“Nnang lo Disitse”
“Nnang lo Disitse”
“Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.”—MATHAIO 24:42.
1. Batho ba ba sa bolong go nna batlhanka ba ga Jehofa ba ikutlwa jang malebana le dingwaga tse dintsi tse ba ntseng ba mo direla ka boineelo ka tsone? Umaka sekai sengwe.
BONTSI jwa batho ba ba nang le lobaka lo loleele e le batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba ithuta boammaaruri e sa ntse e le makawana le makgarebe. Baithuti bano ba ba tlhagafetseng ba Baebele ba ile ba iitatola mme ba neela matshelo a bone mo go Jehofa fela jaaka mmapatsi yo o neng a ribolola perela e e tlhotlhwakgolo mme a rekisa sotlhe se a nang naso gore a e reke. (Mathaio 13:45, 46; Mareko 8:34) Ba ikutlwa jang go bo ba ile ba tshwanelwa ke go leta lobaka lo loleele go feta ka fa ba neng ba solofetse ka teng e le gore ba bone maikaelelo a Modimo ka lefatshe a diragadiwa? Ga ba ikwatlhaele seo le eseng! Ba dumalana le Mokaulengwe A. H. Macmillan, yo morago ga go fetsa mo e ka nnang dingwaga tse 60 a direla Modimo ka boineelo a ileng a re: “Ke ititeile sehuba go feta lefa e le leng pele go tswelela pele mo tumelong ya me. Go ntirile gore ke itumelele go tshela. Go sa ntse go nthusa gore ke lebane le isagwe kwantle ga go boifa sepe.”
2. (a) Ke kgakololo efe e e tshwanelang e Jesu a neng a e neela balatedi ba gagwe? (b) Ke dipotso dife tse re tla di sekasekang mo setlhogong seno?
2 Go tweng ka wena? Le fa o ka tswa o na le dingwaga di le kae, akanya ka mafoko ano a ga Jesu: “Jalo, nnang lo disitse, ka gonne ga lo itse gore Morena wa lona o tla ka letsatsi lefe.” (Mathaio 24:42) Mafokonyana ao a na le boammaaruri jo bo botlhokwa tota. Ga re itse gore Morena o tla tla leng go tla go diragatsa katlholo mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo, e bile ga go tlhokege gore re itse. Mme gone, re tshwanetse go tshela ka tsela e re se kitlang re e ikwatlhaela fa go ka direga gore a fitlhe. Malebana le seno, ke dikai dife tsa mo Baebeleng tse di ka re thusang go nna re disitse? Jesu o ile a bontsha jang botlhokwa jwa seno? Mme ke bosupi bofe jo re nang le jone gompieno jo bo bontshang gore re tshela mo malatsing a bofelo a lefatshe leno le le boikepo?
Sekai Se se Re Tlhagisang
3. Batho ba le bantsi gompieno ba tshwana jang le ba motlha wa ga Noa?
3 Gompieno batho ba tshwana le banna le basadi ba motlha wa ga Noa ka dilo di le dintsi. Ka nako eo, lefatshe le ne le tletse ka thubakanyo, le tshekamelo ya pelo ya motho e ne e “le bosula ka metlha yotlhe.” (Genesise 6:5) Bontsi jwa bone ba ne ba amegile thata ka ditiro tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, pele Jehofa a tlisa Morwalela o mogolo, o ile a naya batho tshono ya go sokologa. O ile a laela Noa go rera, mme Noa a mo ikobela—a nna “moreri wa tshiamo” gongwe ka dingwaga di le 40 kana 50 kana go feta. (2 Petere 2:5) Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba itlhokomolosa tlhagiso ya molaetsa wa ga Noa. Ba ne ba sa disa. Ka gone, kwa bofelong, ke Noa fela le lelapa la gagwe ba ba ileng ba falola fa Jehofa a ne a diragatsa katlholo ya gagwe.—Mathaio 24:37-39.
4. Ke eng fa go ka twe bodiredi jwa ga Noa bo ile jwa atlega, mme ke eng fa go ka buiwa se se tshwanang le ka tiro ya gago ya go rera?
