Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ga a Kitla a Diega

Jehofa ga a Kitla a Diega

Jehofa ga a Kitla a Diega

“Le fa [ponatshegelo e ka] diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.”—HABAKUKE 2:3.

1. Batho ba ga Jehofa ba ile ba ititaya sehuba jang, mme seno se ile sa ba tlhotlheletsa go dira eng?

“KE TLA nna ke eme mo lefelong la me la go lebelela.” Ke se moporofeti wa Modimo Habakuke a neng a ikemiseditse go se dira. (Habakuke 2:1NW) Batho ba ga Jehofa ba lekgolo la bo20 la dingwaga le bone ba ile ba ititaya sehuba jalo. Ka gone, ka botlhaga ba ile ba tsibogela boikuelo jono jo bo neng jwa dirwa kwa kopanong e e sa lebalegeng ya September 1922: “Motlha ono ke motlha o o e gaisang yotlhe. Bonang, Kgosi e a busa! Lo baemedi ba yone ba ba e itsiseng batho. Ka gone, itsiseng, itsiseng, itsiseng, Kgosi le bogosi jwa yone.”

2. Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba sena go boa ba nna tlhaga gape morago ga Ntwa ya Lefatshe I, ke eng se ba neng ba ka se itsise?

2 Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, Jehofa o ne a tsosolosa masalela a batlodiwa gore a boe a nne tlhaga gape. Mongwe le mongwe wa bone o ne a ka bua jaana jaaka Habakuke: “Ke tla nna ke eme mo godimo ga lorako lwa phemelo; gape ke tla nna ke lebeletse, go bona gore o tla bua eng ka nna.” Mafoko a Sehebera a a ranolwang e le “lebelela” le “disa” a boaboelediwa thata mo dipolelelopeleng tse dintsi.

“Ga e Ketla e Diega”

3. Ke eng fa re tshwanetse go nna re disitse?

3 Gompieno fa Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba itsise batho tlhagiso e e tswang kwa Modimong, ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng go sekegela tsebe mafoko ano a boporofeti jo bogolo jwa ga Jesu: “Nnang lo disitse, gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng, e ka ne e le maitseboa kgotsa bosigogare kgotsa fa mokoko o lela kgotsa go sa le phakela; e le gore fa a goroga ka tshoganyetso, a se lo fitlhele lo robetse. Mme se ke se lo rayang ke se raya botlhe, Nnang lo disitse.” (Mareko 13:35-37) Jaaka Habakuke, re tshwanetse go nna re disitse go dumalana le mafoko a ga Jesu!

4. Maemo a rona a tshwana jang le a Habakuke a neng a le mo go one mo e ka nnang ka 628 B.C.E.?

4 Habakuke a ka tswa a ile a wetsa go kwala buka ya gagwe mo e ka nnang ka 628 B.C.E., le e leng pele ga Babelona e nna puso e kgolo e e laolang lefatshe. Go ile ga feta dingwaga tse dintsi dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le motse wa motlhanogi wa Jerusalema di ntse di bolelwa. Le fa go ntse jalo, go ne go se na sesupo sepe se se tlhamaletseng sa gore katlholo eo e ne e tla diragadiwa leng. Ke mang yo o neng a ka dumela gore e ne e saletswe ke dingwaga di le 21 fela gore e diragadiwe le gore Jehofa o ne a tlile go dirisa Babelona go nna ene modiragatsakatlholo? Le gompieno ga re itse ‘letsatsi le ura’ tse di beetsweng bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, mme gone, Jesu o ile a re tlhagisa jaana go sa le gale: “Itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”—Mathaio 24:36, 44.

5. Ke eng se segolobogolo se re kgothatsang ka mafoko a Modimo a a mo go Habakuke 2:2, 3?

5 Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Jehofa a ile a neela Habakuke taelo eno e e amang maikutlo: “Kwala ponatshegelo e, o e dire gore e bonale sentle mo dimating tsa kwalelo, gore motho a tle a e bale a ntse a taboga. Gonne ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega.” (Habakuke 2:2, 3) Gompieno, boikepo le thubakanyo di oketsegile ka selekanyo se segolo mo lefatsheng ka bophara, e leng se se bontshang gore re gaufi thata le “motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa.” (Joele 2:31) Ruri mafoko ano a ga Jehofa ka boene a nametsa pelo: “Ga e ketla e diega”!

