Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete le Setšhaba sa Batho Gompieno

Bakeresete le Setšhaba sa Batho Gompieno

Bakeresete le Setšhaba sa Batho Gompieno

“Lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me.”—MATHAIO 24:9.

1. Bokeresete bo ne bo tla tlhaolwa ka letshwao lefe?

GO IKGAOGANYA le lefatshe e ne e le letshwao le le tlhaolang Bakeresete ba bogologolo. Fa a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo ebong Jehofa, Keresete o ne a bolela jaana kaga barutwa ba gagwe: “Ke ba neile lehoko ya gago; me lehatshe ya ba ila, ka go bo ba se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:14) Fa a ne a bileditswe fa pele ga ga Ponto Pilato, Jesu o ne a bolela jaana: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.” (Yohane 18:36) Go kgaogana ga Bokeresete jwa pelepele le lefatshe go supelwa ke Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika le ke borahisitori.

2. (a) A fa nako e ntse e ya tsela e balatedi ba ga Jesu ba neng ba amana ka yone le lefatshe e ne e tla fetoga? (b) A Bogosi jwa ga Jesu bo ne bo tla tla ka go sokologa ga merafe?

2 A moragonyana Jesu o ne a senola gore tsela e balatedi ba gagwe ba neng ba amana ka yone le lefatshe e ne e tla fetoga le gore Bogosi jwa gagwe bo ne bo tla tla fa lefatshe le sena go sokologela mo Bokereseteng? Nnyaa. Mafoko a balatedi ba gagwe ba neng ba tlhotlhelediwa gore ba a kwale morago ga loso lwa ga Jesu ga a umake lefa e le sepe sa go nna jalo. (Yakobe 4:4 [e e kwadilweng pelenyana fela ga 62 C.E.]; 1 Yohane 2:15-17; 5:19 [e e kwadilweng mo e ka nnang ka 98 C.E.]) Go fapaana le seo, Bibela e tsaya “go nna gone” ga ga Jesu le “go tla” ga gagwe mo go tla latelang a le mo thateng ya Bogosi e go amanya le ‘go fela ga tsamaiso eno ya dilo,’ e e tla felelang ka “bokhutlō” jwa yone, kana go senngwa ga yone. (Mathaio 24:3, 14, 29, 30; Daniele 2:44; 7:13, 14) Mo sesupong se Jesu a neng a se neela malebana le pa·rou·siʹa ya gagwe, kana go nna gone ga gagwe, o ne a bolela jaana kaga balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Ke gōna ba tla lo tsenyañ mo dipitleñ, me ba lo bolaea: me lo tla ilwa ke merahe eotlhe ka ntlha ea leina ya me.”—Mathaio 24:9.

Bakeresete ba Boammaaruri Gompieno

3, 4. (a) Saetlopedia nngwe ya Katoliki e tlhalosa Bakeresete ba bogologolo jang? (b) Basupi ba ga Jehofa le Bakeresete ba bogologolo ba tlhalosiwa ka mafoko afe a a tshwanang?

3 Ke setlhopha sefe sa bodumedi gompieno se se ileng sa itirela leina la gore se ikanyega mo melaometheong ya Bokeresete ebile se ikgaogantse le lefatshe leno, maloko a sone a ilwa ebile a bogisiwa? Gone ke phuthego efe ya Bokeresete e e mo lefatsheng lotlhe e e dumelanang mo dilong tsotlhe le ditlhaloso tse di mo hisitoring kaga Bakeresete ba bogologolo? New Catholic Encyclopedia e bolela jaana kaga bone: “Le mororo setlhopha sa bogologolo sa Bakeresete la ntlha se ne se lejwa e le lekoko fela mo gare ga Bajuda, se ne sa itshupa se sa tshwane le sepe se sele ka dithuto tsa sone tsa bomodimo, mme bogolo jang ka tlhagafalo ya maloko a sone, ao a neng a direla jaaka basupi ba ga Keresete ‘mo lefatshing lotlhe la Judea le Samaria le go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe’ (Ditiro 1.8 [Ditihō 1:8]).”—Bolumo 3, tsebe 694.

