Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsamaela Lefatshe ka Botlhale

Go Tsamaela Lefatshe ka Botlhale

Go Tsamaela Lefatshe ka Botlhale

“Ba ba kwa ntlè lo ba tsamaèlè ka botlhale.”—BAKOLOSA 4:5.

1. Bakeresete ba pele ba ne ba lebana le eng, mme Paulo o ne a neela phuthego ya kwa Kolosa kgakololo efe?

BAKERESETE ba bogologolo ba ba neng ba nna mo metseng ya lefatshe la Roma ba ne ka dinako tsotlhe ba lebana le kobamelo ya medimo ya disetwa, go batla menate ka boitsholo jo bo maswe, le meletlo le dingwao tsa boheitane. Kwantle ga pelaelo ba ba neng ba nna kwa Kolosa, motse o o neng o le kwa bogarebophirima kwa Asia Minor, ba ne ba lebana le kobamelo ya modimo wa sesadi le tirisabadimo ya baagi ba Firigia, botlhajana jwa boheitane jwa Bagerika ba ba neng ba thibeletse koo, le Bojuda jwa koloni ya Sejuda. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola phuthego ya Bokeresete gore “ba tsamaèlè ka botlhale” batho ba ba ntseng jalo “ba ba kwa ntlè.”—Bakolosa 4:5.

2. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tlhoka go tsamaela ba ba kwantle ka botlhale?

2 Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba lebana le ditlwaelo tse di ntseng jalo tse di sa tshwanelang, le eleng se se fetang seo. Ka jalo, le bone ba tlhoka go nna botlhale mo kamanong ya bone le ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete ya boammaaruri. Batho ba le bantsi mo makgotleng a bodumedi le a bopolotiki mmogo le bakwaladikgang ba kgatlhanong le bone. Bangwe ba bone ba leka go senya leina la Basupi ba ga Jehofa le go dira gore batho ba ba ile, ba dira jalo ka go ba tlhasela ka tlhamalalo kana, jaaka ba dira gantsi, ka go bua mafoko a a nang le bokao jo bo fitlhegileng. Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba lejwa jaaka “lekōkō” le le dirang dilo ka go feteletsa ebile le le kotsi mme go sa nna jalo, Basupi ba ga Jehofa gompieno gantsi ba tlhoiwa le go tsewa ka tsela e e phoso.—Ditihō 24:14; 1 Petere 4:4.

Go Fenya Letlhoo

3, 4. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba se kitla ba ratiwa ke lefatshe le ka motlha, mme lefa go ntse jalo re tshwanetse ra leka go dira eng? (b) Mokwadi mongwe o ne a kwala eng kaga Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba latlhetswe mo kampeng ya Nazi ya pogisetso?

3 Bakeresete ba boammaaruri ga ba a lebelela gore ba ratwe ke lefatshe, e le leo moaposetoloi Johane a rileng, “le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Lefa go ntse jalo, Bibela e kgothaletsa Bakeresete gore ba leke go fenya batho gore ba tle mo go Jehofa le mo kobamelong ya gagwe e e itshekileng. Seno re se dira ka go neela bosupi ka tlhamalalo le ka go itshwara sentle. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lo tshelè ka mokgwa o montlè mo go Badichaba; e tle e re mo ba lo bolèlañ yaka badiha boshula ka gōna, bo ba galaletsè Modimo mo motlheñ oa tekolō, ka ditihō tsa lona tse di molemō, tse ba di bōnañ.”—1 Petere 2:12.

