Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgakololo e e Botlhale ya Mmè

Kgakololo e e Botlhale ya Mmè

Kgakololo e e Botlhale ya Mmè

“Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago.”—Diane 1:8.

BATSADI ba rona—rraarona le mmaarona—ba ka re neela kgothatso, tshegetso le kgakololo e e botlhokwa. Buka ya Baebele ya Diane e bolela ka kgosi nngwe ya lekawana, Lemuele, e e neng ya amogela “molaetsa o o botlhokwa thata” wa ‘kgakololo’ mo go mmaagwe. Mafoko ano a kwadilwe mo go Diane kgaolo 31, mme le rona re ka solegelwa molemo ke kgakololo e e botlhale ya ga mmè yono.—Diane 31:1NW.

Kgakololo e e Tshwanelang Kgosi

Mmaagwe Lemuele o simolola ka dipotso di le mmalwa tse di re kgatlhang thata: “Ke eng, morwaaka? Ke eng wena ngwana wa sebopelo sa me? Ke eng, wena ngwana wa maikano a me?” Go bo a ile a boeletsa boikuelo jwa gagwe gararo go bontsha gore o amegile ka gore morwawe a tlhwaele mafoko a gagwe tsebe. (Diane 31:2) Go amega ka bomoya jwa ngwana wa gagwe go tlhomela batsadi ba Bakeresete sekao gompieno.

Malebana le boitekanelo jwa morwawe, ke eng se se ka tshwenyang mmè go gaisa ditlhapelo le bofafalele kaga beine, basadi le pina tse go buiwang thata ka tsone? Mmaagwe Lemuele o bua jaana ka tlhamalalo: “O se ka wa naya basadi thata ya gago.” O tlhalosa boitshwaro jo bo sa siamang e le “se se senyang dikgosi.”—Diane 31:3.

Ga re a tshwanela go tlhaetsa go nwa ka tsela e e feteletseng matlho. O tlhagisa jaana: “Ga go a tshwanela dikgosi, Lemuele, ga go a tshwanela dikgosi go nwa bojalwa jwa mofine.” Kgosi e ka atlhola jang ka tsela e e molemo le e e utlwalang e sa ‘lebale molao, e sa sokamise tshiamiso ya bangwe ba ba pitlagantsweng’ fa e le gore e nna e tagilwe ka metlha?—Diane 31:4-7.

Go na le moo, fa kgosi e sa inaakanye le dilo tse di ntseng jalo tse di boikepo, e tla kgona go ‘atlhola ka tshiamo, e atlhole bahumanegi le batlhoki.’—Diane 31:8, 9.

Le mororo basha ba Bakeresete ba ka se ka ba nna “dikgosi” gompieno, kgakololo e e botlhale ya ga mmaagwe Lemuele e ba tshwanela thata. Gompieno basha ba inaakantse thata le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, go goga motsoko le boitsholo jo bo sa siamang, mme go botlhokwa gore basha ba Bakeresete ba tlhwae tsebe fa batsadi ba bone ba ba neela ‘melaetsa e e botlhokwa thata.’

Mosadi yo o Nang le Bokgoni

Go a tshwanela gore bommè ba amege ka batho ba barwa ba bone ba ba tsenang mo bogoding ba ka nyalanang le bone. Jaanong mmaagwe Lemuele o bua ka dinonofo tsa mosadi yo o tlhomang sekao. Kwantle ga pelaelo, lekawana le ka solegelwa molemo thata fa le ka sekaseka tsela e mosadi a lebang dilo tseno tse di botlhokwa ka yone.

Mo temaneng ya 10 (NW), “mosadi yo o nang le bokgoni” o tshwantshiwa le majana a a tlhokegang a a sa bonweng motlhofo le a a tlhwatlhwakgolo, a mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele a neng a bonwa fela ka go dira ka natla. Ka tsela e e tshwanang, go bona mosadi yo o nang le bokgoni go tlhoka go dira ka natla. Go na le gore lekawana le itlhaganele go tsena mo lenyalong, go molemo gore le iphe nako ya go tlhopha. Go tswa foo, le ka nna la rata thata selo se se tlhwatlhwakgolo se le se boneng.

Lemuele o bolelelwa jaana malebana le mosadi yo o nang le bokgoni: “Pelo ya monna wa gagwe e mo ikantse, mme ga a ketla a tlhoka papadi.” (Temana 11) Ka mafoko a mangwe, ga a tshwanela go gatelela gore a neele mosadi wa gagwe tumelelo mo go sengwe le sengwe. Ke boammaaruri gore banyalani ba tshwanetse go buisana pele ba dira ditshwetso tse di masisi, tse di jaaka go reka dilo tse di turang kana go godisa bana. Go buisana ka dilo tseno go tla ba thusa gore ba nne le botsala jo bo molemo.