4 Ela tlhoko mafoko a a reng “se lejwa e le lekoko fela,” “se sa tshwane le sepe se sele ka dithuto tsa sone,” “tlhagafalo . . . jaaka basupi.” Mme jaanong bona kafa yone saetlopedia eo e tlhalosang Basupi ba ga Jehofa ka gone: “Lekoko . . . Basupi ba dumela ka mo go feletseng gore bokhutlo jwa lefatshe bo tla tla mo dingwageng di sekae fela tse di tlang. Go lebega tumelo eno e e nonofileng e le yone selo se segolo se se ba tlhotlheletsang gore ba tlhagafale jaana ba sa lape. . . . Selo sa konokono se leloko lengwe le lengwe la lekoko leno se tshwanetseng go se dira ke go neela bosupi kaga Jehofa ka go itsise kaga Bogosi jwa Gagwe jo bo tlang. . . . Ba leba Bibela e le yone fela e ka ba neelang se ba ka se dumelang le kaelo ya kafa ba ka itshwarang ka gone . . . Gore motho a nne Mosupi wa boammaaruri o tshwanetse gore ka mokgwa mongwe a rera ka tsela e e nang le matswela.”—Bolumo 7, ditsebe 864-5.

5. (a) Dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di farologane ka ditsela dife le tsa batho ba bangwe? (b) Neela dikai tse di supang gore dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang di dumelana le Dikwalo.

5 Dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di farologane le tse dingwe tsotlhe ka ditsela dife? New Catholic Encyclopedia e umaka di sekae tsa tsone: “[Basupi ba ga Jehofa] ba kgala Tharonngwe jaaka thuto ya boheitane . . . Ba leba Jesu e le Mosupi wa ga Jehofa yo mogolo go ba gaisa botlhe, ‘modimo’ (ba ranola jalo Johane 1.1 [Yohane 1:1]), yo o sa fetweng ke ope ka maemo fa e se Jehofa fela. . . . O sule e le motho mme a tsosiwa e le Morwa wa moya o o sa sweng. O ne a tshwanelwa ke go ralala Dipogiso le go bolawa gore a tle a kgone go busetsa batho tshwanelo ya bone ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Eleruri, ‘boidiidi jo bogolo’ (Ap 7.9 [Tshen. 7:9]) jwa Basupi ba boammaaruri ba solofetse Paradaise ya mo lefatsheng; mme ba ba 144 000 ba ba ikanyegang (Ap 7.4; 14.1, 4 [Tshen. 7:4; 14:1, 4]) ke bone fela ba ka nnang mo kgalalelong ya selegodimo le Keresete. Baikepi ba tla senngwa gotlhelele. . . . Kolobetso—eo Basupi ba e dirang ka go ina motho gotlhelele mo metsing . . . [ke] sesupo sa kafa ntle sa boineelo jwa bone go direla Jehofa Modimo. . . . Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go itsege thata ka ntlha ya go gana go tshelwa madi . . . Boitsholo jwa bone jwa lenyalo le tlhakanelodikobo bo gagametse tota.” Basupi ba ga Jehofa ba ka tswa ba sa tshwane le ope mo dintlheng tseno, mme lefa go ntse jalo tsela e ba lebang dilo tseno tsotlhe ka yone e theilwe gotlhelele mo Bibeleng.—Pesalema 37:29; Mathaio 3:16; 6:10; Ditihō 15:28, 29; Baroma 6:23; 1 Bakorintha 6:9, 10; 8:6; Tshenolō 1:5.

6. Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tshegeditse boikutlo bofe? Ka ntlha yang?

6 Buka eno ya Roma Katoliki e oketsa ka go re ka 1965 (eleng ngwaga o go lebegang setlhogo seno se kwadilwe ka one) “Basupi ba ne ba ise ba itseye e le karolo ya setšhaba se ba neng ba tshela le sone.” Go lebega gore mokwadi yono o ne a akanya gore fa nako e ntse e ya le Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba ntsifala mme ba simolola “go nna jaaka kereke go na le go nna lekoko,” ba ne ba tla nna karolo ya lefatshe leno. Mme lefa go ntse jalo ga go a ka ga nna jalo. Gompieno Basupi ba ga Jehofa, ba palo ya bone e fetang ka 1965 go menagane gane, ba ntse ba tshegeditse boemo jwa bone ka tsela e e tshwanang malebana le lefatshe leno. “Ga se ba lehatshe,” jaaka Jesu e ne e “se oa lehatshe.”—Yohane 17:16.

