Bakeresete ba Pele le Lefatshe
Bakeresete ba Pele le Lefatshe
MO E ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng, go ne ga nna le tiragalo e e gakgamatsang thata kwa Botlhaba Bogare. Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a romelwa go tswa kwa lefelong la gagwe la selegodimo le a neng a nna kwa go lone gore a tle go nna ka lobakanyana mo lefatsheng la batho. Bontsi jwa batho bo ne jwa itshwara jang? Moaposetoloi Johane o araba jaana: “O [Jesu] na a le mo lehatshiñ, me lehatshe le ne le dihilwe ke èna, me lehatshe le se ka ya mo itse. O na a tla mo ga gabō, me ba e neñ e le ba ga gabō ba se ka ba mo chola.”—Yohane 1:10, 11.
Lefatshe ga le a ka la amogela Jesu, Morwa Modimo. Ka ntlha yang? Jesu o ne a tlhalosa lengwe la mabaka a go sa mo amogele ka go re: “Lehatshe . . . lea nkila, ka go bo ke shupa kaga yeōna, ha ditihō tsa yeōna di le boshula.” (Yohane 7:7) Kgabagare, lone lefatshe leno—leo le neng le emelwa ke baeteledipele bangwe ba bodumedi ba Bajuda, Kgosi nngwe ya Moedoma, le radipolotiki wa Moroma—ba ne ba laolela gore Jesu a bolawe. (Luke 22:66–23:25; Ditihō 3:14, 15; 4:24-28) Go tweng ka balatedi ba ga Jesu? A lefatshe le ikemiseditse tota go re le tla ba amogela? Nnyaa. Sebakanyana fela pele ga loso lwa ga Jesu, o ne a ba tlhagisa jaana: “Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.”—Yohane 15:19.
Ka Dinako tsa Baaposetoloi
Mafoko a ga Jesu a ne a itshupa a le boammaaruri. Dibeke di le mmalwa fela morago ga loso lwa gagwe, baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tshwarwa, ba tshosediwa, le go itewa. (Ditihō 4:1-3; 5:17, 18, 40) Sebakanyana fela morago ga moo, Setefane yo o neng a le matlhagatlhaga, o ne a kgokgoelediwa fa pele ga Lekgotla la Bajuda mme a bolawa ka go kgobotlediwa ka maje. (Ditihō 6:8-12; 7:54, 57, 58) Moragonyana, Kgosi Herode Ageripa I o ne a bolaya moaposetoloi Jakobe. (Ditihō 12:1, 2) Ka nako ya maeto a ga Paulo a borongwa, Bajuda ba Diaspora (ba ba neng ba se mo nageng ya bone) ba ne ba tlhotlheletsa gore Paulo a bogisiwe.—Ditihō 13:50; 14:2, 19.
Bakeresete ba pele ba ne ba itshwara jang mabapi le kganetso e e ntseng jalo? Ka nako ya metlha ya bogologolo, fa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba thibela baaposetoloi go ruta mo leineng la ga Jesu, baaposetoloi ba ne ba tlhalosa jaana: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 4:19, 20; 5:29) Ba ne ba tswelela ba dirisa mokgwa ono nako le nako fa go tsoga kganetso. Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete kwa Roma gore ba “ineèlè mo go utlweñ babusi [ba puso] ba bagolo.” O ne a ba gakolola gape jaana: “Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona.” (Baroma 12:18; 13:1) Ka jalo, Bakeresete ba pele ba ne ba lebanwe ke kgwetlho mo kgannyeng ya go nna tekatekano. Ba ne ba obamela Modimo jaaka Mmusi wa bone yo ba tshwanetseng go utlwa ene pele. Ka nako e e tshwanang ba ne ba utlwa babusi ba batho mme ba leka go tshedisana ka kagiso le batho botlhe.