4 Mo bukeng ya gagwe ya Forgive—But Do Not Forget, mokwadi Sylvia Salvesen o ne a kwala jaana kaga basadi ba Basupi bao a neng a tsentswe le bone mo kampeng ya Nazi ya pogisetso: “Batho ba babedi bao, Käthe le Margarethe, mmogo le ba bangwe ba bantsi, ba ne ba nthusa thata, eseng ka tumelo ya bone fela mme gape le ka dilo tseo ba neng ba di dira. Ba ne ba re tlela matsela a ntlha a a phepa go a dirisa mo dinthong tsa rona . . . Ka bokhutshwane re ka re re ne ra iphitlhela re le fa gare ga batho ba ba neng ba re eleletsa molemo, ba ba neng ba re bontsha gore ba botsalano ka ditiro tsa bone.” A bosupi jo bo molemo jang ne go tswa mo go “ba ba kwantlè”!

5, 6. (a) Keresete o diragatsa tiro efe mo nakong eno, mme ga re a tshwanela go lebala eng? (b) Re tshwanetse go leba batho ba lefatshe jang, mme ka ntlha yang?

5 Re ka dira mo gontsi go fedisa letlhoo ka tsela e e botlhale e re itshwarang ka yone mo go ba ba kwantle. Ke boammaaruri, re tshela ka nako eo Kgosi ya rona e e busang ebong Keresete Jesu a kgaoganyang batho ba merafe, “yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi.” (Mathaio 25:32) Mme lefa go ntse jalo le ka motlha o se ka wa lebala gore Keresete ke ene Moatlhodi; ke ene a dirang tshwetso ya gore “dinku” ke dife “dipodi” ke dife.—Yohane 5:22.

6 Seno se tshwanetse sa tlhotlheletsa tsela e re ikutlwang ka yone ka bao ba seng karolo ya phuthego ya ga Jehofa. Re ka nna ra ba leba jaaka batho ba lefatshe, mme lefa go ntse jalo ba karolo ya lefatshe le ‘Modimo o le ratileng go le kalokalo, a ntsha Morwa ona yo o tsetsweng a le esi, gore lefa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.’ (Yohane 3:16) Go botoka thata go leba batho jaaka ba e tla nnang dinku go na le go itseela marapo re bo re dira tshwetso ya gore ke dipodi. Bangwe bao ba kileng ba bo ba ganetsa boammaaruri setlhogo jaanong ke Basupi ba ba ineetseng. Mme ba le bantsi mo go bano ba ne ba fenngwa lantlha ke ditiro tsa bopelonomi, pele ba tsaya kgato fa ba sena go neelwa bosupi ka tlhamalalo. Ka sekai, bona setshwantsho se se mo go tsebe 18.

Ba Tlhagafetse, Ga Ba Makgwakgwa

7. Mopapa o ne a tshwaya diphoso jang, mme re ka botsa potso efe?

7 Mopapa John Paul II o ne a nyatsa makoko ka kakaretso, mme segolo bogolo Basupi ba ga Jehofa, fa a ne a re: “Tsela e tota e batlileng e le makgwakgwa e bangwe ba batlang badumedi ba basha ka yone, ba tsamaya ntlo le ntlo, kana ba emisa bafeti le tsela mo marakanelong a mebila, ke sengwe se se dirwang ke makoko e le matlhagatlhaga a e seng one a go ka bong go twe a tshwana le tlhagafalo ya baaposetoloi le barongwa.” Go ka nna ga bodiwa gore, Fa e le gore ga rona ke “matlhagatlhaga a e seng one a go ka bong go twe a tshwana le tlhagafalo ya baaposetoloi le barongwa,” matlhagatlhaga a boammaaruri a go rera a ka bonwa kae? Kwantle ga pelaelo eseng mo Bakatoliking, lefa e le gone mo Baporotesetanteng kana mo malokong a dikereke tsa Orthodox.

