Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTHATA

Goreng re Ikutlwa re sa Sireletsega?

Goreng re Ikutlwa re sa Sireletsega?

“Le fa lefatshe le gatetse pele fa go tla mo dilong tsa saense le tsa thekenoloji e bile maemo a ikonomi a tokafetse thata go gaisa mo nakong e e fetileng . . . Go bonala batho ba nako ya rona ba tlile go baka tshenyo e e seng kana ka sepe mo lefatsheng.”​—The Global Risks Report 2018, World Economic Forum.

GORENG BOMANKGE BA LE BANTSI BA TSHWENYEGILE THATA JAANA KA BOKAMOSO JWA RONA LE KA POLANETE YA RONA? A RE TLOTLE KA MATHATA A LE MMALWA A A LENG TENG MO LEFATSHENG.

  • BOKEBEKWA JO BO DIRWANG MO INTERNET: Lokwalodikgang lwa The Australian lwa re: “Gone jaanong go dirisa Internet go kotsi. E dirisiwa thata ke batho ba ba batlang go robalana le bana, ba ba kgerisang ba bangwe, ba ba kwalang melaetsa kgotsa ba ba buang dilo tse di lotlhaganyang batho le ba ba tsenang mo dikhomputareng tsa batho ka bokukuntshwane. Dikebekwa di dirisa Internet go tsena mo dikhomputareng tsa batho le go utswa tshedimosetso ya bone mme bothata jono bo aname mo lefatsheng lotlhe. . . . Gape Internet e dirile gore batho ba nne setlhogo le go feta.”

  • GO SA LEKALEKANE GA MAEMO A BATHO A IKONOMI: Go ya ka pego ya bosheng ya setheo sa Oxfam, batho ba le robedi ba ba humileng thata mo lefatsheng lotlhe, ba na le dikhumo tse di lekanang le tsa batho ba le dibilione di le 3, 6. Setheo seno se a re “tsela e ikonomi ya rona e leng ka yone, e dira gore batho ba ba humileng, ba humele pele mme ba ba humanegileng, ba tswelele ba le mo lehumeng mme bontsi jwa batho bao ba ba humanegileng ke basadi.” Batho bangwe ba tshaba gore fa seemo seno se ka tswelela ka tsela eno, go tlile go nna le dikhuduego tse dintsi.

  • DINTWA LE GO BOGISIWA GA BATHO: Pego ya 2018 ya Lephata la United Nations le le dirang ka batshabi ya re: “Gone jaanong palo ya batho ba ba tshabang go tswa kwa dinageng tsa bone e ntse e oketsega ka lobelo.” Batho ba feta dimilione di le 68 ba ile ba tshwanelwa ke go tshaba kwa malapeng a bone, gantsi e le ka ntlha ya dintwa kgotsa go bogisiwa. Pego eno ya re mo “metsotswaneng e le mebedi, motho a le mongwe o patelediwa go tswa mo legaeng la gagwe.”

  • GO KGOTLELA TIKOLOGO: Pego ya 2018 ya The Global Risks ya re “dimela le diphologolo tse di farologaneng di nyelela ka lobelo lo lo tshabegang e bile mowa o re o hemang le metsi a mo mawatleng a kgotletswe thata mo a ka dirang gore go nne motlhofo gore re lwale.” Palo ya ditshenekegi le yone e ntse e fokotsega thata mo mafatsheng a mangwe. Ditshenekegi di thusa dimela gore di gole mme baitsesaense ba re fa ditshenekegi di ka nyelela, seo se tla feleletsa se dirile gore tikologo ya rona le yone e nyelele. Ditlhapi le dimela tsa mo metsing le tsone di mo kotsing ya go nyelela. Baitsesaense ba re mo dingwageng di le 30 tse di fetileng, halofo ya dimela le ditlhapi tsa mo metsing di ile tsa nyelela.

A batho ba ka kgona go dira gore lefatshe e nne lefelo le le sireletsegileng? Go na le batho ba ba dumelang gore seo se ka kgonega fela fa batho ba na le kitso. Kitso ya mofuta ofe? Ditlhogo tse di latelang di tla araba dipotso tseo.