Ba Ikgaogantse mme Ga Ba Na Letlhoo

7, 8. Jaaka go ne go ntse ka Bakeresete ba bogologolo, go ntse jang ka Basupi ba ga Jehofa gompieno?

7 Robert M. Grant o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya Early Christianity and Society a nopola mafoko a molwelatumelo wa lekgolo la ntlha la dingwaga Justin Martyr a neng a a bua a buelela Bakeresete ba bogologolo: “Fa Bakeresete e ne e le batho ba ba lwelang diphetogo ba ka bo ba iphitlha gore ba diragatse mokgele wa bone. . . . Ke ditsala tsa mmusimogolo tse ditona mo tseleng ya go batla kagiso le thulaganyo.” Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe e le baagi ba ba ratang kagiso le thulaganyo. Dipuso tsa mofuta lefa e ka nna ope fela, di itse gore ga go na sepe seo di ka se boifang mo Basuping ba ga Jehofa.

8 Mokwadi mongwe wa kwa Amerika Bokone yo o kwalang maikutlo a bagatisi o ne a kwala jaana: “Tota motho o tla bo a ganelela mo megopolong ya gagwe ka bogatlapa fa a ka dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba tshosetsa ka gope lekoko lepe fela la bopolotiki; ga ba rate go senya ebile ba rata kagiso fela jaaka setlhopha sa bodumedi se ka nna.” Mo bukeng ya gagwe ya L’objection de conscience (Go Gana Ka Ntlha ya Segakolodi), Jean-Pierre Cattelain o kwadile jaana: “Basupi ba ineela gotlhelele mo babusing mme ka kakaretso ba utlwa molao; ba duela makgetho mme ga ba leke go ganetsa, go fetola, kana go senya dipuso, ka gonne ga ba itsenye mo dikgannyeng tsa lefatshe leno.” Cattelain o oketsa ka go re fa Puso e batla matshelo a bone, tseo ba di neetseng gotlhelele go Modimo, ke gone fela Basupi ba ga Jehofa ba ganang go utlwa. Ba tshwana thata le Bakeresete ba bogologolo mo kgannyeng eno.—Mareko 12:17; Ditihō 5:29.

Ga Ba Tlhaloganngwe Sentle Ke Ditlhopha tsa Babusi

9. Malebana le go ikgaoganya le lefatshe, ke pharologanyo efe ya konokono e e leng teng fa gare ga Bakeresete ba bogologolo le Bakatoliki ba gompieno?

9 Bontsi jwa babusi ba Roma ba ne ba sa tlhaloganye Bakeresete ba bogologolo mme ba ba bogisa. The Epistle to Diognetus, e bangwe ba akanyang gore e sale e nna gone go tloga ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., fa e bontsha gore ke ka ntlha yang fa go ntse jalo e bolela jaana: “Bakeresete ba agile mo lefatsheng, mme lefa go ntse jalo ga ba amane le lefatshe.” Kafa letlhakoreng le lengwe, Khansele ya Bobedi ya Vatican, mo Molaotheong wa yone wa Melao ya Kereke, e ne ya bolela gore Bakatoliki ba tshwanetse go “batla bogosi jwa Modimo ka go tsenelela mo dikgannyeng tsa lefatshe” le gore ba “leke go dira gore lefatshe le itshepisiwe ka go dira mo teng ga lone.”

10. (a) Ditlhopha tsa babusi di ne di leba jang Bakeresete ba bogologolo? (b) Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba lebiwa jang, mme ba itshwara jang?

10 Rahisitori E. G. Hardy o bolela gore babusi ba Roma ba ne ba leba Bakeresete ba pele e le “batho ba ka tsela nngwe ba neng ba tlhagafetse mo go tenang.” Rahisitori wa Mofora ebong Étienne Trocmé o bua kaga “tsela eo Bagerika ba ba rutegileng le batlhankedi ba Baroma ba neng ba sa rate ka gone setlhopha sa batho ba ba neng ba ba leba jaaka lekoko le le sa tlwaelegang la Botlhaba [Bakeresete].” Dikwalo tse di neng di kwalelanwa ke Pliny yo Mmotlana, mmusi wa Roma wa kwa Bithynia, le Mmusimogolo wa Trajan di bontsha gore ditlhopha tse di busang ka kakaretso di ne di sa itse gore totatota Bakeresete e ne e le batho ba mofuta mang. Ka mo go tshwanang le gompieno, Basupi ba ga Jehofa gantsi ga ba tlhaloganngwe ebile ba nyadiwa ke ditlhopha tsa babusi ba lefatshe. Lefa go ntse jalo, seno ga se gakgamatse Basupi lefa e le go ba kgoba marapo.—Ditihō 4:13; 1 Petere 4:12, 13.

