Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Iteba Jang?

O Iteba Jang?

O Iteba Jang?

E NE e le monna yo o ikgodisang. E re ka a ne a filwe maemo a a kwa godimo mo pusong, o ne a ipelafatsa ka pako le tlotlo e a neng a e fiwa. Mme o ne a tenega thata fa molaodi yo mongwe a ne a gana go mo naya tlotlo eo. Ka go batla go ipusolosetsa, molaodi yo o boikgogomoso yono o ne a loga maano a go bolaya batho botlhe ba mmusomogolo oo ba e neng e le ba lotso lwa motho yo o mo kgopisitseng. A bo e ne e le boikutlo jo bo sa tshwanelang jang ne jwa gore motho a ipone a le botlhokwa!

Mologamaano yoo e ne e le Hamane, molaodimogolo wa lekgotla la Kgosi ya Peresia e bong Ahasueruse. Bobaba jwa gagwe bo bakilwe ke eng? Ke Mojuda mongwe yo o bidiwang Moretekai. Le mororo go batla ga ga Hamane go gaila morafe e ne e le go feteletsa dilo, go bontsha kotsi le ditlamorago tse di bosula tsa boikgogomoso. Moya wa gagwe wa boikgodiso ga wa ka wa bakela ba bangwe mathata fela mme gape o ile wa dira gore a tlhabisiwe ditlhong phatlalatsa mme kwa bofelong a bo a bolawe.—Esethere 3:1-9; 5:8-14; 6:4-10; 7:1-10.

Baobamedi ba Boammaaruri le Bone ba ka Nna le Boikgodiso

Jehofa o batla gore re ‘sepele ka boikokobetso le Modimo wa rona.’ (Mika 6:8) Baebele e na le dipego tse di farologaneng tsa batho ba ba ileng ba palelwa ke go nna ba iteba ka tsela e e tekatekano. Se se ile sa ba bakela mathata le bohutsana. Go sekaseka dingwe tsa dikai tseno go ka re thusa go bona boeleele le kotsi ya go akanya ka tsela e e sa lekalekaneng.

Tsela ya go akanya ya moporofeti wa Modimo e bong Jona e ne ya nna e e sa lekalekaneng mo e leng gore o ne a leka go tshaba fa a ne a romilwe go ya go tlhagisa batho ba ba boikepo ba Ninife ka katlholo ya ga Jehofa e e ba tlelang. (Jona 1:1-3) Moragonyana, fa tiro ya gagwe ya go rera e ne e kgonne go dira gore Baninife ba ikwatlhaye, Jona o ne a ngala. O ne a amegile thata ka boemo jwa gagwe jwa go nna moporofeti mo e leng gore matshelo a a diketekete a Baninife a ne a sa reye sepe mo go ene. (Jona 4:1-3) Fa ka tsela e e boikgogomoso re itsaya masisi thata go ka nna ga nna thata gore re nne le pono e e lekalekaneng le e e siameng ka batho le ka dilo tse di diragalang go re dikologa.

Akanya gape le ka Usia, yo e neng e ntse e le kgosi e e siameng ya Juda. Fa a simolola go nna le mogopolo o o sa lekalekanang, ka boikgodiso o ne a leka go itseela ditiro dingwe tsa boperesiti. Ka ntlha ya boikgodiso jwa gagwe le go ipagololela mogodu ga gagwe, o ne a latlhegelwa ke boitekanelo jwa gagwe le ke boemo jwa go amogelwa ke Modimo.—2 Ditirafalo 26:3, 16-21.

Go nna le pono e e sa lekalekanang go batlile go tsenya baaposetoloi ba ga Jesu mo kotsing. Ba ne ba amega thata ka go galalediwa le go nna le maatla. Fa nako ya teko e kgolo e tla, ba ne ba tlogela Jesu mme ba tshaba. (Mathaio 18:1; 20:20-28; 26:56; Mareko 9:33, 34; Luke 22:24) Go sa nne boikokobetso ga bone le go ipona botlhokwa thata go batlile go dira gore ba itlhokomolose maikaelelo a ga Jehofa le seabe se bone ba nang naso mo go direng go rata ga gagwe.

