Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 39

Goreng re Tshwanetse go Nna Bonolo?

Goreng re Tshwanetse go Nna Bonolo?

“Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 TIM. 2:24.

PINA 120 Nna Bonolo Jaaka Keresete

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Mongwe a ka re botsa eng fa re le kwa sekolong kgotsa kwa tirong?

 GO LE gantsi re a tshoga fa re tshwanelwa ke go tlhalosetsa mongwe yo re berekang kgotsa yo re tsenang sekolo le ene gore re dumela eng. Mme gone, ga re a tshwanela go tshoga ka gonne fa motho a re botsa dipotso, re ka kgona go lemoga gore o akanya eng le gore o dumela eng, re bo re mo rerela. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe motho a ka re botsa potso e se ka gonne a batla go itse gore re dumela eng, mme e le ka gonne a batla go ngangisana le rona. Ga re a tshwanela go gakgamala fa seno se direga ka gonne batho ba le bantsi ba boleletswe dilo tse di seng boammaaruri ka rona. (Dit. 28:22) Mo godimo ga moo, Baebele e a re re tshela mo “malatsing a bofelo,” ka jalo batho ga ba “batle go dumalana le ba bangwe ka sepe,” e bile ba “bogale jo bo tshabegang.”—2 Tim. 3:1, 3.

2. Goreng re tshwanetse go nna bonolo?

2 Gongwe o ipotsa gore ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa tseega maikutlo fa batho ba batla go ngangisana le wena ka dilo tse o di dumelang. Selo se se ka go thusang ke go nna bonolo. Motho yo o bonolo ga a galefe ka bonako, e bile o kgona go itshwara fa batho ba mo rumola kgotsa fa a sa itse gore a arabe a reng. (Diane 16:32) Mme jaaka o itse, go nna bonolo ga go motlhofo. Ka jalo, ke eng se se ka go thusang gore o arabe ka bonolo fa batho ba batla go ngangisana le wena? Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba nne bonolo fa ba tlhalosa gore ba dumela eng?

KE ENG SE SE KA GO THUSANG GO NNA BONOLO?

3. Ke eng fa re ka re motho yo o bonolo ga a bokoa? (2 Timotheo 2:24, 25)

3 Batho bangwe ba ka tsaya gore motho yo o bonolo o bokoa. Mme gone, seo ga se boammaaruri ka gonne ga go motlhofo gore motho a nne a ritibetse fa a rumolwa. Ka jalo, motho yo o bokoa o ne a ka se kgone go dira jalo. Re ka dira sekai ka pitse e e tlhaga. E ka katisiwa gore e nne bokgwabo, mme fa e setse e le bokgwabo, seno ga se reye gore jaanong e bokoa. Go ntse fela jalo ka rona batho, re ka kgona go nna bonolo le fa re ne re sa nna jalo kwa tshimologong. Ke eng se se ka re thusang? Baebele e a re bonolo ke lengwe la “maungo a moya o o boitshepo.” (Bagal. 5:22, 23) Ka jalo, re ka se kgone go nna le nonofo eno ka borona fela. Re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re neye moya wa gagwe o o boitshepo o o tla re thusang go nna le nonofo eno. Go na le dikai di le dintsi tse di bontshang gore go a kgonega gore motho a nne bonolo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba araba ka bonolo fa batho ba ne ba leka go ngangisana le bone kgotsa ba leka go ba rumola. Mme seno se ile sa kgatlha batho ba bangwe ba e seng Basupi. (Bala 2 Timotheo 2:24, 25.) Le wena o ka kgona go nna bonolo.

4. Re ka ithuta eng mo go Isake?

4 Baebele e na le dipego di le dintsi tse di re thusang go bona gore go nna bonolo go botlhokwa. Ka sekai, fa Isake a ne a nna kwa motseng wa Bafilisitia o o bidiwang Gerare, batho ba lefelo leo ba ne ba simolola go mo tswela pelo ka gonne a humile. Ka jalo, ba ne ba simolola go katela didiba tse batlhanka ba ga rraagwe ba neng ba di epile. Isake ga a ka a busa bosula ka bosula, go na le moo o ne a tsaya ba lelapa la gagwe a bo a fudugela kwa lefelong le lengwe. (Gen. 26:12-18) Fa a fitlha koo, o ile a epa didiba tse dingwe, mme batho ba lefelo leo le bone ba ne ba simolola go omana le ene ba re metsi a a mo didibeng tseo ke a bone. Le mo lekgetlong leno ga a ka a tsosa manganga, go na le moo o ne a itsamaela. (Gen. 26:19-25) Ke eng se se mo thusitseng gore a se ka a galefa le fa batho bao ba ne ba mo rumola? O ne a ithutile mo batsading ba gagwe. Rraagwe e bong Aborahame e ne e le motho yo o ratang kagiso, mme mmaagwe e bong Sara o ne a na le “moya o o didimetseng le o o bonolo.”—1 Pet. 3:4-6; Gen. 21:22-34.

