Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang

Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang

Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang

KA Matlhatso, October 2, 1999, Pokano ya Ngwaga le Ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e ne ya konelwa ka kitsiso e e sa lebelelwang. Batho ba le 10 594 ba ba neng ba le gone kana ba golagantswe ka founo ba ne ba itumelela go utlwa gore go tsentswe maloko a masha a le manè mo Setlhopheng se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Maloko ano a masha, a botlhe e leng Bakeresete ba ba tloditsweng ke, Samuel F. Herd; M. Stephen Lett; Guy H. Pierce; le David H. Splane.

• Samuel Herd o ne a simolola tiro ya bobulatsela ka 1958, mme go tloga ka 1965 go ya go 1997, o ne a le mo tirong ya potologo le ya kgaolo. Morago ga moo, ene le mosadi wa gagwe, Gloria, e ntse e le maloko a lelapa la Bethele ya United States, koo Mokaulengwe Herd a ntseng a direla mo Lephateng la Tirelo. Gape o ne a ntse a thusa mo Komiting ya Tirelo.

• Stephen Lett o ne a simolola tiro ya bobulatsela ka December 1966, mme go tloga ka 1967 go ya go 1971, o ne a direla kwa Bethele ya United States. Ka October 1971, o ne a nyala mosadi wa gagwe, Susan, mme ba tsenela tirelo ya bobulatsela jo bo kgethegileng. Go tloga ka 1979 go ya go 1998, e ne e le molebedi wa potologo. Fa e sa le ka April 1998, ene le Susan e ntse e le maloko a lelapa la Bethele ya United States. O ne a direla mo Lephateng la Tirelo mme o ne a thusa Komiti e e Rutang.

• Guy Pierce o ne a godisa lelapa mme go tswa foo ene le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola tiro ya bobulatsela ka April 1982. O ne a direla e le molebedi wa potologo go tloga ka 1986 go fitlha ka 1997, fa ene le mosadi wa gagwe, Penny, ba ne ba nna maloko a lelapa la Bethele ya United States. Mokaulengwe Pierce o ne a ntse a thusa mo Komiting ya Badiri.

• David Splane o ne a simolola tiro ya bobulatsela ka September 1963. Ke moalogi wa setlhopha sa bo42 sa Gileade, o ne a direla e le morongwa kwa Senegal, mo Afrika, go tswa foo a direla dingwaga di le 19 mo tirong ya potologo kwa Canada. Ene le mosadi wa gagwe, Linda, ba ntse ba le kwa Bethele kwa United States fa e sa le ka 1990, koo Mokaulengwe Splane a neng a ntse a direla mo lephateng la Tirelo le la go Kwala. Fa e sa le ka 1998, o ntse a thusa mo Komiting e e Kwalang.

Mo godimo ga maloko a masha a manè, Setlhopha se se Laolang jaanong se na le C. W. Barber, J. E. Barr, M. G. Henschel, G. Lösch, T. Jaracz, K. F. Klein, A. D. Schroeder, L. A. Swingle, le D. Sydlik. Rotlhe re rapelela gore Jehofa a tswelele pele a segofatsa le go nonotsha Setlhopha se se Laolang, se jaanong se setseng se okeditswe, fa se ntse se tswelela pele se okamela ditiro tsa batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe le go ba neela dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng.