Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 41

Makwalo a ga Petere a re Ruta Eng?

Makwalo a ga Petere a re Ruta Eng?

“Ke ikaeletse go lo gopotsa dilo tseno ka metlha.”—2 PET. 1:12.

PINA 127 Ke Tshwanetse go Nna Motho wa Mofuta Ofe?

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Pele moaposetoloi Petere a tlhokafala, Jehofa o ile a mo naya tiro efe?

 MOAPOSETOLOI PETERE o ne a direla Jehofa ka dingwaga di le dintsi. O ne a tsamaya le Jesu fa a ya go rera, a simolola go rerela batho ba e seng Bajuda e bile o ne a nna leloko la setlhopha se se laolang. Mme o ne a itse gore go ise go ye kae, o ne a tlile go tlhokafala. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a mo naya tiro ya go kwala Petere wa Ntlha le wa Bobedi mo e ka nnang ka 62-64 C.E. Petere o ne a itse gore fa a sena go tlhokafala, makwalo ao a ne a tla thusa Bakeresete.—2 Pet. 1:12-15.

2. Goreng Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tlhoka makwalo a ga Petere?

2 Fa Petere a ne a kwala makwalo ao, Bakeresetemmogo le ene ba ne ba “lekwa ka ditsela tse di farologaneng.” (1 Pet. 1:6) Go ne go na le batho bangwe ba ba neng ba batla go ruta dithuto tsa maaka mo phuthegong le go tlhotlheletsa Bakeresete gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang. (2 Pet. 2:1, 2, 14) Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Jerusalema, ba ne ba tshela ka nako ya “bokhutlo jwa dilo tsotlhe.” Go ise go ye kae, motse wa Jerusalema o ne o tlile go senngwa ke masole a Baroma. (1 Pet. 4:7) Ga go pelaelo gore makwalo a ga Petere a ne a tlile go thusa Bakeresete bao go lemoga gore ke eng se se ka ba thusang go itshokela diteko, le gore ba ka ipaakanyetsa jang diteko tse di tla tlang. b

3. Goreng re tshwanetse go ithuta makwalo a ga Petere?

3 Ke boammaaruri gore Petere o ne a kwalela Bakeresete ba bogologolo makwalo ao, mme gone Jehofa o ile a dira gore a tsenngwe mo Baebeleng. Ka jalo, le rona a ka re tswela mosola. (Bar. 15:4) Ka nako ya Bakeresete ba bogologolo, batho bangwe ba ne ba rotloetsa boitsholo jo bo sa siamang, le gompieno batho ba dira se se tshwanang. Seo se dira gore go nne thata go direla Jehofa. Mo godimo ga moo, go tlile go nna le pitlagano e kgolo go gaisa e e ileng ya nna teng pele Jerusalema e senngwa. Ka jalo, makwalo a ga Petere a na le kgakololo e e ka re thusang gore re nne re letetse letsatsi la ga Jehofa, re se ka ra boifa batho le gore re ratane thata. Gape kgakololo eo e ka thusa bagolwane gore ba kgone go nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone.

NNA O LETETSE LETSATSI LA GA JEHOFA

4. Jaaka go tlhalosiwa mo go 2 Petere 3:3 le 4, ke eng se se ka re thatafaletsang dilo?

4 Batho ba le bantsi gompieno ga ba dumele se Baebele e reng se tla direga mo nakong e e tlang. Ba bangwe ba re raya dipuo ka gonne re feditse dingwaga di le dintsi re bolelela batho gore bokhutlo bo gaufi. Ba ba re tshwayatshwayang diphoso bone ba re seo ke go ijesa dijo tsa ditoro fela, se ka se tsoge se diragetse. (Bala 2 Petere 3:3, 4.) Go ka nna thata tota fa e le gore dilo tseo di buiwa ke batho ba re kopanang le bone mo tshimong, ba re berekang le bone kgotsa ba malapa a rona. Mme gone, Petere o ne a bua sengwe se se ka re thusang.

5. Ke eng se re tshwanetseng go nna re se gopotse fa re letetse bokhutlo jwa lefatshe leno? (2 Petere 3:8, 9)

5 Batho bangwe ba ka re Jehofa o tsaya lobaka lo loleele a sa fedise lefatshe leno le le bosula. Se Petere a neng a se bua se ka re thusa ka gonne se re gopotsa gore tsela e Jehofa a lebang nako ka yone, ga e tshwane le e rona re e lebang ka yone. (Bala 2 Petere 3:8, 9.) Jehofa o tsaya dingwaga di le sekete di lekana le letsatsi le le lengwe. O pelotelele e bile ga a batle gore ope a senngwe. O tlile go fedisa lefatshe leno ka nako e a e beileng. Mme fa re sa ntse re letetse nako eo, re itumelela gore o re neile tiro ya go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe.