4 A bodiredi jwa ga Noa bo ile jwa atlega? Se bo atlhole go ya ka palo e potlana ya ba ba ileng ba bo tsibogela. Boammaaruri ke gore, tiro ya go rera ya ga Noa e ile ya diragatsa boikaelelo jwa yone le fa batho ba ka tswa ba ile ba e tsibogela ka tsela efe. Ka ntlha yang? Ka gonne e ile ya naya batho tshono e ntsi ya go itlhophela gore a ba batla go direla Jehofa kana nnyaa. Go tweng ka tshimo e o rerang mo go yone? Tota le fa go na le batho ba se kae fela ba ba tsibogang, o atlegile tota. Ka ntlha yang? Ka gonne ka tiro eno ya go rera, o itsise ditlhagiso tsa Modimo, mme ka gone, o dira tiro e Jesu a ileng a laela gore balatedi ba gagwe ba e dire.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.
Go Itlhokomolosa Baporofeti ba Modimo
5. (a) Ke maemo afe a a neng a aname mo Juda mo motlheng wa ga Habakuke, mme batho ba ne ba tsibogela molaetsa wa gagwe wa boporofeti jang? (b) Batho ba Juda ba ile ba bontsha jang gore ga ba beye baporofeti ba ga Jehofa sebete?
5 Makgolokgolo a dingwaga morago ga Morwalela, bogosi jwa Juda bo ile jwa lebana le mathata a magolo. Go ne ga anama kobamelo ya medingwana, kgatelelo, tota le dipolao. Jehofa o ile a roma Habakuke go ya go tlhagisa batho bano gore fa ba sa sokologe, ba ne ba tla welwa ke masetlapelo go tswa mo Bakaladieng, kana Bababelona. (Habakuke 1:5-7) Mme batho ba ne ba gana go reetsa. Gongwe ba ne ba re, ‘Ebu, makgolokgolo a dingwaga a a fetileng moporofeti Isaia o ile a bolela yone tlhagiso e e ntseng jaana mme ga go ise go direge sepe!’ (Isaia 39:6, 7) Bontsi jwa badiredibagolo ba Juda ba ne ba sa itlhokomolose molaetsa ono fela mme gape ba ne ba sa beye barongwa ba one sebete. Ka nako nngwe, ba ile ba leka go bolaya moporofeti Jeremia, mme ba ka bo ba ile ba atlega fa e ka bo e se ka Ahikame. Kgosi Jehoiakime o ile a laela gore Urija a kgemethwe ka gonne a ne a galefisiwa le ke molaetsa ono wa gagwe wa boporofeti.—Jeremia 26:21-24.
6. Jehofa o ile a nonotsha Habakuke jang?
6 Molaetsa wa ga Habakuke o ne o le bogale e bile o ilwa fela jaaka wa ga Jeremia, yo o neng a tlhotlheleditswe ke Modimo go bolelela pele gore Juda e ne e tla swafadiwa ka dingwaga di le 70. (Jeremia 25:8-11) Ka gone, re ka tlhaloganya gore ke eng fa Habakuke a ile a tlhaeletsa jaana a tlaletswe: “Jehofa, ke tlaa goa ka lobaka lo lo kae mme o ntse o gana go utlwa? Ke goele koo go wena ka ga bothubako, mme o gana go boloka.” (Habakuke 1:2) Jehofa o ile a araba Habakuke ka bopelontle ka mafoko ano a a nonotshang tumelo: “Ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.” (Habakuke 2:3) Ka jalo, Jehofa o ne a na le “lobaka lo lo laotsweng” lo ka lone a neng a tlile go fedisa tshiamololo le kgatelelo. Fa go ne go lebega e kete o a diega, Habakuke o ne a sa tshwanela go kgobega marapo, e bile a sa tshwanela go ngodiega. Go na le moo, o ne a tshwanetse go ‘nna a e letile’ a tshela ka go nna a letetse gore e tle nako nngwe le nngwe. Letsatsi la ga Jehofa ga le kitla le diega!
