Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke Botshabelo Jwa me le Thata ya Me

Jehofa ke Botshabelo Jwa me le Thata ya Me

Kgang ya Botshelo

Jehofa ke Botshabelo Jwa me le Thata ya Me

JAAKA GO BOLETSE MARCEL FILTEAU

“Fa a ka go nyala, o tlile go aga o tsenngwa mo kgolegelong.” Ke se batho ba neng ba se bolelela mosadi yo ke neng ke tlile go mo nyala. Mma ke tlhalose lebaka la go bo ba ne ba ka bolela jalo.

FA KE ne ke tsholwa ka 1927, porofense ya Canada ya Quebec e ne e le lefelo le go tletseng Bokatoliki mo go lone. Mo e ka nnang dingwaga di le nnè moragonyana, Cécile Dufour, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a simolola go nna a etela kwa gae kwa toropong ya Montreal. O ne a tlhola a tshosediwa ke baagelani ba rona ka ntlha ya seno. Tota e bile, o ne a tshwarwa le go sotlwa ka makgetlho a mantsi ka ntlha ya go rera molaetsa wa Baebele. Ka jalo go ise go ye kae re ne ra ithuta boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke merafe yotlhe ka ntlha ya leina la me.”—Mathaio 24:9.

Ka nako eo, batho ba le bantsi ba ne ba bona e le boeleele gore lelapa la Mafora a Canada le tlogele bodumedi jwa lone jwa Katoliki. Le mororo batsadi ba me ba ile ba se ka ba nna Basupi ba ba kolobeditsweng, ka bonako fela ba ne ba swetsa gore dithuto tsa Kereke ya Katoliki di ne di sa dumalane le Baebele. Ka jalo ba ne ba kgothaletsa bana ba bone ba le robedi go bala dibuka tse di gatisitsweng ke Basupi, mme ba ne ba tshegetsa bangwe ba rona ba ba neng ba ema ba nitame mo boammaaruring jwa Baebele.

Go Ema ke Nitame mo Dinakong Tse di Thata

Ka 1942, fa ke sa ntse ke tsena sekolo, ke ne ka simolola go kgatlhegela go ithuta Baebele thata. Ka nako eo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe kwa Canada ka gonne ba ne ba latela sekao sa Bakeresete ba bogologolo e bile ba ne ba sa itshunye nko mo dintweng tsa bosetšhaba. (Isaia 2:4; Mathaio 26:52) Morwarre yo mogolo e bong Roland, o ne a isiwa kwa kampeng ya makgoba ka gonne a ne a gana go ya ntweng ya lefatshe e e neng ya tlhagoga ka nako eo.

Ka nako eno, Rre o ne a nneela buka ya Sefora e e neng e tlhalosa dipogiso tsa Basupi ba Jeremane ka gonne ba ne ba gana go ema nokeng maano a ntwa a ga Adolph Hitler. * Ke ne ka tlhotlheletsega go amanngwa le dikao tseo tsa bopelokgale tsa batho ba ba bolokang bothokgami, mme ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di neng di tshwarelwa mo legaeng lengwe. Go ise go ye kae ke ne ka kopiwa go nna le seabe mo tirong ya go rera. Ke ne ka amogela taletso eno ke ntse ke itse sentle gore nka nna ka tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong.

Fa ke sena go rapelela go nna le nonofo, ke ne ka kokota mo ntlong ya ntlha. Mosadi mongwe yo o pelonomi o ne a bula, mme fa ke sena go ikitsise, ke ne ka mmalela mafoko a 2 Timotheo 3:16: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.”

Ke ne ka botsa jaana: “A o ka kgatlhegela go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele?”

“Ee,” mosadi yono o ne a araba jalo.

Ka jalo ke ne ka mmolelela gore ke tla tla le tsala ya me e e itseng Baebele botoka, mme mo bekeng e e latelang ke ne ka dira fela jalo. Morago ga tiragalo eo ya ntlha, ke ne ka ikutlwa ke le pelokgale, mme ka ithuta gore ga re dire bodiredi jwa rona ka nonofo ya rona. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bolela, re thusiwa ke Jehofa go dira jalo. Ee ruri, go botlhokwa go lemoga gore “maatla a a fetang a a tlwaelegileng [ke] a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.”—2 Bakorintha 4:7.