5. Naya sekai se se bontshang gore batsadi ba ka kgona go thusa bana ba bone gore ba nne bonolo?

5 Batsadi ba ka kgona go ruta bana ba bone gore ba nne bonolo. Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di le 17 yo o bidiwang Maxence, o ne a tlhola a kopana le batho ba ba sa bueng sentle le ene kwa sekolong le kwa tshimong. Batsadi ba gagwe ba ile ba mo thusa gore a nne bonolo. Ba re: “Gone jaanong Maxence o a tlhaloganya gore go motlhofo gore motho a galefe fa batho ba mo rumola. Ka jalo, o tshwanetse go dira ka natla go tswelela a ritibetse fa batho ba sa bue le ene sentle.” Se se itumedisang ke gore gone jaanong Maxence o kgona go araba a le bonolo fa batho ba mo rumola.

6. Go rapela go ka re thusa jang gore re nne bonolo?

6 Fa mongwe a bua dilo tse di sa siamang ka Jehofa kgotsa a sa dumalane le se Baebele e se buang, re ka kopa Jehofa gore a re neye moya o o boitshepo gore re kgone go araba ka bonolo. Mme fa re lemoga gore ga re a bua le ene re ritibetse, re ka rapela Jehofa gape re mo kopa gore a re thuse, go tswa foo re bo re akanya gore re ka araba jang ka bonolo mo nakong e e tlang. Jehofa o tla re araba.

7. Go itse ditemana dingwe ka tlhogo go ka go thusa jang fa go nna le maemo mangwe a a go galefisang? (Diane 15:1, 18)

7 Go na le ditemana tse dintsi tsa Baebele tse di ka re di thusang fa go tlhaga maemo mangwe a a ka dirang gore re galefe. Ka nako eo, moya wa Modimo o tla re thusa gore re gopole ditemana tseo. (Joh. 14:26) Ka sekai, buka ya Diane e na le melaometheo e e ka re thusang gore re nne bonolo. (Bala Diane 15:1, 18.) Gape buka eno e re bontsha gore ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re ritibetse fa go na le maemo mangwe a a re galefisang.—Diane 10:19; 17:27; 21:23; 25:15.

TEMOGO E TLA RE THUSA GO NNA BONOLO

8. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa mongwe a botsa ka sengwe se re se dumelang?

8 Go nna le temogo le gone go tla re thusa gore re nne bonolo. (Diane 19:11) Motho yo o nang le temogo ga a galefe ka bonako fa batho ba ganetsa dilo tse a di dumelang. Re tshwanetse go nna re gopotse gore ka dinako tse dingwe motho ga a re bolelele lebaka la go bo a re botsa potso nngwe. Ka jalo, pele ga re araba, re tshwanetse go akanyetsa kwa teng, re ipotse gore ke eng se se ka tswang se dirile gore a botse potso eo.—Diane 16:23.

9. Gidione o ile a bontsha jang gore o na le temogo e bile o bonolo fa banna ba Eferaime ba ne ba mo galefetse?

9 Nako nngwe banna ba Eferaime ba ile ba galefela Gidione ka gonne a sa ba bitsa fa a ne a ya go lwa le baba ba Baiseraele. Mme gone, Gidione o ile a bontsha gore o na le temogo ka gonne ga a ka a tseega maikutlo. Baebele e a re o ile a ba araba ka bonolo mme “bogale jwa bone bo ne jwa kokobela.”—Baatlh. 8:1-3.

10. Re tshwanetse go araba jang fa batho ba re botsa dipotso ka se re se dumelang? (1 Petere 3:15)

10 Mongwe yo re berekang le ene kgotsa yo re tsenang sekolo le ene a ka re botsa gore ke eng fa re tshela ka melao ya Modimo. Fa re mo tlhalosetsa, re tshwanetse go nna re gopotse gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o batla go tshela jang. (Bala 1 Petere 3:15.) Fa motho a re botsa potso, ga re a tshwanela go ipolelela gore o batla go ngangisana le rona, go na le moo re tshwanetse go nna re gopotse gore potso eo e ka re thusa go itse gore o dumela eng. Ka jalo, re tshwanetse go bua le ene ka bonolo ka gonne seo se ka dira gore a kgatlhegele go ithuta Baebele. Re tshwanetse go dira jalo tota le fa motho yoo a sa bue le rona sentle.—Bar. 12:17.

