Go Atlega ka go Itshoka
Go Atlega ka go Itshoka
GOMPIENO boitshoko e setse e le selo se se botlhokwa mme se bonwa sewelo fela. Batho ba le bantsi ba dumela gore go atlega go ikaegile thata ka gore motho a bo a le mo lefelong le le tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng e seng ka gore a itshoke. Ke mang yo o ka ba bayang molato? Metswedi ya dikgang e na le meano e mentsi e ka tsela e e sa bonaleng e nayang batho kgopolo ya gore o ka bona mo e ka nnang sengwe le sengwe se a se batlang ka go dira maitekonyana a a sa reng sepe le ka madinyana a a oketsegileng fela. Makwalodikgang a tlhalosa dikgang tse dintsintsi tse di bolelang ka batho ba ba ileng ba atlega ka bonako le basha ba ba botlhale ba ba sa tswang go fetsa sekolo ba ba nnang borakgwebo ba ba humileng thata ba ba dirang diranta di le dimilionemilione.
Mokwalakgang Leonard Pitts o ngongorega jaana: “Mo setšhabeng se se amegang thata ka go batla go bonwa, seo se lebega se le motlhofo thata. . . . Go lebega jaaka sengwe se mongwe le mongwe a ka kgonang go se dira fa fela a ka tlhaloganya leano la teng, a na le bokgoni kana a bone thuso e e tswang kwa Modimong.”
Boitshoko ke Eng?
Go itshoka go raya go ‘ngangatlela le go tshwarelela mo boikaelelong bongwe, mo boemong kana mo tirong nngwe go sa kgathalesege dikgoreletsi kana dipoelomorago tse o ka tswang o na le tsone.’ Go raya go tswelela pele o ititeile sehuba le fa o na le mathata, go nitama, o sa itlhoboge. Baebele e gatelela botlhokwa jwa nonofo eno. Ka sekai, Lefoko la Modimo le kgothaletsa jaana: “Jalo, nnang lo senke pele bogosi,” “nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa,” “tshwarelelang mo thapelong” mme “ngangatlelang se se molemomogolo.”Mathaio 6:33; Luke 11:9; Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 5:21.
—Karolo e e botlhokwa ya boitshoko ke go kgona go emelana le dipoelomorago tse o sa kgoneng go di tila. Diane 24:16, (NW) e bolela jaana: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.” Go na le go ‘latlha seditse’ fa a kopana le mathata kana a palelwa, motho yo o nang le boitshoko ‘o a tsoga,’ ‘o nna a tswelela pele,’ mme a leke gape.
Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ga ba a ipaakanyetsa mathata le ditlhaelo tse ba ka kopanang natso. E re ka ba ise ba ko ba tlwaele go itshoka, ba itlhoboga ka bonako. Mokwadi mongwe e bong Morley Callaghan o bolela jaana: “Batho ba le bantsi ba tsibogela go palelwa ga bone ka tsela e e ba utlwisang botlhoko. Ba ikutlwela botlhoko, ba pega mongwe le mongwe molato, ba a galefa . . . e bile ba a itlhoboga.”
Seno se a swabisa. Pitts o tlhalosa jaana: “Re lebala gore go na le lebaka la go bo re lekwa, go na le molemo mongwe o o ka bonwang fa re welwa ke bomadimabe.” Molemo oo ke eng? O konela jaana: “[Motho] o ithuta gore go palelwa ga go bolaye, e bile go fenngwa ga go nnele ruri. O nna le temogo. Motho o nna le boitemogelo.” Baebele e tlhalosa seno ka tsela e e motlhofo jaana: “Letsapa la mofuta mongwe le mongwe le solegela molemo.”—Diane 14:23, NW.
Gone mme, go tswelela pele fa o sena go boela morago ga go motlhofo ka metlha. Ka dinako tse dingwe re lebana le dikgwetlho tse go ka tswang go lebega go sena maiteko ape a re a dirang a a di kgonang. Go na le gore re nne gaufi le go fitlhelela mekgele ya rona, go ka nna ga lebega e kete e nna e ntse e boela morago. Re ka nna ra ikutlwa re tlaletswe, re sa kgone mme ra ba ra kgobega marapo tota le e leng go ngomoga pelo. (Diane 24:10) Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa jaana: “A re se leseng go dira se se molemomogolo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”—Bagalatia 6:9.
