A o Tlhotlheletsega go Etsa Jesu?
A o Tlhotlheletsega go Etsa Jesu?
“A bona boidiidi jo bogolo, mme a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta.”—MAREKO 6: 34.
1. Ke eng fa go utlwala go bo batho bangwe ba bontsha go nna le dinonofo tse di molemo?
GO RALALA hisitori batho ba le bantsi ba ile ba bontsha go nna le dinonofo tse di molemo. O ka tlhaloganya lebaka la gone. Jehofa Modimo o lorato, o pelonomi, o pelotshweu, e bile o re bontsha dinonofo tseno le tse dingwe tse re di tseelang kwa godimo. Batho ba ne ba bopiwa mo setshwanong sa Modimo. Ka jalo re ka tlhaloganya lebaka la go bo bangwe ba ile ba bontsha go nna le lorato lo logolo, bopelonomi, kutlwelobotlhoko le dinonofo tse dingwe tse di molemo, fela jaaka bontsi bo bontsha go nna le segakolodi. (Genesise 1:26; Baroma 2:14, 15) Le fa go ntse jalo, o ka tswa o etse tlhoko gore batho ba bangwe ba bontsha go nna le dinonofo tseno go feta ba bangwe.
2. Ke ditiro dife tse di molemo tse batho ba tleng ba di dire, gongwe ba akanya gore ba etsa Keresete?
2 O ka tswa o itse banna le basadi ba gantsi ba ratang go etela balwetse kana go ba thusa, ba bontsha go utlwela digole botlhoko kana ba abela bahumanegi ka bopelotshweu. Akanya le ka batho ba kutlwelobotlhoko ya bone e ba tlhotlheletsang go fetsa botshelo jwa bone ba bereka mo mafelong a batho ba ba tshwerweng ke lepero kana mo magaeng a dikhutsana, ba ba ithaopelang go thusa kwa dikokelong kana mo mafelong a batlhoki, kana batho ba ba lekang go thusa batho ba ba se nang magae kana ba e leng batshabi. Go ka direga gore bangwe ba bone ba akanya gore ba etsa Jesu, yo o ileng a tlhomela Bakeresete sekao. Mo Diefangeleng re utlwa gore Keresete o ne a fodisa ba ba Mareko 1:34; 8:1-9; Luke 4:40) Go nna lorato, bonolo le kutlwelobotlhoko ga ga Jesu go ne go supa “mogopolo wa ga Keresete,” yo le ene a neng a etsa Rraagwe wa selegodimo.—1 Bakorintha 2:16.
lwalang a fepa le ba ba bolailweng ke tlala. (3. Gore re nne le pono e e lekalekaneng ka ditiro tse di molemo tsa ga Jesu, re tshwanetse go sekaseka eng?
3 Le fa go ntse jalo, a o etse tlhoko gore gompieno bontsi jwa batho bano ba ba kgatlhiwang ke lorato le kutlwelobotlhoko ya ga Jesu ba tlhokomologa selo se se botlhokwa thata mo go nneng le mogopolo wa ga Keresete? Re ka nna le lesedinyana malebana le seno ka go sekaseka Mareko kgaolo 6. Mo go yone re utlwa gore batho ba ne ba tlisa balwetse kwa go Jesu gore a ba fodise. Go ya ka kgang e go buiwang ka yone moo, re lemoga gore e ne ya re fa Jesu a lemoga gore diketekete tsa batho ba ba neng ba tla kwa go ene ba ne ba tshwerwe ke tlala, o ile a ba fepa ka tsela ya kgakgamatso. (Mareko 6:35-44, 54-56) Go fodisa balwetse le go fepa ba ba bolailweng ke tlala e ne e le ditsela tse dikgolo tse ka tsone Jesu a neng a bontsha batho lorato lwa go ba utlwela botlhoko, mme gone, a e ne e le tsone ditsela tsa konokono tse a neng a thusa batho ka tsone? Mme re ka etsa jang sekao sa gagwe se se molemo sa lorato, bopelonomi le kutlwelobotlhoko ka tsela e e molemo go gaisa, jaaka fa le ene a ne a etsa Jehofa?
