Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Ka Kgona go Itse Isagwe!

O Ka Kgona go Itse Isagwe!

O Ka Kgona go Itse Isagwe!

Batho ba le bantsi ba akanya ka tsela e e masisi ka isagwe. Ba rata go dira dithulaganyo, go beeletsa madi ka botlhale le go ikutlwa ba babalesegile. A mme go na le tsela e ka yone motho a ka tlhomamisegang ka se se tla diragalang mo isagweng?

KA MAITEKO a go batla go itse, batho ba ile ba leka dilo tsa mefuta yotlhe. Ka sekai, borasaense ba loago ba go tweng ke baitseanape ba isagwe ba sekaseka mekgwa e e teng gone jaanong ba bo ba thaya dipolelelopele tsa bone mo go yone. Baitseanape ba ikonomi le bone ba dira jalo mo tirong ya bone. Balepadinaledi le baitseanape bone ba ikaegile ka dihorosekoupo le dikgolokwe tsa keresetale le masaitseweng mme go na le batho ba bantsi ba ba ba dumelang. Molepadinaledi wa Mofora e bong Nostradamus o sa ntse a ratiwa thata, le mororo a setse a sule makgolokgolo a dingwaga.

Batho bano botlhe ba ba ipitsang baporofeti ba ile ba itshupa ba sa ikanyege e bile ba swabisa thata. Ka ntlha yang? Ka gonne ba itlhokomolosa Jehofa Modimo le Lefoko la gagwe e leng Baebele. Ka ntlha ya seo ba palelwa ke go araba dipotso tsa motheo tse di jaaka tseno: ‘Ke eng fa nka tlhomamisega gore dilo tse di boleletsweng pele mo Baebeleng di tla diragala? Di tsamaisana jang le se Modimo a se ikaeletseng ka batho? Nna le ba lelapa la me re ka solegelwa molemo jang ke boporofeti jono?’ Baebele e araba dipotso tseno.

Boporofeti jwa Baebele bo gaisa boporofeti bo sele gape ka ditsela tse dingwe tse dintsi. Go farologana le dipolelelopele tsa bolepadinaledi, bo letla mongwe le mongwe go nna le kgololesego ya go itlhophela se a se batlang. Ka jalo, ga go na ope yo o laolwang ke tlholelo. (Duteronome 30:19) Mekwalo e e jaaka ya ga Nostradamus e ne e sa bue sepe ka boitsholo mme e leka go bipa seno ka masaitseweng le ka go ama maikutlo a batho. Mme boporofeti jwa Baebele bo na le motheo o o nonofileng wa boitsholo. E tlhalosa lebaka la go bo Modimo a tla dira se a ikaeletseng go se dira. (2 Ditirafalo 36:15) Mme boporofeti jwa ga Jehofa bo ka se ka jwa palelwa ke go diragadiwa, ka gonne ‘Modimo o ka se ka wa aka.’ (Tito 1:2) Ka jalo, batho ba ba kaelwang ke Lefoko la Modimo ba tshela botshelo jo bo nang le lesedi, jo bo nang le bokao le jo bo itumetseng kwantle ga gore ba senye nako le dilo tsa bone tse di botlhokwa ka go batla dilo tse di sa reng sepe.—Pesalema 25:12, 13.

Dintlha tseno le tse dingwe tse dintsi di ile tsa sekasekiwa kwa Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa Basupi ba ga Jehofa tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti” tsa 1999/2000 tse di neng di tshwerwe mo lefatsheng lotlhe. Dipuo, dipotsolotso, dipontsho le terama ya Baebele di ile tsa lemotsha bareetsi boswa jwa semoya jo batho ba ba ithutang le go dirisa lefoko la Modimo la boporofeti ba nang le jone. Setlhogo se se latelang se tla boeletsa dintlhakgolo dingwe tse di itumedisang tsa kopano.