Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAFA BOTHATA BO TLA RARABOLOLWANG KA GONE

Go Tla Nna le Kagiso fa Bogosi Jwa Modimo bo Busa

Go Tla Nna le Kagiso fa Bogosi Jwa Modimo bo Busa

Mo nakong e e sa fediseng pelo, Bogosi Jwa Modimo bo tla dira gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng. Fela jaaka re solofeditswe mo go Pesalema 72:7, go tla nna le “letlotlo la kagiso.” Mme Bogosi jono bo tla busa leng mo lefatsheng? Bo tlile go dira jang gore e nne jone bo busang lefatshe? Go itse ka jone go ka go thusa jang?

BOGOSI JWA MODIMO BO TLA TLA LENG?

Baebele e ile ya porofeta ka ditiragalo tse di tla re bontshang gore Bogosi Jwa Modimo bo atametse. E di bitsa “sesupo” mme di akaretsa dintwa, leuba, malwetse, dithoromo tsa lefatshe le bokebekwa.​—Mathaio 24:3, 7, 12; Luke 21:11; Tshenolo 6:2-8.

Gape Baebele e ile ya porofeta jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, . . . ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, . . . ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:1-4) Le fa mekgwa eno e sa bolo go nna teng, gone jaanong e atile le go feta.

Dilo tseno tse Baebele e porofetileng ka tsone di simolotse go diragala ka 1914. Bakwadi ba hisitori, boradipolotiki le bakwadi ba bangwe ba ile ba tlhalosa tsela e lefatshe le ileng la fetoga ka yone morago ga ngwaga oo. Ka sekai, mokwadi wa hisitori wa kwa Denmark e bong Peter Munch a re: “Ntwa e e ileng ya simologa ka 1914 e ile ya fetola dilo di le dintsi mo lefatsheng. Batho ba ne ba ithaya ba re dilo di nna botoka, . . . mme morago ga ngwaga oo, go ile ga latela masetlapelo, kutlobotlhoko, letlhoo e bile batho ba ne ba ipotsa gore a maemo a tla tsamaya a siama.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, maemo ano a lefatshe a dira gore re nne le tsholofelo ya gore dilo di tlile go nna botoka. A re bontsha gore nako ya gore Bogosi Jwa Modimo bo buse lefatshe e atametse. Tota e bile, Jesu o ile a umaka mafoko ano fa a ne a bua ka sesupo sa metlha ya bofelo: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”​—Mathaio 24:14.

Dikgang tse di molemo tseno ke tsone tse Basupi ba ga Jehofa ba di bolelelang batho. Ke lone lebaka la go bo makasine wa bone o bidiwa Tora ya Tebelo e Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa. Makasine ono o bua ka dilo tse di kgatlhang tse Bogosi Jwa Modimo bo tla di direlang batho mo lefatsheng.

BO TLA DIRANG GORE E NNE JONE BO BUSANG LEFATSHE?

Go bona karabo, re tlhoka go tlhaloganya dintlha tseno tse nnê:

  1. Ga go na baeteledipele bape ba dipolotiki ba ba tlileng go busa mo Bogosing joo kgotsa go nna baemedi ba jone.

  2. Baeteledipele ba dipolotiki ba tlile go gana go amogela Bogosi jono e bile ba tlile go leka go bo lwantsha.​—Pesalema 2:2-9.

  3. Bogosi Jwa Modimo bo tla tlhoka go senya dipuso tsotlhe tse di batlang go tswelela di busa lefatshe mme dipuso tseo di tla leka go lwa. (Daniele 2:44; Tshenolo 19:17-21) Ntwa eo e bidiwa Haramagedona.​—Tshenolo 16:14, 16.

  4. Batho botlhe ba ba amogelang Bogosi Jwa Modimo ba tla bolokiwa ka nako ya Haramagedona ba bo ba tshela mo lefatsheng le lesha le le nang le kagiso. Baebele e ba bitsa “boidiidi jo bogolo” mme palo ya bone e ka tswa e le dimilionemilione.​—Tshenolo 7:9, 10, 13, 14.

GO ITSE KA BOGOSI GO KA GO THUSA JANG?

Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira gore o nne gone fa Bogosi bo busa, ke go ithuta Baebele. Ke ka moo Jesu a ileng a bua jaana fa a rapela: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”​—Johane 17:3.

Go itse Jehofa Modimo go thusa motho ka ditsela tse di farologaneng. A re umake di le pedi fela: Ya ntlha, go thusa motho gore a nne le tumelo mo Modimong. Tumelo eo e dira gore motho a dumele gore Bogosi Jwa Modimo ke puso ya mmatota le gore bo tla tloga bo busa mo lefatsheng. (Bahebera 11:1) Ya bobedi, go thusa motho gore a rate Modimo le moagelani wa gagwe. Fa motho a rata Modimo, o tla mo reetsa. Fa motho a rata moagelani wa gagwe, o tla latela taelo eno ya ga Jesu: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.”​—Luke 6:31.

Fela jaaka rre yo o ratang bana ba gagwe, Mmopi wa rona o re batlela dilo tse di molemo. O batla gore re tshele botshelo jo Baebele e bo bitsang “botshelo jwa mmatota.” (1 Timotheo 6:19) Botshelo jo re bo tshelang gone jaanong ga se jo Jehofa a re batlelang jone. Batho ba le bantsi ba goga ka thata. Go go thusa go akanya ka tsela e “botshelo jwa mmatota” bo tlileng go nna ka yone, bala setlhogo se se latelang go utlwa dilo tse di monate tse Bogosi Jwa Modimo bo tlileng go di direla batho.

Fa Bogosi bo busa, batho ba tlile go tshela ka pabalesego e bile go tla bo go na le dijo tse dintsi