8. Re tshwanetse ra dira tiro ya rona ya ka ntlo le ntlo jang, mme re ka solofela go nna le phelelo efe?

8 Lefa go ntse jalo, e le gore re bontshe gore tatofatso epe ya gore re makgwakgwa mo go rereng ga rona e phoso, re tshwanetse gore ka dinako tsotlhe re nne pelonomi, re bontshe tlotlo, le maitseo fa re buisana le batho. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona? a a kè a shupè ditihō tsa gagwè ka bonōlō yoa botlhale, ka go tshela ga gagwè mo go molemō.” (Yakobe 3:13) Moaposetoloi Paulo o re kgothatsa gore re se “nne dikgañkgañ.” (Tito 3:2) Ka sekai, go na le go kgala ka tlhamalalo fela dilo tse motho yo o mo rerelang a di dumelang, ke ka ntlha yang fa o sa bontshe gore eleruri o kgatlhegela tsela e a lebang dilo ka yone? Go tswa foo o bo o bolelela motho mafoko a a molemo jaaka a fitlhelwa mo Bibeleng. Ka go nna le pono e e tshwanetseng le go bontsha tlotlo e e tshwanetseng mo bathong ba ditumelo tse dingwe, re tla bo re ba thusa gore ba simolole go leba dilo ka tsela e e botoka mme ba reetse, gongwe ebile ba tla lemoga kafa molaetsa wa Bibela o leng botlhokwa ka gone. Go ka nna ga felela ka gore bangwe ba tle ba “galaletsè Modimo.”—1 Petere 2:12.

9. Re ka dirisa jang kgakololo e Paulo a e neetseng (a) mo go Bakolosa 4:5? (b) mo go Bakolosa 4:6?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Ba ba kwa ntlè lo ba tsamaèlè ka botlhale, lo nntse lo shwèla lobaka molemō.” (Bakolosa 4:5) Fa a ne a tlhalosa mafoko ano a bofelo, J. B. Lightfoot o ne a kwala jaana: “Lo sa letle gore lo fetwe ke lobaka lope lwa go bua kana go dira se se ka tsweledisang maikaelelo a Modimo pele.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ee, re tshwanetse gore re nne re iketleeditse ka mafoko le ditiro ka nako e e tshwanetseng. Botlhale jo bo ntseng jalo gape bo akaretsa go tlhopha nako e e tshwanetseng ya letsatsi gore re etele batho ka yone. Fa molaetsa wa rona o ganwa, a ke ka ntlha ya gore batho ga ba o anaanele, kana ke ka gonne re etile ka nako e go neng go ka direga gore e bo e sa tshwanele? Gape Paulo o ne a kwala jaana: “A puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai, gore lo tlè lo itse kaha lo chwanetseñ go hetola moñwe le moñwe ka gōna.” (Bakolosa 4:6) Seno se tlhoka go akanyetsa le go rata moagelani ka boammaaruri. A ka metlha re neeleng molaetsa wa Bogosi ka bopelontle.

Ba Na Le Tlotlo Ebile Ba ‘Iketleeditse Tiro Nngwe le Nngwe E E Molemo’

10. (a) Moaposetoloi Paulo o ne a neela Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Kereta kgakololo efe? (b) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhoma sekao jang sa go latela kgakololo ya ga Paulo?

10 Re ka se ka ra tlola melaometheo ya Bibela. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga re a tshwanela go nna manganga go sa tlhokege ka dikgang tse di sa ameng bothokgami jwa Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “U ba gakololè [Bakeresete ba kwa Kereta] gore ba ineèlè mo balaodiñ, le gore ba nnè kutlō mo go ba ba neecweñ taolō, ba etleetsègèlè tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (Tito 3:1, 2) Moithuti wa Bibela ebong E. F. Scott o ne a kwala jaana kaga temana eno: “Bakeresete ba ne ba sa tshwanela go utlwa babusi fela, mme gape ba ne ba tshwanetse go iketleeletsa tiro nngwe le nngwe e e molemo. Seno . . . se raya gore, fa go tlhokega, Bakeresete e tshwanetse ya nna bone ba ba kwa pele fa go tliwa mo go bontsheng go rata gore batho ka kakaretso ba tshele sentle. Gangwe le gape go ne go tla runya melelo, maroborobo a malwetsi, ditshenyegelo tsa mefuta e e farologaneng, nako e baagi botlhe ba ba molemo ba neng ba ka eletsa go thusa baagelani ka bone ba yone.” Mo lefatsheng lotlhe go ile ga nna le makgetlo a le mantsi a mo go one go ileng ga nna le masetlapelo mme Basupi ba ga Jehofa ya nna bangwe ba batho ba ntlha go thusa go dira tiro ya namolo. Ga ba a ka ba thusa bakaulengwe ba bone fela mme ba ne ba thusa le ba ba kwantle.