Morago ga moo, ke ne ka simolola go dira tiro ya go rera ka metlha mme gape ka nnela go tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong. Ga go gakgamatse go bo mosadi yo ke neng ke tlile go mo nyala a ile a bolelelwa gore, “Fa a ka go nyala, o tlile go aga o tsenngwa mo kgolegelong”! Le fa go ntse jalo, dilo tse di ntseng jalo tse di neng di re diragalela tota di ne di se thata go le kalo. Fa re sena go robala kwa kgolegelong, gantsi Mosupikarona o ne a re golola ka nakwana.

Ditshwetso Tse di Botlhokwa

Ka April 1943, ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka bontsha seo ka go kolobediwa mo metsing. Morago ga moo, ka August 1944, ke ne ka nna gone kwa kopanong e kgolo e le lekgetlho la me la ntlha, kwa Buffalo, New York, U.S.A., gaufi fela le molelwane wa Canada. Go ne go na le batho ba le 25 000, mme thulaganyo e ne ya tlhotlheletsa keletso ya me ya go batla go nna mmulatsela, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. Ka May 1945, thibelo ya tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tlosiwa kwa Canada, mme ke ne ka simolola go nna mmulatsela mo kgweding e e latelang.

Le fa go ntse jalo, fa bodiredi jwa me bo ntse bo oketsega, ke ne ka nna ka tsenngwa gantsi mo kgolegelong. Nkile ka tsenngwa mo seleng le Mike Miller, motlhanka wa ga Jehofa yo o neng a na la lobaka lo loleele a ikanyega. Re ne ra nna mo bodilong jwa semente mme ra tlotla. Motlotlo wa rona wa semoya o o agang o ne wa nnonotsha fela thata. Le fa go le jalo, moragonyana ke ne ka tlelwa ke potso eno mo mogopolong, ‘Go tweng fa e le gore re ne re sa utlwane, e bile re sa buisane?’ Nako e ke e ntseng le mokaulengwe yono kwa kgolegelong e ne ya nthuta nngwe ya dithuto tse di molemolemo mo botshelong jwa me—re tlhoka bakaulengwe ba rona mme ka gone re tshwanetse go itshwarelana le go nna pelonomi. Go seng jalo, jaaka moaposetoloi Paulo a ile a kwala: “Fa lo nnela go lomana le go kometsana, disang gore lo se ka lwa nyeletsana.”—Bagalatia 5:15.

Ka September 1945, ke ne ka lalediwa go ya go direla kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Toronto, Canada, e re e bitsang Bethele. Thulaganyo ya semoya ya teng e ne e aga e bile e nonotsha tumelo tota. Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka abelwa go dira kwa polaseng ya Bethele, dikilometara di ka nna 40 ka fa bokone jwa ofisi ya lekala. Fa ke ntse ke kgetla disetoroberi le Anne Wolynec yo mmotlana, ke ne ka lemoga gore o montle mme ka lemoga gape le lorato lwa gagwe le tlhoafalo ya gagwe mo go Jehofa. Re ne ra simolola go ratana, mme ra nyalana ka January 1947.

Ka dingwaga tse pedi le sephatlo, re ne ra nna babulatsela kwa Lontone, kwa Ontario, mme morago ga moo kwa Setlhaketlhakeng sa Cape Breton, koo re neng ra thusa go tlhoma phuthego teng. Go tswa foo, ka 1949, re ne ra lalediwa kwa setlhopheng sa bo14 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, koo re neng ra thapisediwa go nna barongwa teng.

Tiro ya Borongwa Kwa Quebec

Baalogi ba kwa Canada ba ditlhopha tse di fetileng tsa Gileate ba ile ba abelwa go ya go simolola tiro ya go rera kwa Quebec. Ka 1950, rona mmogo le ba bangwe ba le 25 ba ba tswang mo setlhopheng sa bo14 re ne ra ya go dira le bone. Tiro ya borongwa e e oketsegileng e ne ya baka pogiso e kgolo le go tlhaselwa ke digopa, tse di neng di tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba Kereke ya Katoliki ya Roma.