“Le Nyadiwa ka Ntlha Cotlhe”

11. (a) Go ile ga bolelwa dilo dife kaga Bakeresete ba bogologolo, mme go ile ga tweng kaga Basupi ba ga Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa nne le seabe mo dipolotiking?

11 Go ne ga bolelwa jaana kaga Bakeresete ba bogologolo: “Lekōkō ye, goa itsiwe ke rona ha le nyadiwa ka ntlha cotlhe.” (Ditihō 28:22) Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., Celsus wa moheitane o ne a bolela gore Bokeresete bo ne bo ikuela mo bathong ba ba senang mosola fela mo setšhabeng. Ka tsela e e tshwanang go ile ga bolelwa gore Basupi ba ga Jehofa “thatathata ba tswa mo bathong ba ba sotlegang ba setšhaba sa rona.” Rahisitori wa kereke Augustus Neander o ne a bega gore “Bakeresete ba ne ba lejwa e le batho ba ba suleng mo lefatsheng, ebile ba sena mosola mo ditirong tsotlhe tsa botshelo; . . . mme go ne ga bodiwa jaana, go ne go ka direga eng ka botshelo, fa batho botlhe ba ne ba ntse jaaka bone?” Ereka Basupi ba ga Jehofa ba ikeha mo go nneng le seabe mo dipolotiking, le bone gantsi ba latofadiwa ka gore ga ba na mosola mo setšhabeng. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba ka tlhagafala jang mo bopolotiking mme ka nako e e tshwanang ba buelela Bogosi jwa Modimo gore ke jone fela tsholofelo ya batho? Basupi ba ga Jehofa ba tsaya mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo tsia: “U tlhakanèlè bothata le nna, yaka motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu. Ga go motlhabani opè eo o reñ a le mo ntweñ a be a itlhakatlhakantse le dilō tsa botshelō yono; e be e le gore a kgatlhè èna eo o mo kwadileñ motlhabani.”—2 Timotheo 2:3, 4.

12. Basupi ba ga Jehofa ba tshwana le Bakeresete ba bogologolo ka ntlha efe ya botlhokwa malebana le go ikgaoganya?

12 Mo bukeng ya gagwe ya A History of Christianity, Moporofesa K. S. Latourette o kwala jaana: “Nngwe ya dikgang tseo Bakeresete ba pele ba neng ba farologane mo go tsone le lefatshe la Bagerika le Baroma e ne e le go nna le seabe mo ntweng. Mo makgolong a ntlha a mararo a dingwaga ga go na mokwalo ope wa Bokeresete o o santseng o le teng go fitlha jaanong o o neng o letla gore Bakeresete ba nne le seabe mo ntweng.” Buka ya ga Edward Gibbon ya The History of the Decline and Fall of the Roman Empire e bolela jaana: “Go ne go ka se kgonege gore Bakeresete ba tseye maemo a go nna masole, bommagiseterata, kana dikgosana mme ba sa latlhe tiro e e boitshepo go feta tseo.” Ka tsela e e tshwanang, le gompieno Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore gotlhelele mme ba latela melaometheo ya Bibela e e kwadilweng mo go Isaia 2:2-4 le Mathaio 26:52.