Ditlamorago Tse di Utlwisang Botlhoko Tsa fa Motho a Ipona a le Botlhokwa

Go iteba ka tsela e e sa lekalekaneng go ka re utlwisa botlhoko e bile go ka senya kamano ya rona le ba bangwe. Ka sekai, re ka nna ra bo re dutse mo phaposing mme re bo re bona batho bangwe ba babedi ba sebaseba e bile ba tshega. Fa re le batho ba ba ikakanyetsang rona fela, re ka nna ra akanya ka tsela e e sa tshwanelang gore ba tshega ka rona ka gonne ba buela kwa tlase. Mogopolo wa rona o ka nna wa dira gore re se ka ra akanya ka tlhaloso epe e sele ya se ba se dirang. Gone mme, ba tla bo ba bua ka mang o sele? Re ka nna ra kgopisega mme ra swetsa gore re ka se tlhole re bua le batho bao gape. Ka tsela eo go nna le mogopolo o o sa lekalekaneng ka botlhokwa jwa rona go ka dira gore go nne le go sa utlwane mme go senye botsalano jwa rona le ditsala, ba lelapa le ba bangwe.

Batho ba ba itsayang masisi thata ba ka nna baikgantshi, ba tlhola ba ikgantsha ka bokgoni jwa bone jo bogolo jo ba ka tswang ba na le jone, ditiro tsa bone kana dithoto tsa bone. Kana ba ka nna ba bo ba laola metlotlo, ba tlhola ba ntse ba bua ka sengwe ka bone ka bobone. Puo e e ntseng jalo e supa go tlhoka lorato lwa mmatota e bile e ka nna selo se se tenang thata. Ka jalo, batho ba ba mabela gantsi ba itlhaola mo bathong ba bangwe.—1 Bakorintha 13:4.

Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re ka nna ra sotliwa le go ganediwa mo bodireding jwa rona jwa phatlalatsa. Re tshwanetse go gakologelwa gore kganetso e e ntseng jalo totatota ga e a lebisiwa mo go rona ka namana mme e lebisitswe mo go Jehofa, yo e leng Motswedi wa molaetsa wa rona. Le fa go ntse jalo, go nna le pono e e sa tshwanelang ka botlhokwa jwa rona go ka nna ga dira gore go nne le ditlamorago tse di masisi. Dingwaga tse dintsi tse di fetileng, fa mokaulengwe mongwe a ne a tlhaselwa ka mafoko ke mong wa ntlo, o ne tsaya gore mong wa ntlo o tlhasela ene ka namana mme le ene a mo roga. (Baefeso 4:29) Morago ga foo, mokaulengwe yoo ga a ise a ko a tlhole a nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Ee, boikgodiso bo ka nna jwa re tlhotlheletsa gore re galefe fa re ntse re rera. A re lekeng gore le ka motlha re se ka ra letlelela gore seo se direge. Go na le moo, a ka boikokobetso re kope thuso ya ga Jehofa gore re anaanele tshiamelo ya rona ya go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete ka tsela e e tshwanetseng.—2 Bakorintha 4:1, 7; 10:4, 5.

Go nna le boikutlo jwa go ipona re le botlhokwa gape go ka dira gore re se ka ra amogela kgakololo e re e tlhokang thata. Dingwaga dingwe tse di fetileng kwa nageng nngwe ya kwa Amerika Bogare, mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a neela puo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mo phuthegong ya Bokeresete. Fa molebedi wa sekolo a mo neela kgakololo e e neng e batlile e le botlhokonyana, mosha yo o galefileng yono o ne a latlhela Baebele ya gagwe fa fatshe mme a tswa mo Holong ya Bogosi a gatela kwa godimo a ikaeletse gore a ka se tlhole a boa. Mme morago ga malatsi a sekae o ne a thiba boikgodiso jwa gagwe, a dira kagiso le molebedi wa sekolo, mme ka boikokobetso a amogela kgakololo ya gagwe. Fa nako e ntse e ya, lekawana leno le ne la gola la nna Mokeresete yo o godileng.