Malatsi a mabedi fa re sena go goroga kwa kabelong ya rona ya borongwa ya ntlha kwa toropong ya Rouyn, Anne o ne a tshwarwa mme a tsenngwa kwa morago mo koloing ya mapodise. E ne e le la ntlha go mo diragalela, e re ka a ne a tswa kwa motsaneng mongwe kwa kgaolong ya Manitoba, Canada, koo a neng a sa tlwaela go bona mapodise teng. Ka tlholego fela, o ne a tshoga mme a gakologelwa mafoko ano, “Fa a ka go nyala, o tlile go aga o tsenngwa mo kgolegelong.” Le fa go ntse jalo, pele mapodise a ka tsamaya, a ne a mpona mme le nna a ntsenya mo koloing le Anne. O ne a goa jaana: “Ke itumelela go go bona!” Le fa go ntse jalo, o ne a ritibetse ka tsela e e sa tlwaelegang, a re, “Ebu, baaposetoloi ba diragaletswe ke selo se se tshwanang ka ntlha ya go rera ka Jesu.” (Ditiro 4:1-3; 5:17, 18) Moragonyana mo letsatsing leno re ne ra gololwa ka nakwana.

Mo e ka nnang ngwaga morago ga tiragalo eo, fa ke ntse ke le mo bodireding jwa ntlo le ntlo mo kabelong ya rona e ntšha kwa Montreal, ke ne ka utlwa go tsogile kgaruru mo mmileng mme ka bona segopa se se galefileng se konopa matlapa. Fa ke ya go thusa Anne le yo a neng a tsamaya le ene, mapodise a ne a goroga. Mo boemong jwa gore mapodise a tshware maloko a segopa seno, a ne a tshwara Anne le yo a neng a tsamaya le ene! Fa Anne a le kwa kgolegelong, o ne a gakolola Mosupi yono yo mosha gore ba diragalelwa ke se se buiwang ke mafoko ano a ga Jesu: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.”—Mathaio 10:22.

Nako nngwe go ne go na le dikgetsi di ka nna 1 700 tse di neng di le kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa tse di neng di letetse tsheko kwa Quebec. Gantsi, re ne re latofadiwa ka go tsamaisa dibuka tse di leng kgatlhanong le puso kana ka go tsamaisa dibuka re se na laesense. Ka ntlha ya seo, Lephata la Melao la Mokgatlho wa Watch Tower le ne la tseela puso ya Quebec dikgato. Morago ga dingwaga di le dintsi go ntse go tlhatlhelwa dikgetsi, Jehofa o ne a re neela diphenyo tse pedi tse dikgolo kwa Kgotlatshekelong ya Makgaolakgang ya Canada. Ka December 1950, re ne ra se ka ra bonwa molato wa gore dibuka tsa rona di kgatlhanong le puso, mme ka October 1953, re ne ra dumelelwa go tsamaisa dibuka tsa rona tsa Baebele re se na laesense. Ka gone re ne ra bona sentle gore tota Jehofa ke “botshabelo jwa rona le thata, thuso e e gaufi thata mo tlalelong.”—Pesalema 46:1.

Se se kgatlhang ke gore palo ya Basupi kwa Quebec e ne ya oketsega go tloga go 356 ka 1945, fa ke ne ke simolola go nna mmulatsela, go fitlha go e e fetang 24 000 gompieno! Ruri go ile ga diragala fela jaaka boporofeti jwa Baebele bo boleletse pele: “Ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka ga gago se se tlaa segofalang; le loleme longwe le longwe lo lo tlaa go tsogelang mo tshekong, o tlaa lo sekisa.”—Isaia 54:17.

Tiro ya Rona Kwa Fora

Ka September 1959, nna le Anne re ne ra lalediwa go ya go direla kwa Bethele kwa Paris, Fora, koo ke neng ka abelwa go okamela lephata la kgatiso. Pele re goroga ka January 1960, kgatiso e ne e dirwa ke feme nngwe ya kgwebo. E re ka Tora ya Tebelo e ne e thibetswe ka nako eo kwa Fora, re ne re gatisa makasine ono kgwedi le kgwedi e le bukana ya ditsebe tse 64. Bukana eno e ne e bidiwa The Interior Bulletin of Jehovah’s Witnesses, mme e ne e na le ditlhogo tse di ithutiwang ke diphuthego mo kgweding. Go tloga ka 1960 go ya go 1967, palo ya ba ba neng ba nna le seabe mo tirong ya go rera kwa Fora e ne ya oketsega go tloga go 15 439 go ya go 26 250.