Go Tlhotlheletsega go Tsibogela Dilo Tsa Semoya Tse ba di Tlhokang
4. Go ne go diragala eng ka nako ya tiragalo e e kwadilweng mo go Mareko 6:30-34?
4 Jesu o ne a utlwela batho botlhoko segolobogolo ka ntlha ya dilo tsa semoya tse ba neng ba di tlhoka. Dilo tseo tsa semoya e ne e le tsone tse di botlhokwa thata go gaisa tsa senama. Akanya ka pego ya Mareko 6:30-34. Tiragalo e e begilweng moo e diragetse mo losing lwa Lewatle la Galalea, gaufi thata le nako ya Tlolaganyo ya 32 C.E. Baaposetoloi ba ne ba itumetse thata, mme ba ne ba na le lebaka le le molemo la go ikutlwa jalo. E re ka ba ne ba sa tswa go wetsa loeto lo loleele, ba ne ba tla kwa go Jesu, ga go pelaelo gore ba gakaletse go mmolelela dilo tse di ba diragaletseng. Le fa go ntse jalo, boidiidi jwa batho bo ne jwa kgobokana. Bo ne bo le bogolo jaana mo Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba sa kgone go ja kana go ikhutsa. Jesu o ile a raya baaposetoloi a re: “Tlaang, lona ka bolona, kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.” (Mareko 6:31) Ba ile ba tsamaela ka mokoro kwa lefelong le le didimetseng ba kgabaganya Lewatle la Galalea gongwe e le gaufi le Kaperenama. Mme boidiidi jwa batho bo ne jwa taboga go iphaphatha le losi mme ba goroga pele ga mokoro. Jesu o ne a tla tsibogela seo jang? A o ne a kgopisiwa ke gore ba ne ba mo kgoreletsa mo nakong eo ya gagwe ya go ikhutsa? Legoka!
5. Jesu o ne a ikutlwa jang malebana le boidiidi jwa batho jo bo neng bo tla kwa go ene, mme o ne a tsibogela seo ka go dira eng?
5 Jesu o ne a amiwa pelo ke go bona diketekete tsa batho, go akaretsa le ba ba lwalang, ba mo letile ka tlhoafalo. (Mathaio 14:14; Mareko 6:44) Mareko o ile a kwala jaana fa a lebisa tlhokomelo mo go se se neng sa dira gore Jesu a ba utlwele botlhoko le tsela e a neng a tsiboga ka yone: “A bona boidiidi jo bogolo, mme a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mareko 6:34) Jesu o ne a sa lebe batho bano e le boidiidi fela jwa batho. O ne a bona e le batho ba ba tlhokang thuso semoyeng. Ba ne ba tshwana le dinku tse di latlhegileng, di se na modisa yo o ka di kaelang kwa mafulong a matalana kana go di sireletsa. Jesu o ne a itse gore baeteledipele ba bodumedi ba ba seng kutlwelobotlhoko ba ba neng ba tshwanetse go nna badisa ba ba lorato totatota ba ne ba nyatsa batho ba e seng ba maemo e bile ba sa ba tlhokomele ka dilo tse ba di tlhokang tsa semoya. (Esekiele 34:2-4; Johane 7:47-49) Jesu o ne a ikaeletse go ba tshwara ka tsela e e farologaneng le eno, a ba direla dilo tse di molemo ka mo a ka kgonang ka teng. O ile a simolola ka go ba ruta kaga Bogosi jwa Modimo.
6, 7. (a) Diefangele di senola gore ke eng se se neng se tla pele fa Jesu a tsibogela dilo tse batho ba di tlhokang? (b) Ke eng se se neng se tlhotlheletsa Jesu go rera le go ruta?
6 Ela tlhoko tsela e a dirang dilo ka go latelana ga tsone ka teng le tsela e a dirang gore tsa botlhokwa e nne tsone di tlang pele jaaka fa re bona mo pegong e e tshwanang le eno. Pego eno e kwadilwe ke Luke, yo e neng e le ngaka ya kalafi e bile a kgatlhegela go bona batho ba bangwe ba tsoga sentle. “Boidiidi . . . [jwa sala Jesu] morago. Mme a ba amogela ka bopelonomi mme a simolola go bua le bone kaga bogosi jwa Modimo, mme a fodisa ba ba tlhokang kalafi.” (Luke 9:11; Bakolosa 4:14) Le fa go se jalo ka metlha ka pego nngwe le nngwe e e malebana le dikgakgamatso, mo kgannyeng eno, ke eng se pego ya ga Luke e e tlhotlheleditsweng e se umakang pele? Ke kgang ya gore Jesu o ne a ruta batho.