Go ikgodisa le go itsaya masisi thata go ka dira gore re senye kamano ya rona le Modimo. Diane 16:5 e tlhagisa jaana: “Mongwe le mongwe yo o pelo e e ikgodisang o sefedisapelo mo go Jehofa.”

Go Nna le Pono e e Lekalekaneng ya Kafa re Itebang ka Teng

Go phepafetse gore ga re a tshwanela go itsaya masisi thata. Gone mme, seno ga se reye gore ga re a tshwanela go nna masisi ka se re se dirang kana se re se buang. Baebele e bontsha gore balebedi, batlhanka ba bodiredi—totatota, botlhe mo phuthegong—ba tshwanetse go nna masisi. (1 Timotheo 3:4, 8, 11; Tito 2:2) Ka jalo, Bakeresete ba ka dira jang gore ba itebe ka tsela e e boikokobetso, e e lekalekaneng le e e masisi ba bo ba tswelela pele ba iteba jalo?

Baebele e re neela dikai tse dintsi tse di kgothatsang tsa batho ba ba ileng ba boloka pono e e lekalekaneng ya kafa ba itebang ka teng. Sekai se se tlhomologileng sa boikokobetso ke sa ga Jesu Keresete. Morwa Modimo o ne a tlogela boemo jwa gagwe jwa selegodimo jo bo galalelang mme a nna motho yo o ikokobeditseng mo lefatsheng ka go rata, e le gore a tle a dire go rata ga ga Rraagwe le go tlisetsa batho poloko. Le mororo a ile a tlhapadiwa, a sotliwa a bo a swa loso lo lo tlhabisang ditlhong, o ne a nna a ikgapile e bile a na le seriti. (Mathaio 20:28; Bafilipi 2:5-8; 1 Petere 2:23, 24) Jesu o ne a kgona jang go dira seno? O ne a ikaegile ka botlalo ka Jehofa mme a ititeile sehuba go dira go rata ga Modimo. Jesu o ne a ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, a rapela ka tlhoafalo e bile a dira ka natla mo bodireding. (Mathaio 4:1-10; 26:36-44; Luke 8:1; Johane 4:34; 8:28; Bahebera 5:7) Go latela sekao sa ga Jesu go ka re thusa go tlhagolela le go boloka pono e e lekalekaneng ya kafa re itebang ka teng.—1 Petere 2:21.

Akanya gape ka sekao se se molemo sa ga Jonathane morwa Kgosi Saule. E re ka rraagwe a ile a se ka a nna kutlo, Jonathane o ne a latlhegelwa ke tshono ya go tlhatlhama Saule e le kgosi. (1 Samuele 15:10-29) A Jonathane o ne a galefa ka ntlha ya se se mo latlhegetseng? A o ile a fufegela Dafide, lekawana le le neng le tshwanetse go busa mo boemong jwa gagwe? Le mororo Jonathane a ne a le mogolo thata gongwe e bile a na le maitemogelo a mantsi go gaisa Dafide, ka boingotlo le ka boikokobetso o ne a tsamaisana le thulaganyo ya ga Jehofa mme a ema Dafide nokeng ka boikanyegi. (1 Samuele 23:16-18) Fa re tlhaloganya sentle gore go rata ga Modimo ke eng e bile re iketleeditse go ineela go go dira, go tla re thusa gore ‘re se ka ra ikgopola bobe go feta kafa go tlhokegang go akanya ka gone.’—Baroma 12:3.