13. Basupi ba ga Jehofa ba latofadiwa ka eng, mme boammaaruri bo bontsha eng?

13 Baba ba Basupi ba ga Jehofa ba ba latofatsa ka go re ba thuba malapa. Ke boammaaruri malapa mangwe a a tle a kgaogane fa leloko le le lengwe kana go feta foo ba nna Basupi ba ga Jehofa. Jesu o boleletse pele gore seno se ne se tla diragala. (Luke 12:51-53) Lefa go ntse jalo, dipalo di bontsha gore manyalo a a thubegang ka lebaka leno a a balwa. Ka sekai, mo gare ga Basupi ba ga Jehofa kwa Fora, mo ditlhopheng tse 3 tsa banyalani se le 1 se na le molekane yo e seng Mosupi. Lefa go ntse jalo, dipalo tsa batho ba ba tlhalanang mo manyalong a molekane mongwe e leng Mosupi yo mongwe e se ene ga di fete kakaretso ya morafe otlhe. Ka ntlha yang? Moaposetoloi Paulo le Moaposetoloi Petere ba neetse kgakololo e e botlhale e e tlhotlheleditsweng go Bakeresete ba ba nyetseng balekane ba ba sa dumeleng, mme Basupi ba ga Jehofa ba leka go sala mafoko a bone morago. (1 Bakorintha 7:12-16; 1 Petere 3:1-4) Fa lenyalo le a le mongwe e leng Mosupi le thubega, mo e ka nnang ka makgetlo otlhe go a bo go simolotse molekane yo e seng Mosupi. Kafa letlhakoreng le lengwe, manyalo a le diketekete a ile a falola ka gonne balekane ba lenyalo ba fetogile Basupi ba ga Jehofa mme ba simolotse go diragatsa melaometheo ya Bibela mo matshelong a bone.

Bakeresete, Eseng Batharonngwe

14. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba latofadiwa ka eng, mme ke ka ntlha yang fa seno se gakgamatsa?

14 Go a gakgamatsa gore mo Mmusong wa Roma, nngwe ya ditatofatso tseo di neng di pegwa Bakeresete ba bogologolo e ne e le gore e ne e le balatolamodimo. Dr. Augustus Neander o kwala jaana: “Batho ba ba ganang medimo, balatolamodimo, . . . e ne e le leina leo go neng go tlwaelegile gore batho ba bitse Bakeresete ka lone.” Abo go gakgamatsa jang ne gore Bakeresete, ba ba neng ba obamela Mmopi yo o tshelang mme eseng medimo e mentsi, ba bidiwe balatolamodimo ke baheitane ba ba neng ba obamela seo e neng “e se medimo ea sepè, ha e se tihō ea diatla tsa batho hèla, dikgoñ le mayè.”—Isaia 37:19.

15, 16. (a) Batho bangwe ba bodumedi ba ile ba reng kaga Basupi ba ga Jehofa, mme lefa go ntse jalo seno se tsosa potso efe? (b) Ke eng se se bontshang gore eleruri Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete?

15 Go gakgamatsa fela jalo go bo gompieno bagogi bangwe ba Labokeresete ba ganetsa gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete. Ka ntlha yang? Ka gonne Basupi ba gana Tharonngwe. Go ya ka tlhaloso e e phoso ya Labokeresete, “Bakeresete ke batho ba ba amogelang gore Keresete ke Modimo.” Phapaanong le seno, bukantswe nngwe ya segompieno e tlhalosa lefoko “Mokeresete” e le “motho yo o dumelang mo go Jesu Keresete mme a latela dithuto tsa gagwe” mme “Bokeresete” e le “bodumedi jo bo thailweng mo dithutong tsa ga Jesu Keresete le mo tumelong ya gore e ne e le morwa Modimo.” Ke setlhopha sefe se se tshwanelwang thata ke tlhaloso eno?

16 Basupi ba ga Jehofa ba amogela tsela e Jesu ka boene a neng a itlhalosa ka yone gore ke mang. O ne a bolela jaana: “Ke Morwa Modimo,” eseng, “Ke Modimo Morwa.” (Yohane 10:36; bapisa Yohane 20:31.) Ba amogela mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Paulo malebana le Keresete: “Eo e rileñ a le mo chwanoñ ea Modimo, a se ka a kaea ha go lekana le Modimo e le se se ka huparèlwañ.” * (Bafilipi 2:6, The New Jerusalem Bible) Buka ya The Paganism in Our Christianity e bolela jaana: “Jesu Keresete ga a ise a ko a umake sengwe se se ntseng jalo [Tharonngwe ya batho ba ba lekanang], mme ga go na gope koo Tesetamente e Ntšha e dirisang lefoko ‘Tharonngwe’ gone. Kereke e ne ya simolola go nna le kgopolo eno makgolo a le mararo a dingwaga fela morago ga loso lwa Morena wa rona; mme kgopolo eno e tswa gotlhelele mo boheitaneng.” Basupi ba ga Jehofa ba amogela thuto ya Bibela kaga Keresete. Ke Bakeresete, eseng Batharonngwe.