Go ipotsa gore ke eng fa motho a go laletsa kwa phathing go tla go thusa gore o kgone go mo araba sentle. (Bona serapa 11-12)

11-12. (a) Re tshwanetse go dira eng fa mongwe a re botsa potso e e thata? (Bona le setshwantsho.) (b) Naya sekai se se bontshang gore o ka kgona go araba sentle fa motho a go botsa potso.

11 Ka sekai, fa mongwe yo o berekang le ene a go botsa gore ke ka ntlha ya eng o sa keteke malatsi a botsalo, ipotse go re, A o botsa potso eno ka gonne a akanya gore ga re ke re ijesa monate? Kgotsa gongwe o akanya gore fa ke sa keteke malatsi a botsalo ke tla dira gore go se ka ga nna le kutlwano mo tirong? Mmolelele gore o itumelela gore o amega ka batho ba bangwe mme o mo netefaletse gore le wena o batla gore go nne le kutlwano mo tirong. Fa o dira jalo, a ka nna a dumela gore o mo tlhalosetse gore Baebele e a reng ka go keteka malatsi a botsalo.

12 Re ka nna ra dira se se tshwanang fa batho ba bangwe ba re botsa dipotso tse di thata. Ka sekai, mongwe yo o tsenang sekolo le ene a ka nna a re Basupi ba ga Jehofa ba kgetholola di-gay le di-lesbian. A o bua jalo ka gonne a utlwile batho bangwe ba bua jalo? A gongwe o na le tsala kgotsa mongwe mo lelapeng yo e leng gay kgotsa lesbian? A o tsaya gore re tlhoile batho bao? O ka mo netefaletsa gore re rata batho botlhe le gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o batla go tshela jang. b (1 Pet. 2:17) Mo godimo ga moo, o ka kgona go mo tlhalosetsa gore go tshela ka melao ya Baebele go re tswela mosola jang.

13. O ka araba jang mongwe yo o reng ga go utlwale go dumela mo Modimong?

13 Fa o kopana le mongwe yo o ganetsang sengwe se re se dumelang, o se ka wa ipolelela gore o itse se motho yoo a se dumelang. (Tito 3:2) Ka sekai, mongwe yo o tsenang sekolo le ene a ka nna a re ga go utlwale go dumela gore Modimo o teng. O se ka wa tsaya gore o dumela thuto ya evolution e bile o itse go le gontsi ka yone ka gonne gongwe a ka tswa a bua sengwe se a utlwileng mongwe a se bua. Go na le go leka go mo tlhalosetsa gore thuto eo ga e boammaaruri, o ka mmontsha tshedimosetso e e buang ka popo mo jw.org. Gongwe moragonyana a ka nna a dumela gore lo tlotle ka setlhogo kgotsa bidio nngwe e a e boneng mo websaeteng ya rona. Fa o bua le ene sentle e bile o bontsha gore o a mo tlotla, a ka nna a kgatlhegela go ithuta Baebele.

14. Niall o ile a dirisa jang websaete ya rona go bontsha mosha yo a tsenang le ene tlelase gore dilo tse batho ba di buang ka Basupi ga di boammaaruri?

14 Mosha mongwe yo o bidiwang Niall o ne a dirisa websaete ya rona go bontsha mosha mongwe gore dilo dingwe tse batho ba di buang ka Basupi ga di boammaaruri. A re: “Ngwana mongwe yo ke tsenang le ene tlelase o ne a tlhola a nthaya a re, ‘Ga o dumele saense ka gonne o dumela buka ya ditlhamane.’” Niall o ne a leka go mo tlhalosetsa dilo tse a di dumelang, mme mosha yoo o ne a sa batle go utlwa sepe. Ka jalo, o ne a mmontsha websaete ya jw.org a bo a mo isa kwa karolong ya “Saense le Baebele.” Moragonyana mosha yoo o ne a dumela gore Niall a mo tlhalosetse gore Modimo o bopile dilo jang. Ka jalo, Niall o ile a lemoga gore o tshwanetse a bo a badile tshedimosetso e e mo websaeteng. Le wena o ka dira se se tshwanang.

