Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gatisa Dibuka tsa Bibela ka Nako ya fa Tiro E Ne E Thibetswe

Go Gatisa Dibuka tsa Bibela ka Nako ya fa Tiro E Ne E Thibetswe

Go Gatisa Dibuka tsa Bibela ka Nako ya fa Tiro E Ne E Thibetswe

JAAKA FA GO BOLETSE MALCOLM G. VALE

“Gatisang buka ya Children.” Ke ne ka amogela taelo eno e e gakgamatsang go tswa kwa molebeding wa lekala la Basupi ba ga Jehofa wa kwa Australia ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, moragonyana fela ga gore go gololwe buka eno kwa kopanong ya St. Louis, Missouri, U.S.A., e e neng e tshwerwe ka August 10, 1941. Ke ka ntlha yang fa taelo eno e ne e gakgamatsa?

GONE mme, tiro ya rona ya go rera e ne e sa tswa go thibelwa semolao ka January 1941, ka jalo e ne e se kitla e nna kgetsi e potlana go tswelela pele re ntse re gatisa tota lefa e ne e ka nna go gatisa dilo di se kae fela. Mo godimo ga moo, buka ya Children e ne e na le ditsebe di le 384 e e nang le ditshwantsho tsa mebalabala. Go ne go tlhokega gore re tokafatse didirisiwa tsa rona tsa go gatisa, pampiri e ne e bonwa ka bothata, e bile badiri ba re neng re na le bone ba ne ba sa rutelwa go dira tiro ya go gatisa dibuka.

Mma e re pele ga ke ka tlhalosa gore re ne ra kgona jang go atlega mo tirong ya go gatisa fa re ne re thibetswe, ke go lotlegele gore go ne ga tla jang gore ke dirisane le lekala la Australia ke le molebedi wa ditiro tsa go gatisa.

Tsela E Ke Godileng ka Yone

Rre o ne a na le kgwebo ya go gatisa kwa motseng o o neng o ikemetse sentle wa Ballarat, Victoria, o ke neng ka tsholelwa kwa go one ka 1914. Ka jalo ke ne ka ithuta tiro ya go gatisa ka go bereka kwa bogatisetsong jwa ga Rre. Gape ke ne ke na le seabe mo ditirong tsa Kereke ya Ennyelane ke opela mo khwaereng ya kereke e bile gape ke tlhola ke letsa ditshipi tsa kereke. E bile gape ke ne ke na le tsholofelo ya go nna morutisi mo sekolong sa Sontaga, mme legale seno se ne se sa njese diwelang.

Seno e ne e le ka ntlha ya gore ke ne ke na le dipotso tse di masisi ka dithuto dingwe tsa kereke. Di ne di akaretsa Tharonngwe, molelo wa dihele, le gore moyasebele wa motho ga o swe, mme go ne go sena ope yo o nnayang dikarabo tse di kgotsofatsang. E bile gape ke ne ke akabadiwa ke gore nako le nako moruti wa rona o ne a aga a bua a shakgetse ka setlhopha sengwe se sebotlana se se neng se ipitsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke gakgamadiwa ke gore ke eng se se neng se dira gore motse otlhe wa batho ba le 40 000 o tshwenyege thata jalo ka setlhophanyana seno se e seng sa sepe.

Ka Sontaga sengwe ke ne ke eme ka fa ntle ga kereke morago ga tirelo ya maitseboa fa go ne go feta setlhopha sa basetsana go tswa kwa Kerekeng e e neng e le gaufi ya Methodist. Ke ne ka simolola go itsalanya le mongwe wa bone. Leina la gagwe e ne e le Lucy, mme e ne ya re kgabagare a ntaletsa go ya kwa lelapeng la gagabo go nkitsise batsadi ba gagwe. Akanya fela ka fa ke neng ka gakgamala ka teng fa ke utlwa gore mmaagwe e bong Vera Clogan ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra tshwara motlotlo o o monate thata le ene ka Bibela, mme se a neng a se bua se ne se utlwala se na le tlhaloganyo.