Kgabagare, barongwa ba le bantsi ba ne ba isiwa kwa mafelong a mangwe, ba bangwe ba ne ba isiwa kwa dinageng tse di buang Sefora kwa Afrika mme ba bangwe ba ne ba busediwa kwa Quebec. E re ka Anne a ne a lwala mme a tlhoka go ariwa, re ne ra boela kwa Quebec. Morago ga dingwaga di le tharo Anne a ntse a alafiwa, botsogo jwa gagwe bo ne jwa tokafala. Go tswa foo ke ne ka abelwa tiro ya go potologa, re etela diphuthego tse di farologaneng beke nngwe le nngwe go di kgothatsa mo semoyeng.

Tiro ya Borongwa mo Afrika

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, ka 1981, re ne ra itumelela go amogela kabelo e ntšha ya go ya go nna barongwa kwa Zaire, e jaanong e leng Democratic Republic of Congo. Batho ba teng ba ne ba humanegile mme ba ne ba na le mathata a mantsi. Fa re goroga koo, go ne go na le Basupi ba le 25 753, mme gompieno palo eo e tlhatlogetse go e e fetang 113 000, mme ba le 446 362 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1999!

Ka 1984 puso e ne ya re neela setsha sa diheketara di ka nna 200 gore re age ofisi e ntšha ya lekala. Go tswa foo, ka December 1985, go ne ga tshwarwa kopano ya boditšhabatšhaba mo motsemogolong, Kinshasa, go na le baeng ba le 32 000 ba ba neng ba tswa kwa dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Morago ga moo, kganetso e e neng e tlhotlhelediwa ke baruti e ne ya kgoreletsa tiro ya rona kwa Zaire. Ka March 12, 1986, bakaulengwe ba ba nang le boikarabelo ba ne ba neelwa lekwalo le le neng le bolela gore mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa wa Zaire o thibetswe. Go thibelwa ga ditiro tsotlhe tsa rona go ne ga saenwa ke yo ka nako eo e neng e le moporesidente wa naga, moswi Mobutu Sese Seko.

Ka ntlha ya diphetogo tseo tsa tshoganyetso, re ne ra tshwanelwa ke go dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe.” (Diane 22:3) Re ne ra bona ditsela tsa go bona pampiri, inki, filimi le dipoleite tsa go gatisa le dikhemikale kwa ntle ga naga gore re gatise dikgatiso tsa rona kwa Kinshasa. Gape re ne ra itlhamela tsela ya rona ka namana ya go romela dilo. Fa jaanong re setse re ikemetse, tsamaiso ya rona e ne e le botoka thata go gaisa ya tirelo ya poso ya puso!

Go ne ga tshwarwa diketekete tsa Basupi, mme ba bangwe ba ne ba bogisiwa setlhogo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itshokela pogiso eo mme ba tswelela pele ba ikanyega, kwantle ga ba sekae fela. Le nna ke ne ka tshwarwa mme ka bona maemo a a tsitsibanyang mmele a bakaulengwe ba neng ba le mo go one kwa dikgolegelong. Ka dinako tse dintsi re ne re patikelelwa ka tsela nngwe le nngwe ke mapodise a sephiri le balaodi, mme ka metlha Jehofa o ne a re bontsha kgoro ya botso.—2 Bakorintha 4:8.

Re ne re fitlhile mabokose a dibuka a ka nna 3 000 kwa bobolokelong jwa rakgwebo mongwe. Le fa go ntse jalo, kgabagare mongwe wa babereki ba gagwe o ne a loma mapodise a sephiri tsebe, mme ba tshwara rakgwebo yono. Fa ba ya kwa kgolegelong, go ne ga direga gore ba kopane le nna ke le mo koloing ya me. Rakgwebo o ne a ba bolelela gore ke nna yo o dirileng thulaganyo le ene gore a boloke dibuka. Mapodise a ne a ema mme ba mpotsolotsa ka tsone, ba mpega molato wa go baya dibuka tse di seng kafa molaong mo bobolokelong jwa monna yono.

Ke ne ka botsa jaana: “A lo na le nngwe ya dibuka tseno?”

“Ee, e teng,” ba ne ba araba jalo.

“A nka e bona?” ke ne ka kopa jalo.

Ba ne ba nneela khopi nngwe, mme ka ba bontsha tsebe e e mo teng, e e reng: “E gatisitswe kwa United States of America ke Watch Tower Bible & Tract Society.”

