Beresheba—Koo Sediba Se Neng Se Kaya Botshelo
Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
Beresheba—Koo Sediba Se Neng Se Kaya Botshelo
“GO CWA Dana go ea Beresheba.” Ao ke mafoko a batho ba ba balang Bibela ba tlwaelaneng le one. A tlhalosa Iseraele yotlhe, go tswa Dana, gaufi le molelwane o o kwa bokone, go ya Beresheba, kwa borwa. Kagiso ya puso ya ga Solomone e ne ya tshwantshiwa jaana: “Ba Yuda le ba Iseraela ba ne ba agile ka thagamō, moñwe le moñwe ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè, go cwa Dana go ea Beresheba, ka metlha eotlhe ea ga Solomone.”—1 Dikgosi 4:25; Baatlhodi 20:1.
Lefa go ntse jalo, dipharologanyo fa gare ga Dana le Beresheba di ne di sa akaretse sekgala se se fa gare ga tsone fela. Ka sekai, kwa Dana go ne go na le pula e e lekaneng; metse a ne a elela go tswa mo lefatsheng a bo a nna mongwe wa metswedi ya Noka ya Joredane, jaaka go bonwa mo setshwantshong kafa mojeng. Abo Beresheba a ne a farologane jang ne, ka gonne o ne a le mo lefelong le le omeletseng, fa gare ga lotshitshi lwa lewatle le letlhakore le le kwa borwa la Lewatle le le Suleng.
Mo tikologong ya Beresheba, pula eo e neng e na ngwaga le ngwaga e ne e le ya selekanyo sa go tloga go dimilimitara di le 150 go ya go di le 200 fela. Ka kitso eo, ela tlhoko setshwantsho se se fa godimo sa totoma kana marope a Beresheba. * Botala jo o bo bonang bo kaya gore setshwantsho seno se ne sa tsewa morago ga dipula tse e seng tsa sepe tsa mariga, fa masimo a a gaufi le Beresheba a ne a nna matala ka nakwana. Dipoa tse di fa gaufi di ne di siametse dijalo tsa dithoro—ebile di santse di di siametse le gompieno.
Ereka lefelo leno le ne le omeletse, dipego tsa Bibela kaga Beresheba di gatelela dintlha kaga didiba le ditshwanelo kaga metsi. Motse ono o ne o le gaufi le ditsela kana ditselana tsa batho ba ba neng ba tsamaya ka ditlhopha ba kgabaganya naga ya sekaka go ya ntlheng ya borwa. Jaaka fa o ka akanya, batsamai ba ba fetang kana ba ba emang fano ba ne ba ka tlhoka metsi a ba ka a dirisang mmogo le diphologolo tsa bone. Metse ao a ne a sa tswenetswene mo mmung, jaaka kwa Dana, mme a ne a ka giwa mo didibeng. Ebile tota, lefoko la Sehebera la beʼerʹ le ne le kaya mosima kana lehuti le le epilweng go gopa metse a a kafa tlase ga mmu. Lefoko Beresheba le kaya “Sediba sa Ikano” kana, “Sediba sa Ba Le Supa.”
Aberahame le lelapa la gagwe ba ntse lobaka lo loleele mo Beresheba le mo tikologong ya yone, mme ba ne ba itse kafa didiba di leng botlhokwa ka gone. Fa lelata la ga Sara la mosadi eleng Hagare le ne le tshabela kwa nageng, le ka nna la bo le ne le ikantse go ga metse mo didibeng kana mo bathong ba MaBedouin ba ba neng ba di dirisa—jaaka mosadi wa MoBedouin yo o mo tsebeng e e latelang, kwa godimo, yo o bonwang a ga metse mo sedibeng gaufi le Sekasetlhake sa Sinai. Fa moragonyana Genesise 21:19.
Aberahame a ne a tshwanelwa ke go koba Hagare le morwawe yo o ditlhapa, Aberahame o ne a nna pelontle mme a mo fa metse ao a neng a tla tsamaya ka one. Go ne ga diregang fa metse ao a fela? “Me Modimo oa budulola matlhō a gagwè me a bōna sediba sa metse, a ea a gèlèla sepakō, a nosa mosimane.”—Aberahame o ne a tsaya kae metse a go tlatsa sepako sa ga Hagare sa metse? Gongwe mo sedibeng se a neng a se epile, se a neng a tlhoma setlhare sa motamariseka gaufi le sone. (Genesise 21:25-33) Go ka nna ga twe borasaense jaanong ba bona gore ke ka ntlha yang fa go ne go tshwanela gore Aberahame a tlhophe setlhare sa motamariseka, ka gonne setlhare seno se na le matlhare a mannye ao a nyang metsi a mannye fela, ka gone se ka tshela sentle fela lefa se le mo lefelong leno le le omeletseng.—Bona setshwantsho se se fa tlase fano.
Go epa sediba ga ga Aberahame go ne ga umakiwa malebana le kgotlhang fa gare ga gagwe le kgosi ya Mofilisitia. Sediba e ne e le sengwe sa botlhokwa go nna le sone ka ntlha ya letlhoko la metsi le tiro e e neng e tlhokega go epa sediba se se boteng. Ebile tota, ka nako eo go dirisa sediba o sa letlelelwa e ne e le go tlola melao ya ditshwanelo tsa batho le dithoto tsa bone.—Bapisa Dipalō 20:17, 19.
Fa o etela Marope a Beresheba, o ka kgona go okomela sediba sengwe se se boteng se se mo mokgokoloseng o o kafa borwabotlhaba. Ga go na ope yo o itseng gore go ne ga epiwa leng mo lentsweng leno le le thata mme karolo ya lone e e kwa godimo (e e ka bonwang fa tlase fano) ya thatafadiwa ka matlapa. Baithutamarope ba gompieno ba ne ba se epolola dimitara di le 30 go ya kwa tlase mme ba sa fitlhe kwa boalong jwa sone. Mongwe wa bone o ne a re: “Motho o raelesega go swetsa ka go re sediba seno e ne e le . . . ‘Sediba sa Ikano’ koo Aberahame le Abimeleke ba neng ba dira kgolagano gone.”—Biblical Archaeology Review.
Go bonala sentle gore Beresheba e ne ya gola moragonyana mo metlheng ya Bibela, ya nna motse o o sireleditsweng o o nang le kgoro e kgolo. Mme lefa go ntse jalo selo sa konokono seo se neng sa thusa gore e tswelele pele e le gone e bo e atlege e ne e le metse a botlhokwa ao a neng a tswa mo sedibeng sa one se se boteng.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 5 Go bona setshwantsho se segolwane sa Marope a Beresheba, bona 1993 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.