Ke Eng Se se Ka re Thusang go Itshoka?
Kgato ya ntlha ya go itshoka mo tseleng e re e tlhophileng ke go ipeela mekgele e e tshwanelang e bile e le e re ka kgonang go e fitlhelela. Ga go pelaelo gore moaposetoloi Paulo o ne a tlhaloganya seno. O ne a bolelela Bakorintha jaana: “Tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege; tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke e le gore ke se ka ka itaya moya wa loapi.” Paulo o ne a itse gore fa e le gore o batla gore maiteko a gagwe a atlege, o tshwanetse go nna le mekgele e e tlhomameng, jaaka mosiani yo o tlhomileng mogopolo wa gagwe mo go reng a fitlhe kwa bofelong jwa lobelo. O ne a ba kgothatsa jaana: “A ga lo itse gore basiani mo lobelong botlhe ba a siana, mme ke a le mongwe fela yo o amogelang sekgele? Sianang ka tsela ya gore lo se gape.” (1 Bakorintha 9:24, 26) Re ka dira seno jang?
Diane 14:15 ya re: “Senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” Go botlhale gore nako le nako re nne re sekaseka maikaelelo a rona mo botshelong, re ipotse gore re ya kae le gore a go tlhokega gore re dire diphetogo. Go botlhokwa gore re itse sentle gore re batla go fitlhelela eng mme ka lebaka lefe. Re ka se ka ra itlhoboga ka bonako fa e le gore re na le pono e e tlhomameng mo mogopolong wa rona ya gore re ya kae tota. Seane se se tlhotlheleditsweng se kgothatsa jaana: “A matlho a gago a lebele kwa pele, . . . [gore] ditselana tsotlhe tsa gago di tlhomamisiwe.”—Diane 4:25, 26.
Fa o setse o bone gore mekgele ya gago ke eng, kgato e e latelang ke gore o bone gore o dire jang gore o e fitlhelele. Jesu o ne a botsa jaana: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a ba a bala tshenyegelo?” (Luke 14:28) Moitse mongwe wa tsa botsogo jwa tlhaloganyo o ne a bolela jaana tumalanong le molaomotheo ono: “Sengwe sa dilo tse ke di lemogileng ka batho ba ba atlegang ke gore ba tlhaloganya sentle gore selo se ba se dirang se amana jang le botshelo jwa bone. Batho ba ba atlegang ba tlhaloganya gore fa e le gore ba batla sengwe, ba tshwanetse go dira dilo tsotlhe tse di tlhokegang gore ba tle ba se bone.” Go tlhaloganya dikgato tsotlhe tse re tlhokang go di tsaya gore re tle re fitlhelele se re se batlang go tla re thusa gore re nne re tsepame. Gape go tla dira gore go nne motlhofo gore re boe re eme gape fa re ka nna le poelomorago. Go itshekatsheka jalo e nnile sone selo sa konokono se se ileng sa dira gore Orville le Wilbur Wright ba atlege.
Ka jalo, fa o nna le dipoelomorago, leka ka thata gore o di lebe ka tsela e e tshwanetseng le gore e nne boitemogelo jo o ithutang sengwe mo go jone. Sekaseka boemo, lemoga gore o ile wa dira phoso kae mme morago ga foo o bo o baakanya phoso kana o alafa bokoa jo o nang najo. Go a thusa go bua le batho ba bangwe, ka gore “boikaelelo bongwe le bongwe bo tlhomamisiwa ke kgakololano.” (Diane 20:) Gantsi, maiteko mangwe le mangwe a o a dirang a dira gore o nne le boitemogelo le botswerere jo bo oketsegileng, mme kgabagare go tla go thusa gore o atlege. 18
Karolo ya boraro e e botlhokwa ya boitshoko ke go tswelela pele o dira. Moaposetoloi Paulo o re kgothatsa jaana: “Go ya bokgakaleng jo re dirileng kgatelopele mo go jone, a re tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo ka one mokgwa ono.” (Bafilipi 3:16) Jaaka fa morutisi mongwe a ile a tlhalosa, “fa nako e ntse e ya, tekatekano le go tlhoafalela selo se o se dirang go dira gore go nne le matswela a magolo.” Seno se supiwa sentle ke kinane e e itsegeng thata ya ga Aesop e e buang ka khudu le mmutla. Khudu e ile ya fenya kgaisano ya lobelo, le mororo e ne e le bonya thata go feta mmutla. Ka ntlha yang? Ka gonne khudu e ile ya dira dilo ka tsela e e tlhomameng le e e siameng. Ga ya ka ya tlogela mme e ile ya tlhopha lobelo lo e ka lo kgonang mme go tswa foo ya tlhomama mo go lone go fitlha e feta molelwane wa kgaisano. E re ka motho yo o nang le thulaganyo, yo o tlhomameng a tswelela go gatela pele, o nna a ntse a tlhotlheletsega mme ka jalo ga se gantsi go ka diregang gore a tlogele kana a ntshiwe mo kgaisanong ya lobelo. Ee, ‘siana ka tsela ya gore’ o fitlhelele mokgele wa gago.