Mo lobakeng lo se kae fela nna le Lucy re ne ra nyalana, mme ka 1939 re ne re nna kwa motsengmogolo wa Victoria e leng Melbourne. Lefa gone Lucy e ne e setse e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, nna ke ne ke ise ke swetse mogopolo. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa Ntwa ya Lefatshe II e tlhagoga ka September ya yone ngwaga eo, ke ne ka simolola go akanya thata ka se ke neng ke se ithutile mo Dikwalong. Go thibelwa ga tiro ya Basupi ba ga Jehofa ka January 1941 eleruri go ne ga nthusa gore ke swetse mogopolo. Ke ne ka ineela mo go Jehofa Modimo mme ka kolobediwa moragonyana ga moo.

Diphetogo Tse Di Seng Kana Ka Sepe Mo Botshelong Jwa Rona

Ka nako eo, re ne re hirile folete nngwe e ntle kwa Melbourne. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae re ne ra kopiwa gore re fudugele kwa ntlong nngwe le Basupi ba bangwe ba le mmalwa. Re ne ra rekisa dilwana tsotlhe tsa rona tsa ntlo kwa ntle fela ga dilwana tsa phaposi ya borobalo mme ra fudugela kwa go se se neng se bidiwa legae la babulatsela. Ke ne ka tswelela pele ke ntse ke dira tiro ya go gatisa mme seno se ne sa nkgonisa go thusa mo go dueleleng ditshenyegelo tsa legae leo. Banna ba bangwe le bone ba ne ba dira fela jalo. Ka jalo, basadi ba rona ba ne ba kgona go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera, mme rona banna re ne re ba ema nokeng mo tirong ya go rera le mo dipokanong tsa Bokeresete mo maitseboeng le ka mafelobeke.

Mo lobakeng lo lokhutshwane fela nna le mosadi wa me re ne ra amogela taletso go tswa kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower e e neng e re laletsa go ya kwa Sydney. Re ne ra rekisa dilwana tsa rona tsa phaposi ya borobalo mme ra duela dikoloto di se kae tse re neng re na le tsone, lefa go ntse jalo re ne ra tshwanelwa ke go rekisa palamonwana e ke neng ka beelela Lucy ka yone gore re bone madi a go duelela terena go ya kwa Sydney!

Ka ntlha ya dikgoreletsi tsa nako ya ntwa le ka ntlha ya thibelo ya tiro ya rona e e neng e sa tswa go tlhomiwa, go ne go sa dumelelwe go amogela Dibibela kana dibuka tsa Bibela go tswa kwa dinageng tsa kwa moseja. Ka ntlha ya seno ofisi ya lekala ya kwa Australia e ne ya dira tshwetso ya go gatisa dibuka ka sephiri gore dijo tsa semoya di tswelele pele di ntse di abiwa, mme ke ne ka kopiwa go etelela pele tiro eo. Ke ile ka nna le tshiamelo ya go bereka le George Gibb monna wa kwa Scotland yo o neng a na le dingwaga di ka nna 60 a ntse a direla kwa bogatisetsong jwa Australia. * Ke ka yone nako eno ke neng ka amogela taelo ya gore: “Gatisang buka ya Children.”

Go Tsaya Gape Didirisiwa Tsa go Gatisa Tse Di Neng Di Gapilwe

Re ne ra nna le maitemogelo a a itumedisang, mme ka dinako tse dingwe e le a a tshosang mo dingwageng tseo tsa ntwa tse di neng di tletse ka ditiragalo. Ka sekai, go ne go tlhokega didirisiwa gore re kgone go simolola tiro ya rona ya go gatisa. Didirisiwa tse re neng re di dirisa go gatisa ka selekanyo se sennye ka nako ya pele ga ntwa di ne di gapilwe ke puso, mme jaanong motšhini o o gatisang o monnye wa Mokgatlho o ne o lotleletswe e bile o disitswe. Re ne re ka kgona jang go tsaya didirisiwa tseno go di isa kwa mafelong a re neng re kgona go gatisetsa ka go iphitlha kwa go one?

