Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa re batla go rarabolola bothata, re tshwanetse go itse gore bo bakwa ke eng

DIKGORELETSI

Modi wa Mathata a Rona

Modi wa Mathata a Rona

A o akanya gore batho ba ka kgona go rarabolola mathata a mantsi a a dirang gore re se ka ra ikutlwa re sireletsegile le a a dirang gore re tshwenyege ka bokamoso jwa rona? Fa re batla go rarabolola mathata ano, re tshwanetse go itse modi wa one.

Ka sekai, monna mongwe yo o bidiwang Tom o ile a lwala mme moragonyana a tlhokafala. O bolailwe ke eng? Ngaka e e berekang kwa bookelong jo Tom a ileng a tlhokafalela kwa go jone ya re: “Fa Tom a simolola go lwala, dingaka ga di a ka tsa leka go itse gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo bakwa ke eng.” Go bonala di ile tsa naya Tom melemo e e mo thusang gore a ikutlwe botoka fela.

A batho ba ka tswa ba dira se se tshwanang fa go tla mo tseleng ya go rarabolola mathata a lefatshe leno? Ka sekai, puso e lwantsha bokebekwa ka go tlhama melao, go tsenya dikhamera le ka go oketsa palo ya mapodise. Le fa dilo tseno di ka tswa di bereka go ya bokgakaleng jo bo rileng, ga di rarabolole modi wa mathata ano. Nnete ke gore, tsela e batho ba itshwarang ka yone e bontsha dilo tse ba di akanyang, tse ba di dumelang le tse ba di eletsang mo botshelong.

Daniel yo o nnang kwa nageng nngwe ya kwa South America e maemo a yone a ikonomi a sa jeseng diwelang a re: “Re kile ra bo re itshelela monate, re sa tshoge gore go na le batho ba ba ka re kgothosang ka dithunya. Gone jaanong ga go na toropo kgotsa motse ope fela o o sireletsegileng. Maemo a ikonomi a bontshitse gore batho ba pelotshetlha e bile ga ba tlotle botshelo kgotsa dilo tsa batho ba bangwe.”

Monna mongwe yo o bidiwang Elias o ile a tshaba kwa Middle East mme morago a ithuta Baebele. A re: “Makawana a le mantsi a toropo e ke tswang kwa go yone a ne a bolelelwa ke ba masika, baeteledipele ba dipolotiki le ba dikereke gore ba ye ntweng gore e nne bagaka. Batho ba ba yang go lwa le bone ba ne ba bolelelwa se se tshwanang! Seno se dirile gore ke lemoge gore go tshepa motho go kotsi.”

Baebele e opile kgomo lonaka fa e re:

  • “Tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.”​—Genesise 8:21.

  • “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?”​—Jeremia 17:9.

  • “Mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, . . . , dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka.”​—Mathaio 15:19.

Ga go na ope yo o kgonang go tlosa mekgwa e e maswe e e dirang gore batho ba utlwise ba bangwe botlhoko. Tota e bile, go bonala mekgwa eno e nnela maswe go ya pele, jaaka re utlwile ka mathata a re badileng ka one mo setlhogong se se fetileng. (2 Timotheo 3:1-5) Dilo tseno tsotlhe di direga le fa go na le tshedimosetso e ntsintsi e bile go na le mekgwa e e farologaneng ya go buisana. Mme potso ke gore, ke eng fa re sa kgone go dira gore lefatshe e nne lefelo le le sireletsegileng? A maiteko a batho ba a dirang a tla tsamaya a atlega? A re leka go dira selo se se sa kgonegeng?

A RE LEKA GO DIRA SELO SE SE SA KGONEGENG?

Le fa re ka thusa batho go fetola mekgwa e e maswe e ba nang le yone, re sa ntse re se kitla re kgona go dira gore lefatshe e nne lefelo le batho botlhe ba ka ikutlwang ba sireletsegile mo go lone. Goreng re rialo?

Nnete ke gore: “Ga se ga motho . . . go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Boikaelelo jwa Modimo fa a ne a re bopa, e ne e se gore re ipuse. Tota e bile, o ne a sa direla motho gore a buse motho yo mongwe fela jaaka a sa re bopela gore re kgone go tshela mo tlase ga metsi kgotsa kwa dipolaneteng tse dingwe!

Fela jaaka re sa bopiwa gore re tshele mo tlase ga metsi, ga re a bopiwa gore re laole batho ba bangwe

Ka sekai, a batho ba a rata fa dithaka tsa bone di ba bolelela gore ba tshwanetse go tshela jang? A batho ba a rata fa ba bolelelwa gore ba tshwanetse go ikutlwa jang ka dilo tse di jaaka go ntsha mpa, go atlholelwa loso kgotsa gore ba tshwanetse go godisa jang bana ba bone? Tseno ke dingwe tsa dilo tse batho ba sa dumalaneng mo go tsone. Ka jalo, le fa go le thata go amogela, se Baebele e se buang se a utlwala. Ga re na bokgoni kgotsa tshwanelo ya go busa batho ba bangwe. Mme ke mang yo o ka re thusang?

Mmopi wa rona ke ene fela yo o ka kgonang go re thusa ka gonne ke ene a re bopileng. Mme ga a re lebala jaaka batho bangwe ba akanya. Tota e bile, kgakololo e e mo Baebeleng e re bontsha gore o sa ntse a re kgathalela. Fa re tlhaloganya Baebele, re tla kgona go itlhaloganya botoka mme seo se tla re thusa gore re tlhaloganye dilo tse di botlhoko tse di diragalelang batho. Re kgona go bona gore goreng rafilosofi mongwe wa Mojeremane a ile a kwala a re: “Batho le dipuso ga ba ise ba ithute sepe go tswa mo hisitoring, ke ka moo ba iseng ba fetole tsela e ba dirang dilo ka yone.”

GO ITSE BAEBELE GO A RE THUSA

Monna mongwe yo o botlhale o kile a re: “Botlhale bo supiwa e le jo bo siameng ke bana botlhe ba jone” kgotsa diphelelo tsa jone. (Luke 7:35) Sekai sa seo se mo go Isaia 2:22 e e reng: “Se ikanyeng motho yo go leng mowa mo dinkong tsa gagwe.” (Tswana Central) Kgakololo eo e a re sireletsa ka gonne e re thusa gore re se ka ra dumela sengwe le sengwe se batho ba se buang. Kenneth yo o nnang kwa toropong nngwe ya kwa North America e e tletseng bokebekwa a re: “Boradipolotiki ba tlhola ba re solofetsa dilo mme ba bo ba palelwa ke go di dira. Seno se dirile gore ke bone gore Baebele e bua nnete.”

Daniel yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “Letsatsi le letsatsi ke kgona go lemoga sentle gore batho ga ba a direlwa gore ba ipuse. . . . Go nna le madi a mantsi mo bankeng ga go reye gore o tla nna le bokamoso jo bo itumedisang. Ke bone batho ba ba nang le madi a mantsi mme gone ba sa itumela.”

Baebele e re thusa gore re se ka ra dumela sengwe le sengwe se batho ba se buang e bile gape e re naya tsholofelo ya sengwe se re tla balang ka sone mo setlhogong se se latelang.