Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PUSO E E TLA RARABOLOLANG MATHATA A RONA

‘Kagiso ga e Kitla e Fela’

‘Kagiso ga e Kitla e Fela’

Mokgatlho wa United Nations o rotloetsa batho mo lefatsheng lotlhe gore ba dirisane mmogo, ba tlotle ditshwanelo tsa ba bangwe le go sireletsa tikologo ya rona. Goreng mokgatlho ono o dira jalo? Maher Nasser o ile a kwala jaana mo kgatisong ya UN Chronicle: “Dilo tse di jaaka go fetoga ga maemo a loapi, bokebekwa, go sa lekalekane ga maemo a batho a ikonomi, dintwa, go tshaba ga batho mo magaeng a bone, borukhutlhi le malwetse a a kotsi di direga mo lefatsheng lotlhe.”

Go na le batho ba ba buelelang gore go nne le puso e le nngwe e e busang lefatshe lotlhe. Batho bao ba akaretsa Dante (1265-1321) yo e neng e le rafilosofi wa kwa Itali, mmoki e bile e le radipolotiki mmogo le Albert Einstein (1879-1955). Dante o ne a dumela gore go tla nna le kagiso mo lefatsheng fa go na le puso e le nngwe fela. O ile a nopola mafoko a ga Jesu fa a ne a re: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo kgaoganeng ka bojone bo a swafala.”​—Luke 11:17.

Morago ga Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, e mo go yone go ileng ga dirisiwa dibomo tse pedi tse di kotsi tse di ileng tsa bolaya batho ba le bantsi, Albert Einstein o ile a kwalela Lekgotla la United Nations. Mo lekwalong leo o ile a re: “United Nations e tshwanetse go tsaya kgato ka bonako go dira gore go nne le maemo a mo go one go tla nnang le puso e le nngwe e e tla busang lefatshe lotlhe.”

A mme baeteledipele ba puso eo ga ba kitla ba dira boferefere, ba palelwa ke go dira tiro ya bone kgotsa ba gatelela batho? Kgotsa a le bone ba tla feleletsa ba tshwana le baeteledipele ba ba dirang dilo tseo? Dipotso tseno di re gopotsa mafoko a ga Lord Acton yo e neng e le rahisitori wa kwa Boritane, fa a ne a re: “Dithata di kgona go dira gore motho yo o neng a siame, a feleletse a dira dilo tse di sa siamang.”

Fa re batla gore go nne le kagiso le kutlwano mo lefatsheng, ga re a tshwanela go nna le dikgogakgogano. Mme re ka kgona jang go fitlhelela seo? A go a utlwala go lebelela gore lefatshe le tla fetoga? Baebele ya re lefatshe le tlile go fetoga. Le tla fetolwa ke mang? Ga le kitla le fetolwa ke puso e e nang le baeteledipele ba ba sa siamang, go na le moo, le tla fetolwa ke puso ya Modimo. Seo ke ka gonne Modimo e le ene a nang le tshwanelo ya go busa batho. Puso eo ke eng? Baebele e e bitsa “Bogosi jwa Modimo.”​—Luk 4:43.

“A BOGOSI JWA GAGO BO TLE”

Jesu o ne a akantse ka Bogosi Jwa Modimo fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re ba rapele jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng.” (Mathaio 6:9, 10) Bogosi Jwa Modimo bo tla netefatsa gore thato ya Modimo e a dirwa mo lefatsheng, e seng ya batho ba ba pelotshetlha ba ba batlang go gatelela ba bangwe.

Gape Bogosi Jwa Modimo bo bidiwa “bogosi jwa magodimo.” (Mathaio 5:3) Goreng bo bidiwa jalo? Ka gonne bo tla busa lefatshe bo le kwa legodimong. Seo se raya gore puso eno ga e kitla e tlhoka go tshegediwa ka madi mme seo se tla imolola babusiwa ba yone.

Bogosi Jwa Modimo le jone bo na le kgosi. Kgosi eo ke Jesu Keresete yo o ileng a newa taolo ke Modimo. Baebele e bua jaana ka Jesu:

  • “Puso e tla nna mo legetleng la gagwe . . . gore a godise puso mme kagiso e se ka ya fela.”​—Isaia 9:6, 7, Tswana Central.

  • “O ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle. Bobusi jwa gagwe ke bobusi . . . jo bo se kitlang bo feta.”​—Daniele 7:14.

  • “Bogosi jwa lefatshe bo fetogile bogosi jwa Morena [Modimo] wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe.”​—Tshenolo 11:15.

Mafoko a thapelo ya Morena a tla diragadiwa fa Bogosi Jwa Modimo bo dira gore thato ya Gagwe e dirwe mo lefatsheng. Batho ba tla rutiwa go baakanya lefatshe gore le boe le nna paradaise gape.

Mo godimo ga moo, batho ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba tlile go rutiwa melao ya Modimo. Go tla bo go rena kagiso le kutlwano. Isaia 11:9 ya re ga go na ope yo o tla utlwisang yo mongwe botlhoko “ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”

Batho ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng ba tla tshela mmogo ka kagiso le kutlwano, e leng se United Nations e eletsang go se fitlhelela. Pesalema 37:11 ya re “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” Fa nako e ya, re tla bo re sa tlhole re bua ka dilo tse di jaaka, “bokebekwa,” “go kgotlelwa ga mowa” le “dintwa.” Dilo tseno di tla direga leng? Bogosi Jwa Modimo bo tla busa leng mo lefatsheng? Bo tlile go dira jang gore e nne jone bo busang lefatshe? Go itse ka jone go ka go thusa jang? Tswelela o bala.