Balebeledi ba ba neng ba tlhometse ka dibetsa e bile ba dira ka go refosana ba ne ba beile lefelo leo la Mokgatlho leitlho diura tse 24 letsatsi le letsatsi. Lefa go ntse jalo, lebota le le ka kwa morago la kago eo le ne le bapile le boemelo jo bo botlana jwa terena jo bo neng bo sa dirisiwe. Ka jalo, e ne ya re go le bosigo badiri bangwe ba ba matlhagatlhaga ba Bethele ba dirisa mokgwa o o gopotsang motho ka Esekiele 12:5-7 go tsena mo kagong eo ka go tlosa ditena dingwe mo loboteng. Fa ba sena go tsena mo teng ba ne ba busetsa ditena tseo, mo maemong go dira gore go seka ga lemotshega sepe. Ka go nna ba ntse ba tla masigo, ba ile ba kgona go tlhatlhamolola motšhini o mmotlana wa go gatisa le wa Linotype, ka kelotlhoko le metšhine e mengwe e se mekae, mo lobakeng lo e ka nnang lwa dibeke tse pedi. Mme morago ba ne ba fudusa dikarolwana tseo kwa ntle ga modumo, balebeledi ba ntse ba disitse!

E ne ya re fa nako e ntse e feta ra amogela didirisiwa tse dingwe tsa go gatisa go tswa kwa metsweding e mengwe, mme ka bonako fela re ne ra simolola go gatisa mo sephiring ka matlhagatlhaga mo mafelong a a farologaneng mo Sydney. Ka gone, re ne ra seka ra kgona fela go gatisa le go rokaganya buka ya Children mme gape re ne ra kgona go gatisa le dibuka tse dingwe jaaka The New World, “The Truth Shall Make You Free,” le The Kingdom Is At Hand, mmogo le Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya 1942, ya 1943, ya 1944, le ya 1945. Mo godimo ga moo, ka nako ya thibelo eo ya dingwaga tsa ntwa, Basupi ba ga Jehofa mo Australia yotlhe ga ba ka ba tlolwa ke tokololo epe ya Tora ya Tebelo. Seno se ne sa re tlhomamisetsa gore letsogo la ga Jehofa le ka motlha ga le ke le tlhaela.—Isaia 59:1.

Go Lepalepana le Go Welwa Ke Badiredi Re sa Solofela

Ka nako ya dithibelo tse di gagametseng tsa nako ya ntwa, dikgwebo tsa go gatisa di ne di tle di etelwe ke badiredi ba puso di sa bolelelwa ba tlile go bona se se gatisiwang. Ka jalo, bongwe jwa magatisetso a rona a mo sephiring bo ne bo diretswe selo se se neng se re tlhagisa fa go le kotsi, konotswana e e neng e beilwe fa fatshe gaufi le moamogelabaeng wa rona mo a neng a ka e tobetsa bonolo gone. Fa a ne a bona motho mongwe yo a sa mo itseng kana yo a mmelaelang gore ke motlhatlhobi a tlhatloga disetepise o ne a tobetsa konotswana eo.

Fa konotswana eo e tobeditswe o ne o ka bolaiwa ke ditshego go bona ka tsela eo bakaulengwe ba neng ba photsa ka matlhabaphefo ka teng go tswa matlhakoreng otlhe! Badiri ba e neng e le badiri ba ba kwadisitsweng ba ne ba sala ba phuthaphutha dilo ka bonako le go fitlha dipampiri tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo kana dibuka tse dingwe tsa Bibela tse di neng di santse di gatisiwa. Go dira seno, ba ne ba dirisa dipampiri tse di gatisitsweng tse di lekanang le tsa dikgatiso tse dingwe tse di neng di baakanyeditswe go rekisediwa bareki ba kgwebo.