6. Re ka falola jang letsatsi la go diragadiwa ga katlholo?

6 Mme he re ka falola jang letsatsi leo le le tlang la go diragadiwa ga katlholo? Jehofa o araba ka go supa pharologano eno gareng ga basiami le baikepi: “Bonang, mowa wa gagwe o gogomogile, ga o a thokgama mo go ene; mme mosiami o tlaa tshela ka boikanyego jwa gagwe.” (Habakuke 2:4) Baeteledipele le batho ba ba boikgogomoso le ba ba bogagapa ba tladikile hisitori ya gompieno ka madi a dimilionemilione tsa batho ba ba se nang molato, segolobogolo mo dintweng tse pedi tsa lefatshe le mo dintweng tsa kgaphamadi tsa semorafe. Go farologana le bone, batho ba Modimo ba ba ratang kagiso ba ile ba itshoka ka boikanyegi. Ke bone “setšhaba se se siameng, se se itshwarang ka boikanyego.” Setšhaba seno le ditsala tsa sone tsa “dinku tse dingwe,” se sekegela tsebe tlhagiso eno e e reng: “Ikanyeng Jehofa, ka bosakhutleng gonne Jah Jehofa ke Lefika la bosakhutleng.”—Isaia 26:2-4, NW; Johane 10:16.

7. Ke eng se re tshwanetseng go se dira go dumalana le mafoko a Habakuke 2:4, a Paulo a a dirisitseng?

7 Fa moaposetoloi Paulo a kwalela Bakeresete ba Bahebera, o ne a nopola Habakuke 2:4, a bolelela batho ba ga Jehofa a re: “Lo tlhoka boitshoko, e le gore, fa lo sena go dira thato ya Modimo, lo amogele go diragadiwa ga tsholofetso. Gonne go santse go setse ‘lobakanyana lo lonnye thata,’ mme ‘yo o tlang o tla goroga mme ga a na go diega.’ ‘Mme mosiami wa me o tla tshela ka ntlha ya tumelo,’ mme, ‘fa a kata ka morago, moya wa me ga o na natefelelo mo go ene.’” (Bahebera 10:36-38) Nako eno ya rona ga se nako ya go repisa letsogo kana go raraediwa ke go rata dikhumo le ditsela tsa lefatshe leno la ga Satane tsa go rata menate. Re tshwanetse go dira eng go fitlha “lobakanyana lo lonnye thata” lo fela? Rona ba setšhaba se se boitshepo sa ga Jehofa, re tshwanetse go “gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele, [re] latelela go ya fela kwa mokgeleng” wa botshelo jo bo sa khutleng, fela jaaka Paulo. (Bafilipi 3:13, 14) Mme Jaaka Jesu, re tshwanetse go ‘itshoka ka ntlha ya boipelo jo bo tlhomilweng fa pele ga rona.’—Bahebera 12:2.

8. “Monna” wa Habakuke 2:5 ke mang, mme ke eng fa a se kitla a atlega?

8 Habakuke 2:5 e tlhalosa “monna yo o ikgodisang” yo o farologanang le batlhanka ba ga Jehofa, yo o palelwang ke go fitlhelela mokgele wa gagwe le mororo a ‘atlhamolosa keletso ya gagwe jaaka Bobipo.’ Monna yono ‘yo o ka se keng a kgorisiwa’ ke mang? Ka go gagolaka go go jaaka ga Babelona wa motlha wa ga Habakuke, gompieno “monna” yono yo o dirilweng ka setlhopha sa mebuso ya dipolotiki—e ka ne e le ya Bo-Fascist, Bonasi, Bokomonise, kana le e leng o go tweng ke wa temokerasi—o lwa mo dintweng gore e oketse dinaga tsa gagwe. Gape o tlatsa Bobipo, e leng lebitla, ka meya e e se nang molato. Mme “monna” yono yo o boferefere wa lefatshe la ga Satane, yo o tagilweng ke boikgodiso jwa gagwe ga a bone katlego epe fa a leka go ‘iphuthela merafe yotlhe le go ikokoanyetsa ditšhaba tsotlhe fela.’ Ke Jehofa Modimo fela a ka kgonang go dira gore batho ba utlwane mme o tla dira seno ka go dirisa Bogosi jwa ga Mesia.—Mathaio 6:9, 10.