7. Ke eng fa Jerusalema e ile ya lebanwa ke tshenyego e nngwe gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?
7 Dingwaga di ka nna 20 morago ga gore Jehofa a bue le Habakuke, motsemogolo wa Juda e leng Jerusalema, o ne wa senngwa. Moragonyana o ile wa agiwa gape, mme bontsi jwa dilo tse di maswe tse di neng di ngomola Habakuke pelo di ne tsa baakanngwa. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., motse oo o ne o lebanwe gape ke go senngwa ka ntlha ya go se ikanyege ga batho ba one. Ka bopelotlhomogi, Jehofa o ne a rulaganya tsela ya gore batho ba ba dipelo di siameng ba falole. Mo lekgetlong leno, o ile a se ka a dirisa moporofeti ope yo mogolo go gaisa Jesu Keresete ka boene go isa molaetsa. Ka 33 C.E., Jesu o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, he itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. He a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.”—8. (a) Go ka tswa go ile ga direga eng ka Bakeresete bangwe fa nako e ntse e feta morago ga loso lwa ga Jesu? (b) Mafoko a ga Jesu a boporofeti jo bo malebana le Jerusalema a ile a diragadiwa jang?
8 Fa dingwaga di ntse di feta, Bakeresete bangwe ba Jerusalema ba ka tswa ba ile ba ipotsa gore boporofeti jwa ga Jesu bo ne bo tla diragadiwa leng. Tota e bile, akanya ka dilo dingwe tse bangwe ba bone ba ka tswang ba ile ba itima tsone. Gongwe ba ile ba gana go tsenela dikgwebo tse di neng di ka ba direla madi a mantsi ka gonne ba ne ba ikemiseditse go nna ba disitse. Fa nako e ntse e feta, a ba ile ba lapa? A ba ile ba swetsa ka gore ba itshenyetsa nako, ba akanya gore mafoko a ga Jesu a tla direga mo kokomaneng e e latelang e seng mo motlheng wa bone? Ka 66 C.E., boporofeti jwa ga Jesu bo ile jwa diragadiwa fa masole a Roma a ne a dikaganyetsa Jerusalema. Batho ba ba neng ba nna ba disitse ba ile ba lemoga sesupo, ba tshaba mo motseng mme ba namolwa fa Jerusalema e senngwa.
Go Bontsha Botlhokwa Jwa go Nna re Disitse
9, 10. (a)O ka sobokanya jang setshwantsho sa ga Jesu sa batlhanka ba ba neng ba letela mong wa bone go boa kwa lenyalong? (b) Ke eng fa go letela mong go ka tswa go ile ga nna boima mo batlhankeng? (c) Ke eng fa go ne go le molemo gore batlhanka ba nne pelotelele?
9 Fa Jesu a ne a gatelela botlhokwa jwa go nna re disitse, o ile a tshwantsha barutwa ba gagwe le batlhanka ba babedi ba ba neng ba letetse mong wa bone go boa kwa lenyalong la gagwe. Ba ne ba itse gore o tla boa bosigo bongwe—mme e ne e tla nna ka ura efe? A e ne e tla nna mo nakong ya tebelo ya ntlha? Ya bobedi? Ya boraro? Ba ne ba sa itse. Jesu o ile a re: “Fa [mong] a goroga ka tebelo ya bobedi, le eleng fa e le ka ya boraro, a ba a ba fitlhela ba le jalo [ba disitse], go itumela bone!” (Luke 12:35-38) Akanya fela kafa batlhanka bano ba neng ba letile ka tlhoafalo ka teng. Ga go pelaelo gore mokgwasanyana mongwe le mongwe, moritinyana mongwe le mongwe o ne o ba dira gore ba ipotse gore: ‘A ga se mongarona?’
