Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmogisi o Bona Lesedi le Legolo

Mmogisi o Bona Lesedi le Legolo

Mmogisi o Bona Lesedi le Legolo

SAULO o ne a galefetse balatedi ba ga Jesu. E re ka a ne a sa kgotsofadiwa ke tsela e ba neng ba bogisiwa ka yone kwa Jerusalema, go akaretsa le go kgobotlediwa ga ga Setefane ka maje, jaanong o ne a batla go ba bogisa thata. “Ka a ne a santse a hema matshosetsi le polao ya ka boomo kgatlhanong le barutwa [Saulo] a ya kwa moperesiting yo o kwa godimo mme a mo kopa makwalo a a yang kwa disinagogeng kwa Damaseko, e le gore a tle a tlise mo Jerusalema lefa e le mang wa Tsela a bofilwe yo a neng a mmona, banna mmogo le basadi.”—Ditiro 9:1, 2.

Fa Saulo a ntse a atamela Damaseko, o tshwanetse a bo a ne a akanya gore o tlile go dira jang boikaelelo jwa gagwe ka katlego. Kwantle ga pelaelo taelo e a e neetsweng ke moperesiti yo mogolo e ne e tla mo thusa gore baeteledipele ba setšhaba se segolo sa Bajuda ba motse oo ba dirisane sentle le ene. Saulo o ne a tla batla gore ba mo thuse.

Boitumelo jwa ga Saulo bo tshwanetse jwa bo bo ne bo ya magoletsa fa a ntse a atamela kwa a yang gone. Loeto lwa go tloga kwa Jerusalema go ya kwa Damaseko—lo lo tsayang malatsi a le supa kana a le robedi ka maoto lwa dikilometara di ka nna 220—lo ne lo mo lapisitse. Ka tshoganyetso fela mo e ka nnang mo motshegareng wa sethoboloko, lesedi le le neng le phatsima go feta letsatsi le ne la phatsima go dikologa Saulo, mme a wela fa fatshe. O ne a utlwa lentswe le mo raya ka Sehebera le re: “Saulo, Saulo, o mpogisetsang? Go nna o ragakaka ditlhabi go a go thatafaletsa.” Saulo o ne a botsa jaana: “O mang, Morena?” Karabo ya re: “Ke nna Jesu, yo o mmogisang. Lefa go ntse jalo, tsoga mme o eme ka dinao. Gonne ke iponaditse kwa go wena ka ntlha ya seno, e le gore ke go kgethe jaaka motlhokomedi le mosupi wa dilo tse o di boneng mmogo le dilo tse ke tla dirang gore o di bone mabapi le nna; fa ke ntse ke go golola mo bathong bano le mo merafeng, e ke go romang kwa go yone.” Saulo o ne a botsa jaana: “Ke direng, Morena?” “Nanoga, tsena mo tseleng o ye mo Damaseko, mme koo o tla bolelelwa kaga sengwe le sengwe se o laoletsweng go se dira.”—Ditiro 9:3-6; 22:6-10; 26:13-17.

Ba ba neng ba tsamaya le Saulo ba ne ba utlwa lentswe, mme ba se ka ba bona motho yo o buang kana go tlhaloganya se a neng a se bua. Ka ntlha ya go phatsima mo gogolo ga lesedi, fa Saulo a tsoga ga a ka a bona mme o ne a tshwanelwa ke go gogwa ka seatla. “O ne a se ka a bona sepe ka malatsi a le mararo, e bile o ne a se ka a ja lefa e le go nwa.”—Ditiro 9:7-9; 22:11.

Malatsi a Mararo a go Tlhatlhanya

Saulo o ne a amogelwa sentle ke Judase, yo o neng a nna mo mmileng o o bidiwang Tlhamalalo. * (Ditiro 9:11) Mmila ono—o o bidiwang Darb al-Mustaqim ka Searabea—e sa ntse e le mmila o mogolo kwa Damaseko. Akanya fela gore ke eng se Saulo a neng a se nagana fa a le kwa legaeng la ga Judase. Tiragalo eno e ne ya foufatsa Saulo e bile o ne a tshogile. Jaanong o ne a na le nako ya go tlhatlhanya ka se e se bolelang.

Mmogisi o ne a lebana le se a neng a se tsaya e le selo se se sa utlwaleng. Morena Jesu Keresete yo o bapotsweng—yo o neng a nyadiwa ke balaodi ba bagolo ba Bajuda e bile “a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho”—o ne a tshela. Ebu, o ile a ba a amogelwa mo letsogong le legolo la Modimo mo “leseding le le sa ka keng la atamelwa”! Jesu e ne e le Mesia. Setefane le ba bangwe ba ne ba bolela boammaaruri. (Isaia 53:3; Ditiro 7:56; 1 Timotheo 6:16) Saulo o ne a le phoso tota, ka gonne Jesu o ne a iponatsa mo bathong ba Saulo a neng a ba bogisa! Saulo o ne a ka nnela go “ragakaka ditlhabi” jang, a ntse a bona bosupi? Tota le poo e e bodipa kgabagare e ineela go ya kwa mong wa yone a batlang e ya teng. Ka gone, fa Saulo a ne a sa dumalane le boikuelo jwa ga Jesu, o ne a tla bo a ikutlwisa botlhoko.

E re ka Jesu e ne e le Mesia, o ne a ka se ka a bo a ne a bonwe molato ke Modimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dumelela gore a boge loso lo lo tlhabisang ditlhong le go atlholwa ka katlholo eno ya molao: “Yo o pegilweng o hutsegile mo Modimong.” (Duteronome 21:23) Jesu o ne a swa a pegilwe mo koteng ya tlhokofatso. O ne a hutsegile, e seng ka ntlha ya maleo a gagwe, ka gonne o ne a se na boleo, mme ka ntlha ya go leofa ga batho. Moragonyana Saulo o ne a tlhalosa jaana: “Botlhe ba ba ikaegileng ka ditiro tsa molao ba mo phutsong; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Go hutsegile mongwe le mongwe yo o sa tsweleleng mo dilong tsotlhe tse di kwadilweng mo lokwalomomenong lwa Molao e le gore a di dire.’ Mo godimo ga moo, go a bonala gore ka molao ga go na ope yo o bolelwang e le yo o siameng mo Modimong . . . Keresete o ne a re golola ka theko mo phutsong ya Molao ka go nna phutso mo boemong jwa rona, ka gonne go kwadilwe ga twe: ‘Go hutsegile motho mongwe le mongwe yo o pegilweng mo koteng.’”—Bagalatia 3:10-13.

Setlhabelo sa ga Jesu se ne se rekolola. Ka go amogela setlhabelo seo, Jehofa o ne a kokotela Molao le phutso ya one mo koteng ka tsela ya tshwantshetso. Fa a sena go tlhaloganya ntlha eo, Saulo o ne a tlotlomatsa kota ya tlhokofatso e le ‘botlhale jwa Modimo’ e ‘mo Bajudeng e neng e le selo se se bakang go kgotšwa.’ (1 Bakorintha 1:18-25; Bakolosa 2:14) Ka jalo he, fa e le gore poloko e ne e sa bonwe ka ditiro tsa molao mme e le ka gore Modimo a neele baleofi ba ba jaaka Saulo bopelonomi jo bo sa tshwanelang, go raya gore e ne e bulegetse ba ba kwa ntle ga Molao. Mme Jesu o ne a roma Saulo go Baditšhaba.—Baefeso 3:3-7.

Ga re itse gore Saulo o ne a tlhaloganya seno go le kana kang ka nako ya fa a ne a sokologa. Jesu o ne a tshwanetse go bua le ene gape, gongwe go feta lekgetlho le le lengwe, ka tiro eno ya gagwe go baditšhaba. Mo godimo ga moo, go ne ga feta dingwaga di le dintsi pele Saulo a tlhotlhelediwa go kwala dilo tseno tsotlhe. (Ditiro 22:17-21; Bagalatia 1:15-18; 2:1, 2) Le fa go ntse jalo, go ne ga feta malatsinyana pele Saulo a amogela ditaelo tse dingwe tse di tswang kwa Moreneng wa gagwe yo mosha.

O Etelwa ke Ananiase

Fa Jesu a sena go bonala kwa go Saulo, o ne a bonala gape kwa go Ananiase, a mmolelela jaana: “Ya kwa mmileng o o bidiwang Tlhamalalo, mme kwa ntlong ya ga Judase o batle monna yo o bidiwang Saulo, yo o tswang kwa Tareso. Gonne, bona! o a rapela, mme mo ponatshegelong o bone monna yo o bidiwang Ananiase a tsena a ba a mmaya diatla gore a tle a kgone go bona gape.”—Ditiro 9:11, 12.

E re ka Ananiase a ne a itse Saulo, go a utlwala go bo a ne a gakgamalela mafoko ano a ga Jesu. O ne a re: “Morena, ke utlwile mo go ba le bantsi kaga monna yono, gore ke dilo tse di kana kang tse di utlwisang botlhoko tse a neng a di dira baitshepi ba gago kwa Jerusalema. Mme ke yo o na le taolo e e tswang kwa baperesiting ba bagolo ya go golega botlhe ba ba bitsang leina la gago.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela Ananiase jaana: “Tsena mo tseleng, ka gonne monna yono ke sejana se se kgethilweng mo go nna gore a sikarele leina la me kwa merafeng mmogo le kwa dikgosing le barweng ba Iseraele.”—Ditiro 9:13-15.