Mareko 6:34. Temana eo e tlhalosa sentle gore totatota Jesu o ne a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo. O ne a ruta batho, a ba thusa ka dilo tsa semoya tse ba neng ba di tlhoka. Jesu o ile a bua jaana pelenyana mo bodireding jwa gagwe: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Le fa go ntse jalo, re tla bo re le phoso fa re ka akanya gore Jesu o ne a bolela molaetsa wa Bogosi ka go ikgolola fela, jaaka e kete o ne a dira tiro ya go rera e le seomodiro fela. Nnyaa, tsela e a neng a rata batho ka yone ke yone selo se segolo se se neng se mo tlhotlheletsa go ba rerela dikgang tse di molemo. Molemo o mogolo o Jesu a neng a ka o direla batho—le e leng balwetse, ba ba tsenweng ke badimona, bahumanegi kana ba ba bolawang ke tlala—e ne e le go ba thusa go itse, go dumela le go rata boammaaruri kaga Bogosi jwa Modimo. Boammaaruri joo e ne e le selo se se botlhokwa thata ka ntlha ya seabe se Bogosi bo nang le sone mo go tlotlomatseng bolaodi jwa ga Jehofa le go leretse batho masego a a nnetseng ruri.
7 Tota seno se dumalana le tsela e kgang e gatelelwang ka teng mo go8. Jesu o ne a ikutlwa jang ka tiro ya gagwe ya go rera le go ruta?
8 Lebaka la konokono la go bo Jesu a ne a tlile mo lefatsheng e ne e le gore a tle go rera ka tlhagafalo ka Bogosi. Jesu o ne a raya Pilato jaana fa a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng: “Ke tsaletswe sone seno, e bile ke tletse sone seno mo lefatsheng, gore ke neye bosupi ka boammaaruri. Mongwe le mongwe yo o mo letlhakoreng la boammaaruri o reetsa lentswe la me.” (Johane 18:37) Re ile ra lemoga mo ditlhogong tse pedi tse di fetileng gore Jesu e ne e le motho yo o pelonomi—yo o amegang ka batho, yo o atamelesegang, yo o akanyetsang, yo o tshepang batho, mme go feta tsotlhe, yo o lorato. Re tshwanetse go tlhaloganya dilo tseo tse di malebana le botho jwa gagwe fa e le gore ruri re batla go itse mogopolo wa ga Keresete. Gape go botlhokwa thata gore re lemoge gore mogopolo wa ga Keresete o akaretsa tsela e re tsayang tiro ya gagwe ya go rera le go ruta e le botlhokwa ka yone.
O ne A Kgothaletsa ba Bangwe go Neela Bosupi
9. Ke mang yo o neng a tshwanetse go tsaya tiro ya go rera le go ruta e le botlhokwa?
9 Ga se Jesu fela yo o neng a tshwanetse go tsaya tiro ya go rera le go ruta—e e leng sesupo sa lorato le bopelonomi—e le botlhokwa. O ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe go etsa maitlhomo a gagwe, dilo tse a di tsayang di le botlhokwa le ditiro tsa gagwe. Ka sekai, fa Jesu a sena go tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, ba ne ba tshwanetse go dira eng? Mareko 3:14, 15 e re bolelela jaana: “A bopa setlhopha sa ba le lesome le bobedi, ba gape a neng a ba bitsa ‘baaposetoloi,’ gore ba tswelele le ene le gore a ba rome ba ye go rera le gore ba nne le taolo ya go leleka madimona.” A o lemoga sengwe se se botlhokwa se baaposetoloi ba neng ba tshwanetse go se dira?
10, 11. (a) Fa Jesu a ne a roma baaposetoloi ba gagwe, o ile a ba laela go dira eng? (b) Ke eng se e neng e le selo sa konokono fa go ne go rongwa baaposetoloi?
