KGANG YA BOTSHELO
Botshelo jo bo Itumedisang mo Tirelong ya ga Jehofa
KA 1951, ke ile ka goroga kwa toropong e nnye e e bidiwang Rouyn, kwa porofenseng ya Quebec kwa Canada. Ke ne ke neilwe aterese ya ntlo nngwe, mme ke ne ka ya go kokota kwa go yone. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Marcel Filteau, a yo o neng a alogile kwa Sekolong sa Gileade e bile e le morongwa, o ile a bula kgoro. O ne a na le dingwaga di le 23 e bile a le moleele. Nna ke ne ke na le dingwaga di le 16, e bile ke le mokhutshwane mo go ene. Ke ile ka mmontsha lekwalo la me la bobulatsela. Fa a sena go le bala, o ne a ntebelela a bo a nthaya a re: “A batsadi ba gago ba a itse gore o fano?”
BA LELAPA LA GAETSHO
Ke tshotswe ka 1934, kwa Switzerland. Morago ga moo, batsadi ba me ba ne ba fudugela kwa Canada, kwa toropong nngwe e e bidiwang Timmins kwa Ontario. Ka bo1935, Mama o ile a simolola go bala makasine wa Tora ya Tebelo, e bile o ne a nna a tsamaya le nna le bonkgonne kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, o ile a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Papa o ne a sa itumela fa Mama a nna Mosupi. Mme Mama ene o ne a rata boammaaruri e bile a ikemiseditse go tswelela a ikanyega mo go Jehofa. O ne a dira jalo le fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibelwa kwa Canada ka bo1940. Tota le fa Papa a ne a sa tshware Mama sentle ka ntlha ya se a se dumelang, Mama o ne a mo tlotla e bile a dirisana le ene sentle. Se a neng a se dira se ile sa thusa nna le bonkgonne gore re batle go ithuta ka Jehofa. Re ne ra itumela tota fa Papa a fetoga a bo a simolola go dirisana le rona sentle.
KE SIMOLOLA TIRELO YA NAKO E E TLETSENG
Ka August 1950, ke ne ka ya kwa kopanong e e itumedisang kwa New York City. Fa ke sena go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng le go utlwa ba ba neng ba aloga kwa Sekolong sa Gileade ba botsolodiwa, ke ne ka ikemisetsa le go feta go direla Jehofa mo go oketsegileng. Ke ne ke batla go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, ka jalo fa ke goroga kwa lapeng, ke ne ka tsenya kopo ya go nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga moo, ofisi ya lekala ya kwa Canada e ile ya nkwalela e bo e mpolelela gore ke tshwanetse go kolobediwa pele. Ke ile ka kolobediwa ka di1 tsa October 1950. Morago ga kgwedi, ke ile ka nna mmulatsela e bile ke ile ka newa kabelo ya me ya ntlha ya go direla kwa
Kapuskasing. Toropo eo, e ne e le kgakala le kwa ke neng ke nna gone.Ka 1951, ofisi ya lekala e ile ya kopa Basupi ba ba itseng go bua Se-French gore ba akanyetse go fudugela kwa porofenseng ya Quebec, ka gonne go ne go na le tlhokego ya baboledi gone. E re ka ke godile ke bua Seesemane le Se-French, ke ile ka dumela mme ka abelwa go ya go direla kwa Rouyn. Ke ne ke sa itse ope koo. Ke ne ke tshwere fela aterese e ke neng ke e neilwe ya ntlo nngwe jaaka ke tlhalositse kwa tshimologong. Mme dilo di ile tsa ntsamaela sentle. Nna le Marcel re ile ra nna ditsala e bile re ile ra itumelela go direla mmogo kwa Quebec ka dingwaga di le nnê. Kwa bowelong jwa dingwaga tseo, ke ile ka nna mmulatsela yo o kgethegileng.
KE YA GILEADE MME DILO TSE KE DI LETETSENG DI TSAYA NAKO
Fa ke le kwa Quebec, ke ne ke itumetse tota fa ke lalediwa go ya kwa tlelaseng ya bo26 ya Sekolo sa Gileade kwa South Lansing kwa New York. Ke ile ka aloga ka di12 tsa February 1956, ke bo ke abelwa go ya go direla kwa Ghana. b Mme gone, pele ga ke ya koo, ke ne ke tshwanetse go ya kwa Canada go fitlha ke nna le dipampiri tse di tlhokegang gore ke fudugele kwa Ghana. Ka jalo, ke ne ke akanya gore ke tlile go nna fela dibeke di le mmalwa kwa Canada.
