Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matseno

Matseno

Dilo Tse Thataro Tse Bana ba Tlhokang go di Rutiwa

O batla gore ngwana wa gago e nne motho yo o ntseng jang fa a godile?

  • Yo o kgonang go itshwara

  • Yo o seng mabela

  • Yo o kgonang go itshoka

  • Yo e reng a neilwe tiro, a bo a e dira

  • Yo o dirang ditshwetso tse di siameng

  • Yo batho ba ka mo tshepang

Dilo tseno ga di itlele fela. Bana ba tlhoka go di rutiwa.

Makasine ono o tla bua ka dilo tse thataro tse batsadi ba ka di rutang bana ba bone, tse di tla thusang bana fa ba setse ba godile.