IKATISENG

15. Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba arabe ka bonolo fa bana ba bangwe ba ngangisana le bone?

15 Batsadi ba ka thusa bana ba bone go araba ka bonolo fa bana ba bangwe kwa sekolong ba ngangisana le bone ka se ba se dumelang. (Jak. 3:13) Batsadi bangwe ba ikatisa le bana ba bone ka nako ya kobamelo ya lelapa. Ba tlotla ka dilo dingwe tse bana ba bangwe ba ka ngangisanang le bone ka tsone ba bo ba ba thusa go bona gore ba ka ba araba jang ba le bonolo.—Bona lebokoso le le reng “ Go Ikatisa Go ka Lo Thusa.”

16-17. Go ikatisa go ka thusa basha jang?

16 Go ikatisa go ka thusa basha gore ba kgone go tlhatswega pelo gore se ba se dumelang se boammaaruri mme ba kgone go se tlhalosetsa ba bangwe. Dintlha tsa go itshekatsheka tse di tlhagang mo karolong ya “Dipotso Tse Basha ba di Botsang,” di ka ba thusa. Fa ba dirisa dintlha tseo go ikatisa le batsadi ba bone, di ka ba thusa gore ba kgone go tlhalosa se ba se dumelang ka tsela e e utlwalang sentle e bile ba le bonolo.

17 Mosha mongwe yo o bidiwang Matthew a re go ikatisa le batsadi ba gagwe go ile ga mo thusa. Ka nako ya kobamelo ya lelapa, ba ne ba dira dipatlisiso ka dipotso tse bana ba a tsenang sekolo le bone ba ka mmotsang tsone. A re: “Re ne re akanya ka dipotso dingwe tse ba ka mpotsang tsone re bo re dira dipatlisiso go bona gore nka ba araba jang. Ke nna pelokgale fa ke kgona go tlhalosa mabaka a se ke se dumelang. E bile go nna motlhofo gore ke nne bonolo.”

18. Bakolosa 4:6 e a re re tshwanetse go dira eng?

18 Boammaaruri ke gore, batho bangwe ba ka nna ba gana go amogela se o se dumelang le fa o se tlhalosa ka tsela e e utlwalang. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go nna bonolo. (Bala Bakolosa 4:6.) Re ka tshwantsha go tlhalosetsa mongwe se o se dumelang le go tshameka bolo. Fa o tshameka bolo le motho, o ka mo latlhelela yone sentle kgotsa o ka mo kolopa ka yone. Fa o e latlhela sentle, o tla kgona go e tshwara lo bo lo tswelela lo tshameka. Go ntse jalo le ka rona fa re tlotla le batho ba bangwe. Fa re bua le bone re le bonolo, ba tla re reetsa e bile ba tla tswelela ba tlotla le rona. Mme gone, fa o lemoga gore motho o batla go ngangisana le wena kgotsa go re tshwayatshwaya diphoso, ga o tlhoke go tswelela o bua le ene. (Diane 26:4) Se se itumedisang ke gore batho ba le bantsi ba a re reetsa.

19. Goreng re tshwanetse go nna bonolo fa re tlhalosa se re se dumelang?

19 Jaaka re bone mo setlhogong seno, go nna bonolo go re tswela mosola. Ka jalo, fa batho ba go botsa dipotso tse di thata kgotsa ba go tshwayatshwaya diphoso, kopa Jehofa gore a go thuse gore o nne bonolo. Nna o gopotse gore fa o araba batho ka bonolo, ba ka nna ba go reetsa e bile ba ka nna ba kgatlhegela go ithuta Baebele go na le gore ba ngangisane le wena. Baebele e a re ‘ka metlha o ikemisetse go femela’ se o se dumelang, ‘mme o dire jalo ka bonolo le ka tlotlo e e boteng.’ (1 Pet. 3:15) Eleruri re tshwanetse go nna bonolo.

PINA 88 Nkitsise Ditsela Tsa Gago

a Mo setlhogo seno re tla tlotla ka dilo tse di ka re thusang go nna bonolo fa re tlhalosetsa batho gore re dumela eng kgotsa fa ba batla go ngangisana le rona.

b Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng, “Baebele e a Reng ka go Nyalana Kgotsa go Ratana ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang?” mo makasineng wa Tsogang! No. 4, 2016.

c O ka bona tshedimosetso e e oketsegileng mo jw.org mo karolong ya “Dipotso Tse Basha ba di Botsang” le “Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang ka Basupi ba ga Jehofa.”