Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi ba tlhomela bana sekao sa go rata batho ba bangwe

SE RE KA SE DIRANG GO RARABOLOLA BOTHATA

Go Itse se se Siameng Le se Se sa Siamang

Go Itse se se Siameng Le se Se sa Siamang

Baithuti bangwe ba ile ba latofadiwa ka gore ba beteletse moithuti yo mongwe fa ba ne ba le mo loetong lwa sekolo. Basimane bano botlhe ba ne ba tsena sekolo sengwe sa maemo sa kwa Canada. Morago ga tiragalo eo, Leonard Stern o ile a kwala jaana mo lokwalodikgannyeng la Ottawa Citizen: “Le fa ngwana a le botlhale, a tsena sekolo sa maemo kgotsa batsadi ba gagwe ba humile, seo ga se reye gore ga a kitla a dira dilo tse di sa siamang.”

Gape Stern a re: “Selo sa botlhokwa thata se motho a akanyang gore batsadi ba tshwanetse go tshwenyega ka sone, ke go ruta bana go itse pharologanyo fa gare ga se se siameng le se se sa siamang. Mme go bonala batsadi ba le bantsi ba tshwenyegile thata ka dithutego kgotsa gore bana ba bone ba nne le madi a mantsi.”

Nnete ke gore, go tsena sekolo go botlhokwa. Mme le fa motho a ka tsena sekolo sa maemo, seo ga se reye gore o tla kgona go lwa le dikeletso tse di sa siamang kgotsa gore ga a kitla a dira dilo tse di bosula. Mme potso ke gore, ke eng se se ka re thusang go itse pharologanyo fa gare ga se se siameng le se se sa siamang?

BUKA E E DI GAISANG TSOTLHE

Baebele e tshwana le seipone. Fa re e bala, e kgona go re bontsha dilo tse re tlhokang go tokafatsa mo go tsone. (Jakobe 1:23-25) Mme go na le dilo tse dingwe gape tse Baebele e kgonang go di dira. E re ruta go tshedisana le ba bangwe ka kagiso le ka kutlwano e bile e re thusa go nna batho ba ba siameng, ba ba utlwelang ba bangwe botlhoko, ba ba pelotelele, ba ba kgonang go itshwara le ba ba ratang ba bangwe. Baebele ya re lorato ke “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:14) Goreng re tshwanetse go rata batho ba bangwe? Utlwa gore Baebele ya reng ka lorato.

  • “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, . . .  lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.”​—1 Bakorintha 13:4-8.

  • “Lorato ga lo direle moagelani bosula.”​—Baroma 13:10.

  • “Mo godimo ga dilo tsotlhe, ratanang ka lorato lo logolo, ka gonne lorato lo bipa maleo a le mantsi.”​—1 Petere 4:8.

O ikutlwa jang fa o dutse le batho ba ba go ratang? O ikutlwa o phuthologile e bile o sireletsegile. O a itse gore ba batla gore o atlege mo botshelong le gore ga ba kitla ba go utlwisa botlhoko ka boomo.

Gape lorato lo ka dira gore motho a itime dilo dingwe le go tlogela mekgwa mengwe gore a kgone go thusa ba bangwe. Ka sekai, monna mongwe yo o bidiwang George o ne a batla gore setlogolo sa gagwe se nne se mo etela. Mme bothata ke gore George o ne a goga motsoko e bile rraagwe ngwana o ne a sa batle gore a gogele fa pele ga ngwana. George o ile a dirang? Le fa a feditse dingwaga di le 50 a goga, o ile a tlogela motsoko ka lebaka la setlogolo sa gagwe. Seno se re bontsha gore lorato lo maatla!

Baebele e re thusa gore re nne batho ba ba siameng, ba ba utlwelang ba bangwe botlhoko le ba ba ratang batho

Go rata batho ga go itlele fela, ke selo se motho a tlhokang go se ithuta. Batsadi ba na le seabe se segolo fa go tla mo kgannyeng ya go ruta bana ba bone gore ba rate batho. Batsadi ba fepa bana ba bone, ba a ba sireletsa e bile ba a ba thusa fa ba utlwile botlhoko kgotsa ba lwala. Batsadi ba ba siameng ba bua le bana ba bone e bile ba ba ruta dilo tsa botlhokwa mo botshelong. Gape ba ruta bana gore ba itse se se siameng le se se sa siamang. Mo godimo ga moo, ba tlhomela bana ba bone sekao se se molemo.

Ka maswabi, go na le batsadi ba ba sa direng maikarabelo a bone. A seo se raya gore bana ba bone ba tlile go nna batho ba ba sa siamang? Nnyaa ga go jalo. Go na le batho ba le bantsi ba ba goletseng mo malapeng a a sa siamang mme gone ba ile ba fetola matshelo a bone le go nna batho ba ba siameng le ba ba ka tshepiwang. Mo setlhogong se se latelang, re tlile go utlwa ka bangwe ba bone ba go neng go tsewa gore ga ba kitla ba siama.