Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 38

PINA 25 Thuo e e Kgethegileng

A o Reetsa Tlhagiso?

A o Reetsa Tlhagiso?

“Yo mongwe o tla tsewa mme yo mongwe o tla tlogelwa.”​—MATH. 24:40.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla tlotla ka ditshwantsho tse tharo tsa ga Jesu, le gore di amana jang le nako ya katlholo e e tla diregang kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.

1. Go ise go ye kae, Jesu o tla dira eng?

 GO ISE go ye kae, go tlile go direga diphetogo tse dikgolo. Jesu o tlile go atlhola batho botlhe. O ne a tlhalosa gore go tlile go direga eng mo lefatsheng pele a atlhola batho. O ile a bolelela barutwa ba gagwe gore “sesupo” sa gore o gone le sa gore ke “malatsi a bofelo” e tla nna eng. (Math. 24:3) Sesupo seo se mo go Mathaio kgaolo 24 le 25 le mo go Mareko kgaolo 13 le Luke kgaolo 21.

2. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno, mme go dira jalo go tla re tswela mosola jang?

2 Jesu o ile a dirisa ditshwantsho tse tharo go re tlhagisa. Sa ntlha, ke sa dinku le dipodi. Sa bobedi, ke sa makgarebane a a botlhale le a a dieleele. Sa boraro, ke sa ditalenta. Ditshwantsho tseno di re thusa go tlhaloganya gore Jesu o tla atlhola motho go ya ka se a se dirang. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka ditshwantsho tseno le gore re ka ithuta eng mo go tsone. A re simololeng ka sa ntlha.

DINKU LE DIPODI

3. Jesu o tla atlhola batho leng?

3 Mo setshwantshong sa dinku le dipodi, Jesu o ne a re o tla atlhola batho go ikaegile ka gore a ba amogela dikgang tse di molemo le gore a ba ema batlodiwa nôkeng. (Math. 25:31-46) O tla dira jalo ka nako ya “pitlagano e kgolo,” pele ga Aramagedona. (Math. 24:21) Fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi, Jesu o tla kgaoganya ba ba emang batlodiwa nôkeng le ba ba sa ba emeng nôkeng.

4. Go ya ka Isaia 11:3 le 4, goreng re ka tlhatswega pelo gore Jesu o tla atlhola ka tshiamo? (Bona le setshwantsho.)

4 Baebele e a re Jesu o tla atlhola batho ka tshiamo ka gonne Jehofa ke ene a mo tlhophileng gore a dire jalo. (Bala Isaia 11:3, 4.) O leba se batho ba se dirang, se ba se akanyang le se ba se buang, go akaretsa le gore ba tshwara bomorwarraagwe ba ba tloditsweng jang. (Math. 12:36, 37; 25:40) Ka jalo, Jesu o tla lemoga gore ke bomang ba ba emang batlodiwa nôkeng mo tirong ya bone. a Tiro e ba dinku tse dingwe ba ka e dirang go bontsha gore ba ema bomorwarraagwe Jesu nôkeng ke go rera dikgang tse molemo. Ba ba e dirang ba tla atlholwa e le “basiami” e bile ba tla nna le tshono ya go “bona botshelo jo bo sa khutleng” mo lefatsheng. (Math. 25:46; Tshen. 7:16, 17) Ruri eo ke tuelo e e itumedisang e e tla newang batho ba ba ikanyegang! Gore maina a bone a nne a le mo “bukeng ya botshelo,” ba tshwanetse go tswelela ba ikanyega ka nako ya pitlagano e kgolo le morago ga moo.​—Tshen. 20:15.

Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jesu o tla atlhola batho gore a ke dinku kgotsa ke dipodi (Bona serapa 4)


5. Re ithuta eng mo setshwantshong sa dinku le dipodi, mme se ka tswela bomang mosola?

5 Ikanyege. Fa Jesu a bua ka setshwantsho sa dinku le dipodi, o ne a akantse thata ka ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Ba bontsha gore ba na le tumelo ka go thusa bomorwarraagwe mo tirong ya go rera. Gape ba ikobela kaelo e ba e newang ke motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale yo o tlhomilweng ke Jesu. (Math. 24:45) Mme gone, ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong le bone ba tshwanetse go reetsa tlhagiso e e mo setshwantshong sa dinku le dipodi. Goreng? Ka gonne Jesu o bona se ba se dirang, se ba se akanyang le se ba se buang. Le bone ba tshwanetse go bontsha gore ba a ikanyega. Tota e bile, Jesu o ile a ba tlhagisa mo ditshwantshong tse pedi tse a ileng a bua ka tsone. Ditshwantsho tseo di mo go Mathaio kgaolo 25. A jaanong re tlotleng ka makgarebane a a botlhale le a a dieleele.