Go Tlhopha Mekgele e e Molemo
Gone ke boammaaruri gore, e le gore boitshoko bo tle bo nne le molemo mongwe, re tlhoka go nna le mekgele e e mosola. Batho ba le bantsi ba kgaratlhela dilo tse di sa lereng boitumelo. Mme Baebele e tlhalosa jaana: “Yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng o e leng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one . . . o tla itumela mo go o direng ga gagwe.” (Jakobe 1:25) Ee, go ithuta gore o tlhaloganye molao wa Modimo jaaka o tlhalosiwa mo Baebeleng ke mokgele o o molemo tota. Ka ntlha yang? Se se botlhokwatlhokwa ke ka go bo molao wa Modimo o theilwe mo ditekanyetsong tsa gagwe tse di itekanetseng, tse di siameng. E re ka e le Mmopi, o itse se se tla solegelang dibopiwa tsa gagwe molemo. Ka jalo, fa re ganelela go ithuta ditaelo tsa Modimo mme re di dirisa mo matshelong a rona, go ganelela go dira jalo go tla re leretse boitumelo tota. Diane 3:5, 6 e solofetsa jaana: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago . . . Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.”
Mo godimo ga moo, Jesu a re, go itse Modimo le Jesu go “raya botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 17:3) Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore re tshela mo “malatsing a bofelo” a tsamaiso eno. (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-13) Go ise go ye kae Bogosi jwa Modimo, e leng mmuso wa gagwe wa tshiamo, o tla tlhomamisa puso ya one mo baaging ba lefatshe. (Daniele 2:44; Mathaio 6:10) Puso eno e tla tlisetsa batho botlhe ba ba kutlo motlha o o iseng o ke o nne teng pele wa kagiso, katlego le boitekanelo. (Pesalema 37:10, 11; Tshenolo 21:4) Ditiro 10:34 ya re: “Modimo ga o tlhaole.” Ee, mongwe le mongwe o lalediwa gore a tle go ipelela melemo eno!
Baebele ke buka ya bogologolo e e nang le botlhale le bokao jo bontsi. Gore motho a e tlhaloganye go tlhoka nako le maiteko. Mme ka thuso ya Modimo—le fa re tswelela re batla kitso ya yone—re tla kgona go e tlhaloganya. (Diane 2:4, 5; Jakobe 1:5) Gone mme, go dirisa se re se ithutang e ka nna kgwetlho. Re ka nna ra bo re tlhoka go dira diphetogo mo tseleng e re akanyang ka yone kana mo dilong tse re di tlwaetseng. Ditsala kana ba lelapa ba ba ka tswang ba na le maitlhomo a a siameng ba ka nna ba re ganela go ithuta Baebele. Ka jalo, go botlhokwa go itshoka. Moaposetoloi Paulo o re gakolola gore Modimo o tla naya batho ba ba bontshang “boitshoko mo tirong e e molemo,” botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 2:7) Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go thusa go fitlhelela mokgele ono.
Tlhomamisega gore o tla atlega fa o tswelela pele o ithuta ka Modimo le ka thato ya gagwe o bo o tlhoafalela go dirisa se o se ithutang.—Pesalema 1:1-3.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
O tla atlega fa o tswelela pele o ithuta ka Modimo le ka thato ya gagwe
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Culver Pictures