Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla ba Bangwe?

Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla ba Bangwe?

KE ENG FA GO TLOTLA BA BANGWE GO LE BOTLHOKWA?

Fa re tlotla ba bangwe, re ka dira gore maemo a a sa itumediseng a se ka a nna maswe le go feta.

  • Seane sengwe sa Baebele se a re: “Karabo e e bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le kgopisang le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Go bua le go dira dilo tse di sa bontsheng tlotlo go gakatsa dilo, mme gantsi go felela ka ditlamorago tse di botlhoko.

  • Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) Fa re bua le batho ba bangwe ka tsela e e sa bontsheng gore re a ba tlotla, seo se ka tswa se bontsha kafa tota re ikutlwang ka gone ka batho ba ba farologaneng le rona ka lotso, morafe, setšhaba kgotsa ba ba godileng ka tsela e e sa tshwaneng le ya rona.

    Mo patlisisong ya bosheng e go neng ga botsolodiwa batho ba feta 32 000 mo dinageng di le 28, diperesente di le 65 tsa bone di ne tsa tlhalosa gore ga di ise di tsamaye di bone batho ba sa tlotlane ka tsela e go diregang ka yone gompieno.

SE O KA SE DIRANG

Fa o le kwa sekolong kgotsa kwa tirong, tlotla batho botlhe, tota le fa o sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang le ya bone. Batla dilo tse lo ka dumalanang ka tsone. Seo se tla go thusa gore o se ka wa ba kgala kgotsa wa ba atlhola.

“Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.”​—Mathaio 7:1.

Tshwara ba bangwe ka tsela e o batlang ba go tshwara ka yone. Fa o akanyetsa ba bangwe e bile o dirisana le bone sentle, go ka direga gore le bone ba dirisane le wena jalo.

“Lo direle batho ba bangwe ka tsela e lo batlang ba lo direla ka yone.”​—Luke 6:31.

Itshwarele ba bangwe. O se ka wa swetsa ka gore motho yo mongwe o ne a batla go go utlwisa botlhoko ka boomo, go na le moo tlhokomologa se a se buileng kgotsa se a se dirileng.

“Motho yo o nang le temogo ga a galefe ka bonako, e bile o tla tlotlwa fa a tlhokomologa molato.”​—Diane 19:11.

SE BASUPI BA GA JEHOFA BA SE DIRANG

Basupi ba ga Jehofa ba tlotla batho ba bangwe mo mafelong a ba nnang mo go one le kwa ba berekang gone.

Re ithuta Baebele mahala le batho botlhe, mme gone ga re ba pateletse gore ba dumele se re se dumelang. Go na le moo, re leka go dirisa kgakololo ya Baebele ka go ba bolelela molaetsa wa rona re le “bonolo le ka tlotlo e e boteng.”​—1 Petere 3:15; 2 Timotheo 2:24.

Ga re tlhaole ope e bile re amogela batho ba maemo otlhe kwa mafelong a rona a kobamelo gore ba tle go ithuta se Baebele e se rutang. Re leka go itshokela ba bangwe le go “bontsha mongwe le mongwe tlotlo.”​—1 Petere 2:17, New International Version.

Re tlotla dipuso tsa dinaga tse re nnang mo go tsone. (Baroma 13:1) Re ikobela melao e bile re duela makgetho. Le fa gone re sa tseye letlhakore mo dipolotiking, re tlotla tshwanelo ya batho ba bangwe ya go itirela tshwetso ka dikgang tse di amanang le dipolotiki.