Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Itlotla?

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Itlotla?

KE ENG FA GO ITLOTLA GO LE BOTLHOKWA?

Batho ba ba itlotlang ba kgona go lebana le dikgwetlho tsa botshelo ba na le tsholofelo. Ga ba ineele ka bonako.

  • Dipatlisiso di bontsha gore gantsi batho ba ba inyatsang ba tshabelelwa ke go tlhobaela, dipreshene le mathata a go ja. E bile gantsi ba nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng le go dirisa diokobatsi.

  • Batho ba ba itlotlang ga ba ipapise le ba bangwe, mme seo se dira gore ba kgone go dirisana sentle le batho ba bangwe e bile ba nne le ditsala tse di nnelang ruri. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba sa itlotleng gantsi ba rata go kgala ba bangwe, mme seo se feleletsa se senya botsala.

  • Batho ba ba itlotlang ba kgona go ema ba nitame le fa ba lebana le dikgwetlho; ga ba letle dikgoreletsi di ba thibela go fitlhelela mokgele wa bone. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba sa itlotleng gantsi ba leba mathata a ba lebanang le one a le magolo go feta kafa tota a leng ka gone. Mme seo se dira gore ba ineele motlhofo.

SE O KA SE DIRANG

Tlhopha ditsala tse di tla go kgothatsang. Tsalana le batho ba ba nang le tlotlo, ba tota ba go kgathalelang le ba ba tla go kgothatsang.

“Tsala ya boammaaruri e lorato ka dinako tsotlhe e bile ke morwarramotho yo o ka ikaegang ka ene ka dinako tsa matshwenyego.”​—Diane 17:17.

Thusa ba bangwe. Fa o le pelontle e bile o direla ba bangwe dilo, go akaretsa le batho ba ba ka se kgoneng go go direla sepe, o tla nna le boitumelo jo bo nnang gone ka ntlha ya go aba. O tla itumela, tota le fa batho ba bangwe ba sa bone dilo tse o di dirang.

“Go aba go itumedisa thata go feta go amogela.”​—Ditiro 20:35.

Thusa bana ba gago gore ba itlotle. Tsela nngwe ke ka go ba letla gore ba itharabololele mathata a bone, go ya bokgakaleng jo ba ka bo kgonang. Seo se thusa bana go fenya mathata le go a rarabolola. Fa ba ithuta go dira jalo, ba tla itlotla gone jaanong le fa ba setse ba godile.

“Ruta mosimane tsela e a tshwanetseng go tsamaya mo go yone; tota le fa a tsofala ga a kitla a fapoga mo go yone.”​—Diane 22:6, ntlha e e kwa tlase.

SE BASUPI BA GA JEHOFA BA SE DIRANG

Dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa le thulaganyo ya bone ya go ruta batho Baebele, di thusa batho go tokafatsa matshelo a bone mme seo se dira gore ba itlotle.

DIPOKANO TSA RONA TSA BEKE LE BEKE

Kwa dipokanong tsa rona tse di tshwarwang beke le beke, re itumelela go reetsa dipuo tse di theilweng mo Baebeleng tse gantsi di nang le dikakantsho tsa kafa re ka itlotlang ka gone. Go tsenwa mahala e bile go lalediwa mongwe le mongwe. Ka sekai, fa o le kwa go tsone o tla ithuta . . .

  • lebaka la go bo Modimo a go tsaya o le botlhokwa

  • gore o ka dira eng gore o itumelele botshelo

  • gore o ka nna jang le ditsala tse di nnelang ruri

Gape o tla kopana le ditsala tsa mmatota ‘tse di tlhokomelanang.’​—1 Bakorintha 12:25, 26.

Fa o batla go utlwa mo go oketsegileng ka dipokano tsa rona, tsena mo jw.org mme o lebe bidio e khutshwane ya setlhogo se se reng Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi?

THULAGANYO YA RONA YA GO RUTA BATHO BAEBELE

Re ithuta Baebele le batho mahala re dirisa buka ya Itumelele go Tshelela Ruri! Buka eno e na le ditemana di le dintsi, dintlha tsa botlhokwa, dipotso tse di fatang maikutlo, dibidio tse di kgatlhang le ditshwantsho tse dintle. Thulaganyo eno ya go ruta batho Baebele e ba thusa gore ba itlotle le gore ba tokafatse matshelo a bone.

Fa o batla go bona gore go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa go ka go solegela molemo jang, tsena mo jw.org mme o lebe bidio e khutshwane ya setlhogo se se reng Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele?