Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgang Tse di Molemo Tsa Batho Botlhe

Dikgang Tse di Molemo Tsa Batho Botlhe

Dikgang Tse di Molemo Tsa Batho Botlhe

KE TSONE fela dikgang tse di molemo tse di tla nnelang ruri tse mongwe le mongwe a ka di bonang ka kgololesego. Ke dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le tsa poloko e re e bonang ka go dumela mo go Jesu Keresete. Di akaretsa boammaaruri jotlhe jo Jesu a ileng a bua ka jone le jo barutwa ba kwadileng ka jone.

Le fa batho ba bogologolo ba ne ba ikanya Modimo e bile ba dumela mo go ene ka go Mo itse, boikaelelo jwa Modimo le bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang bo “supilwe [pele] ka phepafalo ka ponatshego ya Mmoloki wa rona, Keresete Jesu, yo o fedisitseng loso mme a phatsimisitse lesedi mo botshelong le bosaboleng ka dikgang tse di molemo.”—2 Timotheo 1:9, 10.

Makgolokgolo a dingwaga pele ga moo Modimo o ne a bolelela Aborahame dikgang tse di molemo, ka go rialo a bontsha tsela e a ikaeletseng go lere dikgang tse di molemo ka yone. O ne a bolela jaana: “Merafe yotlhe e tla segofadiwa ka wena.” (Bagalatia 3:8) Moragonyana Jehofa o ile a dirisa moporofeti Isaia go bolela kaga go rerwa ga dikgang tse di molemo. Jesu Keresete o ne a bala go tswa mo boporofeting jono mo sinagogeng kwa Nasaretha, morago ga moo a bolela jaana: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.” (Luke 4:16-21) Boporofeti jwa ga Isaia bo ne bo tlhalosa boikaelelo le matswela a dikgang tse di molemo tse di tla rerwang, segolobogolo go tloga ka nako ya go tla ga Mesia.—Isaia 61:1-3.

Go Anama ga Dikgang Tse di Molemo

Ka nako ya go tsholwa ga ga Jesu moengele o ne a itsise badisa jaana: “Se boifeng, gonne, bonang! ke lo bolelela dikgang tse di molemo tsa boipelo jo bogolo jo batho botlhe ba tla nnang le jone.” (Luke 2:10) Johane Mokolobetsi o ile a baakanyetsa Jesu tsela ya go rera dikgang tse di molemo, a raya Bajuda a re: “Ikotlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.”—Mathaio 3:1, 2.

Jesu o ile a bolela jaana ka go rera ga ga Johane: “Go tswa alatsing a ga Johane Mokolobetsi go fitlha jaanong bogosi jwa magodimo ke mokgele o batho ba gagamalelang kwa go one, mme ba ba gagamalelang pele ba a bo gapa.”—Mathaio 11:12.

Fa Jesu a sena go swa le go tsosiwa, o ne a neela barutwa ba gagwe taelo eno: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) O ne a ba bolelela gape gore go rera ga bone go ne go tla fitlha kwa “karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Ditiro 1:8.

Mme mo e ka nnang dingwaga tse tharo le sephatlo morago ga foo moya o o boitshepo o ile wa kaela barutwa gore ba rerele Bajuda le Basamarea fela. Morago ga foo Modimo o ile a romela Petere go isetsa bantlo ya ga Korenelio yo e neng e le molaodi wa masole a Roma dikgang tse di molemo. (Ditiro, dikgaolo 10, 11) Go tloga ka nako eo, dikgang tse di molemo di ile tsa rerwa go ya bokgakaleng jo bogolo thata mo karolong e kgolo thatathata.

Le mororo dikgang tse di molemo di ne di anama ka bonako, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore bangwe ba ne ba leka go menola tumelo ya boammaaruri ka go rera ‘dikgang tse di molemo tse dingwe.’ (2 Bakorintha 11:4; Bagalatia 1:6, 7) O ne a bua ka botlhanogi jo bo tlang mme a bolela gore ‘bosaitsiweng jwa bosenangmolao’ bo setse bo dira. O ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba gakologelwe boikaelelo jwa dikgang tse di molemo mme ba eme ba nitame ba tshwareletse mo dingwaong tse di kaelwang ka moya tse ba di ithutileng mo baaposetoloing.—2 Bathesalonika 2:3, 7, 14, 15.

Baba ba dikgang tse di molemo ba ile ba dira gore Bakeresete ba boge thata mme ga tlhoka gore baaposetoloi ba lwe ka thata fa pele ga babusi ba femela le go tlhomamisa semolao dikgang tse di molemo gore di aname ka kgololesego e kgolo ka mo go ka kgonegang ka teng.—Bafilipi 1:7, 16.

Botlhokwa Jwa go Bolela Dikgang Tse di Molemo

Jesu o ne a tsaya go tshwarelela ka boikanyegi le go tswelela ka go bolela dikgang tse di molemo e le selo se se botlhokwa go gaisa botshelo jwa motho jwa gone jaanong. (Mareko 8:35) Motho a ka nna a latlhegelwa ke dilo tse a di ratang thata, a bo a bogisiwa, mme ka ntlha ya seo o tla amogela go menagane ga lekgolo gone jaanong “matlo le barwarraagwe le barwadiarraagwe le bommaagwe le bana le masimo, . . . mme mo tsamaisong e e tlang ya dilo, botshelo jo bo sa khutleng.”—Mareko 10:29, 30.

Boitlhomo jwa motho yo o rerang dikgang tse di molemo bo tshwanetse go nna phepa mme o tshwanetse go rera go tswa pelong, ka go bo a rata batho ba ba reetsang. Baaposetoloi ba ne ba anaanela botlhokwa jwa dikgang tse di molemo tse di nayang botshelo tseno thata mme ba ne ba tletse ka moya wa Modimo le ka lorato mo e leng gore ga ba a ka ba naya batho ba ba neng ba ba reetsa fa ba rera dikgang tse di molemo fela mme gape ba ne ba ba naya le “meya ya bone.”—1 Bathesalonika 2:8.

Modimo o ne a rulaganyetsa gore baboledi ba dikgang tse di molemo ba nne le tshwanelo ya go amogela thuso ya dilo tse di bonalang mo bathong ba ba ba tlisetsang dikgang tse di molemo tseno. (1 Bakorintha 9:11-14) Mme Paulo le ditsala tsa gagwe tse di gaufi ba ne ba anaanela tshiamelo ya bone ya go nna batshodi ba dikgang tse di molemo thata jaana mo e leng gore ba ne ba le kelotlhoko gore ba tile go itirela poelo epe ya madi mo thulaganyong eo, kana le e leng go dira gore go bonale e kete ba dira jalo ka tiro ya bone ya go rera. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa kgato e a e tsereng malebana le seno mo go 1 Bakorintha 9:14-18 le 1 Bathesalonika 2:6, 9.

Sengwe sa ditshupo tse Jesu a ileng a bolelela pele gore di tla supa bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo e ne e le gore: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:3, 14.

Mo Tshenolong e e neng ya fiwa moaposetoloi Johane mo e ka nnang ka 96 C.E., Johane o ne a bona “moengele mongwe a fofa mo gare ga legodimo” yo o neng a tshotse “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo morafeng mongwe le mongwe le lotso le teme le batho, a bua ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘Boifang Modimo lo bo lo o neye kgalalelo, ka gonne nako ya one ya go atlhola e gorogile.’” (Tshenolo 14:6, 7) Mafoko a a tlhotlheleditsweng ano a supa gore mo “metlheng ya bofelo” dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ne di tla rerwa ka tsela e e tlhomologileng.