MAKGAREBANE A A BOTLHALE LE A A DIELEELE

6. Makgarebane a matlhano a ile a bontsha jang gore a botlhale? (Mathaio 25:6-10)

6 Mo setshwantshong sa makgarebane, Jesu o ile a bua ka makgarebane a le lesome a a neng a ya go kgatlhantsha monyadi. (Math. 25:1-4) Makgarebane ano a ne a batla go ya le monyadi kwa moketeng wa gagwe wa lenyalo. Jesu o ne a re makgarebane a matlhano a ne a le “botlhale” mme a mangwe a matlhano a ne a le “dieleele.” Makgarebane a a “botlhale” a ne a ipaakantse e bile a ntshitse matlho dinameng. A ne a ipaakanyeditse go letela monyadi le fa a ne a ka tsaya lobaka, tota le fa a ne a ka goroga bosigo. A ne a tshotse dipone gore di bonese fa go nna lefifi, gape a ne a rekile leokwane le le oketsegileng gore dipone tsa one di se ka tsa tima fa monyadi a ka diega. (Bala Mathaio 25:6-10.) Fa monyadi a goroga, makgarebane a a “botlhale” a ile a tsena le ene mo moketeng wa gagwe wa lenyalo. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tla tswelelang ba ikanyega e bile ba ntshitse matlho dinameng go fitlha Jesu a tla go atlhola batho, ba tla tsena le monyadi e bong Jesu, mo Bogosing jwa gagwe. b (Tshen. 7:1-3) Go tla direga eng ka makgarebane a a “dieleele?”

7. Go ile ga direga eng ka makgarebane a le matlhano a a dieleele, mme ka ntlha ya eng?

7 Ka maswabi, makgarebane a a dieleele one, a ne a sa ipaakanya fa Jesu a goroga. Dipone tsa one di ne di tloga di tima, e bile a ne a sa tsaya leokwane le le oketsegileng. Fa a utlwa gore monyadi o tloga a goroga, a ne a ya go reka leokwane. Monyadi o ile a goroga a seyo. Ka nako eo, “makgarebane a a neng a ipaakantse a ne a tsena le ene mo moketeng wa lenyalo, mme kgoro ya tswalwa.” (Math. 25:10) Moragonyana fa makgarebane a a dieleele a boa, a ne a batla go tsena, mme monyadi o ile a a raya a re: “Ga ke lo itse.” (Math. 25:11, 12) Makgarebane ao, a ne a sa ipaakanyetsa go letela monyadi go fitlha a goroga. Batlodiwa ba ka ithuta eng mo setshwantshong seno?

8-9. Batlodiwa ba ka ithuta eng mo setshwantshong sa makgarebane? (Bona le setshwantsho.)

8 Nna o ipaakantse e bile o ntshitse matlho dinameng. Jesu o ne a sa reye gore go ne go tlile go nna le ditlhopha tse pedi tsa batlodiwa, se se neng se tla nna se mo letile go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno, le se se neng se se kitla se dira jalo. Go na le moo, o ne a tlhalosa gore go tla direga eng ka batlodiwa fa ba sa itshoke go fitlha kwa bokhutlong. Ga ba kitla ba bona tuelo ya bone fa ba sa nne ba ipaakantse. (Joh. 14:3, 4) Ruri eno ke kgang e e masisi! Re tshwanetse go reetsa tlhagiso e re e newang mo setshwantshong seno sa makgarebane, re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Re tshwanetse go nna re disitse, re ipaakantse e bile re ikemiseditse go itshoka go fitlha kwa bokhutlong.​—Math. 24:13.

9 Jesu o ile a dirisa setshwantsho sa makgarebane go re bontsha gore go botlhokwa go ipaakanya le go nna re ntshitse matlho dinameng. Morago ga moo, o ile a bua ka setshwantsho sa ditalenta. Setshwantsho seno, se bontsha gore re tshwanetse go dira ka natla.

