Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A BATHO BA TLA NYELETSA LEFATSHE?

Metsi a a Phepa

Metsi a a Phepa

BOTSHELO bo ne bo ka se nne gone mo lefatsheng fa go ne go se na metsi, segolobologo metsi a a phepa. Tota e bile, metsi ke one selo se segolo thata mo dilong tsotlhe tse di tshelang. Re nwa metsi a a tswang mo matšheng, mo dinokeng, mo mafelong a metsi a emang thata mo go one le a a tswang ka fa tlase ga lefatshe. Gape metsi ano a nowa ke diphologolo e bile re nosetsa dijalo tsa rona ka one.

Lebaka La go Bo re Ka Tlhaelelwa ke Metsi a a Phepa

Karolo e kgolo ya polanete ya rona ke metsi. Mme gone, go ya ka World Meteorological Organization, “metsi a a mo Lefatsheng a a kgonang go dirisiwa e bile a le phepa, ke karolo e nnye thata.” Le fa gone metsi ano a mannye a ne a lekane gore ditshedi di kgone go tshela mo lefatsheng, bontsi jwa one a kgotletswe kgotsa batho ga ba tlhole ba kgona go a fitlhelela ka ntlha ya go bo a tlhokega thata le ka ntlha ya go fetogetoga ga maemo a bosa. Babatlisisi ba fopholetsa gore mo dingwageng tse 30 tse di tlang, batho ba le dimilione tse tlhano ba tla bo ba se na metsi a a phepa a a lekaneng.

Lefatshe le Bopetswe Gore le Nnele Ruri

Lefatshe le dirilwe ka tsela e e dirang gore ka metlha le nne le na le metsi a a phepa a a lekaneng. Mo godimo ga moo, mmu, ditshedi tse di nnang mo metsing le mogote wa letsatsi, di dirisana mmogo gore metsi a nne a le phepa. Ela tlhoko dintlha dingwe tse di bontshang gore lefatshe le bopetswe gore le nnele ruri.

  • Mmu o kgona go tlosa bontsi jwa dilo tse di kgotlelang metsi. Mo mafelong a metsi a emang thata mo go one, go na le dimela dingwe tse di kgonang go tlosa naeterojene, phosphorus le dibolayaditshenekegi.

  • Baitsesaense ba lemogile gore go na le dilo tsa tlholego tse di kgonang go phepafatsa metsi. Metsi a a elelang ka lobelo lo lo kwa godimo a tlhaolosa dilo tse di kgotlelang metsi, mme go tswa foo dibaketeria di bo di nyerolosa dilo tseo.

  • Ditshedi tse di bidiwang di-clam le di-mussel di kgona go tlosa dikhemikhale tse di ka nnang kotsi mo metsing mo malatsing a le mmalwa fela, gongwe e bile di dira jalo ka tsela e e gaisang metšhine e e dirisiwang kwa mafelong a go phepafadiwang metsi kwa go one.

  • Lefatshe le na le modikologo wa metsi o o thusang gore metsi a nne a le gone. Modikologo ono, mmogo le dithulaganyo tse dingwe tsa tlholego, di thibela metsi gore a se ka a tswa mo lefaufaung kgotsa a nyelela.

Se Batho ba Lekang go se Dira go Rarabolola Bothata Jono

Fa re baakanya dikoloi tsa rona fa di dutlisa oli e bile re tshololela dilo tse di kotsi mo go tshwanetseng, re thusa gore metswedi ya metsi e nne e le phepa

Babatilisisi ba re kgothaletsa gore ka metlha re nne kelotlhoko gore re se ka ra senya metsi. E le go fokotsa go kgotlelwa ga metsi, ba re kgothaletsa gore re baakanye dikoloi tsa rona fa e le gore di dutlisa oli, re se ka ra tshela melemo e re sa e diriseng mo matlwaneng a boithomelo kgotsa ra tshololela dilo tse di botlhole mo meseleng ya go fetisa metsi.

Baênjenere ba tlile ka ditsela tse disha tsa go ntsha letswai mo metsing a lewatle. Boikaelelo jwa bone ke go oketsa metsi a a phepa a a nowang.

Mme gone go tlhokega mo gontsi. Go ntsha letswai mo metsing a lewatle ga se tharabololo e e molemo ka gonne go ja madi a mantsi thata e bile go tlhoka motlakase o montsi thata. Mo pegong ya 2021 e e neng e bua ka go sireletsa metsi a a nowang, motswedi mongwe wa United Nations o ne wa tlhalosa jaana: “Mo lefatsheng lotlhe, thulaganyo eno ya go dira gore metsi a a phepa a nne gone le go a boloka, e tlhoka go oketsega go menagane gabedi.”

Se Baebele e se Buang

“Modimo . . . o gogela marothodi a metsi kwa godimo; a fetoga pula e e tswang mo mouwaneng wa gagwe; go tswa foo, maru a rothisa pula, a e nesetsa batho.”​—Jobe 36:26-28.

Modimo o dirile medikologo ya tlholego gore e sireletse metsi a a mo lefatsheng.​—Moreri 1:7.

Akanya ka seno: E re ka Modimo a bopile lefatshe ka tsela e e dirang gore le kgone go phepafatsa metsi, go a utlwala go dumela gore o ikemiseditse go rarabolola bothata jono jo bo bakilweng ke batho e bile o na le maatla a go dira jalo. Bona setlhogo se se reng, “Modimo a re Lefatshe le Tla Nnela Ruri,” se se mo tsebe 15.