Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Neela Molaetsa o o Gomotsang Kwa Italy

Go Neela Molaetsa o o Gomotsang Kwa Italy

Re Mofuta o o Nang le Tumelo

Go Neela Molaetsa o o Gomotsang Kwa Italy

JEHOFA ke “Modimo wa kgomotso yotlhe.” Fa batlhanka ba gagwe ba leka go mo etsa, ba “kgon[a] go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano.” (2 Bakorintha 1:3, 4; Baefeso 5:1) Ke boikaelelo jo bongwe jo bogolo jwa tiro ya go rera e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa.

Go Thusa Mosadi yo o Tlhokang

Segolobogolo mo dingwageng tsa bosheng jaana, khumanego, ntwa le go eletsa go tshela botshelo jo bo botoka go ile ga dira gore batho ba le bantsi ba fudugele kwa dinageng tse di humileng thata. Mme ga go motlhofo go tlwaela lefelo le lesha. Manjola o ne a nna le Ba-Albania ba bangwe kwa Borgomanero. E re ka a ne a nna kwa Italy ka tsela e e seng ka fa molaong, o ne a etsaetsega go bua le Wanda, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, kgabagare Wanda o ne a beelana nako le Manjola, yo ka bonako fela a neng a kgatlhegela thata go ithuta Lefoko la Modimo, le mororo ba ne ba na le bothata jwa go sa utlwane ka puo.

Le fa go ntse jalo, fa Wanda a sena go mo etela makgetlho a le mmalwa, o ne a sa tlhole a fitlhela ope mo gae. Go diragetse eng? Wanda o ne a utlwa gore batho botlhe ba ba nnang mo ntlong eo ba tshabile ka gonne mongwe wa bone—lekau la ga Manjola—o ne a batliwa ka gonne a bolaile motho!

Dikgwedi di le nnè moragonyana, Wanda o ne a kopana gape le Manjola. Wanda o gakologelwa jaana: “O ne a setlhafetse e bile a otile, o ne a bonala e le motho yo o sotlegileng.” Manjola o ne a tlhalosa gore motho yo pele e neng e le lekau la gagwe o kwa kgolegelong le gore ditsala tse a neng a kopa thuso mo go tsone di mo swabisitse fela thata. Ka ntlha ya tlalelo, o ne a rapela Modimo gore a mo thuse. Go tswa foo o ne a gakologelwa Wanda, yo o neng a bua ka Baebele. A bo Manjola a ne a itumetse jang ne go mmona gape!

Thuto ya Baebele e ne ya tsweledisiwa pele, mme go ise go ye kae Manjola o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. O ne a kgona go bona tetla e e ka fa molaong ya go nna kwa Italy. Morago ga ngwaga, Manjola o ne a nna Mosupi yo o kolobeditsweng. E re ka a ne a gomodiwa ke ditsholofetso tsa Modimo, o boetse kwa Albania go ya go abela batho ba gagabo molaetsa o o gomotsang wa Baebele.

Go Neela Bosupi mo Kampeng ya Bafaladi

Diphuthego di le dintsi tsa Italy di dirile dithulaganyo tsa go neela bafaladi ba ba tshwanang le Manjola bosupi. Ka sekai, phuthego nngwe kwa Florence e ne ya dira dithulaganyo tsa go etela kampa ya bafaladi ka metlha. Batho ba ba nnang mo kampeng eo—ba bontsi jwa bone ba tswang kwa Yuropa Botlhaba, Macedonia le Kosovo—ba ne ba na le mathata a mantsi. Ba bangwe ba ne ba na le bothata jwa go dirisa diokobatsi le bojalwa. Ba le bantsi ba ne ba itlamela ka go utswa.

Go rera mo lefelong leno e ne e le kgwetlho. Le fa go ntse jalo, moreri wa nako e e tletseng yo o bidiwang Paola kgabagare o ne a kopana le Jaklina, mosadi yo o tswang kwa Macedonia. Fa ba sena go buisana makgetlho a sekae, Jaklina o ne a kgothaletsa tsala ya gagwe Susanna go tlhatlhoba Baebele. Susanna le ene o ne a bua le ba bangwe ba losika. Go ise go ye kae, ba le batlhano mo lelapeng leno ba ne ba ithuta Baebele ka metlha, ba nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme ba dirisa se ba se ithutileng. Le fa go na le mathata a ba tshwanetseng go lebana le one, ba gomodiwa ke Jehofa le Lefoko la gagwe.

Moitlami o Amogela Kgomotso e e Tswang Kwa go Jehofa

Kwa toropong ya Formia, moreri mongwe wa nako e e tletseng yo o bidiwang Assunta o ne a bua le mosadi mongwe yo o neng a na le bothata jwa go tsamaya ka thata. Mosadi yono e ne e le moitlami wa mokgatlho mongwe wa bodumedi o o thusang balwetse le ba ba bokoa mo mmeleng kwa dikokelong le kwa magaeng a bone.

Assunta o ne a raya moitlami yono jaana: “Le wena o a boga, a ga go jalo? Ka maswabi, rotlhe re tshwanetse go itshokela mathata mangwe.” Fa a rialo moitlami a thubega ka selelo mme a tlhalosa gore o ne a lwala fela thata. Assunta o ne a mo kgothatsa, a bolela gore Modimo wa Baebele o ka mo gomotsa. Moitlami yono o ne a amogela dimakasine tse di theilweng mo Baebeleng tse Assunta a neng a mo naya tsone.

Mo puisanong ya bone e e latelang, moitlami, yo leina la gagwe e leng Palmira, o ne a dumela gore o ntse a boga fela thata. O ntse nako e telele kwa setheong sa baitlami. Fa a ne a tshwanetse go tswa teng ka nakwana ka ntlha ya bolwetse, o ne a se ka a dumelelwa go boa. Le fa go ntse jalo, Palmira o ne a ikutlwa a itlamile mo Modimong ka maikano a a neng a a dira e le moitlami. O ne a ya kwa baphekoding gore ba “mo alafe” mme o ne a utlwisitswe botlhoko tota ke tiragalo eno. Palmira o ne a dumela go ithuta Baebele, mme o ne a nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka lobaka lwa ngwaga. Go tswa foo o ne a fudugela kwa lefelong le lengwe, mme Mosupi yono a se ka a tlhola a kopana le ene. Go ne ga feta dingwaga di le pedi pele Assunta a mmona gape. Palmira o ne a ganediwa thata ke ba lelapa la gagabo le moruti. Le fa go ntse jalo, o ne a tsweledisa thuto ya Baebele pele, a gatela pele mo semoyeng, mme a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Ee, batho ba le bantsi ba kgothadiwa ke molaetsa wa ‘Modimo yo o fang kgomotso.’ (Baroma 15:4, 5) Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba Italy ba iketleeditse go tswelela pele ba etsa Modimo ka go neela ba bangwe molaetsa wa gagwe o o itumedisang wa kgomotso.