Bakeresete mo Lefatsheng la Baroma
Bogologolo ka nako ya Mmusomogolo wa Roma wa lekgolo la ntlha la dingwaga, Bakeresete kwa ntle ga pelaelo, ba ne ba bona melemo mengwe go tswa mo go Pax Romana, kana Kagiso ya Roma, e e neng e tshegetswa ke mephato ya Baroma. Puso ya molao le tolamo e e neng e tlhomame, ditsela tse di siameng, le go tsamaya ka dikepe go go neng go babalesegile go ne ga thusa thata mo go ateng ga Bokeresete. Bakeresete ba pele ba ne ba itse sentle gore ba tshwanetse go duela ditshwanelo tsa morafe me ba tsaya tsia kgakololo ya ga Jesu e e reng “ntshetsañ Kaesare dilō tse e leñ tsa ga Kaesare.” (Mareko 12:17) Fa Justin Martyr a ne a kwalela mmusimogolo wa Roma Antoninus Pius (138-161 C.E.), o ne a bolela gore Bakeresete e ne e le bone “ba ba iketleeleditseng thata go feta batho botlhe,” mo go dueleng makgetho a bone. (First Apology, kgaolo 17) Ka 197 C.E., Tertullian o ne a bolelela babusi ba Roma gore bakgethisi ba bone ba tshwanetse gore ba “leboge Bakeresete” go bo ba ile ba duela makgetho a bone kwantle ga go ba tsenya dingalo. (Apology, kgaolo 42) Eno e ne e le tsela e nngwe e ba neng ba latela kgakololo ya ga Paulo ya go re ba tshwanetse go ineela mo balaoding ba bagolo.
Mo godimo ga moo, Bakeresete ba pele ba ne ba leka go tshedisana le baagisani ka bone ka moo ba ka kgonang ka teng fa fela melaometheo ya Bokeresete e santse e ba dumelela. Mme lefa go ntse jalo seno se ne se se motlhofo. Lefatshe le ba neng ba tshela mo go lone le ne le tletse ka boitsholo jo bo maswe gape le ne le tseneletse thata mo kobamelong ya medimo ya disetwa ya Bagerika le Baroma, koo gape ka nako eo go neng go sa tswa go dirwa gore go obamelwe le mmusimogolo. Bodumedi jwa boheitane jwa Roma la ntlha e ne e le bodumedi jwa Puso, ka jalo, mongwe le mongwe yo o neng a gana go dirisa mokgwa oo o ne a tsewa jaaka mmaba wa Puso. Seno se ne sa felela ka eng mo Bakereseteng?
Porofesara wa Oxford E. G. Hardy o ne a kwala jaana: “Tertullian o thathamisitse dilo di le dintsi tse Mokeresete yo o nang le segakolodi a neng a ka seka a di dira, tseo di neng di akareletsa kobamelo ya medimo ya disetwa: ka sekai maikano a a neng
a dirwa nako le nako fa go dirwa maitlamo; go kgabisiwa ga mejako ka ditshwantsho ka nako ya meletlo, jalo le jalo; meletlo yotlhe ya ditumelo tsa Boheitane; metshameko le diserekisi; go ruta ka dibuka tsa lefatshe [dibuka tse di tlwaelegileng tsa boheitane]; tirelo ya bosole; maemo mo morafeng.”—Christianity and the Roman Government.Ee, go ne go le thata go tshela mo lefatsheng la Roma kwantle ga go reketlisa tumelo ya Bokeresete. Mokwadi wa Mofora wa Mokatoliki A. Hamman o kwala jaana: “Go ne go sa kgonege gore o ka dira sepe kwantle ga go thulana le molao wa Modimo. Go nna Mokeresete go ne go tlisetsa motho mathata letsatsi le letsatsi; o ne a nna a ntse a tlhobaela . . . O ne a kopana le mathata nako le nako kwa gae, mo mebileng, kwa mmarakeng . . . Fa a tsamaya mo mmileng, go sa kgathalesege gore a ke moagi wa Moroma kana nnyaa, Mokeresete o ne a tshwanelwa ke go re a role mo tlhogong fa a feta mo tempeleng kana mo sefikantsweng. O ne a ka tila seno jang kwantle ga go tsosa dipelaelo, lefa go ntse jalo o ne a ka ikobela jang molao oo kwa ntle ga go roba boikanyegi jwa gagwe? Fa a ne a batla go dira kgwebo mme a tlhoka go adima madi, o ne a tshwanetse go ikana mo mothong yo o tla mo adimang madi ka leina la medimo. . . . Fa a amogela tiro ya tirelo ya setšhaba, o ne a tshwanetse go ntsha setlhabelo. Fa a ne a tlhophilwe gore a ye ntweng, o ne a ka kgona jang go tila go dira maikano le go tsaya karolo mo ditirelong tsa bosole?”—La vie quotidienne des premiers chrétiens (95-197) (Botshelo jwa Letsatsi le Letsatsi mo Bakereseteng ba Pele, 95-197 C.E.).
Ba Ne Ba Buiwa Bosula, Lefa Gone E Ne E Le Baagi Ba Ba Molemo
Mo e ka nnang ka bo60 kana ka 61 C.E., fa Paulo a ne a le mo Roma a emetse go atlholwa ke Mmusimogolo Nero, ditlhogo tsa Bajuda di ne tsa bua mabapi le Bakeresete ba pele ka go re: “Kaga lekōkō ye, goa itsiwe ke rona ha le nyadiwa ka ntlha cotlhe.” (Ditihō 28:22) Rekoto ya hisitori e tlatsa ntlha eno ya gore Bakeresete ba ne ba buiwa maswe—lefa gone ba ne ba sena molato. Mo bukeng ya gagwe The Rise of Christianity, E. W. Barnes o tlhalosa jaana: “Mo dikwalong tsa semolao, mokgatlho wa Bokeresete o tlhalosiwa jaaka o o saleng o na le maitsholo a mantle le o o bolokang molao go tswa fela kwa tshimologong. Maloko a one a ne a batla gore a nne baagi ba ba molemo le ba ba ikanyegang. Ba ne ba tila dilo tse di phoso tse di makgapha tsa boheitane. Ba ne ba batla gore mo botshelong jwa bone ba nne baagisani ba ba nang le kagiso le go nna ditsala tse di ikanyegang. Ba ne ba rutilwe gore ba nne masisi le go nna tekatekano, ba nne dinatla le go tshela botshelo jo bo phepa. Lefa gone ba ne ba tshela gareng ga batho ba ba maitsholo a a maswe le a a repileng, ba ne ba ikanyega le go nna boammaaruri ka ntlha ya gore ba ne ba boloka melaometheo ya bone. Boitshwaro jwa bone jwa go tlhakanela dikobo bo ne bo le kwa godimo: ba ne ba tlotla dikgolagano tsa bone tsa lenyalo le botshelo jwa lelapa bo ne bo le phepa. Ereka ba ne ba na le maitsholo a a ntseng jalo, motho o ne a ka akanya gore ba tshwanetse ba bo ba ne ba se baagi ba ba dingalo. Lefa go ntse jalo, ba ne ba nyadiwa, ba buiwa bosula ebile ba ilwa ka lobaka lo loleele.”
Fela jaaka lefatshe la bogologolo le ne le sa tlhaloganye Jesu, ga le a ka la tlhaloganya Bakeresete mme le ne la ba tlhoa ka ntlha ya seo. Ereka ba ne ba gana go obamela mmusimogolo le medimo ya boheitane, ba ne ba latofadiwa go re ke batsuolodi. Fa go ne go ka direga sengwe se se maswe, ba ne ba pegwa molato wa gore ke bone ba galefisitseng medimo. Ka ntlha ya go re ba ne ba sa tsenelele metshameko ya boitsholo jo bo maswe kana metshameko ya mo mabaleng ya boralosoledirwang, ba ne ba tsewa jaaka ba ba sa batleng go itsalanya le ba bangwe, le gore e ne e le ‘bao ba sa rateng batho.’ Baba ba bone ba ne ba bolela go re malapa a bone a ne a thubiwa ke “lekoko” leno la Bokeresete le gore le ne le reketlisa dithapo tsa bokopanommogo. Tertullian o bolela ka banna ba baheitane ba ba neng ba bona go le botoka go re basadi ba bone ba dire boaka go na le go re e nne Bakeresete.
