Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSOGANG! No. 1 2024 | Tlotlo E Ile Kae?

Ga se gantsi batho ba tlotlana, mme fa mongwe a bontsha tlotlo, batho ba bangwe ba a mo gakgamalela.

Ka sekai, batho ba le bantsi ga ba tlotle batsadi ba bone le bagodi, e bile ga ba tlotle mapodise, bathapi ba bone le barutabana. Mo godimo ga moo, batho ba bua dilo tse di tlontlololang ba bangwe mo social media! Setlhogo sengwe mo makasineng wa Harvard Business Review se tlhalosa gore go sa tlotle ba bangwe “go ile kwa godimo thata.” Setlhogo seno se oketsa ka go re “batho ba bega dikgang tse dintsi tse di amanang le go tlhoka tlotlo.”

 

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla ba Bangwe?

Ithute gore ke eng fa go le botlhokwa go tlotla ba bangwe le gore o ka dira eng go ba bontsha tlotlo.

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla Botshelo?

Sekaseka kgakololo ya Baebele ya kafa re ka bontshang ka gone gore re tlotla botshelo jwa rona le matshelo a ba bangwe.

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotlana mo Lelapeng?

Lelapa lengwe le lengwe le ka itumela fa botlhe mo lapeng ba tlotlana.

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Itlotla?

Baebele e thusa batho gore ba nne le seriti le gore ba tokafatse matshelo a bone, mme seo se dira gore ba itlotle.

Tlotlo E Ile Kae?

Bala ditlhogo tse di buang ka tlotlo le ka se Basupi ba ga Jehofa ba se dirang mo lefatsheng lotlhe e le go bontsha tlotlo.