Tatlhego ya Ntlha ya Tse Tlhano Tse di Boitshegang

9, 10. (a)Jehofa o tswelela pele go itsise eng a dirisa Habakuke? (b) Maemo a ntse jang gompieno malebana le go bona poelo ka tsela e e sa siamang?

9 Jehofa o tswelela pele go dirisa moporofeti wa gagwe Habakuke go itsise metseletsele ya ditatlhego tse tlhano, dikatlholo tse di tshwanetseng go diragadiwa pele ga lefatshe le ka nniwa ke baobamedi ba Modimo ba ba ikanyegang. Batho bao ba ba dipelo di siameng ba ‘tlhabeletsa seane’ se se tswang mo go Jehofa. Re bala jaana mo go Habakuke 2:6: “A bo go latlhega ene yo o totisang se se seng sa gagwe! Ka lobaka lo lo kaye? Le yo o ikimetsang ka dipeelo!”

10 Fano go gatelelwa thata kgang ya go batla poelo ka tsela e e sa siamang. Mo lefatsheng le re tshelang mo go lone, bahumi ba humela pele mme bahumanegi ba humanegela pele. Bagwebi ba diokobatsi le batsietsi ba ikgobokanyetsa madi a mantsi fa batho fela ba e seng ba maemo ba bolawa ke tlala. Go bolelwa gore nngwennèng ya baagi ba lefatshe ba humanegile ka tsela e e feteletseng. Maemo a botshelo a ntse a nna maswe go ya pele mo dinageng tse dintsi. Batho ba ba eletsang gore go nne le tshiamo mo lefatsheng ba tlhaeletsa jaana: Tshiamololo eno e ntse e oketsega “ka lobaka lo lo kaye”! Le fa go ntse jalo, bokhutlo bo gaufi! Ee ruri, ponatshegelo eno “ga e ketla e diega.”

11. Habakuke a reng kaga go tshololwa ga madi a batho, mme ke eng fa re ka re gompieno lefatshe le tletse ka tshololo e kgolo ya madi?

11 Moporofeti o bolelela moikepi jaana: “Ka o thopile merafe e le mentsi, masalela otlhe a ditšhaba a tlaa go thopa; ka ntlha ya madi a batho, le ka ntlha ya thubako e e diretsweng lefatshe, e bong motse le botlhe ba ba agileng mo go one.” (Habakuke 2:8) A bo gompieno lefatshe le tletse ka molato o mogolo jang ne wa madi! Jesu o ile a bua jaana ka tlhamalalo: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la bo20 la dingwaga le le nosi fela, ditšhaba le merafe e e nang le molato wa madi e ile ya bolaya batho ba ba fetang dimilione di le lekgolo. A bo go latlhega ba ba nnang le seabe mo tshololong eno ya madi!

Tatlhego ya Bobedi

12. Tatlhego ya bobedi e Habakuke a e kwadileng ke eng, mme ke eng fa re ka tlhomamisega gore dikhumo tsa tsietso ga di thuse sepe?