10 Go tweng fa e le gore mong o ne a tla goroga ka nako ya tebelo ya bobedi ya bosigo, e e neng e simologa ka ura ya borobonngwe go fitlha bosigogare? A batlhanka botlhe, go akaretsa le ba ba ileng ba dira ka natla go tloga mo mosong ba ne ba tla fitlhelwa ba ipaakantse sentle go mo dumedisa, kana a bangwe ba ne ba tla fitlhelwa ba robetse? Go tweng fa e le gore mong o ne a tla boa ka nako ya tebelo ya boraro ya bosigo—nako ya go tloga bosigogare go fitlha mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong? A bangwe ba batlhanka ba ne ba tla kgobega marapo, le e leng go se itumelele go bo go lebega mong a diega? * Ke fela ba ba neng ba tla fitlhelwa ba disitse fa mong a goroga ba a neng a tla ba bolela ba itumetse. Ruri mafoko ano a Diane 13:12 a tla ba tshwanela: “Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo, mme motlhang seeletso se tlang e be e le setlhare sa botshelo.”
11. Thapelo e ka re thusa jang go nna re disitse?
11 Ke eng se se neng se tla thusa balatedi ba ga Jesu go nna ba disitse mo nakong e go neng go lebega a diega ka yone? Fa Jesu a ne a le kwa tshimong ya Gethesemane pele fela ga a tshwarwa, o ile a raya baaposetoloi ba gagwe ba bararo a re: “Nnang lo disitse mme lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se tsene mo thaelong.” (Mathaio 26:41) Dingwaga moragonyana, Petere, yo le ene a neng a le teng ka nako eo, o ile a neela Bakeresetekaene kgakololo e e tshwanang. O ile a kwala jaana: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Jalo, nnang lo itekanetse sentle mo mogopolong lo bo lo nne lo thantse malebang le dithapelo.” (1 Petere 4:7) Ga go pelaelo gore go rapela ka tlhoafalo e tshwanetse go nna selo se Mokeresete a se dirang ka metlha. Ee ruri, re tshwanetse go nna re lopa Jehofa go re thusa go nna re disitse.—Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 5:17.
12. Go fopholetsa go farologana jang le go nna re letile?
12 Ela tlhoko gore gape Petere o ile a re: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse.” Bo atametse go le kana kang? Ga go tsela epe e ka yone batho ba ka kgonang go tlhalosa ka tsela e e tlhomameng gore bo tla tla ka letsatsi kana ura efe. (Mathaio 24:36) Mme gone, go nnela go fopholetsa letlha le bokhutlo bo tla tlang ka lone, e leng selo se Baebele e sa se kgothaletseng, go farologana thata le go nna re lebeletse, e leng selo se e re kgothaletsang sone. (Bapisa 2 Timotheo 4:3, 4; Tito 3:9.) Ke tsela efe e e ka re thusang go nna re lebeletse bokhutlo? Ke ka go ela tlhoko thata bosupi jo bo bontshang gore bokhutlo bo gaufi. Ka gone, a re sekasekeng dilo tse thataro tse e leng bosupi jo bo bontshang gore re tshela mo malatsing a bofelo a lefatshe leno le le boikepo.
Dilo Tse Thataro Tse e Leng Bosupi jo bo Tlhatswang Pelo
13. Boporofeti jwa ga Paulo jo bo kwadilweng mo go 2 Timotheo kgaolo 3 bo go tlhatswa pelo jang gore re tshela mo “malatsing a bofelo”?
13 Sa ntlha, re bona boporofeti jwa ga moaposetoloi Paulo jo bo malebana le “malatsi a bofelo” bo diragala ka botlalo. Paulo o ile a kwala jaana: “Mo malatsing a bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng ka nitamo, ba ba se nang katamalano e e bothitho ya tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, basenyabathomaina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale bo tshabegang, ba ba se nang lorato lwa bomolemo, ba ba neelang batho ka boferefere, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone; mme bano o ba fularele. Mme batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba timetsa e bile ba timediwa.” (2 Timotheo 3:1-5, 13) A ga re bone boporofeti jono bo diragala mo motlheng wa rona? Batho ba ba itlhokomolosang dilo ke bone fela ba ba ka ganelang! *