Ga Ba Tlhakanele Tumelo

17. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa inaakanye le tsamaiso ya tlhakanelotumelo?

17 Dilo tse dingwe tse pedi tse Basupi ba ga Jehofa ba ngongoregelwang ka tsone ke gore ba gana go nna le seabe mo tsamaisong ya tlhakanelotumelo ebile ba dira se go tweng ke “go gapa batho ka go gatelela.” Bakeresete ba bogologolo le bone ba ne ba latofadiwa ka dilo tseno ka bobedi. Labokeresete, le maloko a gagwe a Katoliki, Orthodox le Boporotesetanta, kwantle ga pelaelo, ke karolo ya lefatshe leno. Jaaka Jesu, Basupi ba ga Jehofa “ga se ba lehatshe.” (Yohane 17:14) Ba ne ba ka tsena jang mo mekgatlhong ya tlhakanelotumelo eo e neng e tla ba golaganya le mekgatlho ya bodumedi e e rotloetsang boitsholo le ditumelo tse e seng tsa Bokeresete?

18. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba ka se ke ba nyadiwe ka gonne ba bolela gore ke bone fela ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri? (b) Le mororo Baroma ba Katoliki ba dumela gore ba mo bodumeding jwa boammaaruri, ke eng se ba senang naso?

18 Ke mang yo o ka nnang le mabaka a a utlwalang a go nyatsa Basupi ba ga Jehofa ka go bo, fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, ba dumela gore ke bone fela ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri? Tota le yone Kereke ya Katoliki, lefa ka boitimokanyi e bolela gore e dirisana le mokgatlho wa tlhakanelotumelo, e bolela jaana: “Re dumela gore bodumedi jono jo bo esi jwa boammaaruri bo santse bo le teng mo Kerekeng ya Katoliki le ya Aposetolo, e Morena Jesu a e fileng tiro ya go bo anamisa mo gare ga batho botlhe fa a ne a raya baaposetoloi a re: ‘Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa.’” (Lekgotla la Vatican II, “Boipolelo jwa Kgololesego ya Bodumedi”) Lefa go ntse jalo, go bonala gore tumelo eo ga e a lekana go tlhotlheletsa Bakatoliki gore ba nne le tlhagafalo ba sa lape mo go direng barutwa.

19. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ititeile sehuba go dira eng, mme ka maitlhomo afe? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Basupi ba ga Jehofa ba na le tlhagafalo e e ntseng jalo. Ba iketleeditse go tswelela pele ba neela bosupi ka lobaka fela lo Modimo a batlang gore ba tswelele ka lone. (Mathaio 24:14) Ba neela bosupi ka tlhagafalo mme eseng ka go gatelela. Ba tlhotlhelediwa ke go rata moagisani, eseng ke go ila batho. Ba solofela gore go tla bolokwa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone. (1 Timotheo 4:16) Jaaka Bakeresete ba bogologolo, ba leka gore ba “nnè kagishō le batho botlhe.” (Baroma 12:18) Tsela e ba dirang seno ka yone e tla tlotliwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Go bona tlhaloso ya temana eno malebana le thuto ya Tharonngwe, bona The Watchtower, June 15, 1971, ditsebe 355-6.

Go Boeletsa

◻ Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itsiwe ka eng, mme Basupi ba ga Jehofa ba tshwana le bone jang?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba bontsha

ka ditsela dife gore ke baagedi ba ba molemo?

◻ Ditlhopha tsa babusi di ne di leba Bakeresete ba bogologolo jang, a mme go na le pharologanyo nngwe gompieno?

◻ Tumelo ya Basupi ya gore ba tshotse boammaaruri e ba tlhotlheletsa gore ba dire eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Basupi ba ga Jehofa ba ititeile sehuba gore ba tla tswelela pele ba neela bosupi fa fela Modimo a santse a batla gore ba dire jalo

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Pilato o ne a re: “Bōnañ, monna ke eo!”—Ene yo o neng a se karolo ya lefatshe.—Yohane 19:5

[Motswedi wa Setshwantsho]

“Ecce Homo” by A. Ciseri: Florence, Galleria d’Arte Moderna / Alinari/Art Resource, N.Y.