12 Tatlhego ya bobedi e e kwadilweng mo go Habakuke 2:9-11 e lebisitswe kwa go “yo o bonelang ntlo ya gagwe papadi e e bosula, gore a tle a tlhome [sentlhaga] sa gagwe kwa godimo, gore a tle a gololwe mo seatleng sa bosula!” Go dira poelo ka tsela e e sa siamang ga go kitla go thusa sepe ka gonne mopesalema o tlhalosa dilo sentle jaana: “O se ka wa boifa fa mongwe a humisiwa, fa kgalalelo ya ntlo ya gagwe e totisiwa; ka gobo fa a swa, ga a ketla a ya le sepe; kgalalelo ya gagwe ga e ketla e fologela morago ga gagwe.” (Pesalema 49:16, 17) Jalo he, go botlhokwa gore re ele tlhoko kgakololo eno e e molemo ya ga Paulo: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba aege tsholofelo ya bone, e seng mo dikhumong tse di se nang tlhomamo, fa e se mo Modimong, o o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re ijese monate.”—1 Timotheo 6:17.

13. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela pele re itsise batho molaetsa wa Modimo wa tlhagiso?

13 A bo go le botlhokwa jang ne gore melaetsa ya Modimo ya katlholo e bolelwe gompieno! Fa Bafarasai ba ne ba kgalema boidiidi fa bo ne bo baka Jesu gore ke “Yo o tlang e le Kgosi ka leina la ga Jehofa,” o ile a re: “Ke a lo bolelela, Fa bano ba ne ba ka tuulala, maje a ne a tla goa.” (Luke 19:38-40) Le gompieno fa go ne go ka direga gore batho ba Modimo ba palelwe ke go senola boikepo jo bo mo lefatsheng, ‘leje ka bolone le ne le tla goa ka khutsafalo le le mo loboteng.’ (Habakuke 2:11) Ka jalo, a re tsweleleng pele re itsise batho molaetsa wa Modimo wa tlhagiso ka bopelokgale!

Tatlhego ya Boraro le go Nna le Molato wa Madi

14. Madumedi a lefatshe a ile a nna le molato ofe wa tshololo ya madi?

14 Tatlhego ya boraro e e itsisiweng ka Habakuke e malebana le kgang ya go nna le molato wa madi. Habakuke 2:12 ya re: “A bo go latlhega ene yo o agang motse ka madi a batho, a tlhoma motse ka boikepo!” Mo tsamaisong eno ya dilo, gantsi tshiamololo le tshololo ya madi ke diyathoteng di bapile. Go a itsege gore madumedi a lefatshe a ile a nna le seabe mo ditshololong tsa madi tse di setlhogo go gaisa tsotlhe mo hisitoring. Re ka umaka dikai tse di jaaka dintwa tsa Botlhabanelatumelo, tse mo go tsone Bamoseleme ba ileng ba tlhaselakwa ke batho ba ba ipitsang Bakeresete; Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Katoliki ya kwa Spain le Latin America; Ntwa ya Dingwaga Tse Masomeamararo ya Yuropa gareng ga Baporotesetante le Bakatoliki; le tse go neng ga tshololwa madi a mantsi go gaisa tsotlhe mo go tsone, e leng dintwa tse pedi tsa lefatshe tsa lekgolo leno la rona la dingwaga, tse bobedi jwa tsone di neng tsa simolola mo dinageng tsa Labokeresete.

15. (a) Ditšhaba di tswelela pele go dirang ka go engwa nokeng ke kereke kana go dumalana ga yone le tsone? (b) A lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ka kgona go emisa go anamisiwa ga dibetsa mo lefatsheng leno?