Re bontsha gore re reetsa tlhagiso e e mo setshwantshong sa makgarebane fa re ipaakanya, re ntsha matlho dinameng e bile re itshoka go fitlha kwa bokhutlong (Bona serapa 8-9)


DITALENTA

10. Batlhanka ba babedi ba ile ba bontsha jang gore ba a ikanyega? (Mathaio 25:19-23)

10 Mo setshwantshong sa ditalenta, Jesu o ile a bua ka batlhanka ba le bararo. Ba babedi ba ne ba ikanyega mo go mong wa bone, mme yo mongwe o ne a sa ikanyege. (Math. 25:14-18) Batlhanka ba babedi ba ile ba bontsha gore ba a ikanyega ka go dira ka natla gore ba oketse madi a mong wa bone. Pele mong wa batlhanka bano a tsaya loeto, o ile a naya mongwe le mongwe wa bone ditalenta kgotsa madi a le mantsi. Batlhanka ba babedi ba ba neng ba ikanyega, ba ne ba dira ka natla e bile ba ile ba dirisa madi ao sentle. Fa mong wa bone a boa, ba ne ba okeditse ditalenta tse a ba neileng tsone ka tse dingwe tse di lekanang le tsone. Mong wa bone o ile a ba akgola e bile ba ne ba itumela le ene. (Bala Mathaio 25:19-23.) Go ile ga direga eng ka motlhanka wa boraro? O ile a dira eng ka madi a mong wa gagwe a neng a mo neile one?

11. Go ile ga direga eng ka motlhanka yo o “setshwakga,” mme ka ntlha ya eng?

11 Motlhanka wa boraro o ile a newa talenta e le nngwe, mme e ne e le “setshwakga.” Ga a a ka a dira dilo sentle. Mong wa gagwe o ne a lebeletse gore a oketse madi a a mo neileng one, mme ene o ile a a epela mo mmung. Fa mong wa gagwe a boa, motlhanka yono ga a a ka a mo kopa gore a mo itshwarele ka gonne a sa oketsa madi a a neng a mo neile one. Go na le moo, o ile a re ke “motho yo o bogale.” Mong wa gagwe o ne a sa itumela. Mo godimo ga moo, o ile a mo tseela talenta e a neng a mo neile yone, a bo a mo leleka.​—Math. 25:24, 26-30.

12. Batlhanka ba ba ikanyegang ba babedi ba emela bomang gompieno?

12 Batlhanka ba babedi ba ba ikanyegang, ba emela Bakeresete ba ba ikanyegang ba batlodiwa. Mong wa bone e bong Jesu, o ba kopa gore ba itumele le ene. Ba newa tuelo ya go tshela kwa legodimong, e leng tsogo ya ntlha. (Math. 25:21, 23; Tshen. 20:5b) Mme gone, batlodiwa ba ka ithuta sengwe mo motlhankeng yo o setshwakga. Ba ka ithuta eng?

13-14. Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ka ithuta eng mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta? (Bona le setshwantsho.)

13 Dira ka natla. Mo setshwantshong seno fela jaaka mo setshwantshong sa makgarebane, Jesu o ne a sa reye gore batlodiwa ba ne ba tla nna ditshwakga. Go na le moo, o ne a tlhalosa se se neng se ka direga fa ba ne ba ka simolola go goga dinao. Ba ne ba ka se tlhole ba tshwanelega, e bile ba ne ba ka se letlelelwe go tsena mo Bogosing Jwa Modimo.​—2 Pet. 1:10.

14 Setshwantsho sa ga Jesu sa makgarebane le sa ditalenta, se re bontsha gore Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng ba tshwanetse go nna ba ipaakantse, ba ntshitse matlho dinameng e bile ba dira ka natla. Mme gone, go na le tlhagiso e nngwe gape e Jesu a e nayang Bakeresete ba ba tloditsweng. Tlhagiso eo, e mo go Mathaio 24:40 le 41.

Jesu o batla gore batlodiwa ba dire ka natla go fitlha kwa bokhutlong (Bona serapa 13-14) d


KE MANG YO O ‘TLA TSEWANG’?

15-16. Mathaio 24:40 le 41 e thusa jang batlodiwa go bona botlhokwa jwa go nna ba disitse?

15 Pele Jesu a bua ka ditshwantsho tse tharo tse re tlotlileng ka tsone, o ile a bua ka katlholo ya bofelo e e tla bontshang gore ke batlodiwa bafe ba ba neng ba ikanyega. O ile a bua ka banna ba babedi ba ba berekang mo tshimong, le basadi ba babedi ba ba silang mo lelwaleng. Go lebega banna bano le basadi bano ba dira tiro e e tshwanang. Mme gone, Jesu o ile a re go ne go ‘tla tsewa a le mongwe go bo go tlogelwa yo mongwe.’ (Bala Mathaio 24:40, 41.) Go tswa foo, o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Ka jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse letsatsi le Morena wa lona a tla tlang ka lone.” (Math. 24:42) Jesu o ile a bua se se tshwanang fa a sena go bua ka setshwantsho sa makgarebane. (Math. 25:13) A dipego tseno di a tsamaisana? Go lebega jalo. Batlodiwa ba ba ikanyegang ke bone fela ba Jesu a tla ba ‘tseelang kwa’ Bogosing jwa gagwe.​—Joh. 14:3.