Ke boammaaruri gore mosadi yo o nang le bokgoni o na le dilo tse dintsi tse a tshwanetseng go di dira. Mo temaneng ya 13 go ya go 27 go na le kgakololo le melaometheo e basadi ba dingwaga tsotlhe ba ka e dirisang gore malapa a bone a solegelwe molemo. Ka sekai, jaaka ditlhwatlhwa tsa diaparo le tsa dilwana tse dingwe di ntse di tlhatloga, mosadi yo o nang le bokgoni o ithuta go nna senatla le go boloka madi e le gore lelapa la gagwe le apare sentle le go lebega sentle. (Ditemana 13, 19, 2122) Gore a fokotse sekoloto sa dijo tsa lelapa, o lema se a ka se kgonang a bo a reka dilo ka kelotlhoko.—Ditemana 14, 16.

Kwantle ga pelaelo, mosadi yono ga a je “dijo tsa podufalo.” O dira ka natla, le go rulaganya ditiro tsa lelapa la gagwe sentle. (Temana 27) O ikgatlha mo “lothekeng ka nonofo,” se se kayang gore o ikemisetsa go dira tiro e e boima. (Temana 17) O tsoga ka makuku gore a simolole tiro ya gagwe ya letsatsi, mme o dira ka matlhagatlhaga go fitlhela bosigo. Go ntse jaaka e kete lobone lo lo bonesitseng tiro ya gagwe lo aga lo tuka ka metlha.—Ditemana 15, 18.

Mo godimo ga tsotlhe, mosadi yo o nang le bokgoni ke motho wa semoya. O boifa Modimo mme o mo obamela ka tlotlo e kgolo e bile o mmoifa ka tshisimogo. (Temana 30) Ka mo go tshwanang, o thusa monna wa gagwe go thapisa bana ba bone go dira se se tshwanang. Temana ya 26 ya re: “Ka botlhale,” o ruta bana ba gagwe, mme “molao wa bopelonomi o bo o le mo lolemeng lwa gagwe.”

Monna yo o Nang le Bokgoni

Gore Lemuele a gape mosadi yo o nang le bokgoni, o ne a tshwanetse go dira ditiro tsa monna yo o nang le bokgoni. Mmaagwe Lemuele o mo gakolola ka dingwe tsa tsone di le mmalwa.

Monna yo o nang le bokgoni o tla begiwa sentle ke ‘bagolwane ba lefatshe.’ (Diane 31:23) Seo se kaya gore e tla bo e le motho yo o nang le bokgoni, yo o tshepegang, yo o ikanyegang, le yo o boifang Modimo. (Ekesodo 18:21; Duteronome16:18-20) Ka ntlha ya seo, o tla “itsiwe mo dikgotleng,” koo go kokoanang banna ba ba tumileng gore ba tshotlhe dikgang tsa motse. Gore a “itsiwe” e le monna yo o boifang Modimo, o tshwanetse go nna motho yo o tekatekano le yo o dirisanang sentle le bagolwane ba “lefatshe,” gongwe go tewa ba kgaolo.

Kwantle ga pelaelo fa mmaagwe Lemuele a bua ka se se mo diragaletseng, o gakolola morwawe ka botlhokwa jwa go bontsha yo e tla nnang mosadi wa gagwe kanaanelo. Ga go na ope mo lefatsheng yo a ka mo ratang jaaka ene. A o ko o akanye fela ka maikutlo a a boteng a a neng a utlwala mo lentsweng la gagwe fa a bolela jaana fa pele ga batho botlhe: “Bana bantsi ba basetsana ba dirile sentle, mme wena o ba gaisitse botlhe fela.”—Diane 31:29.

Go a bonala gore Lemuele o ne a anaanela kgakololo ya ga mmaagwe. Ka sekai, re ela tlhoko gore mo temaneng ya 1, o bolela fa mafoko a ga mmaagwe e le a gagwe. Ka gone, o ne a sekegela ‘kgakololo’ ya gagwe tsebe mme a solegelwa molemo ke kgakololo ya gagwe. E kete le rona re ka solegelwa molemo ke ‘molaetsa ono o o botlhokwa thata’ ka go dirisa melaometheo ya one mo matshelong a rona.

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Mosadi yo o nang le bokgoni ga a je “dijo tsa podufalo”