Bakeresete ba ne ba tshwaiwa diphoso ka ntlha ya gore ba ne ba le kgatlhanong le go senya mpa, e leng mokgwa o o neng o dirwa ke batho ba le bantsi ka nako eo. Lefa go ntse jalo, baba ba bone ba ne ba ba latofatsa go re ba bolaya bana. Ba ne ba patelediwa ka gore ba ne ba nwa madi a bana ba ba neng ba ntshiwa ditlhabelo kwa dikokoanong tsa bone. Baba ba bone e ntse e le bone gape, ba ne ba leka go ba pateletsa go re ba je dinama tse di nang le madi, ba ntse ba itse go re seno se ne se le kgatlhanong le digakolodi tsa bone. Ka jalo, ditatofatso tsa baganetsi bano di ne di ikganetsa.—Tertullian, Apology, kgaolo 9.
Ba Ne Ba Nyadiwa gore ke Lekoko Le Le Gorogang Maabane
Raditiragalo Kenneth Scott Latourette o ne a kwala jaana: “Gape, dilo tse dingwe gape tseo Bakeresete ba neng ba latofadiwa ka tsone e ne e le go kgobiwa ka tshimologo ya bone ya bosheng gape ba tshwantshanngwa le ditumelo tsa bogologolo tse di neng di gaisana le bone [ditumelo tsa boheitane tsa Sejuda le tsa Bagerika le Baroma].” (A History of the Expansion of Christianity, Bolumo 1, tsebe 131) Kwa tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., raditiragalo wa Moroma Suetonius o ne a bitsa Bokeresete a re ke “tumelobotlhodi e e gorogang maabane e e tenang.” Tertullian o tlatsa kgang e ka gore leina fela Bokeresete le ne le ilwa le gore Bakeresete e ne e le lekoko le le ilwang. Robert M. Grant o ne a kwala jaana fa a ne a bua ka tsela eo babusi ba Mmusomogolo wa Roma ba neng ba leba Bakeresete ka teng mo lekgolong la bobedi la dingwaga: “Lantlhantlha Bokeresete bo ne bo lebiwa jaaka tumelonyana fela e e seng botlhokwa, e e ka tswang e le kotsi.”—Early Christianity and Society.
Ba Ne Ba Latofalediwa gore Ba Gapela Batho mo Tumelong ya Bone ka Dikgoka
Mo bukeng ya gagwe Les premiers siècles de l’Eglise (Makgolo a Ntlha a Dingwaga a Kereke), porofesara wa yunibesiti ya Sorbonne ebong Jean Bernardi o ne a kwala jaana: “[Bakeresete] ba ne ba tshwanetse go tswela gongwe le gongwe go ya go bua le mongwe le mongwe. Mo mebileng e megolo le mo metsemegolong, mo dipatlelong tsa botlhe le mo magaeng. Go sa kgathalesege gore a ba ne ba ba tshola kana ba sa ba tshole. Ba ne ba ya kwa bahumaneging le kwa bahuming ba ba tshwerweng ke dikhumo tsa bone. Ba ya kwa bathong fela le kwa babusing ba dikgaolo tsa Roma . . . Ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tseye loeto ka dipalangwa, ka dikepe go ya kwa bofelelong jwa lefatshe.”
A ba ile ba dira seno? Eleruri ba ne ba dira jalo. Porofesara Léon Homo o tlhalosa gore Bakeresete ba pele ba ne ba lejwa ka tsela e e sa siamang ka ntlha ya “mokgwa wa bone wa maemo a a kwa godimo wa go gapela batho mo tumelong ya bone.” Porofesara Latourette o bolela gore fa Bajuda bone ba ne ba kgobega marapo mo go gapeleng batho mo tumelong ya bone, “kafa letlhakoreng le lengwe, Bakeresete e ne e le barongwa ba ba gapang batho ka dikgoka mme ka jalo ba dira gore batho ba shakgale.”
Ka nako ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., ramatlhale wa Moroma ebong Celsus o ne a tshwaya diphoso mokgwa o Bakeresete ba neng ba rera ka one. O ne a bolela gore Bokeresete e ne e le jwa batho ba ba sa rutegang le gore bo ne bo ka ‘fetola fela megopolo ya batho ba ba dieleele, malata, basadi, le bana ba bannye.’ O ne a latofatsa Bakeresete gore ba ne ba dira “batho ba ba dumelang sengwe le sengwe” gore ba dumele thuto ya bone, ba ba dira go re ba “dumele fela kwantle ga mabaka.” O ne a bolela go re ba ne ba bolelela barutwa ba bone ba basha ba re: “Lo seka lwa botsa dipotso; dumelang fela.” Lefa go ntse jalo, go ya ka Origen a re, Celsus ene ka boene o ne a dumela gore “e ne e se fela batho ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba gapiwa ke thuto ya ga Jesu gore ba amogele bodumedi jwa Gagwe.”