10 Fa go ntse go ya, Jesu o ne a dira gore ba ba 12 bano ba kgone go fodisa batho le go leleka madimona. (Mathaio 10:1; Luke 9:1) Go tswa foo o ne a ba roma go tsaya loeto lwa go ya “kwa dinkung tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele.” Go ya go dira eng? Jesu o ne a ba laela jaana: “Fa lo ntse lo tsamaya, lo rere, lo re, ‘Bogosi jwa magodimo bo atametse.’ Alafang batho ba ba bobolang, tsosang batho ba ba suleng, phepafatsang balepero, lelekang madimona.” (Mathaio 10:5-8; Luke 9:2) Tota ke eng se ba ileng ba se dira? “Jalo ba bolola mme [1] ba rera e le gore batho ba tle ba ikotlhaye; mme [2] ba ne ba tle ba leleke madimona a le mantsi ba ba ba tlotse batho ba ba boboletseng ruri ba le bantsi ka lookwane mme ba ba alafe.”—Mareko 6:12, 13.
11 E re ka e se ka metlha go umakwang tiro ya go rera pele, a re tla bo re feteletsa kgang ya go tsaya dilo go ya ka botlhokwa jwa tsone kana kgang ya maitlhomo a a akarediwang? (Luke 10:1-9) Ee, ga re a tshwanela go tlhaetsa matlho tsela e go rera go umakwang gangwe le gape ka teng pele ga go fodisa. Akanya ka se se neng se direga mo tiragalong eno e re buang ka yone. Pele ga Jesu a roma baaposetoloi ba gagwe ba le 12, o ne a ile a amiwa pelo ke maemo a boidiidi jwa batho bo neng bo le mo go one. Re bala jaana: “Jesu a bolola a etela metse yotlhe le metsana, a ruta mo disinagogeng tsa bone e bile a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa mofuta mongwe le mongwe wa bolwetsi le mofuta mongwe le mongwe wa bokoa. Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa. Foo a raya barutwa ba gagwe a re: ‘Ee, thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, lopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.’”—Mathaio 9:35-38.
12. Tiro e nngwe e e neng e dirwa ke dikgakgamatso tse Jesu le baaposetoloi ba neng ba di dira e ne e le eng?
Mathaio 4:24, 25; 8:16; 9:32, 33; 14:35, 36; Johane 6:26) Le fa go ntse jalo, kwantle ga gore ditiro tseno di ne di thusa batho, tota di ne di ba tlhotlheletsa go lemoga gore Jesu e ne e le Morwa wa Modimo le gore e ne e le “moporofeti” yo Moshe a neng a boleletse pele ka ene.—Johane 6:14; Duteronome 18:15.
12 Baaposetoloi ba ne ba ka nna le mogopolo wa ga Keresete ka go fetsa nako ba na le ene. Ba ne ba tla lemoga gore go rata batho ba bangwe le go nna pelonomi mo go bone ka tsela ya mmatota go akaretsa go dira tiro ya go rera le go ruta ka Bogosi—jo e neng e tshwanetse go nna selo sa konokono mo ditirong tsa bone tse di molemo. Tumalanong le seno, ditiro tse di molemo tse ba neng ba di dira, tse di jaaka go fodisa balwetse, e ne e se fela gore di thusa batlhoki. Jaaka fa o ka akanya, batho bangwe ba ne ba ka ngokelwa fela ke go bo ba fodisiwa le go fepiwa ka dijo ka kgakgamatso. (13. Boporofeti jwa Duteronome 18:18 bo ne jwa gatelela seabe sefe sa “moporofeti” yo o neng a tla tla?