Ke ne ka ba gakolola jaana: “Selo se lo se tshwereng ke thoto ya Amerika mme ga se ya Zaire. Puso ya lona e thibetse lekgotla la semolao la mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa ba Zaire mme e seng la Watch Tower Bible & Tract Society ya United States. Ka gone lo tshwanetse go nna kelotlhoko ka se lo tla se dirang ka dibuka tseno.”

Ba ne ba ntlogela ke tsamaya ka gonne kgotlatshekelo e ne e sa ba neela tumelelo ya gore ke tshwarwe. Mo go jone bosigo joo, re ne ra tla ka diteraka tse pedi kwa bobolokelong jono mme ra olela dibuka tsotlhe. Fa balaodi ba tla mo letsatsing le le latelang, ba ne ba galefile fa ba fitlhela go se na sepe mo lefelong leo. Ka nako eo ba ne ba mpatla, e re ka jaanong ba ne ba na le tumelelo ya kgotlatshekelo ya go ntshwara. Ba ne ba mpona, mme e re ka ba ne ba sa tsamaye ka koloi, ke ne ka ikisa kwa kgolegelong ka koloi! Ke ne ka tsamaya le Mosupi yo mongwe gore a boe le koloi ya me pele ba ka e gapa.

Fa ke sena go botsolodiwa diura di le robedi, ba ne ba dira tshwetso ya gore ke lelekiwe mo nageng. Mme ke ne ka ba bontsha fotokhopi ya lekwalo le le tswang kwa pusong le le bontshang gore ke laetswe go rekisa dithoto tsa mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa wa Zaire o jaanong o neng o thibetswe. Ka gone ke ne ka letlelelwa go tswelela pele ka tiro ya me kwa Bethele.

Morago ga dingwaga tse nnè ke direla ka fa tlase ga dikgatelelo tsa thibelo ya tiro kwa Zaire, ke ne ka tswa tlhagala mo maleng e e neng e dutla madi, e e neng e ka nna ya mpolaya. Go ne ga dirwa tshwetso ya gore ke tshwanetse go ya go alafelwa kwa Afrika Borwa, koo lekala le neng le ntlhokomelela gone, mme ka fola. Morago ga dingwaga di le robedi ke direla kwa Zaire, e leng tiragalo e nka se keng ka e lebala e bile e itumedisa, re ne ra fudugela kwa lekaleng la Afrika Borwa ka 1989. Ka 1998 re ne ra boela kwa gaetsho mme fa e sa le ka nako eo re direla gape mo Bethele ya Canada.

Go Itumelela go Direla

Fa ke leba kwa morago mo dingwageng di le 54 ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng, ke itumelela thata gore ke dirisitse maatla a bosha jwa me mo tirelong e e botlhokwa ya ga Jehofa. Le mororo Anne a ile a tshwanelwa ke go itshokela maemo a le mantsi a a lekang, o ne a sa ngongorege mme o ne a ntse a ntshegetsa mo ditirong tsotlhe tsa rona. Ka bobedi jwa rona, re nnile le tshiamelo ya go thusa batho ba le bantsi go itse Jehofa, ba le bantsi ba bone jaanong ba mo bodireding jwa nako e e tletseng. Go a itumedisa tota go bona bangwe ba bana ba bone tota le ditlogolwana tsa bone ba direla Modimo wa rona yo mogolo, Jehofa!

Ke tlhatswegile pelo gore ga go na sepe se lefatshe leno le ka re fang sone se re ka se bapisang le ditshiamelo le masego a Jehofa a re neileng one. Ke boammaaruri gore re ile ra itshokela diteko di le dintsi, mme di re thusitse go aga tumelo ya rona le gore re tshepe Jehofa. Eleruri o itshupile e le kago e e thata, lefelo la botshabelo, le thuso e e nnang gone ka bonako fa o le mo ditlalelong.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Buka eno e ne e gatisitswe la ntlhantlha ka Sejeremane e le Kreuzzug gegen das Christentum (Botlhabanelatumelo Kgatlhanong le Bokeresete). E ne ya ranolelwa mo puong ya Sefora le ya Se-Poland mme ya se ka ya ranolelwa mo Seesemaneng.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Re dira tiro ya bobulatsela mmogo ka 1947; ke na le Anne gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Batho ba re neng re buisana le bone kwa Zaire ba ne ba rata boammaaruri jwa Baebele