11, 12. (a) Bakeresete ba tshwanetse ba itshwara jang mo babusing? (b) Go ineela mo babusing go akaretsa eng fa go tliwa mo go ageng Diholo tsa Bogosi?

11 Temana yone eno e e mo lokwalong lo Paulo a neng a lo kwalela Tito gape e gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone go tlotla babusi. Bakeresete ba basha ba ba yang fa pele ga baatlhodi ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone ba tshwanetse gore ba nne kelotlhoko thata gore ba tsamaele ba ba kwantle ka botlhale. Ba ka dira go le gontsi go aga kana go senya leina la batho ba ga Jehofa ka tsela e ba lebegang ka yone, tsela e ba itshwarang ka yone, le tsela e ba buang ka yone le babusi bao. Ba tshwanetse gore ba ‘neele tlotlo go yo o tshwanelwang ke tlotlo,’ mme ba ipuelele ka tlotlo e e boteng.—Baroma 13:1-7; 1 Petere 2:17; 3:15.

12 “Babusi” ba akaretsa batlhankedi ba puso ya lefelo la ga lona. Ereka jaanong go agiwa Diholo tsa Bogosi tse di ntseng di oketsega, ga go kgonege go tila go dirisana le babusi ba lefelo. Gantsi, bagolwane ba fitlhela gore ba tlhoilwe. Mme lefa go ntse jalo go ile ga fitlhelwa gore fa baemedi ba phuthego ba nna le kamano e e molemo le babusi mme ba dirisana sentle le komiti e e rulaganyang toropo, letlhoo leno le ka fedisiwa. Gantsi ka tsela e e ntseng jalo go neelwa bosupi jo bo molemo go batho ba pele ba neng ba itse lemmenyana kana ba sa itse sepe kaga Basupi ba ga Jehofa le molaetsa wa bone.

‘Fa go Kgonega, Nna Kagiso le Batho Botlhe’

13, 14. Paulo o ne a neela Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Roma kgakololo efe, mme re ka e dirisa jang mo dikamanong tsa rona le ba ba kwa ntle?

13 Paulo o ne a neela Bakeresete ba ba neng ba nna kwa Roma o o tletseng boheitane kgakololo eno: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. Akanyañ dilō tse di tlotlègañ mo matlhoñ a batho botlhe. Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna. Me ha mmaba oa gago a bolailwe ke tlala, u mo hè diyō; ha a le lenyōra, u mo nosè; gonne ka go diha yalo, u tla bo u tlhatlaganya magala a molelō mo tlhogoñ ea gagwè. Lo se ka loa heñwa ke boshula, me henyañ boshula ka molemō.”—Baroma 12:17-21.

14 Ga go ka tsela e nngwe, fa jaaka Bakeresete ba boammaaruri re dirisana le ba ba kwantle re kopana le baganetsi. Mo temaneng e e fa godimo, Paulo o bontsha gore tsela ya tshiamo ke go leka go fenya kganetso ka ditiro tsa bopelontle. Jaaka magala a a tukang, ditiro tseno tsa bopelontle di ka nna tsa nyerolosa kilo eo mme tsa dira gore mmaba a simolole go nna pelontle mo bathong ba ga Jehofa, gongwe ebile tsa dira gore a nne le kgatlhego mo mafokong a a molemo. Fa seno se direga, bosula bo fentswe ka molemo.

15. Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko segolobogolo leng gore ba tsamaele ba ba kwa ntle ka botlhale?