Letsatsi lengwe fa batlhatlhobi ba ne ba tlile, ba le babedi ba ne ba fitlha ba dula mo godimo ga dibuka tsa dikhomiki, tse di neng di santse di le mo dipampiring tse dikgolo, mme ka fa tlase ga tsone e le dipampiri tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo tse di neng di gatisitswe mo bosigong jo bo fetileng. Mo bogatisetsong jo bo neng bo le kwa karolong e nngwe ya toropo eno, re ne re tlhola re gatisa dilo tsa kgwebo motshegare mme mo maitseboeng le mo mafelobekeng re gatisa dikgatiso tsa Watchtower.

Go Kaba Phatlha ya go Tlhaelelwa ke Pampiri

Go bona pampiri ya go gatisa e ne e le bothata jo bogolo. Lefa go ntse jalo, dikgwebo tse dingwe tse dikgolo tsa go gatisa di ne di sa gane go rekisa pampiri ya tsone e e neng e sala ka ntlha ya kwelotlase mo dikgwebong tsa tsone ka nako ya ntwa—mme ka metlha di ne di e rekisa ka ditlhwatlhwa tse di kgaolang pelo. Mme lefa go ntse jalo, mo lekgetlhong lengwe re ne ra amogela pampiri go tswa go sele.

Sekepe sengwe sa dithoto se se neng se tla kwa Australia se ne se rwele pampiri e tshetlha e le ntsi, lefa go ntse jalo sekepe se ne sa senyega mo lewatleng mme metsi a nwelelela mo pampiring e ntsi. Pampiri eo yotlhe e ne ya fantisiwa mme se se neng sa re gakgamatsa ke gore e ne e le rona fela re neng re batla go e reka. Seno se ne sa re kgonisa go e reka ka tlhwatlhwa e e kwa tlasetlase. Re ne ra omisa pampiri mo letsatsing, mme ka gone ra solegelwa molemo ke karolo e kgolo ya yone, mme morago ra e kgaola ka dikarolwana tse di neng di lekana motšhini wa rona oo gatisang.

Re ne re tla kgona jang go dirisa pampiri e tshetlha? Re ne ra tlelwa ke leano la popota la go e dirisa mo go gatiseng dikhomiki ka gonne babadi ba dikhomiki ba ne ba tla nna ba itumelela dikhomiki tsa bone ka pampiri eo ya mebala. Ka gone, re ne ra dirisa pampiri e tshweu e re neng re e beetse go gatisa dikhomiki ka yone go gatisa Tora ya Tebelo le dilo tse dingwe tsa Mokgatlho ka yone.

Seabe Se Se Botlhokwa Sa Basadi

Mo dingwageng tseno tsa ntwa, basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba kwa Australia ba ne ba ithuta go rokaganya dibuka. Motshegare mongwe go le mogote o o ntshang noga mo mosimeng, bangwe ba bone ba ne ba bereka ba le bosi mo karatšheng e e neng e le mo mmileng o o kwa thoko mo karolong nngwe ya Sydney e re neng re e hirile. Ka ntlha ya mabaka a itshireletso ba ne ba nna ba tswetse matlhabaphefo otlhe le dikgoro tsotlhe. Meteme ya sekgomaretsi e e neng e le teng moo e ne ya ntsha mosinyana o o mogote e bile o nkga, mme mogote e ne e le o go neng go le thata go o itshokela. Ka jalo ba ne ba apola mme ba sala ka diaparo tsa ka kwa teng fela.