E Ne E Se Batho ba Makoko
Bakeresete ba pele ba ne ba nna ba tshwaiwa diphoso fela ka ntlha ya gore ba ne ba bolela fa ba tshwere boammaaruri jwa Modimo o o nosi wa boammaaruri. E ne e se batho ba makoko, kana ba botlhakanelatumelo. Latourette o ne a kwala jaana: “Phapaanong le seo ditumelo tsa nako eo di neng di se dira [Bakeresete] ba ne ba se botsalano le dikereke tse dingwe. . . . Ka go sa tshwane le madumedi a a tsayang gore mekgwa e e dirisiwang ke madumedi a mangwe a sele e ntse e siame fela, bone ba bolela gore ke bone fela ba buang boammaaruri.”
Ka 202 C.E. Mmusimogolo ebong Septimius Severus
o ne a ntsha molao o o neng o thibela Bakeresete gore ba se ka ba tlhola ba gapela batho mo tumelong ya bone. Lefa go ntse jalo, seno ga se a ka sa ba dira gore ba seka ba tlhola ba supa kaga tumelo ya bone. Latourette o tlhalosa matswela a seno ka go re: “Ka ntlha ya go gana ga [Bakeresete ba pele] go ineela mo dilong tsa boheitane tse di neng di dirwa ka nako eo le dingwao tse dintsi tsa go kopana mmogo, maitsholo a a siameng a ba neng ba na le one a ne a ba dira gore ba nne mokgatlho o o seoposengwe o o neng wa dira gore batho ba nne kgatlhanong le bone. Lefa gone batho ba ne ba ikgaogantse le bone, seno se ne sa dira gore tumelo ya balatedi ba bone e ba neye maatla a go emelana le dipogiso le go nna matlhagatlhaga mo tirong ya bone ya go gapa batho.”Ka jalo, rekoto ya hisitori e phepafetse. Gantsi Bakeresete ba pele, ereka ba ne ba batla go nna baagi ba ba molemo, le go tshela ka kagiso le batho botlhe ba ile ba gana go ‘nna karolo ya lefatshe.’ (Yohane 15:19) Ba ne ba tlotla babusi ba bone. Mme lefa go ntse jalo, fa Kaesare a ne a ba thibela go rera, go ne go sena ka tsela e nngwe mme ba ne ba tshwanetse fela ke gore ba rere. Ba ne ba leka go tshedisana le batho botlhe ka kagiso mme lefa go ntse jalo, ba ne ba gana go itshwara jaaka bone le go obamela medimo ya bone ya disetwa ya boheitane. Ka ntlha ya go gana go dira dilo tseno tsotlhe, ba ne ba nyadiwa, ba buiwa bosula, ba tlhoiwa, le go bogisiwa, fela jaaka Keresete a ne a bolelela pele gore go tla nna jalo.—Yohane 16:33.
A go ikgaoganya ga bone le lefatshe go ile ga nna ga tswelela? Kana fa nako e ntse e tsamaya, bao ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba fetola megopolo ya bone mo kgannyeng eno?
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
“Go nna Mokeresete go ne go tlisetsa motho mathata letsatsi le letsatsi; mme o ne a nna a tlhobaela”
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Bokeresete [bo ne jwa] kgobiwa ka gore bo tla maabane mme gape jwa tshwantshanngwa . . . le ditumelo tsa bogologolo tse di neng di gaisana le jone”
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Ereka Bakeresete ba ne ba gana go obamela mmusimogolo wa Roma le medimo ya boheitane, ba ne ba latofadiwa gore ke balatolamodimo
[Motswedi wa Setshwantsho]
Museo della Civiltà Romana, Roma
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itsege jaaka bareri ba ba dinatla ba molaetsa wa Bogosi
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover: Alinari/Art Resource, N.Y.