile ba mo thusa. Moragonyana o ile a re: “Jehofa ga a ka a ntatlha.” c

14. Bagolwane ba ka thusa jang ba ba kgobegileng marapo?

14 Go a itumedisa gore Jehofa le Jesu ga ba kitla ba re tlhoboga. Fa Petere a sena go itatola Jesu, o ile a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa, gore a o ne a tla tswelela e le molatedi wa ga Jesu kgotsa nnyaa. Jesu o ile a kopa Jehofa gore a thuse Petere gore a se ka a ineela e bile o ile a bolelela Petere gore o mo rapeletse. Thapelo eo e ne e bontsha gore o ne a itse gore Petere o tla kgona go nonotsha bakaulengwe ba gagwe. (Luke 22:31, 32) Se Jesu a ileng a se bua, se ka tswa se ile sa kgothatsa Petere nako le nako fa a se gopola! Fa e le gore le rona re tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa, Jehofa a ka dirisa bagolwane go re thusa gore re tswelele re ikanyega mo go ene. (Baef. 4:8, 11) Mogolwane mongwe yo o diretseng Jehofa ka lobaka lo loleele yo o bidiwang Paul o kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kgobegileng marapo. O ba gopotsa se Jehofa a se dirileng go ba gogela mo phuthegong ya gagwe, gape o ba tlhomamisetsa gore Jehofa o a ba rata e bile ga a ka ke a ba letla gore ba ineele. A re: “Ke bone kafa Jehofa a thusitseng bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba neng ba kgobegile marapo.”

15. Se se diragaletseng Petere le Mokaulengwe Horst se re bontsha jang gore Mathaio 6:33 e boammaaruri?

15 Jehofa o ile a naya Petere le baaposetoloi ba bangwe dilo tse ba di tlhokang. Ka jalo, le rona o tla re naya dilo tse re di tlhokang fa re dira gore tiro ya go rera e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa rona. (Math. 6:33) Mokaulengwe Horst yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o ne a batla go nna mmulatsela morago ga Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, mme o ne a se na madi. O ne a ipotsa gore o tla bona kae madi fa e ntse e le mmulatsela. O ile a ipolelela gore o batla go bona gore a Jehofa a ka mo thusa. Fa molebedi wa potologo a ne a etetse phuthego ya bone, o ne a ya tshimong mo bekeng eo yotlhe. Mme fa e fela, molebedi wa potologo o ile a mo naya enfelopo e e neng e na le madi a a neng a ka mo thusa ka dikgwedi di le mmalwa fa e ntse e le mmulatsela. Madi ao a ile a mo tlhomamisetsa gore Jehofa o tla mo tlhokomela. Fa e sa le go tloga ka nako eo, o ile a direla Jehofa ka nako e e tletseng.—Mal. 3:10.

16. Dilo tse Petere a ileng a di dira le tse a ileng a di kwala di ka re tswela mosola jang?

16 Fa Petere a ne a re Jesu a tloge fa go ene, Jesu ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o ile a tswelela a katisa Petere gore a kgone go direla Jehofa ka boikanyegi le gore a tlhomele bakaulengwe ba gagwe sekao. Re ka ithuta dilo tse dintsi mo tseleng e Jesu a ileng a mo katisa ka yone. Petere o re bolelela dilo tseo mo makwalong a a ileng a a kwalela Bakeresete ba ba neng ba le mo diphuthegong tsa bogologolo. Mo setlhogong se se latelang, re tlile go tlotla ka dintlha tseo le gore re ka di dirisa jang gompieno.

PINA 126 Nnang lo Tsogile, Nitamang, Nnang Maatla

a Setlhogo seno se diretswe go tlhomamisetsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lwantshanang le makoa mangwe gore ba ka kgona go a fenya ba bo ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyegi.

b Ditemana tse dintsi tse di nopotsweng mo setlhogong seno, di tswa mo bukeng ya Mareko. Petere e ka tswa e le ene a boleletseng Mareko ditiragalo tseo ka gonne o ne a le teng fa di direga.

c Kgang ya botshelo ya ga Mokaulengwe Horst Henschel, e mo makasineng wa Tsogang! wa February 22, 1998 mo setlhogong se se reng, Motivated by My Family’s Loyalty to God,” ka Seesemane.

d TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mo setshwantshong seno, batsadi ba ga Mokaulengwe Horst Henschel ba rapela le ene e bile ba mo thusa gore a nne pelokgale.