13 Ke eng fa go ne go le botlhokwa gore Jesu ke “moporofeti”? Ebu, ke seabe sefe se se botlhokwa se go neng go boleletswe pele gore o tla se dira? A “moporofeti” o ne a tshwanetse go tuma ka go fodisa batho ka kgakgamatso kana ka go fepa ba ba bolailweng ke tlala ka go ba tlhomogela pelo? Duteronome 18:18 e ile ya bolelela pele jaana: “Ke tla ba tsosetsa moporofeti yo o tswang mo gare ga bomorwarraabone, yo o tshwanang le wena [Moshe]; mme ruri ke tla tsenya mafoko a me mo molomong wa gagwe, mme o tla bua le bone sotlhe se ke tla se mo laolelang.” Ka jalo, fa baaposetoloi ba ntse ba ithuta go nna pelonomi le go bo bontsha, ba ne ba ka swetsa ka gore go nna le mogopolo wa ga Keresete go ne go tshwanetse ga bonala le mo tirong ya bone ya go rera le go ruta. Seo e ne e tla nna selo se se molemo go gaisa tsotlhe tse ba neng ba ka di direla batho. Ka go dira jalo, balwetse le bahumanegi ba ne ba ka bona melemo e e nnetseng ruri, e seng fela e e neng e tla fela fa botshelo jwa bone bo fela kana morago ga go ja gangwe kana gabedi.—Johane 6:26-30.
Nna le Mogopolo wa ga Keresete Gompieno
14. Go nna le mogopolo wa ga Keresete go na le seabe jang mo tirong ya rona ya go rera?
14 Ga go ope wa rona yo o ka tsayang gore mogopolo wa ga Keresete o ne o tshwanela lekgolo la ntlha la dingwaga fela—o tshwanela Jesu fela le barutwa ba gagwe ba Paulo a ileng a kwala jaana ka bone: “Re na le mogopolo wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 2:16) Mme ga re ne re okaoka go dumela gore re na le boikarabelo jwa go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Le fa go ntse jalo, go molemo gore re sekaseke maitlhomo a rona a go bo re dira tiro eno. Ga re a tshwanela go e dira ka tsela ya go ikgolola fela. Lebaka la konokono la go bo re nna le seabe mo bodireding ke ka go bo re rata Modimo, mme go tshwana kgo le Jesu go akaretsa go tlhotlhelediwa ke lorato mo tirong ya go rera le go ruta.—Mathaio 22:37-39.
15. Ke eng fa go nna kutlwelobotlhoko e le selo se se tshwanelang thata mo bodireding jwa rona jwa phatlalatsa?
15 Ke boammaaruri gore, ga se ka metlha go leng motlhofo go nna pelonomi mo bathong ba ba sa dumeleng dilo tse re di dumelang, segolobogolo fa ba re itlhokomolosa, ba gana go re reetsa kana ba re ganetsa. Le fa go ntse jalo, fa re ne re ka felelwa ke lorato le bopelonomi mo bathong, re ne re tla felelwa ke selo se se botlhokwa thata se se re tlhotlheletsang go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete. Mme he re ka lwela go nna pelonomi jang? Re ka lwela go leba batho go ya kafa Jesu a neng a ba leba ka teng, “ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se Mathaio 9:36) A ga se kafa batho ba le bantsi ba leng ka teng gompieno? Badisa ba bodumedi jwa maaka ba ile ba ba tlhokomologa le go ba foufatsa semoyeng. Ka ntlha ya seo, ga ba itse sepe ka kaelo e e molemo e e mo Baebeleng e bile ga ba itse sepe ka maemo a Paradaise a Bogosi jwa Modimo bo tla tlogang bo a tlisa mo lefatsheng la rona. Ba lebana le mathata a botshelo a letsatsi le letsatsi—go akaretsa le khumanego, mathata a lelapa, bolwetse le loso—ba se na tsholofelo ya Bogosi. Re na le se ba se tlhokang: Dikgang tse di molemo tse di namolang botshelo tsa Bogosi jwa Modimo jo gone jaanong bo tlhomilweng kwa legodimong!
nang modisa.” (16. Ke eng fa re tshwanetse go batla go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo?
16 Ka gone, fa o akanya ka dilo tsa semoya tse batho ba o tshelang le bone ba di tlhokang, a pelo ya gago ga e go tlhotlheletse go batla go dira sotlhe se o ka se kgonang go ba bolelela ka maikaelelo a a lorato a Modimo? Ee, tiro ya rona ke ya go utlwela batho botlhoko. Fa re tlhomogela batho pelo jaaka Jesu, go tla utlwala mo segalong sa lentswe la rona, mo tebegong ya sefatlhego le mo mokgweng wa rona wa go ruta. Dilo tseo tsotlhe di tla dira gore molaetsa wa rona o kgatlhe batho ba ba “sekametse[ng] sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Ditiro 13:48.
