Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno

Matseno

Dilo Tse 12 Tse di ka Thusang Malapa Gore a Itumele

Gantsi fa malapa a thubegile, go buiwa thata ka dilo tse di sa tsamayang sentle. Mme a go na le sengwe se re ka ithutang sone mo malapeng a a itumetseng?

  • Go tloga ka 1990 go fitlha ka 2015, palo ya batho ba ba ileng ba tlhalana kwa United States e ile ya oketsega thata mme bontsi jwa batho bao ba ne ba le mo dingwageng tsa bo50 go ya kwa godimo.

  • Batsadi ga ba itse gore ba direng: Go na le batho ba ba reng batsadi ba tshwanetse go akgola bana thata mme ba bangwe ba re batsadi ba tshwanetse go gagamatsa letsogo fa ba godisa bana.

  • Basha ba gola ba sa rutiwe gore ba direng go atlega mo botshelong.

Mme nnete ke gore . . .

  • Lenyalo le ka kgona go nna monate.

  • Batsadi ba ka kgona go kgalemela bana ka lorato.

  • Basha ba ka kgona go itse gore ba direng gore ba atlege fa ba gola.

Jang? Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka dilo di le 12 tse di ka thusang malapa gore a itumele.