Ke ile ka tshwanelwa ke go letela dipampiri tseo dikgwedi di le supa kwa Toronto. Ka nako eo, ke ne ke nna le lelapa la ga mokaulengwe Cripps. Ke ile ka kopana le morwadiabone e bong Sheila, mme re ne ra simolola go ratana. Fa ke ne ke batla go mmolelela gore re nyalane, dipampiri tsa me di ne tsa tla. Nna le Sheila re ile ra rapela thata re bo re dira tshwetso ya gore ke ye kwa kabelong e ke neng ke e neilwe le gore re tla nna re kwalelana makwalo go bona gore re tla nyalana leng. Go ne go se motlhofo go dira jalo. Mme gone, eo e ne e le tshwetso e e siameng e re ileng ra e dira.
Morago ga kgwedi yotlhe ke le mo tseleng, ke tsamaya ka terena, sekepe le sefofane, ke ile ka goroga kwa toropong ya kwa Ghana e e bidiwang Accra. Ke ile ka abelwa go nna molebedi wa
kgaolo. Ka jalo, ke ne ke tsamaya mo Ghana yotlhe, mmogo le kwa Ivory Coast (e gone jaanong e bidiwang Côte d’Ivoire) le kwa Togoland (e gone jaanong e bidiwang Togo). Gantsi ke ne ke tsamaya ke le nosi ke dirisa koloi ya ofisi ya lekala. Tseo e ne e le dinako tse di itumedisang!Ka mafelobeke ke ne ke newa dikabelo kwa dikopanong tsa potologo. Go ne go se na Diholo Tsa Dikopano. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba aga lefelo la nakwana le re neng re ka tshwarela dikopano mo go lone. Ba ne ba dirisa dipale ba bo ba baya dikala tsa setlhare sa mokolane mo go tsone gore batho ba se ka ba babolwa ke letsatsi. E re ka go ne go se na foriji gore re tsenye dijo mo go yone, go ne go rekwa dikgomo di bo di tlhabiwa go fepa batho ba ba tlileng kopanong.
Kwa dikopanong tseo, go ne go nna go direga dilo tse di tshegisang. Ka nako nngwe kgomo e ne ya thoba fa mokaulengwe Herb Jennings, c yo e neng e le morongwa a neetse puo. E ne ya taboga ya tla mo seraleng e bo e ralala bareetsi. Mokaulengwe Herb o ne a emisa go bua, kgomo eo yone e ne e sa itse gore e dire eng. Bakaulengwe ba le banê ba ne ba kgona go e tshwara ba bo ba e busetsa kwa e neng e le gone. Bareetsi ba ile ba opa diatla ba itumetse.
Mo gare ga beke, ke ne ke bontsha batho ba ba mo metsaneng e e gaufi filimi ya The New World Society in Action. Ke ne ke dirisa dipale tse pedi kgotsa ditlhare tse pedi, ke bo ke bofelela letsela le le sweu mo go tsone. Batho ba ne ba e rata thata! Tota e bile, bontsi jwa bone e ne e le la ntlha ba bona selo se se ntseng jalo. Ba ne ba opa diatla ba itumetse fa ba bona batho ba kolobediwa. Filimi eo, e ne e ba thusa go lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba dirisana ka kutlwano mo lefatsheng lotlhe.
Morago ga dingwaga di le pedi ke le kwa Africa, ke ile ka ya kopanong ya boditšhabatšhaba kwa New York City ka 1958. Ke ne ke itumeletse go bona Sheila. O ne a tlile kopanong a tswa kwa Quebec, kwa e neng e le mmulatsela yo o kgethegileng gone. Re ne re ntse re kwalelana makwalo, mme e re ka jaanong re ne re le mmogo, ke ne ka mo kopa gore re nyalane mme o ile a dumalana. Ke ile ka kwalela Mokaulengwe Knorr, d ke mo kopa gore Sheila a ye kwa Sekolong sa Gileade le gore a tle go direla le nna kwa Africa. O ile a dumela. Sheila o ne a tla mo Ghana mme re ne ra nyalana kwa Accra, ka di3 tsa October 1959. Jehofa o ile a re segofatsa ka gonne re ile ra dira gore go mo direla e nne selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona.