14. Mafoko a Tshenolo 12:9 malebana le Diabolo a diragala jang gompieno, mme go tla tloga go direga eng ka ene?
14 Sa bobedi, re bona matswela a go lelekwa ga ga Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong, e le go diragadiwa ga Tshenolo 12:9. Re bala jaana mo go yone: “Kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o timetsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba gagwe ba piriganyediwa kwa tlase le ene.” Seno se ne sa bakela lefatshe mahutsana. Ke boammaaruri gore, go ile ga nna le mahutsana a le mantsi segolobogolo go tloga ka 1914. Mme boporofeti jwa Tshenolo bo oketsa ka gore, fa Diabolo a latlhelwa mo lefatsheng, o a itse gore “o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Mo nakong eno, Satane o tlhabantshana le balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete. (Tshenolo 12:17) Ruri re bone matswela a go ba tlhasela jalo mo motlheng wa rona. * Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae Satane o tla latlhelwa mo moleteng “gore a se ka a tlhola a timetsa merafe.”—Tshenolo 20:1-3.
15. Tshenolo 17:9-11 e re neela bosupi bofe jwa gore re tshela mo nakong ya bokhutlo?
15 Sa boraro, re tshela mo motlheng wa “kgosi” ya borobedi e bile e le ya bofelo e e umakiwang mo boporofeting jo bo kwadilweng mo go Tshenolo 17:9-11. Mo go yone moaposetoloi Johane o umaka dikgosi tse supa tse di emelang mebuso e supa e megolo ya lefatshe—Egepeto, Asiria, Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, Roma le mmuso o o maphata mabedi wa Maesemane le Maamerika. Gape o bona “kgosi ya borobabobedi” e “tswa mo go tse supa.” Kgosi eno ya borobedi—ya bofelo mo go tse Johane a di bonang—jaanong e emela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Johane o bolela gore kgosi eno ya bosupa “e ya tshenyegong,” mme morago ga yone ga go umakwe dikgosi dipe tsa lefatshe. *
16. Dintlha tse di diragatsang setshwantsho sa toro ya ga Nebukadenesare di bontsha jang gore re tshela mo malatsing a bofelo?
16 Sa bonè, re tshela mo motlheng o o tshwantshediwang ke maoto a setshwantsho sa toro ya ga Nebukadenesare. Moporofeti Daniele o ile a phutholola toro eno e e gakgamatsang ya setshwantsho se se boitshegang se se bopegileng jaaka motho. (Daniele 2:36-43) Dikarolo tse nnè tsa tshipi di emela dipuso tse di farologaneng tsa lefatshe, go tloga ka tlhogo (Mmusomogolo wa Babelona) go fitlha ka maoto le menwana (dipuso tse di busang gompieno). Dipuso tsotlhe tse di emelwang ke setshwantsho seno di setse di busitse. Re tshela mo nakong e e tshwantshediwang ke maoto a setshwantsho seno. Ga go umakwe dipuso dipe tse di sa ntseng di tla. *
17. Tiro ya rona ya go rera ka Bogosi e re naya bosupi bofe jo bo oketsegileng jwa gore re tshela mo nakong ya bokhutlo?
17 Sa botlhano, re bona go dirwa tiro ya go rera mo lefatsheng ka bophara, e Jesu a ileng a re e tla dirwa pele fela ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Jesu o ile a bolela jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Gompieno, boporofeti jono bo diragala ka selekanyo se bo iseng bo ko bo direge ka sone. Gone ke boammaaruri gore go na le ditshimo dingwe tse di iseng di berekwe mme go ka nna ga direga gore mo nakong e Jehofa a e tlhomileng go nne le tiro e ntsi e e sa ntseng e setse. (1 Bakorintha 16:9) Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bolele gore Jehofa o tla leta go fitlha motho mongwe le mongwe mo lefatsheng a neelwa bosupi ka namana. Go na le moo, dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa go fitlha Jehofa a kgotsofala. Ke gone bokhutlo bo tla tlang.—Bapisa Mathaio 10:23.