17. (a) Ke ditsela dife tse dingwe tse re ka bontshang ba bangwe lorato le kutlwelobotlhoko ka tsone? (b) Ke eng fa seno e se kgang ya go tlhopha gareng ga go direla ba bangwe molemo kana go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa?
17 Ke boammaaruri gore, lorato le bopelonomi jwa rona lo tshwanetse go bonala mo dilong tsotlhe tse re di dirang mo botshelong. Seno se akaretsa gore re nne pelonomi mo bathong ba ba sotlegang, ba ba lwalang, le ba ba humanegileng—re dira sotlhe se re ka se kgonang go ba namola mo pogong ya bone. Go akaretsa go dira maiteko a go bua le go dira dilo tse di ka nametsang batho ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone. (Luke 7:11-15; Johane 11:33-35) Le fa go ntse jalo, ditsela tse di ntseng jalo tsa go bontsha lorato, bopelonomi le kutlwelobotlhoko ga di a tshwanela go nna tsone dilo tsa konokono mo ditirong tsa rona tse di molemo, jaaka go ntse ka batho ba ba ratang go thusa setšhaba. Selo se se botlhokwa jo bo nnetseng ruri ke maiteko a re a dirang ka go tlhotlhelediwa ke tsone dinonofo tseno tse di molemo mme gone re di bontsha ka go nna le seabe mo tirong ya Bokeresete ya go rera le go ruta. Gopola se Jesu a ileng a se bua ka baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda: “Lo ntsha nngwesomeng ya minte le dile le kumina, mme lo itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyego. Dilo tseno go ne go tlama gore di dirwe, lefa go ntse jalo go sa tlhokomologiwe dilo tse dingwe.” (Mathaio 23:23) Jesu o ne a sa tlhophe go dira e le nngwe fela ya ditiro tseno—go thusa batho fela ka dilo tsa nama tse ba di tlhokang kana go ba ruta fela ka dilo tse di tshedisang tsa semoya. Jesu o ne a dira dilo tseno ka bobedi. Le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore tiro ya go rera e ne e le yone e tlang pele ka gonne melemo e o neng a tla kgona go e dira ka yone e ne e tla nna thuso e e nnelang ruri.—Johane 20:16.
18. Go sekaseka ga rona mogopolo wa ga Keresete go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira eng?
18 A bo re tshwanetse go leboga thata jang ne go bo Jehofa a re senoletse mogopolo wa ga Keresete! Diefangele di ka re thusa go itse botoka megopolo, maikutlo, dinonofo, ditiro le dilo tse monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela a neng a di tsaya di le botlhokwa. Ke boikarabelo jwa rona go bala, go tlhatlhanya le go tshela go dumalana le se Baebele e re senolelang sone ka Jesu. Se lebale gore, fa ruri re batla go dira dilo jaaka Jesu, re tshwanetse pele re ithute go akanya, go ikutlwa le go sekaseka dilo jaaka ene, go ya kafa rona batho ba ba sa itekanelang re ka kgonang ka teng. Ka gone, a re ititeyeng sehuba gore re tla lwela go nna le mogopolo wa ga Keresete le go o etsa. Ga go na tsela ya go tshela e e botoka go gaisa eno, tsela e e botoka ya go tshwara batho, e bile e le tsela e e botoka go gaisa ya gore rona le batho ba bangwe re tsalane thata le ene yo a ileng a mo etsa ka botlalo, e leng Modimo wa rona yo o lorato, Jehofa.—2 Bakorintha 1:3; Bahebera 1:3.
O Tla Araba Jang?
• Baebele e re naya lesedi lefe malebana le kafa Jesu a neng a tle a tsibogele dilo tse batho ba di tlhokang ka teng?
• Jesu o ne a gatelela eng fa a ne a kaela balatedi ba gagwe?
• Re ka bontsha go nna le “mogopolo wa ga Keresete” jang mo ditirong tsa rona?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 23]
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ke molemo ofe o mogolo o Bakeresete ba ka o direlang batho ba bangwe?