Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsaya Tlhagiso Tsia!

Tsaya Tlhagiso Tsia!

Tsaya Tlhagiso Tsia!

THUU! Ka June 3, 1991, Thaba ya Fugen kwa Japane e ne ya tlhatsa morwalela wa digase le molora wa lekgwamolelo ka modumo o o kurutlang. Motswako o o gotetseng thata ono o ne wa elela mo mokgokoloseng. Go thunya gono go ile ga bolaya batho ba le 43. Batho ba ba neng ba falola ka tshoba la mogodu ba ne ba shele mo go maswe. Bangwe ba bone ba ne ba goa ba re “metsi, metsi tlhe.” Batimamolelo le mapodise ba ne ba siana go ya go ba thusa.

GO NE go bonwe mokoa wa seretse se se molelo mo setlhoeng sa Thaba ya Fugen mo e ka nnang dibeke tse pedi pele ga moo, ka jalo balaodi le baagi ba ne ba ntse ba ntshitse matlho dinameng. E ne e rile lobaka lo lo fetang beke pele ga masetlapelo ao, ga ntshiwa tlhagiso ya gore go duwe mo lefelong leo. Letsatsi fela pele ga go thunya goo, mapodise a ne a kopile ba tshedimosetso ya dikgang gore ba se ka ba tsena mo lefelong le le thibetsweng. Le fa go ntse jalo, mo thapameng eo e e kotsi batho ba ba 43 ba ba ileng ba amega ba ne ba le mo lefelong le le kotsi.

Ke eng fa batho ba le bantsi jaana ba ne ba tsena mo lefelong leo kana ba se ka ba tswa mo go lone? Balemi bangwe ba ba neng ba dule kwa magaeng a bone ba ne ba boela gape go ya go tlhola dilwana tsa bone le masimo a bone. Batho ba bararo ba ba ithutang ka makgwamolelo ba ne ba leka go atamela lekgwamolelo thata ka mo ba ka kgonang ka teng gore ba tle ba bone dilo tse ba batlang go di ithuta. Babegadikgang ba le mmalwa le batho ba ba tsayang ditshwantsho ba ile ba nna pelokgale go tsena mo lefelong le le neng le thibetswe ka gonne ba ne ba batla go bona tshedimosetso malebana le lekgwamolelo. Bakgweetsi ba le bararo ba dithekisi ba ba neng ba hirilwe ke baanamisi ba dikgang ba ne ba le teng foo. Go ne go na le mapodise le batimamolelo ba ba neng ba le mo tirong. Mongwe le mongwe wa bone o ne a na le lebaka la go bo a ne a tsena mo lefelong le le kotsi—mme ditlamorago e ne ya nna gore o ne a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe.

A o Mo Lefelong le le Kotsi?

Ga se batho botlhe ba ba nnang gaufi le lekgwamolelo le le ka thunyang. Le fa go ntse jalo, go tweng fa e le gore re ne re lebane le masetlapelo a a amang lefatshe lotlhe, a dira gore rotlhe re nne mo lefelong le le kotsi e leng lefatshe lotlhe? Buka nngwe e e itshupileng e le motswedi o o ikanyegang wa tshedimosetso ya boporofeti e re tlhagisa ka masetlapelo a a tla welang lefatshe lotlhe mme e a tlhalosa jaana: “Letsatsi le tla fifala, le ngwedi ga e na go ntsha lesedi la yone, mme dinaledi di tla wa di tswa kwa legodimong, le maatla a magodimo a tla reketlisiwa. . . . Ditso tsotlhe tsa lefatshe di tla ititaya ka ntlha ya selelo sa khutsafalo.” (Mathaio 24:29, 30) Fano go tlhalosiwa gore diponalo tsa legodimo tsa lobopo lotlhe di tla ama “ditso tsotlhe tsa lefatshe.” Ka mafoko a mangwe, boporofeti jono bo amana le masetlapelo a a tla amang mongwe le mongwe wa rona.

Buka eno e e nang le boporofeti jo bo ka ikanngwang ke Baebele. Se se kgatlhang ke gore, ditemana tse di dikologileng temana e e umakilweng fa godimo di tlhalosa dilo tsotlhe tse di tla tlang pele ga masetlapelo a lefatshe lotlhe. Fela jaaka mokoa ole wa seretse se se molelo le dilo tse dingwe tse di supang gore lekgwamolelo le tla thunya di ne tsa dira gore balaodi ba motse wa Shimabara ba nne le mabaka a go tshwaya lefelo le le kotsi, Baebele le yone e re neela mabaka a gore re nne re ntshitse matlho dinameng le gore re ipaakanyetse go falola. Re ka ithuta sengwe ka masetlapelo a Thaba ya Fugen mme ra lemoga bomasisi jwa se se larileng kwa pele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Yomiuri/Orion Press/Sipa Press

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Yomiuri/Orion Press/Sipa Press