18. Go bonala go tla direga eng ka bangwe ba batlodiwa fa pitlagano e kgolo e simologa, mme re lemoga seno jang?
18 Sa borataro, palo ya barutwa ba ba tloditsweng ba mmatota ba ga Keresete e a fokotsega, le fa go bonala bangwe ba tla bo ba sa ntse ba le mo lefatsheng fa pitlagano e kgolo e simolola. Bontsi jwa masalela ba godile thata, mme fa dingwaga di ntse di ya palo ya ba e leng batlodiwa ba mmatota e ntse e a fokotsega. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a bua ka pitlagano e kgolo, o ile a bolela jaana: “Fa malatsi ao a ne a sa khutshwafadiwa, go ka bo go se na nama epe e e tla bolokwang; mme ka ntlha ya bakgethiwa malatsi ao a tla khutshwafadiwa.” (Mathaio 24:21, 22) Jalo he, go bonala fa bangwe ba “bakgethiwa” ba ga Keresete ba tla bo ba sa ntse ba le mo lefatsheng fa pitlagano e kgolo e simologa. *
Go Larile Eng Kwa Pele?
19, 20. Ke eng fa go le botlhokwa go feta le fa e le leng pele gore gone jaanong re nne re tsogile e bile re disitse?
19 Isagwe e re tsholetse eng? Go sa ntse go tlile go direga dilo tse di kgatlhang. Paulo o ile a tlhagisa 1 Bathesalonika 5:2, 3, 6) Ee ruri, batho ba ba ikanyang ditheo tsa batho gore e nne tsone tse di lereng kagiso le polokesego ba itlhokomolosa boammaaruri. Batho ba ba ntseng jalo ba thulametse!
gore “letsatsi la ga Jehofa le tla fela jaaka legodu bosigo.” O ile a bua jaana fa a bua ka batho ba go lebegang ba le botlhale go ya ka tsela ya lefatshe: “Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso ruri e tla ba wela ka ponyo ya leitlho.” Ke gone ka moo Paulo a kgothaletsang babadi ba gagwe jaana: “A re se nneng re robetse jaaka ba bangwe botlhe ba dira, mme a re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.” (20 Go senngwa ga tsamaiso eno ya dilo go tla tla ka tshoganyetso e kgolo. Ka gone, nna o letile letsatsi la ga Jehofa. Modimo ka boene o ile a raya Habakuke a re: “Ga e kitla e diega”! Ee ruri, ga go ise go ko go direge gore go nne botlhokwa jaana gore re nne re disitse.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 10 Mong o ne a sa beelana nako epe le batlhanka ba gagwe. Ka gone, o ne a sa tlhoke go ba bolelela gore o tla tsamaya leng le gore o tla boa leng e bile go ne go sa tlhokege gore a fitlhe a tlhalosetse batlhanka lebaka la go bo go bonala a diegile.
^ ser. 13 Go bona tlhaloso e e feletseng malebana le boporofeti jono, bona kgaolo 11 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
^ ser. 14 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
^ ser. 15 Bona Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, ditsebe 251-4.
^ ser. 16 Bona kgaolo ya 4 mo bukeng ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
^ ser. 18 Mo setshwantshong sa dinku le dipodi, Morwa motho o goroga a le mo kgalalelong ya gagwe ka nako ya pitlagano e kgolo mme a bo a nna mo setulong go atlhola. O atlhola batho go ikaegile ka gore a ba ile ba ema bomonnawe Keresete ba batlodiwa nokeng kana nnyaa. Go atlhola jalo go ne go se kitla go nna le bokao fa e le gore ka nako ya katlholo bomonnawe Keresete ba tla bo ba sa bolo go tswa mo lefatsheng botlhe.—Mathaio 25:31-46.
A o A Gakologelwa?
• Ke dikai dife tsa Dikwalo tse di ka re thusang go nna re disitse?
• Jesu o ile a bontsha jang botlhokwa jwa go nna re disitse?
• Ke dilo dife tse thataro tse e leng bosupi jwa gore re tshela mo malatsing a bofelo?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
A. H. Macmillan o ile a direla Jehofa ka boikanyegi mo e ka nnang ka masome a dingwaga a le marataro
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Jesu o ile a tshwantsha barutwa ba gagwe le batlhanka ba ba nnang ba disitse