15 Go tsamaela ba ba kwa ntle ka botlhale go botlhokwa bogolo jang mo malapeng a mo go one molekane yo mongwe wa lenyalo a iseng a amogele boammaaruri. Go tlotla melaometheo ya Bibela go dira gore banna ba ba nyetseng e nne banna ba ba botoka, basadi ba ba nyetsweng e nne basadi ba ba botoka, borre e nne ba ba botoka, bommè e nne ba ba botoka, le bana e nne ba ba utlwang ebile ba ithuta thata kwa sekolong. Motho yo o sa dumeleng o tshwanetse a kgona go bona kafa melaometheo ya Bibela e nang le matswela a mantle ka teng mo mothong yo o dumelang. Ka jalo, go ka direga gore bangwe ba “kgōnwè kwa ntlè ga lehoko ke mokgwa o montlè” wa maloko a a ineetseng a lelapa.—1 Petere 3:1, 2.

‘Go Direla Botlhe Molemo’

16, 17. (a) Modimo o itumelela ditlhabelo tse di ntseng jang? (b) Re tshwanetse ra ‘dira molemo’ jang mo bakaulengweng ba rona mmogo le mo go ba ba kwa ntle?

16 Molemo o mogolo o re ka o direlang moagelani wa rona ke go mo leretse molaetsa wa botshelo le go mo ruta kaga go letlana le Jehofa ka Jesu Keresete. (Baroma 5:8-11) Ka jalo moaposetoloi Paulo o re bolelela jaana: “Yalo a re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna [Keresete] ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.” (Bahebera 13:15) Paulo o oketsa jaana: “Me go diha molemō le go thusanya, lo se ka loa go lebala: gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabèlō tse di nntseñ yalo.” (Bahebera 13:16) Mo godimo ga go neela bosupi ga rona phatlalatsa, ga re a tshwanela go lebala “go diha molemō.” Ke karolo ya konokono ya ditlhabelo tse di itumedisang Modimo.

17 Ka tlwaelo, re direla bakaulengwe ba rona molemo, bao ba ka nnang ba bo ba tlhoka thuso mo maikutlong, semoyeng, mo mmeleng, kana mo dilong tse di bonalang. Paulo o ne a bontsha seno fa a ne a kwala jaana: “Ha re bōna lobaka, a re kè re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe, me bogolo mo go ba e leñ ba ntlo ea tumèlō.” (Bagalatia 6:10; Yakobe 2:15, 16) Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala mafoko a a reng, “A re ke re diheñ se se molemō mo bathuñ botlhe.” Go direla wa losika, moagelani, kana modiri ka rona tiro e e molemo go ka nna le seabe se segolo mo go fediseng letlhoo kgatlhanong le rona mme go dire gore motho yono a amogele boammaaruri.

18. (a) Re tshwanetse ra tila dikotsi dife? (b) Re ka dirisa bomolemo jwa rona jwa Bokeresete jang go tshegetsa tiro ya rona ya go neela bosupi phatlalatsa?

18 Gore re dire jalo, ga go tlhokege gore re itirele ditsala tse di gaufiufi tsa ka kwantle. Botsalano jo bo ntseng jalo bo ka nna kotsi. (1 Bakorintha 15:33) Ebile ga go na maikaelelo a go nna ditsala le lefatshe. (Yakobe 4:4) Mme lefa go ntse jalo bomolemo jwa rona jwa Bokeresete bo ka tshegetsa go rera ga rona. Mo dinageng dingwe go nna boima le go gaisa go ka bua le batho mo malapeng a bone. Dikago dingwe tse di nang le diphaposi tse dintsi di sireleditswe ka didirisiwa dingwe tse di re kganelang gore re ka buisana le batho ba ba nnang mo diphaposing tseo. Mo dinageng tse di tlhabologileng thelefouno e ka dirisiwa go rera. Mo dinageng ka bontsi go neela bosupi mo mmileng go ka dirwa. Lefa go ntse jalo, mo dinageng tsotlhe, go nna motho yo o siameng, yo o maitseo, yo o pelontle, le go rata go thusa ba bangwe go neela sebaka sa go fedisa letlhoo le go neela bosupi sentle.