6. Ke eng se se ka re thusang gore re ‘tswelele re akantse thata’ ka letsatsi la ga Jehofa? (2 Petere 3:11, 12)

6 Petere o re rotloetsa gore re ‘tswelele re akantse thata’ ka letsatsi la ga Jehofa. (Bala 2 Petere 3:11, 12.) Mme gone, re ka dira seo jang? Re ka leka go akanyetsa kwa teng letsatsi le letsatsi ka dilo tse dintle tse re tlileng go di itumelela mo lefatsheng la paradaise. Ipone o hema moya o o sa kgotlelwang, o ja dijo tse di monate tse di nang le dikotla, o amogela ba masika le ditsala ba ba tla bong ba tsositswe e bile o tlhalosetsa batho ba ba neng ba tshela bogologolo gore boporofeti jwa Baebele bo ne jwa diragadiwa jang. Go akanya ka dilo tseno go tla go thusa gore o nne o letetse nako eo, e bile go tla go tlhomamisetsa gore bokhutlo bo gaufi. Fa o itse se se tla diregang mo nakong e e tlang, ga o kitla o ‘faposiwa’ ke batho ba ba sa ruteng boammaaruri.—2 Pet. 3:17.

O SE KA WA TSHABA BATHO

7. Fa re boifa batho re ka dira eng?

7 E re ka re itse gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi, re dira sotlhe se re ka se kgonang go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo. Mme ka dinako tse dingwe re ka nna ra tshaba go dira jalo. Mo bosigong jwa pele Jesu a bolawa, Petere o ne a tshoga mme a tshaba go bolelela batho gore le ene ke morutwa wa ga Jesu e bile o ile a mo itatola. (Math. 26:69-75) Se Petere a ileng a se bua moragonyana se re tlhomamisetsa gore re ka kgona go lwantsha bokoa joo. O ne a re: “Lo se ka lwa boifa se ba se boifang kgotsa lwa tshwenyega.”—1 Pet. 3:14.

8. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra boifa batho? (1 Petere 3:15)

8 Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra boifa batho? Petere o ile a re: “Mo dipelong tsa lona, tsayang Keresete e le Morena e bile a tshwanelwa ke tlotlo.” (Bala 1 Petere 3:15.) Seno se raya gore re tshwanetse go nna re gopotse gore Jesu Keresete ke Kgosi le gore o na le maatla. Fa e le gore o a tshoga fa o tshwanelwa ke go bolelela mongwe dikgang tse di molemo, akanya ka Jesu. Leka go mmona a busa kwa legodimong a na le baengele ba le bantsintsi. Gape gopola gore o na le “taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng” le gore o tla ‘nna le wena malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.’ (Math. 28:18-20) Petere o ile a re rotloetsa gore re nne re “ikemiseditse” go bolelela ba bangwe se re se dumelang. Ka jalo, ipaakanye go sa le gale gore o tla bua jang fa o rerela mongwe kwa tirong, kwa sekolong le kwa mafelong a mangwe. Kopa Jehofa gore a go thuse gore o se ka wa boifa batho.—Dit. 4:29.

“RATANANG THATA”

Petere o ne a amogela kgakololo e Paulo a neng a mo naya yone. Makwalo a ga Petere a re ruta gore re rate bakaulengwe le bokgaitsadi (Bona serapa 9)

9. Petere o ile a palelwa jang ke go rata ba bangwe? (Bona le setshwantsho.)

9 Petere o ne a le teng fa Jesu a ne a re: “Ke lo naya taelo e ntšha ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, le lona lo tshwanetse go ratana.” Mme Petere o ne a dira fela jalo. (Joh. 13:34) Le fa go ntse jalo, moragonyana Petere o ne a se ka a tlhola a ja le bakaulengwe le bokgaitsadi ba e neng e se Bajuda ka gonne a ne a tshaba gore Bakeresete ba Bajuda ba ne ba tla reng. Moaposetoloi Paulo o ne a re se Petere a neng a se dira ke ‘boitimokanyi.’ (Bagal. 2:11-14) Petere o ne a amogela kgalemelo eo a bo a dira diphetogo. Mo makwalong a a neng a a kwala, o ne a re ga re a tshwanela go bua fela gore re rata bakaulengwe, go na le moo re tshwanetse go bontsha gore re a ba rata.