15 Sengwe sa dilo tse di neng di le setlhogo go gaisa tsotlhe mo ntweng ya bobedi ya lefatshe e ne e le Polao ya Kgailo ya Banasi, e mo go yone go neng ga gailwa dimilionemilione tsa Bajuda le batho ba bangwe ba Yuropa ba ba se nang molato. Ke bosheng fela jaana setlhopha sa baruti ba Katoliki ya Roma ba kwa Fora se ileng sa ipobola gore se paletswe ke go nna kgatlhanong le gore diketekete tsa batho di romelwe kwa matlwaneng a polao a Banasi. Le fa go ntse jalo, ditšhaba di sa ntse di tswelela pele ka go tsholola madi, di engwa nokeng ke kereke kana e dumalana le gone. Bosheng jaana makasine wa Time (kgatiso ya dinaga tsotlhe) o ne wa bua jaana malebana le Kereke ya Orthodox ya Russia: “Kereke e e tlhabolotsweng le yone e nna le tlhotlheletso e kgolo mo selong se pele go neng go ka se ka ga akanngwa gore e ka nna le seabe mo go sone: didirisiwa tsa Russia tsa ntwa. . . . E setse e le tlwaelo gore go segofadiwe dijete tsa ntwa le ditheo tsa sesole. Ka November, kwa Ntlong ya Baitlami ya Danilovsky, ya kwa Moscow, e e leng boremelelo jwa Rara wa Russia, kereke e ile ya ba ya ya bokgakaleng jwa go itshepisa ditlhabano tsa nuklea tsa Russia.” A lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ka kgona go emisa didirisiwa tse di setlhogo tsa ntwa tse di ntseng di tladiwa mo lefatsheng leno? Legoka! Go ya ka lokwalodikgang lwa The Guardian ya Lontone, kwa Engelane, mofenyi wa Sekgele sa Kagiso sa Nobel o ile a akgela jaana: “Selo se se tlhobaetsang thata ke gore dinaga tse tlhano tse e leng maloko a a nnetseng ruri a Khansele ya Tshireletso ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke tsone dinaga tse tlhano tse di rekisang dibetsa go gaisa tsotlhe.”

16. Jehofa o tla dira eng ka ditšhaba tse di ratang ntwa?

16 A Jehofa o tla diragatsa katlholo ya gagwe mo ditšhabeng tseno tse di ratang ntwa? Habakuke 2:13 e bolela jaana: “Bonang, a ga go tswe mo go Jehofa wa masomosomo fa e bo ne ne ditšhaba di bapalela molelo, le merafe e itapisetsa lefela?” “Jehofa wa masomosomo”! Ee, Jehofa o na le masole a selegodimo a baengele a o tla a dirisang go nyeletsa batho le ditšhaba tse di ratang ntwa!

17. Kitso ya go itse Jehofa e tla bo e tletse ka lefatshe go le kana kang morago ga katlholo e sena go diragadiwa mo ditšhabeng tse di ratang ntwa?

17 Go tla diragala eng fa Jehofa a sena go diragatsa katlholo ya gagwe mo ditšhabeng tseo tse di ratang thubakanyo? Habakuke 2:14 e a araba: “Lefatshe le tlaa tlala kitso ya kgalalelo ya ga Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” A tebelelo e e itumedisang ruri! Ka nako ya Haramagedona, bolaodi jwa ga Jehofa bo tla tlotlomadiwa ka bosakhutleng. (Tshenolo 16:16) O re tlhomamisetsa gore o ‘tla galaletsa felo ga dinao tsa gagwe,’ e leng lefatshe leno le re tshelang mo go lone. (Isaia 60:13) Batho botlhe ba tla rutiwa tsela ya Modimo ya botshelo, e le gore kitso ya bone ka maikaelelo a a molemo a ga Jehofa e nne jaaka bophadiphadi jwa metsi jo bo tladitseng mawatle.

Tatlhego ya Bonè le ya Botlhano

18. Tatlhego ya bonè e go dirisitsweng Habakuke go e itsise ke eng, mme e bonala jang mo maemong a boitsholo a lefatshe gompieno?

18 Tatlhego ya bonè e tlhalosiwa mo go Habakuke 2:15 ka mafoko ano: “A bo go latlhega ene yo o nosang wa ga gabo, yo o oketsang ka sekgatlholo sa gago, le gone a mo tagisa gore o tle o lebe bosaikategang jwa bone!” Mafoko ano a utlwala a tshwanela maemo a a maswe a lefatshe le leng mo go one gompieno. Boitsholo jwa lone jo bo maswe jo e bileng bo engwang nokeng le ke mekgatlho ya bodumedi, bo senyegile fela thata. Maroborobo, a a jaaka AIDS le malwetse a mangwe a a anamang ka tlhakanelodikobo a gaketse lefatshe ka bophara. Mo boemong jwa gore kokomana ya gompieno e e tletseng boithati, e bonatshe “kgalalelo ya ga Jehofa,” e senyegela pele go ya bokgakaleng jwa gore Modimo a bo a diragatse dikatlholo tsa gagwe mo go yone. Ka go bo lefatshe leno la diganana le “tletse ditlhong mo boemong jwa kgalalelo,” le tla tloga le nwa ga mogotswana wa bogale jwa ga Jehofa, e leng se se emelang thato ya gagwe malebana le lone. ‘Ditlhong tse di maswe di tla nna mo kgalalelong ya lone.’—Habakuke 2:16.