Jesu o ne a ruta ka botlhokwa jwa go bontsha boingotlo le boikokobetso. O ne a supa seno ka go bolela gore fa barutwa ba gagwe ba le kwa moletlong wa lenyalo, ba se ka ba tsaya “lefelo le le tlhomologileng thata” ka gonne mongwe yo o tlhomologileng thata a ka nna a fitlha ba bo ba ngotlafadiwa ka go isiwa kwa lefelong le le kwa tlase thata. Fa Jesu a dira gore thuto eno e utlwale sentle, o ne a oketsa jaana: “Gonne mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Luke 14:7-11) Re tla bo re le botlhale go tsaya tsia kgakololo ya ga Jesu le go ‘ikapesa ka kgobalalo ya mogopolo.’—Bakolosa 3:12; 1 Bakorintha 1:31.

Masego a go Nna le Pono e e Lekalekaneng

Go nna le moya wa boingotlo le wa boikokobetso go thusa batlhanka ba ga Jehofa gore ba bone boipelo jwa mmatota mo bodireding jwa bone. Bagolwane ba atamelesega motlhofo fa ka boikokobetso ba “tshwara letsomane ka tlekeetso.” (Ditiro 20:28, 29) Mme fa ba dira jalo botlhe mo phuthegong ba tla ikutlwa ba gololesegile go bua le bone le go kopa thuso ya bone. Ka tsela eo phuthego e ka kitlanngwa ka moya wa lorato, le boikanngo.

Go sa itseye masisi thata go re thusa gore re dire ditsala tse di molemo. Boingotlo le boikokobetso bo tla re thusa gore re se ka ra nna le moya wa go gaisana le go leka go gaisa ba bangwe ka ditiro kgotsa ka dilo tse di bonalang. Dinonofo tseno tsa bomodimo di tla thusa go dira gore re nne batho ba ba akanyetsang ba bangwe thata mme ka tsela eo re tla bo re le mo boemong jo bo botoka go gomotsa le go ema nokeng ba ba tlhokang seo. (Bafilipi 2:3, 4) Fa batho ba amiwa ke lorato le bopelonomi, gantsi ba arabela sentle. A mme kamano e e ntseng jalo ya bopelotshweu e ka se ka ya nna yone motheo o go ka agiwang botsalano jo bo nonofileng mo go one? A bo seo e le tshegofatso e kgolo jang ne ya go sa itseye masisi thata le go nna boingotlo!—Baroma 12:10.

Go nna le pono e e lekalekaneng ya kafa re itebang ka teng gape go dira gore go nne motlhofo gore re dumele phoso ya rona fa re ile ra kgopisa mongwe. (Mathaio 5:23, 24) Se se dira gore go nne le botsalano jo bo botoka, jo bo dirang gore go nne le go letlana le go tlotlana. Fa ba ba leng mo maemong a bolebedi, jaaka bagolwane ba Bakeresete e le batho ba ba boikokobetso le ba ba boingotlo, ba na le tshono ya gore ba direle ba bangwe molemo o mogolo. (Diane 3:27; Mathaio 11:29) Go motlhofo thata mo mothong yo o boikokobetso gore a itshwarele batho ba ba mo leofelang. (Mathaio 6:12-15) A ka se ka a feteletsa dilo a akanya gore o a tlhokomologiwa, mme o tla ikanya Jehofa gore o tla baakanya dilo tse di sa kgoneng go baakanyega ka tsela epe e nngwe.—Pesalema 37:5; Diane 3:5, 6.

Tshegofatso e kgolo go di gaisa tsotlhe e re ka nnang nayo ka ntlha ya go nna boingotlo le boikokobetso ke ya gore re tla ratwa le go amogelwa ke Jehofa. “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (1 Petere 5:5) A le ka motlha re se ka ra wela mo serung sa go akanya gore re botoka go na le kafa tota re ntseng ka teng. Go na le moo, a re amogele boemo jo re nang najo mo thulaganyong ya dilo ya ga Jehofa. Botlhe ba ba dirang se a se batlang e leng ‘go tsamaya ka boikokobetso le Modimo,’ ba letetswe ke masego a magolo.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Jonathane o ne a ema Dafide nokeng ka boikokobetso