Ka tshoganyetso, mongwe o ne a kokota mo kgorong. Bokgaitsadi bano ba Bakeresete ba ne ba botsa gore ke mang yo o kokotang mme ga araba modiredi wa puso wa lefapha la badiri. O ne a tswa kwa lefapheng le le neng le na le thata ka nako eo ya ntwa go isa batho kwa mafelong a badiri ba neng ba tlhokega kwa go one. Bokgaitsadi ba ne ba araba ba goela kwa godimo ba mo tlhalosetsa gore ba ne ba ka se mmulele ka yone nako eo ka jaana ba ne ba bereka ba apare diaparo tsa ka kwa teng fela ka ntlha ya mogote.

Modiredi yoo o ne a didimala ka lobakanyana; mme ya re morago a goeletsa go bolela gore o ne a na le lefelo le a neng a tshwanetse go ya kwa go lone mo karolong eo. O ne a bolela gore o tla tla letsatsi le le latelang go tla go tlhatlhoba dilo. Ka bonako fela, basadi bano ba Bakeresete ba ne ba re leletsa mogala, mme ra romela lori mo bosigong joo go ya go tsaya sengwe le sengwe se borokaganyi jwa dibuka bo neng bo se dira, re di isa kwa lefelong le lengwe.

Bontsi jwa bao ba ba neng ba thusa mo tirong ya go gatisa dibuka mo sephiring ba ne ba ise ba ko ba bereke tiro ya go gatisa dibuka le ka motlha ope, ka jalo se re neng ra se kgona se ne sa dira gore ke bone gore ruri moya wa ga Jehofa o ne o re tlamela ka thuso le kaelo tse re neng re di tlhoka. E ne e le tshiamelo e kgolo thata mo go nna le mosadi wa me Lucy, yo o neng a bereka mo borokaganying jwa dibuka, go tsenya letsogo mo go seno sotlhe.

Tiro ya rona e ne ya etelelwa pele jang mo dinakong tseo tsa diteko? Molebedi wa namaosatshwere wa lekala la Basupi ba ga Jehofa o ne a amogela ditaelo tsa thibelo go tswa kwa pusong, e mo laela gore a tswe a ye go nna kwa toropong e e neng e le dikilometara di le 100 go tswa mo Sydney. Taelo eo e ne e mo kganela go tsamaya sekgala se se fetang dikilometara di le robedi go tswa mo bogareng jwa toropo eo. Koloi nngwe le ngwe e ne e lekanyeditswe go tshelelwa peterolo ya dilitara tse nne fela ka kgwedi. Lefa go ntse jalo bakaulengwe ba ne ba itlhamela sediragase—kgamelo e e dirilweng ka senke e e neng e ka nna boima jwa halofo ya tone, e momeletswe kwa morago ga koloi. Go ne go besiwa magala mo go yone e le gore e tle e tlhagise khabonemonokosaete e e neng e tla nna yone e tsamaisang koloi. Mo masigong mangwe mo bekeng nngwe le nngwe nna le bakaulengwe ba bangwe ba ba nang le maikarabelo re ne re tsamaya ka yone koloi eno go ya go kopana le molebedi wa lekala fa molatswaneng mongwe o o kgadileng gaufi le toropo eo e a neng a patelelwa go nna kwa go yone. Mme ka gone, re ne re kgona go buisana le ene dilo di le dintsi pele ga re ka tlatsa sediragase seo gape go boela morago kwa Sydney masa a setse a rwele masigo ka tlhogo.

Kgabagare, kgang ya go thibelwa ga Basupi ba ga Jehofa e ne ya isiwa kwa pele ga Kgotlatshekelokgolo ya Australia. Moatlhodi o ne a tlhalosa fa thibelo eo e ne e le “selo se se sa dirwang tumalanong le molao, selo se se sa tlhomamang, e bile e le se se gatelelang” mme gape o ne a golola Basupi ba ga Jehofa mo ditatofatsong tsotlhe tsa gore ba diphatsa. Kgotlatshekelokgolo yotlhe e ne ya nesetsa tshwetso eno pula, mo e leng gore re ne ra tswelela re dira ditiro tsa rona tsa Bogosi re letleletswe semolao re sa tlhole re di direla mo sephiring.

