Thusa Batho ba Mefuta Yotlhe Kwa Netherlands
Pego ya Baboledi ba Bogosi
Thusa Batho ba Mefuta Yotlhe Kwa Netherlands
ABORAHAME e ne e le monna yo o nang le tumelo e e sa tlwaelegang. Moaposetoloi Paulo o ne a re “e rile a bidiwa,” Aborahame a utlwa lentswe la Modimo mme “a tswa, le mororo a ne a sa itse kwa a yang gone.” Fa Aborahame a sena go fudusa lelapa la gagwe lotlhe o ne “a aga e le moeng mo lefatsheng la tsholofetso” ka dingwaga di le lekgolo tse di setseng tsa botshelo jwa gagwe.—Bahebera 11:8, 9.
Ka mo go tshwanang gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba amogela kgwetlho ya go fudugela kwa nageng e nngwe gore ba ye go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. Ba bangwe ba ile ba ithuta puo e nngwe gore ba tle ba neele batswagosele ba ba fudugetseng mo nageng ya bone bosupi. Jaaka dikai tse di latelang di bontsha, moya o montle ono o ile wa dira gore go bulege “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong” kwa Netherlands kwa milione e le nngwe ya banni ba teng ba ba dimilione di le 15 e tswang kwa dinageng tse dingwe.—1 Bakorintha 16:9.
□ Bahram, yo pele e neng e le motlhatlheledi wa Kung Fu, o ne a tswa kwa nageng nngwe ya kwa Botlhabagare. O ne a amogela khopi ya Baebele le dikgatiso dingwe tsa Watch Tower. E rile kgwedi e ise e wele, Bahram a lemoga gore o bone boammaaruri. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene le mosadi wa gagwe, mme go ne go na le bothata—motho yo o neng a ba ruta Baebele o ne a sa bue puo ya bone. Ba gakologelwa gore ba ne ba buisana ka go dirisa mmele, ba bua “ka diatla le dinao.” Fa nako e ntse e ya, Bahram le mosadi wa gagwe ba ne ba kgona go bona phuthego e go neng go buiwa puo ya bone kwa go yone, mme morago ga foo ba gatela pele ka bonako. Gone jaanong Bahram ke Mosupi yo o kolobeditsweng.
□ Banyalani bangwe ba babulatsela ba ba buang Se-Dutch ba ne ba simolola go bua le monna mongwe yo o neng a bua Se-Indonesia yo o neng a eme fa pele ga suphamakete. O ne a kgatlhegile thata fa banyalani bano ba bua le ene ka puo ya gagwe. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go mo etela kwa ntlong ya gagwe. Go ne ga fitlhelwa gore o nnile kwa Russia ka dingwaga tse di fetang 20, tse mo go tsone a ileng a nna ngaka ya malwetse a basadi. O ne a bolela gore ene ke molatolamodimo, mme a dumela gore nako nngwe le nngwe fa a belegisa, o ne a gakgamala jaana, “A bo mmele wa motho o itekanetse jang ne! A bo e le kgakgamatso jang ne!” O ne a dumela go ithuta Baebele mme go ise go ye kae o ne a dumela gore go na le Mmopi yo o amegang ka batho. (1 Petere 5:6, 7) Gone jaanong ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng mme o mo phuthegong ya Se-Indonesia kwa Amsterdam.
□ Kwa Rotterdam, mo boemakepeng jo e leng bongwe jwa a magolo go gaisa otlhe a kgwebo, setlhopha sa babulatsela se nnile ditswerere mo tirong ya go rerela batho ba ba tlang mo boemakepeng letsatsi le letsatsi ba ba buang dipuo tse di farologaneng. Ka ntlha ya tiro ya setlhopha seno se se tlhagafetseng sa bareri, bakgweetsasekepe ba le mmalwa, go akaretsa le kapotene, modiredimogolo wa lewatle le motho yo pele e neng e le mofemedi, ba ne ba amogela boammaaruri. Gone jaanong le bone ba thusa go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.
Jaaka mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa kwa Netherlands ba ikemiseditse go dira seabe sa bone mo go boleleng dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng mo morafeng, mo lotsong, mo puong le mo setšhabeng sengwe le sengwe.—Tshenolo 14:6.