Ba Bakhutshwane, ba Pelotshweu
Ba Bakhutshwane, ba Pelotshweu
O NE o ka ikutlwa jang fa o buisana le batho ba o sa ba itseng ka Bogosi jwa Modimo o le boleele jwa disentimetara di le 76 fela? Laura a ka go bolelela seo. O na le dingwaga di le 33, mme o boleele jwa disentimetara di le 76 fela. Ene le monnawe, María, yo o nang le dingwaga di le 24 e bile a le boleele jwa disentimetara di le 86, ba nna kwa Quito, Ecuador. Mma ba tlhalose dilo tse di ba kgoreletsang fa ba le mo bodireding jwa bone jwa Bokeresete.
“Re tsamaya ka maoto sekgala sa sephatlho sa kilometara gore re ye go palama bese fa re ya kwa tshimong e re rerang kwa go yone le kwa dipokanong tsa Bokeresete. Go tswa mo bese e re folosang teng, re tsamaya gape sephatlho sa kilometara ka maoto re ya go palama bese e nngwe. Ka maswabi, mo tseleng eno go nna dintša tse tlhano tse di bogale thata. Dintša tseno di a re boifisa ka gonne mo go rona di lebega di le dikgolo jaaka dipitse. Gore re di kobe fa go tlhokega, re tsamaya re tshwere thobanyane, e re e fitlhang golo gongwe pele re palama bese gore re bo re e tshwere fa re boela gae ka maoto.
“Go palama bese totatota ke tiro e kgolo thata. Re ema fa godimo ga thotobolo fa boemelong jwa dibese gore re kgone go palama motlhofo. Bakgweetsi ba bangwe ba ema gaufi le thotobolo eno, mme ba bangwe ga ba dire jalo. Fa ba sa eme gaufi le yone, yo moleele mo go rona o thusa yo mokhutshwane go palama. Go ya go palama bese e nngwe go tlhoka gore re kgabaganye mmila o mogolo o o tlhanaselang ka dikoloi—ke matsapa tota ka maoto a rona a makhutshwane. Ka gonne re le bakhutshwane, beke e e boima ya dibuka e re okeletsa morwalo. Gore beke e nne motlhofo, re dirisa Baebele e nnye mme gape re bo re fokotsa dibuka tse re di tsayang.
“Go tloga bonnyaneng, re ne re le batho ba ba ditlhong thata. Baagelani ba rona ba itse gore re ne re ntse re tshaba go bua le batho ba re sa ba itseng. Ka gone ba a gakgamala e bile ba kgatlhiwa ke go re bona re kokota mo matlong a bone, mme gantsi ba a re reetsa. Mme kwa mafelong a batho ba sa re itseng gone, gantsi ba iponela batho ba bakhutshwane fela; ka gone gantsi ga ba re tseye tsia go ya kafa molaetsa wa rona o tlhokang ka teng. Le fa go ntse jalo, e re ka re lemoga lorato lwa ga Jehofa seno se re naya bopelokgale jwa go tswelela pele mo tirong eno ya go rera. Go tlhatlhanya ka Diane 3:5, 6 le gone go a re kgothatsa.”
Jaaka Laura le María ba bontsha, go itshoka le fa gone re na le bogole bongwe go ka galaletsa Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a rapelela gore “mutlwa mo nameng” ya gagwe, gongwe bolwetse bongwe mo mmeleng, o ntshiwe mo go ene. Mme Modimo o ne a mmolelela jaana: “Bopelonomi jwa me jo bo sa go tshwanelang bo go lekane; gonne 2 Bakorintha 12:7, 9, 10) Dingwaga moragonyana Paulo o ne a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.
maatla a me a itekanedisiwa mo bokoeng.” Ee, ga go tlhokege gore re fodisiwe bogole bongwe pele e bo e le gone re ka direlang Modimo. Go ikaega thata ka Modimo go ka re thusa gore re itshokele maemo a rona. Ka gonne Paulo a ne a tsaya “mutlwa mo nameng” ya gagwe ka tsela eno, o ne a re: “Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (Mo metlheng ya gompieno, Modimo o dirisa banna, basadi le bana ba ba ineetseng ka botlalo mo go ene go wetsa tiro eno e kgolo. Bangwe ba bone ba na le bogole bongwe. Le mororo botlhe ba solofela go fodisiwa mo Bogosing jwa Modimo, ga ba emele gore Modimo a fedise mathata a bone pele, e bo e le gone ba lekang go dira sengwe mo tirelong ya gagwe.
A o na le bokoa bongwe mo mmeleng? Nametsega! Ka tumelo ya gago o ka nna mongwe wa batho ba ba jaaka Paulo, Laura le María. Go ka bolelwa jaana ka bone, fela jaaka go ile ga bolelwa ka banna le basadi ba tumelo ba metlha ya bogologolo: “Go tswa seemong sa bokoa [ba ne] ba dirwa maatla.”—Bahebera 11:34.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
María
Laura
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
María o thusa Laura go palama bese
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
“Dintša di a re boifisa ka gonne mo go rona di lebega di le dikgolo jaaka dipitse”
Kwa tlase: Laura le María le ba ba neng ba ithuta Baebele le bone