16 Nna o disitse. Batlodiwa botlhe ba ba sa nneng ba disitse, ga ba kitla ba phuthiwa le “ba ba tlhophilweng.” (Math. 24:31) Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le bone ba tshwanetse go nna ba disitse le go nna ba ikanyega.

17. Goreng re sa tshwanela go tshwenyega fa Jehofa a tlhopha Bakeresete bangwe gore e nne batlodiwa mo motlheng wa rona?

17 Re ithutile dilo di le dintsi ka Jehofa. Re a itse gore sengwe le sengwe se a se dirang se siame. Ka jalo, ga re tshwenyege fa Jehofa a tlhopha Bakeresete ba bangwe gore e nne batlodiwa mo motlheng wa rona. c Seno se re gopotsa batho ba Jesu a neng a bua ka bone mo setshwantshong sa tshimo ya morara ba ba neng ba simolola go bereka ka 5:00 maitseboa. (Math. 20:1-16) Ba ile ba newa tuelo e e lekanang le ya ba ba ileng ba simolola tiro mo mosong. Ka tsela e e tshwanang, batlodiwa ba ba tlhophilweng mo nakong e re tshelang mo go yone, ba tla newa tuelo e e tshwanang le ya batlodiwa ba ba tlhophilweng bogologolo fa ba tswelela ba ikanyega.

REETSA TLHAGISO

18-19. Re ithutile eng mo ditshwantshong tsa ga Jesu?

18 Re tlotlile ka eng? Mo setshwantshong sa dinku le dipodi, re ile ra bona gore ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, ba tshwanetse go nna ba ikanyega mo go Jehofa gone jaanong le ka nako ya pitlagano e kgolo. Ka nako eo, Jesu o tla atlhola batho ba ba ikanyegang e le ba ba tshwanelwang ke go “bona botshelo jo bo sa khutleng.”​—Math. 25:46.

19 Gape re tlotlile ka ditshwantsho di le pedi tse di tlhagisang batlodiwa. Mo setshwantshong sa ga Jesu sa makgarebane, a le matlhano a ile a bontsha gore a botlhale. A ne a ntshitse matlho dinameng e bile a ipaakanyeditse go letela monyadi go fitlha a goroga. Mme makgarebane a mangwe a matlhano, a ne a sa ipaakanya. Ka jalo, monyadi o ile a gana go a amogela kwa moketeng wa gagwe wa lenyalo. Le rona re tshwanetse go ikemisetsa go letela Jesu go fitlha a fedisa lefatshe leno. Gape mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta, re tlotlile ka batlhanka ba babedi ba ba ikanyegang, ba ba neng ba dira ka natla. Tiro ya bone e e duleng diatla, e ile ya itumedisa mong wa bone. Motlhanka yo o setshwakga ene, o ile a lelekiwa. Re ithuta eng? Re ithuta gore re tshwanetse go nna re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa go fitlha kwa bokhutlong. Mo godimo ga moo, re bone gore batlodiwa ba tshwanetse go nna ba disitse gore Jesu a ba tseele kwa legodimong gore ba bone tuelo ya bone. Ba lebile pele go bona Jesu a ba phuthela kwa legodimong. Morago ga ntwa ya Aramagedona, ba tla nna monyadiwa wa ga Kwana kwa lenyalong la gagwe.​—2 Bathes. 2:1; Tshen. 19:9.

20. Jehofa o tla re direla eng fa re reetsa tlhagiso e a re nayang yone?

20 Nako ya gore Jesu a atlhole batho e gaufi, mme ga re tlhoke go tshoga. Fa re tswelela re ikanyega, Jehofa o tla re naya “maatla a a sa tlwaelegang” gore re “kgone go ema fa pele ga Morwa motho.” (2 Bakor. 4:7; Luke 21:36) Re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, re tla itumedisa Jehofa fa re reetsa tlhagiso e re e newang mo ditshwantshong tsa ga Jesu. E re ka Jehofa a na le bopelonomi jo bogolo, maina a rona a tla ‘fitlhelwa a kwadilwe mo bukeng’ ya botshelo.​—Dan. 12:1; Tshen. 3:5.

PINA 26 Lo Diretse Nna

a Bona setlhogo se se reng, “Goreng re sa Belaele Gore Jehofa o Tla Atlhola Sentle?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa May 2024.

b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng “A o Tla ‘Nna o Disitse’?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2015.

d TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi yo o tloditsweng o ithuta Baebele le lekgarebe le a kopaneng le lone mo tshimong.