10. Ke eng se se ka re thusang gore re “ratane thata”? Tlhalosa. (1 Petere 1:22)

10 Petere o ne a re re tshwanetse go rata badumedimmogo le rona thata. (Bala 1 Petere 1:22.) Fa e le gore re ikobela dithuto tsotlhe tse re di ithutileng tsa “boammaaruri,” re tla rata bakaulengwe ba rona. Nngwe ya dithuto tseo ke gore “Modimo ga a na tlhaolele.” (Dit. 10:34, 35) Ga re ka ke ra re re ikobela taelo ya ga Jesu ya gore re ratane fa e le gore re rata batho ba ba rileng fela mo phuthegong. Boammaaruri ke gore fela jaaka Jesu, re ka se ka ra atamalana le mongwe le mongwe. (Joh. 13:23; 20:2) Le fa go ntse jalo, Petere o re gopotsa gore re tshwanetse go rata bakaulengwe ba rona botlhe ka gonne re lelapa le le lengwe.—1 Pet. 2:17.

11. Go ‘ratana ka pelo yotlhe’ go kaya eng?

11 Petere o ne a re rotloetsa gore re ‘ratane ka pelo yotlhe.’ Fa Petere a ne a re re ratane thata, o ne a raya gore re rate le batho ba go ka tswang go le thata go ba rata. Ka sekai, fa mokaulengwe a go kgopisitse kgotsa a go utlwisitse botlhoko, gantsi o ka batla go ipusolosetsa. Mme Petere o ne a ithutile mo go Jesu gore go ipusolosetsa ga go ka ke ga itumedisa Modimo. (Joh. 18:10, 11) Ka jalo, o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa utlwisa ba bangwe botlhoko ka gonne ba lo utlwisitse botlhoko kgotsa lwa tlhapatsa ka gonne lo tlhapaditswe. Go na le moo, ba direleng dilo tse di molemo.” (1 Pet. 3:9) Fa e le gore o rata batho ba bangwe thata, o tla ba akanyetsa e bile o tla ba direla dilo tse di molemo le fa ba go utlwisa botlhoko.

12. (a) Go rata ba bangwe thata go ka re rotloetsa gore re dire eng? (b) O ka rata go dira eng jaaka go bontshitswe mo bidiong ya Sireletsa Kutlwano e re Nnang le Yone?

12 Mo lekwalong la ntlha le Petere a neng a le kwala, o ne a re go ‘ratana thata’ go tla re thusa gore re itshwarele ba bangwe “ka metlha,” e seng ka dinako tse di rileng fela. (1 Pet. 4:8) Gongwe Petere o ile a gopola se Jesu a ileng a mo ruta sone ka go itshwarela mo nakong e e fetileng. Ka nako eo, Petere a ka tswa a ne a akanya gore o ne a tla bo a dira sentle fa a ne a ka itshwarela morwarraagwe “ga supa.” Mme Jesu o ne a mo raya a re o tshwanetse go itshwarela “ga 77,” mo go rayang gore o tshwanetse go dira jalo gantsi. (Math. 18:21, 22) Fa e le gore o thatafalelwa ke go dirisa kgakololo eno ya ga Jesu, o se ka wa kgobega marapo. Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba na le boleo, ka jalo ka dinako dingwe go thata gore ba itshwarele ba bangwe. Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ke gore o dire dilo tse di ka go thusang gore o itshwarele mokaulengwe wa gago le gore go nne le kagiso mo phuthegong. c

BAGOLWANE, TLHOKOMELANG PHUTHEGO YA GA JEHOFA

13. Goreng go se motlhofo gore bagolwane ba bone nako ya go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi?

13 Petere ga a ka a lebala se Jesu a ileng a mmolelela sone fa a sena go tsosiwa. O ne a re: “Disa dinku tsa me tse dinnye.” (Joh. 21:16) Fa e le gore o mogolwane, le wena ditaelo tseo di a go ama. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore bagolwane ba bone nako ya go dira kabelo eno ya botlhokwa. Ba tshwanetse go naya ba malapa a bone dilo tse ba di tlhokang, ba ba bontshe gore ba a ba rata ba bo ba ba thuse gore ba atamalane le Jehofa. Gape ba ntsha ga tshwene fa ba baakanyetsa le fa ba neela dipuo kwa dipokanong le kwa dikopanong e bile ba rera ka matlhagatlhaga. Mo godimo ga moo, bangwe ba bone ba thusa mo Dikomiting Tsa Puisano le Dikokelo kgotsa mo Lefapheng la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga. Ruri bagolwane ba nna ba le makgabe a dipapetla!