Go Didimatsa Baganetsi

19. (a) Ereka re sa ikaelela go itumedisa batho, re ka solofela eng? (b) Re tshwanetse ra leka jang go latela sekao sa ga Daniele le go diragatsa kgakololo ya ga Petere?

19 Basupi ba ga Jehofa ga ba leke go itumedisa batho ebile ga ba boife batho. (Diane 29:25; Baefesia 6:6) Ba lemoga ka botlalo gore lefa ba ka leka go tlhoma sekao ka go duela lekgetho le ka go nna baagedi ba ba molemo, baganetsi ba tla gasagasa maaka a a senyang le go bua leswe kaga bone. (1 Petere 3:16) Ka go itse seno, ba leka go etsa Daniele, yo baba ba gagwe ba neng ba bolela jaana kaga gagwe: “Ga re ketla re bōna seipatō sepè kaga Daniele eo, ha re sa se bone kaga gagwè kaha molaoñ oa Modimo oa gagwè.” (Daniele 6:5) Ga re kitla le ka motlha re latlha melaometheo ya Bibela go leka go itumedisa batho. Kafa letlhakoreng le lengwe, ga re senke go bolaelwa tumelo. Re leka go tshela ka kagisano le go utlwa kgakololo ya moaposetoloi: “Gonne go rata ga Modimo go ntse yalo, gore lo tlè lo didimatsè botlhōka go itse yoa ba ba dieleele ka go diha sentlè ga lona.”—1 Petere 2:15.

20. (a) Re tlhomamisega ka eng, mme Jesu o ne a re kgothatsa jang? (b) Re ka tswelela jang re tsamaela ba ba kwa ntle ka botlhale?

20 Re dumela gore boemo jwa rona jwa go ikgaoganya le lefatshe bo dumelana le Bibela. Bo tshegediwa ke hisitori ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Re itumedisiwa ke mafoko ano a ga Jesu: “Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.” (Yohane 16:33) Ga re boife. “Me mañ eo o tla lo utlwisañ botlhoko, ha lo tlhōahaletse se se molemō? Me e tla re ha lo ka boga botlhoko ka ntlha ea tshiamō, lo bo lo le segō: me lo se ka loa boiha poichō ea bōnè, le gōna lo se ka loa huduèga; Me lo itshepisè Keresete mo dipeduñ tsa lona e le èna Morèna; lo nntse lo iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola motho moñwe le moñwe eo o lo botsañ kaga cholohèlō e e mo go lona, go re, e cwa kae? leha go nntse yalo e nnè ka boikokobeco le poihō.” (1 Petere 3:13-15) Fa re ntse re itshwara ka tsela e e ntseng jaana, re tla tswelela pele re tsamaela ba ba kwantle ka botlhale.

Go Boeletsa

◻ Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go tsamaela ba ba kwa ntle ka botlhale?

◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri le ka motlha ba sa tshwanela go solofela gore ba tla ratwa ke lefatshe, mme lefa go ntse jalo ba tshwanetse ba leka go dira eng?

◻ Re tshwanetse ra ikutlwa jang ka batho ba lefatshe, mme ka ntlha yang?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ‘dira molemo’ eseng fela mo bakaulengweng ba rona mme gape le mo go ba ba leng kwa ntle?

◻ Go tsamaela ba ba kwa ntle ka botlhale go ka re thusa jang mo tirong ya rona ya go neela bosupi phatlalatsa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Kafa molemeng: Bakeresete ba boammaaruri kwa Fora ba thusa baagelani ba bone morago ga morwalela

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ditiro tsa bopelonomi jwa Bokeresete di ka nna le seabe se segolo mo go fediseng letlhoo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Bakeresete ba tshwanetse ‘ba iketleeletsa tiro nngwe le nngwe e e molemo’