Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BA ILE BA FENYA

Kgang ya Botshelo Jwa ga Ricardo le Andres

Kgang ya Botshelo Jwa ga Ricardo le Andres

Baebele e kgona go thusa motho gore a fetole botshelo jwa gagwe. A re utlwe gore Baebele e ile ya fetola jang botshelo jwa ga Ricardo le Andres.

RICARDO: Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ile ka tsalana le batho ba ba sa siamang. Ba ile ba nthuta dilo tse dintsi tse di sa siamang. Ke ne ke ipoleletse gore ke batla go fetsa dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Ke a itse gore go utlwala e kete ke a tsenwa mme kwa ke neng ke nna teng, batho ba ba tswang kgolegelong ba ne ba tlotliwa. Le nna ke ne ke batla go tshwana le bone.

Ke ne ke dirisa diritibatsi e bile ke tshela botshelo jo bo sa siamang. Letsatsi lengwe segopa sa rona se ile sa simolola go thuntshana le se sengwe. Ke ne ke ithaya ke re ke a go swa mme ke ile ka tswa ka tshoba la mogodu. Morago ga tiragalo eo, ke ile ka simolola go akanya ka botshelo jwa me le ka dilo tse ke neng ke batla go di fitlhelela mme ke ne ka dira tshwetso ya go fetola botshelo jwa me. Ke ne ke ipotsa gore ke tla kgona jang le gore ke mang yo o ka nthusang?

Bontsi jwa ba masika ba ne ba sa itumela ka gore ba na le mathata a mantsi. Mme go ne go na le malome wa me yo lelapa la gagwe le neng le itumetse. Ke ne ke itse gore ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba tshela ka melao ya Baebele. Ba ne ba nthutile gore leina la Modimo ke Jehofa. Ka jalo, nakonyana mo- rago ga thuntshano ele ke ile ka rapela Jehofa, ke mmitsa ka leina e bile ke mo kopa gore a nthuse. Mo letsatsing le le latelang ke ile ka makala fa Mosupi wa ga Jehofa a nketela. O ile a nthuta Baebele.

Ke ile ka kopana le teko nngwe. Batho ba ke neng ke tlhola ke tsamaya le bone ba ne ba nfounela ba re ke tle go iketla le bone. Ke ne ka gana le fa go ne go le thata. Ke ne ke ikemiseditse go tswelela ke ithuta Baebele mme ke itumelela gore ga ke a ka ka tlogela ka gore Baebele e nthusitse go tokafatsa botshelo jwa me.

Ke gopola ke rapela Modimo ke mmolelela gore nkile ka batla go fetsa dingwaga di le lesome mo kgolegelong gore batho ba ntlotle. Mme ke ile ka mo kopa gore a mphe tshono ya gore ke fetse dingwaga di le lesome ke bua le batho letsatsi le letsatsi ka molaetsa wa Baebele gore ke kgone go ba thusa fela jaaka le nna ke thusitswe. Modimo o ile a araba thapelo ya me e bile ke na le dingwaga di le 17 ke ntse ke ruta batho Baebele! Mo godimo ga moo, ga ke ise ke tsamaye ke ye kgolegelong.

Bontsi jwa batho ba ke neng ke tsamaya le bone ba mo kgolegelong mme ba bangwe ba sule. Ke leboga lelapa la ga malome ka gore ba ne ba ikemiseditse go tshela ka melao ya Baebele. Ke ba tlotla go gaisa batho ba ke neng ke tlhola ke tsamaya le bone. Gape ke leboga le Modimo ka gonne o mpontshitse tsela e e siameng ya botshelo.

ANDRES: Ke goletse mo lefelong le le tletseng ka diritibatsi, bogodu, dipolaano le batho ba ba gwebang ka mmele. Rre o ne a tshwakgotswe ke bojalwa le diritibatsi. Ene le mama ba ne ba tlhola ba omana e bile ba lwa.

Ke ile ka simolola go nwa bojalwa le go dirisa diritibatsi fa ke sa ntse ke le monnye. Ke feditse nako e ntsi ke tshela mo seterateng ke utswa dilo tsa batho e bile ke di rekisa. Fa ke ntse ke gola, rre o ile a nthuta go tsenya diritibatsi ka bokhukhuntshwane mo nageng ya rona le go di rekisa. O ne a dira jalo ka gonne a batla gore re nne ditsala. Go rekisa diritibatsi go ile ga dira gore ke nne le madi a mantsi ka bonako. Mme letsatsi lengwe mapodise a ile a tla kwa ntlong ya me a bo a ntshwara ka ditatofatso tsa gore ke lekile go bolaya motho. Ke ile ka atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong.

Letsatsi lengwe ke ile ka utlwa go dirwa kitsiso kwa kgolegelong gore magolegwa a a batlang go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, a ka kopana kwa lefelong lengwe. Ke ile ka ya mme dilo tse ba neng ba di bua di ne di utlwala, ka jalo ke ile ka simolola go ithuta Baebele le bone. Ga ba a ka ba leka go mpampetsa Lefoko la Modimo ka gore ba tshaba go nkgalefisa go na le moo, ba ile ba mpontsha se Modimo a se lebeletseng mo go nna.

Ke ile ka lemoga gore nka se kgone go dira diphetogo tseno ke le nosi, segolo jang ka gonne magolegwa a a neng a sa rate gore ke ithute Baebele a ne a ntshosetsa. Ke ile ka kopa Jehofa gore a mphe maatla le botlhale mme o ile a nthusa. Go na le go ineelela go tshosediwa ke magolegwa a mangwe, ke ile ka nna le bopelokgale jwa go a rerela.

Fa nako ya gore ke gololwe e atamela, ke ne ke tshogile thata mo ke neng ke sa batle go tswa mo kgolegelong! Mme fa ke tswa ka kgolegelo, magolegwa mangwe a ne a itumetse e bile bangwe ba bone ba ile ba re, “Tsamaya sentle moruti.”

Ke na le go tshoga fa ke akanya gore nkabo ke le kae gompieno fa ke ne ke sa letla Modimo gore a nthute. Ke leboga Modimo gore o a nthata le gore ga a ka a ntlhoboga. a

a Go bona dikai tse dingwe tsa batho ba Baebele e ileng ya fetola matshelo a bone, tsena mo jw.org/tn. Ya kwa LAEBORARI, mme o batle motseletsele wa setlhogo se se reng, “Baebele e Fetola Matshelo a Batho.”