Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa Jesu a ne a simolola mokete wa Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa, barutwa ba ba 70 ba a ileng a ba roma mo nakong e e fetileng ba ne ba le kae? A ba ne ba mo tlogetse?

Ga re a tshwanela go akanya gore Jesu o ne a sa amogele barutwa bao ba ba 70 kgotsa gore ba ne ba mo tlogetse, fela ka gonne ba ne ba seyo fa a ne a simolola mokete wa Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa. Mo nakong eo, Jesu o ne a batla go nna le baaposetoloi ba gagwe.

Jesu o ne a amogela barutwa ba gagwe ba ba 12 le ba ba 70. Mo barutweng ba gagwe ba le bantsi, o ile a simolola pele ka go tlhopha banna ba ba 12 a bo a ba bitsa baaposetoloi. (Luke 6:12-16) Fa a le kwa Galalea “o ne a bitsa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12” a bo “a ba romela gore ba ye go rera ka Bogosi Jwa Modimo le go fodisa batho ba ba lwalang.” (Luke 9:1-6) Moragonyana fa a le kwa Judea, “o ne a tlhopha barutwa ba bangwe ba ba 70 mme a ba roma ka bobedi le bobedi.” (Luke 9:51; 10:1) Ka jalo, Jesu o ne a na le barutwa mo mafelong a a farologaneng a a neng a rera kwa go one.

Bajuda ba e neng ya nna barutwa ba ga Jesu, ba ne ba tla keteka Tlolaganyo e e neng e tshwarwa ngwaga le ngwaga, go lebega ba ne ba tla dira jalo ba na le ba malapa a bone. (Ekes. 12:6-11, 17-20) Nakwana pele Jesu a bolawa, ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ya kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, ga a a ka a laela gore barutwa ba gagwe botlhe ba kwa Judea, Galalea le Perea ba kopane mmogo gore ba tle go keteka Tlolaganyo. Go lebega Jesu a ne a batla go keteka Tlolaganyo a na le baaposetoloi ba gagwe fela. O ne a ba raya a re: “Ke eleditse thata go ja Tlolaganyo eno le lona pele ga ke boga.”​—Luke 22:15.

Jesu o ne a na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. O ne a tlile go swa e le “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.” (Joh. 1:29) Seo se ne se tlile go direga kwa Jerusalema, e leng lefelo le batho ba feditseng lobaka lo loleele ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo gone. Kwana ya Tlolaganyo e ne e gopotsa Baiseraele gore Jehofa o ile a ba golola kwa Egepeto. (1 Bakor. 5:7, 8) Mme setlhabelo sa ga Jesu sone, se ne se tlile go dira se se fetang seo. Se ne se tlile go golola batho botlhe mo boleong le mo losong. Gape setlhabelo sa ga Jesu se ne se tla dira gore baaposetoloi ba kgone go simolola phuthego ya Bokeresete. (Baef. 2:20-22) Se se kgatlhang ke gore motse o o galalelang, e leng Jerusalema o o kwa legodimong, o na le “maje a le 12 mo motheong wa” one ‘mme mo go one go ne go na le maina a le 12 a baaposetoloi ba ba 12 ba ga Kwana.’ (Tshen. 21:10-14) Seno se raya gore baaposetoloi ba ne ba na le tiro ya botlhokwa thata ya go thusa gore boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwe. Ka jalo, go a utlwala go bo Jesu a ne a batla go nna le bone fela mo Tlolaganyong ya bofelo le mo moketeng wa Dijo Tsa Morena Tsa Maitseboa o a ileng a o simolola mo letsatsing leo.

Barutwa ba ba 70 le ba bangwe ba ne ba seyo kwa Dijong Tsa Morena Tsa Maitseboa. Le fa go ntse jalo, tiragalo eno e ne e tla tswela mosola barutwa botlhe ba ba neng ba tla tswelela ba ikanyega. Barutwa bao ba e neng ya nna Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ne ba tla tsena mo kgolaganong ya bogosi e Jesu a neng a e bolelela baaposetoloi mo bosigong joo.​—Luke 22:29, 30.