Fa Ananiase a sena go tlhomamisediwa jalo o ne a ya kwa atereseng e Jesu a neng a mo neela yone. Fa a sena go bona Saulo le go mo dumedisa, Ananiase a mmaya diatla. Pego e bolela jaana: “Mme ka yone nako eo ga wa mo matlhong a [ga Saulo] se se lebegang jaaka makape, mme a kgona go bona gape.” Jaanong Saulo o ne a ipaakanyeditse go reetsa. Mafoko a ga Ananiase a tlhomamisa se Saulo a ka tswang a ile a se tlhaloganya ka mafoko ano a ga Jesu: “Modimo wa borraaronamogologolwane o go kgethile gore o simolole go itse thato ya one le go bona Mosiami le go utlwa lentswe la molomo wa gagwe, ka gonne o tla nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe wa dilo tse o di boneng le tse o di utlwileng. Mme jaanong ke ka ntlha yang o diega? Nanoga, kolobediwa mme o tlhatswe maleo a gago ka gore o bitse leina la gagwe.” Go ne ga felela ka eng? Saulo o ne “a nanoga a kolobediwa, a ja dijo mme a bona nonofo.”—Ditiro 9:17-19; 22:12-16.

Fa Ananiase yo o ikanyegang a sena go diragatsa thomo ya gagwe, o ne a nyelela mo kgannyeng eno ka bonako fela jaaka a tsene, mme ga re tlhole re bolelelwa sepe ka ene. Mme le fa go ntse jalo, Saulo o ne a gakgamatsa botlhe ba ba neng ba mo utlwa! Motho yono yo e kileng ya bo e le mmogisi, yo o neng a tla mo Damaseko go tla go tshwara barutwa ba ga Jesu, o ne a simolola go rera mo disinagogeng le go supa gore Jesu ke Keresete.—Ditiro 9:20-22.

“Moaposetoloi mo Merafeng”

Se se diragaletseng Saulo mo tseleng e e yang kwa Damaseko se ne sa tlogedisa mmogisi yono ditsela tsa gagwe. E re ka Saulo a ne a itse Mesia, o ne a kgona go amanya Jesu le dikgopolo di le dintsi le dipolelelopele tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Go lemoga gore Jesu o iponaditse kwa go ene le ‘go mo tshwara’ a bo a mo roma e le “moaposetoloi mo merafeng” go ne ga fetola botshelo jwa ga Saulo fela thata. (Bafilipi 3:12; Baroma 11:13) Jaanong e le moaposetoloi Paulo, o ne a na le tshiamelo le taolo e e neng e tla tlhotlheletsa e seng fela botshelo jwa gagwe jotlhe mo lefatsheng mme gape le tsela ya hisitori ya Bokeresete.

Dingwaga moragonyana, fa go ne go ganetsanwa ka boaposetoloi jwa ga Paulo, o ne a femela taolo ya gagwe ka go bolela ka se se neng sa mo diragalela mo tseleng e e yang Damaseko. O ne a botsa jaana: “A ga ke moaposetoloi? A ga ke a bona Jesu Morena wa rona?” Mme fa a sena go bolela gore Jesu yo o tsositsweng o bonaditswe kwa go ba bangwe, Saulo (Paulo) o ne a bolela jaana: “Kwa bofelong a bonala le mo go nna jaaka e kete mo go yo o tsetsweng pele ga nako.” (1 Bakorintha 9:1; 15:8) E ne e kete Saulo o neilwe tlotlo ya go tsholwa, kana ya go tsosiwa mo baswing, ya go tsogela mo botshelong jwa semoya pele ga nako, ka ponatshegelo ya gagwe ya kgalalelo ya ga Jesu ya selegodimo.

Saulo o ne a lemoga tshiamelo e a nang le yone mme a leka ka natla gore a tshele go dumalana le yone. O ne a kwala jaana: “Nna ke mmotlana thata mo baaposetoloing, e bile ga ke a lekana go bidiwa moaposetoloi, ka gonne ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo. Mme . . . bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa [Modimo] jo bo neng bo le malebang le nna bo ne jwa se ka jwa supega e le lefela, mme ke ne ka dira ka natla go gaisa [baaposetoloi ba bangwe botlhe].”—1 Bakorintha 15:9, 10.

Gongwe jaaka Saulo o gakologelwa nako e o neng wa lemoga gore o ne o tshwanetse go fetola dikgopolo tsa bodumedi tse o neng o sa le o di ngaparetse e le gore o amogelwe ke Modimo. Kwantle ga pelaelo o ne wa lebogela thata gore Jehofa o go thusitse go tlhaloganya boammaaruri. Fa Saulo a ne a bona lesedi mme a lemoga se a neng a tshwanetse go se dira, o ne a se ka a etsaetsega go se dira. Mme o ne a tswelela pele a se dira ka tlhoafalo e bile a ikemiseditse go se dira mo botshelong jotlhe jwa gagwe mo lefatsheng. A bo e le sekao se se molemolemo jang ne sa botlhe ba ba eletsang go amogelwa ke Jehofa gompieno!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Mokanoki mongwe o akanya gore Judase o ka tswa a ne a le moeteledipele wa Bajuda ba lefelo leo kana mong wa ntlo ya baeng ya Bajuda.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Mmila o o bidiwang Tlhamalalo mo Damaseko ya segompieno

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo by ROLOC Color Slides