RE DIRELA KWA CAMEROON
Ka 1961, re ne ra newa kabelo ya go direla kwa Cameroon. Bakaulengwe ba ne ba nkopa gore ke thuse go tlhoma ofisi ya lekala koo, ka jalo ke ne ke nna le ke makgabe a dipapetla. E re ka ke ne ke okametse tiro e e dirwang kwa Cameroon, ke ne ke tshwanetse go ithuta dilo di le dintsi. Ka 1965, re ile ra lemoga gore Sheila o imile. Go ne go le thata tota go dumela gore re tlile go nna batsadi. Mme fa nako e ntse e tsamaya, re ile ra simolola go amogela maikarabelo a rona le go dira dithulaganyo tsa go boela kwa Canada. Fa re ntse re dira dithulaganyo tseo, go ile ga direga sengwe se se garolang pelo.
Ngwana wa rona yo o neng a ise a tsholwe, o ne a tlhokafala. Dingaka di ne di re boleletse gore e ne e le mosimane. Seo se diragetse dingwaga di feta 50 tse di fetileng, mme re ne re sa se lebale. Le fa re ne re utlwile botlhoko thata, re ile ra tswelela re le mo kabelong ya rona e re neng re e rata thata.
Gantsi bakaulengwe ba kwa Cameroon ba ne ba bogisiwa ka gonne ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking. Seo se ne se nna maswe le go feta ka nako ya ditlhopho. Ka di13 tsa May 1950, go ile ga direga sengwe se re neng re sa batle gore se direge. Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa. Puso e ne ya tsaya ofisi ya lekala e re neng re na le dikgwedi di le tlhano fela re fudugetse mo go yone. Pele beke e fela, barongwa botlhe go akaretsa nna le Sheila, ba ne ba lelekiwa mo nageng. Go ne go le thata go kgaogana le bakaulengwe le bokgaitsadi bao ka gonne re ne re amega ka bone e bile re ipotsa gore go tla direga eng ka bone.
Mo dikgweding tse thataro tse di neng tsa latela, re ne ra direla kwa ofising ya lekala kwa France. Fa re le koo, ke ne ke dira sotlhe se nka se kgonang go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Cameroon. Ka December ka one ngwaga oo, re ne ra kopiwa go direla kwa ofising ya lekala ya Nigeria, e e neng ya simolola go okamela tiro e e dirwang kwa Cameroon. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Nigeria ba ile ba re amogela ka lorato, e bile re itumeletse go direla Jehofa le bone ka dingwaga di le mmalwa.
RE DIRA TSHWETSO E E BOIMA
Ka 1973 re ile ra tshwanelwa ke go dira tshwetso e e boima tota. Sheila o ne a simolola go lwala thata, ka jalo fa re le kwa kopanong kwa New York, o ne a lela a bo a nthaya a re: “Ga ke sa tlhole ke kgona! Ke lapile e bile ke a lwala.” Ke ne ke le motlotlo tota ka Sheila ka gonne o ne a feditse dingwaga di feta 14 a dira mmogo le nna kwa Africa. Mme gone, re ne re tshwanetse go dira diphetogo. Fa re sena go tlotla le go rapela thata ka kgang eno, re ne ra dira tshwetso ya gore re boele kwa Canada gore a kgone go bona kalafi. Tshwetso e re neng ra e dira ya go tlogela kabelo ya borongwa le tirelo ya nako e e tletseng, e ne e le boima tota.
Fa re sena go goroga kwa Canada, tsala ya me ya bogologolo ya kwa Toronto e e neng e na le kgwebo ya dikoloi e ne ya nnaya tiro. Re ne ra hira folete re bo re reka dilo tsa mo ntlong tse di neng di setse di dirisitswe. Seo se ile sa re thusa gore re se ka ra itsenya mo dikolotong. Re ne re batla go tshela botshelo jo bo sa raraanang re ntse re
akantse gore re ka boela mo tirong ya nako e e tletseng. Se se gakgamatsang ke gore seo se ile sa direga ka bonako re sa solofela.Ke ile ka simolola go ithaopela go bereka kwa Holong ya Dikopano e e neng e agiwa kwa Norval, Ontario ka Matlhatso. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka kopiwa gore ke nne molebedi kwa Holong eo ya Dikopano. Sheila o ile a nna botoka, e bile re ile ra lemoga gore a ka kgona go dira kabelo eno. Ka jalo, re ile ra fudugela kwa Holong eo ya Dikopano ka June 1974. Re ne re itumetse tota gore re boetse mo tirelong ya nako e e tletseng!
Se se itumedisang ke gore Sheila o ile a nna botoka le go feta. Dingwaga di le pedi moragonyana, re ile ra dira tiro ya potologo. Re ne re e dira kwa porofenseng ya Manitoba, kwa Canada, e e neng e le tsididi thata. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba koo ba ne ba le lorato tota. Re ithutile gore ga go botlhokwa gore re direla kwa kae, go na le moo re tshwanetse go tswelela re direla Jehofa gongwe le gongwe kwa re leng gone.
KE ITHUTA THUTO YA BOTLHOKWA
Morago ga dingwaga di le mmalwa re le mo tirong ya potologo, re ile ra kopiwa go direla kwa Bethele ya kwa Canada ka 1978. Go ise go ye kae, ke ile ka ithuta thuto ya botlhokwa. Ke ile ka newa kabelo ya go naya puo e e neng e tla tsaya ura le halofo ka Se-French kwa pokanong e e kgethegileng kwa Montreal. Ka maswabi, bareetsi ga ba a ka ba rata puo eo, e bile mokaulengwe yo o direlang mo Lefapheng la Tirelo o ne a nnaya kgakololo ka yone. Boammaaruri ke gore nkabo ke ile ka dumela gore ga ke setswerere mo puong. Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka amogela kgakololo eo. Motlotlo wa rona ga o a ka wa tsamaya sentle. Ke ne ke utlwile botlhoko ka gonne ke akanya gore mokaulengwe yoo o ne a ntshwayatshwaya diphoso fela mme a sa nkakgolele dilo tse ke di dirileng sentle. Ga ke a ka ka amogela kgakololo eo ka gonne ke ne ke akanya thata ka tsela e ke e neilweng ka yone le ka tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone ka motho yo o e nneileng.
Malatsi a le mmalwa moragonyana, mokaulengwe mongwe wa Komiti ya Lekala o ne a tla go bua le nna ka kgang eno. Ke ile ka dumela gore ga ke a ka ka amogela kgakololo eo sentle e bile ke ile ka mmolelela gore ke maswabi ka seo. Go tswa foo, ke ile ka ya go kopa mokaulengwe yo o ileng a nkgakolola gore a itshwarele. Se se itumedisang ke gore o ile a intshwarela. Seo se ile sa nthuta gore go botlhokwa tota gore ke nne boikokobetso, e bile ga nkitla ke se lebala. (Diane 16:18) Ke ile ka rapela Jehofa ka makgetlo a le mantsi ke mmolelela ka kgang eno, e bile ke ikemiseditse go reetsa fa mongwe a nkgakolola.
Gone jaanong ke na le dingwaga di feta 40 ke direla mo Bethele ya Canada. Fa e sa le go tloga ka 1985 ke ile ka nna leloko la Komiti ya Lekala. Ka February 2021, Sheila o ile a tlhokafala. Ke mo gopola tota, e bile le nna ke a lwala. Mme gone, go direla Jehofa go dira gore ke nne ke itumetse le gore ke se ka ka lemoga ‘fa malatsi a feta.’ (Mor. 5:20) Le fa ke ile ka nna le dikgwetlho di le dintsi mo botshelong, go na le dilo tse dintsi tse dintle tse di ileng tsa dira gore ke itumelele botshelo. Go dira gore Jehofa e nne motho wa botlhokwa thata mo botshelong jwa me le go mo direla ka nako e e tletseng ka dingwaga di le 70, go dirile gore ke tshele botshelo jo bo kgotsofatsang. Ke rapelela gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba dire gore Jehofa e nne motho wa botlhokwa mo matshelong a bone. Ga ke belaele gore le bone ba tla itumelela botshelo, e leng selo se se kgonegang fela fa motho a direla Jehofa.
a O ka bona kgang ya botshelo ya ga Marcel Filteau ya setlhogo se se reng, “Jehofa ke Botshabelo Jwa me le Thata ya Me,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 1, 2000.
b Go fitlha ka 1957, naga eno e e kwa Africa e ne e bidiwa Gold Coast e bile e ne e laolwa ke Britain.
c O ka bona kgang ya botshelo ya ga Herbert Jennings ya setlhogo se se reng, “Ga lo Itse se Botshelo Jwa Lona e Tla Bong e le Sone ka Moso,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa December 1, 2000.
d Ka nako eo, Nathan H. Knorr e ne e le ene a eteletseng tiro ya rona pele.