19. Ketapele ya tatlhego ya botlhano e go dirisitsweng Habakuke go e itsise e amana le eng, mme ke eng fa mafoko ao a na le bokao jo bogolo mo lefatsheng gompieno?

19 Ketapele ya tatlhego ya botlhano e ntsha tlhagiso e e gagametseng kgatlhanong le kobamelo ya disetwa. Jehofa o laela moporofeti wa gagwe go bolela molaetsa ono o o maatla: “A bo go latlhega ene yo o rayang logong, a re: ‘Kubuga!’ le lentswe le le semumu a, re: ‘Nanoga!’ A leo le tlaa ruta? Bonang, le manegilwe gouta le selefera, mme ga go na mowa ope mo teng ga lone.” (Habakuke 2:19) Le gompieno, Labokeresete le ditumelo tse go tweng ke tsa boheitane di sa ntse di obamela difapaano, Bo-Madonna, mekgabisa ya ditshwantsho, le ditshwantsho dingwe tsa batho le diphologolo. Ga go na sepe sa dilo tseno se se tla kgonang go tsoga se namola baobamedi ba sone fa Jehofa a tla bo a diragatsa katlholo ya gagwe. Go manegwa ga tsone ka gauta le selefera ga se madirasepe fa go bapisiwa le kgalalelo e e boitshegang ya Modimo wa bosakhutleng, Jehofa, le kgalalelo ya dibopiwa tsa gagwe tse di tshelang. E kete re ka tlotlomatsa leina la gagwe le le sa tshwaneng le lepe ka bosakhutleng!

20. Re na le tshiamelo ya go direla ka boipelo mo thulaganyong ya tempele efe?

20 Ee, Modimo wa rona, Jehofa, o tshwanelwa ke pako yotlhe. Ka go bo re mo tlotla thata, a re sekegeleng tsebe tlhagiso eno e e gagametseng malebana le kobamelo ya medimo ya disetwa. Mme gone, reetsa! Jehofa o sa ntse a bua: “Jehofa o mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo. Didimala fa pele ga gagwe, wena lefatshe lotlhe!” (Habakuke 2:20, NW) Ga go na pelaelo gore moporofeti o ne a akantse ka tempele ya kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, rona gompieno re na le tshiamelo ya go obamela mo tempeleng ya semoya e kgolo go gaisa eo, e mo go yone Morena wa rona Jesu Keresete a tlhomilweng go nna Moperesiti yo Mogolo. Mono, mo lelwapeng la tempele eo la mo lefatsheng, re kopana mmogo, re direla Jehofa le go mo rapela, re mo neela tlotlo e e tshwanelang leina la gagwe le le galalelang. A bo re na le boipelo jo bogolo jang ne ka go obamela Rraarona yo o lorato wa selegodimo go tswa pelong!

A o A Gakologelwa?

• O ikutlwa jang ka mafoko ano a ga Jehofa: “Ga e ketla e diega”?

• Melaetsa ya tatlhego e e boletsweng ka Habakuke e na le bokao bofe gompieno?

• Ke eng fa re tshwanetse go tswelela pele re itsise batho molaetsa wa ga Jehofa wa tlhagiso?

• Re na le tshiamelo ya go direla mo lelwapeng lwa tempele efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Jaaka Habakuke, batlhanka ba Modimo ba gompieno ba a itse gore Jehofa ga a kitla a diega

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

A o anaanela tshiamelo ya go obamela Jehofa mo lolwapeng lwa tempele ya gagwe ya semoya?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]

U.S. Army photo