Le fa bagolwane ba nna ba le makgabe a dipapetla, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi (Bona serapa 14-15)

14. Ke eng se se ka thusang bagolwane gore ba kgothatse bakaulengwe le bokgaitsadi? (1 Petere 5:1-4)

14 Petere o ne a bolelela bagolwanemmogo le ene gore ba ‘dise letsomane.’ (Bala 1 Petere 5:1-4.) Fa e le gore o mogolwane, re a itse gore o rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago e bile o batla go ba kgothatsa. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe o ka ikutlwa o lapile e bile o sa kgone go dira maikarabelo a gago. Fa e le gore go ntse jalo, kopa Jehofa gore a go thuse mme o mmolelele gore o batla go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Petere o ne a re: “Fa mongwe a bua, a a bue jaaka e kete o bua ditaelo tse di tswang kwa Modimong; fa mongwe a direla, a a direle a ikaegile ka nonofo e Modimo a e mo nayang.” (1 Pet. 4:11) Mathata mangwe a bakaulengwe le bokgaitsadi ba lebanang le one, a ka nna a se ka a fela gone jaanong. Mme gone, nna o gopotse gore “modisa yo mogolo” e bong Jesu Keresete, o tla ba thusa gone jaanong le kwa lefatsheng le lesha. Ka jalo, Jehofa o batla gore bagolwane ba rate bakaulengwe ba bone, ba ba kgothatse le gore e nne “dikao mo letsomaneng.”

15. Mokaulengwe mongwe o kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi jang? (Bona le setshwantsho.)

15 Mokaulengwe William, yo o feditseng dingwaga di le dintsi e le mogolwane a re go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi go botlhokwa thata. Fa bolwetse jwa COVID-19 bo simologa, ene le bagolwane ba bangwe ba ne ba founela baboledi botlhe ba ba mo ditlhopheng tsa bone beke le beke. A re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba sa kgone go tswa mo matlong a bone ka jalo go ne go le motlhofo gore ba akanye dilo tse di kgobang marapo.” Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a ne a na le bothata bongwe, mokaulengwe William o ne a mo reetsa ka tlhoafalo gore a kgone go lemoga gore o tshwenyegile ka eng. Go tswa foo, o ne a tsena mo websaeteng a bo a batla dikgatiso le dibidio tse di neng di ka thusa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yoo. A re: “Go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi, ke selo sa botlhokwa thata. Gantsi re tsaya matsapa go thusa batho ba bangwe gore ba itse Jehofa. Ka jalo, re tshwanetse go dira se se tshwanang go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba tswelele ba direla Jehofa.”

LETLA JEHOFA GORE A TSWELELE A GO KATISA

16. Re ka dirisa jang dilo tse re di ithutileng mo makwalong a ga Petere?

16 Re tlotlile ka lemmenyana la dilo tse re ka di ithutang mo makwalong a ga Petere. Gongwe go na le dilo dingwe tse o akanyang gore o tshwanetse go di tokafatsa. Ka sekai, a o batla go akanyetsa kwa teng ka dilo tse dintle tse re tlileng go di itumelela kwa lefatsheng le lesha? A o batla go rerela mongwe kwa tirong, kwa sekolong kgotsa kwa lefelong lengwe? A o batla go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi gore o ba rata thata? Bagolwane, a lo ikemiseditse go kgothatsa bakaulengwe ba lona? Fa o itshekatsheka mme o lemoga gore go na le dilo tse o tshwanetseng go di tokafatsa, o se ka wa kgobega marapo ka gonne “Morena o pelonomi” e bile o tla go thusa gore o dire diphetogo. (1 Pet. 2:3) Mo godimo ga moo, Petere o go tlhomamisetsa gore ‘Modimo o tla go katisa a bo a dira gore o tshwanelegele go mo direla. O tla go nonotsha, o tla go thusa gore o tswelele o ikanyega e bile o tla dira gore o nne o tiile.’—1 Pet. 5:10.

17. Fa re sa itlhoboge e bile re letla Jehofa gore a re katise, re ka itumelela masego afe?

17 Kwa tshimologong Petere o ne a ikutlwa a sa tshwanelege go nna le Jesu. (Luke 5:8) Le fa go ntse jalo, Jehofa le Jesu ba ile ba mo thusa gore a dire ka natla gore a tswelele e le morutwa wa ga Jesu. Mme seo se ne sa dira gore Jehofa a letle Petere go “tsena mo Bogosing jo bo sa khutleng jwa Morena le Mmoloki wa rona e bong Jesu Keresete.” (2 Pet. 1:11) Ruri ao ke masego a a itumedisang! Fa le wena o sa itlhoboge fela jaaka Petere, mme o letla Jehofa gore a go katise, o tla tshelela ruri e bile o ‘tla itumelela gore o tla bolokwa ka ntlha ya tumelo ya gago.’—1 Pet. 1:9.

PINA 109 A re Rateng go Tswa Pelong

a Mo setlhogong seno, re tla bona gore makwalo a ga Petere a ka re thusa jang gore re itshokele diteko le gore a ka thusa bagolwane jang gore ba dire maikarabelo a bone.

b Go lebega Petere a ile a romela Bakeresete ba kwa Palesetina makwalo a gagwe pele Baroma ba tlhasela Jerusalema lekgetlo la ntlha ka ngwaga wa 66 C.E.

c Lebelela bidio ya setlhogo se se reng, Sireletsa Kutlwano e re Nnang le Yone mo jw.org.