Dikabelo le Masego a a Oketsegileng

Morago ga ntwa ba le bantsi ba bao ba neng ba dira tiro ya go gatisa ka nako ya fa tiro e ne e thibetswe ba ne ba nna babulatsela. Bangwe ba bone ba ne ba ya kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gilead kwa New York. Nna le Lucy re ne re ipeetse mokgele oo, mme lefa go ntse jalo re ne ra nna le ngwana wa mosetsana mme ka dira tshwetso ya go boela gape mo tirong ya go gatisa. Re ne ra rapela Jehofa gore a re thuse gore ka metlha re beye dilo tse di amanang le Bogosi kwa pele mo matshelong a rona, mme o ne a dira jalo. Ke ne ka tsaya karolo mo kabelong e nngwe gape ya bodihedi ka tsela e e latelang.

Ke ne ka lelediwa mogala ke Lloyd Barry, yo gone jaanong e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, kwa Brooklyn, New York. Ka nako eo e ne e le molebedi yo o etang kwa Sydney. O ne a mpotsa gore a ke ne ke itse letlha la kopano ya rona e e tlang. Fa ke mo araba ka ee, o ne a re: “Re rata gore o re tlhokomelele dithulaganyo tsa dijo.”

Ka go gakgamala sebakanyana, ke ne ka bua jaana ke nyemile moko: “Ga ke ise nko ke dire tiro e e ntseng jalo mo botshelong jwa me.”

O ne a araba jaana a ntshega: “Ee Mokaulengwe, ke nako ya gore o ithute!” Ke ne ka ithuta, mme ka tswelela pele go nna le tshiamelo ya go nna molebedi wa tsa dijo, tota le e leng kwa dikopanong tse dikgolo, ka dingwaga tse di fetang tse 40.

E ne ya re fa dingwaga di ntse di feta, kgwebo ya rona ya go gatisa ya nna ya gola, mme ya dira gore go tlhokege gore ke ne ke tsaya maeto a se kae go ya kwa moseja. Ka gale ke ne ke rulaganya maeto ano gore a lebagane le dikopano tsa boditšhabatšhaba tse di neng di tshwarelwa kwa New York City kana kwa lefelong lepe fela kwa United States. Seno se ne sa nkgonisa go tsaya nako ke na le bakaulengwe ba ba neng ba okametse mafapha a a farologaneng kwa kopanong, segolobogolo ba ba okamelang tsa dijo. Ka gone fa ke fitlha kwa Australia ke ne ke kgona go tokafatsa tiro ya me ya go dira se se tlhokegang kwa dikopanong tsa rona.

Jaaka fa re ntse re tsofala, nna le Lucy ka dinako tse dingwe re a tle re ipotse gore a re ne re tla fitlhelela dilo di le dintsi go feta jaaka re dirile fa go ne go diragetse gore re tsholwe dingwaga di se kae moragonyana. Ka fa letlhakoreng le lengwe re go tsaya e le tshiamelo e e molemo go bo re ile ra bona boperofiti jwa Bibela bo diragadiwa re bo lebile ka matlho ka jaana yo mongwe wa rona a tshotswe ka 1914 mme yo mongwe ka 1916. Mme e bile re leboga Jehofa go bo a ile a re segofatsa mo go ithuteng le batho ba le bantsi le go ba thusa go ithuta boammaaruri le go bona gone jaanong ba mo direla e le badihedi ba ba kolobeditsweng. Re eletsa gore re tswelele pele re mo direla ka bosakhutleng, re itsise ka bosakhutleng gore ke Molaodi yo Mogolo wa lobopo lotlhe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Bona The Watchtower, September 15, 1978, ditsebe 24-7.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Bogatisetso kwa Bethele ya kwa Strathfield, 1929-73

George Gibb a eme fa thoko ga mongwe wa metšhini ya go gatisa e e neng ya tsewa go tswa mo bogatisetsong ka lebota le le kwa morago