“Batlang Jehofa le Nonofo ya Gagwe”
“Batlang Jehofa le Nonofo ya Gagwe”
“Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.”—2 DITIRAFALO 16:9, NW.
1. Maatla ke eng, mme batho ba ile ba a dirisa jang?
MAATLA a ka kaya dilo di sekae tse di farologaneng tse di jaaka, go nna le taolo, bolaodi, kana tlhotlheletso e motho a nang le yone mo go ba bangwe; bokgoni jwa go tsaya kgato kana go dira gore sengwe se direge; thata ya mmele (nonofo); kana tlhotlheletso ya mogopolo kana ya boitsholo. Batho ga ba a itirela leina le le molemo mo kgannyeng ya go dirisa maatla. Lord Acton yo e leng rahisitori o ile a bua jaana fa a bua ka maatla a a dirisiwang ke boradipolotiki: “Maatla a na le go dira batho bosula mme maatla a a feteletseng a na le go dira batho bosula ka tsela e e feteletseng.” Hisitori ya segompieno e tletse ka dikai tse di bontshang fa mafoko ano a ga Lord Acton a le boammaaruri. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, “motho [o laotse] motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” (Moreri 8:9, NW) Babusaesi ba ba bosula ba ile ba dirisa maatla a bone ka tsela e e sa siamang e bile ba ile ba gaila dimilionemilione tsa batho. Maatla a kotsi tota fa a sa dirisiwe ka lorato, botlhale le tshiamiso.
2. Tlhalosa kafa dinonofo tse dingwe tsa bomodimo di amang tsela e Jehofa a dirisang maatla a gagwe ka yone.
2 Modimo ga a tshwane le bontsi jwa batho, ene ka metlha o dirisa maatla a gagwe ka tsela e e molemo. “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditirafalo 16:9, NW) Jehofa o dirisa maatla a gagwe ka go a laola. Bopelotelele bo dira gore Modimo a name a sa lesitse baikepi a sa ba nyeletse gore a ba neye tshono ya go ikwatlhaya. Lorato lo mo tlhotlheletsa go tlhabisetsa batho botlhe letsatsi—basiami le ba ba sa siamang. Tshiamiso e tla mo tlhotlheletsa gore kgabagare a dirise maatla a gagwe a magolo go fedisa ene yo o bakang loso, e bong Satane Diabolo.—Mathaio 5:44, 45; Bahebera 2:14; 2 Petere 3:9.
3. Ke eng fa maatla a magolo a Modimo a nang le one a tshwanetse go re dira gore re mo ikanye?
3 Maatla a a boitshegang a Rraarona wa selegodimo a nang le one a tshwanetse go re naya lebaka la go mo ikanya le go mo tshepa—re tshepa ditsholofetso tsa gagwe le gore o tla re sireletsa. Ngwana yo monnye o ikutlwa a babalesegile fa a le mo gare ga batho ba a sa ba itseng fa a itshwareletse ka seatla sa ga rraagwe ka gonne a itse gore rraagwe ga a kitla a letla ope a mo utlwisa botlhoko. Le rona, Rraarona wa selegodimo ene yo “o nang le maatla a mantsi a go boloka,” o tla re sireletsa mo kotsing epe fela e e ka re gobaletsang ruri fa re sepela le ene. (Isaia 63:1, NW; Mika 6:8) E re ka Jehofa e le Rre yo o molemo, ka metlha o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Maatla a gagwe a magolo a re tlhomamisetsa gore ‘lefoko la gagwe le tla nna jalo, le tla segofala mo selong se a le isitseng kwa go sone.’—Isaia 55:11; Tito 1:2.
4, 5. (a) Go ne ga direga eng fa Kgosi Asa a ne a ikanya Jehofa ka botlalo? (b) Go ka nna ga direga eng fa re ikaega ka ditsela tsa batho tsa go rarabolola mathata?
4 Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re ititeye sehuba gore ga re kitla re itlhokomolosa tsela e Rraarona wa selegodimo a re sireletsang ka yone? Ka gonne go motlhofo gore re fekeediwe ke maemo mme re lebale koo re ka bonang tshireletso ya mmatota teng. Seno re se bona mo sekaing sa ga Kgosi Asa, monna yo gantsi a neng a ikanya Jehofa. Ka nako ya puso ya ga Asa, masole a Ethiopia a a nonofileng a le milione a ne a tlhasela Juda. Fa Asa a lemoga gore baba ba gagwe ba ne ba na le tshono e ntsi ya go ka fenya ntwa, o ile a rapela jaana: “Ao tlhe Jehofa, ka ga go thusa, ga go re sepe mo go wena gore a e ka ne go na le ba le bantsi kgotsa ba ba se nang maatla. Re thuse, tlhe Jehofa 2 Ditirafalo 14:11, NW) Jehofa o ne a diragatsa kopo ya ga Asa mme a dira gore a bone phenyo e kgolo.
Modimo wa rona, gonne re ikaegile ka wena, mme re tsogologetse boidiidi jono ka leina la gago. Wena Jehofa, o Modimo wa rona. O se ka wa letla gore motho yo o nang le go swa a nne le maatla kgatlhanong le wena.” (5 Le fa go ntse jalo, morago ga gore Asa a fetse dingwaga tse dintsi a direla Jehofa ka boikanyegi, tsela e a neng a tshepa maatla a ga Jehofa a go boloka ka yone e ne ya ngotlega. O ne a retologela kwa go Siria go mo thusa fa a ne a tshosediwa ke masole a bogosi jwa bokone jwa Iseraele. (2 Ditirafalo 16:1-3) Le fa gone pipamolomo e Asa a neng a e duela Kgosi Bene-hadade wa Siria e ile ya thusa Juda go fenya matshosetsi a Iseraele, kgolagano e a neng a e dira le Siria e ne ya supa fa a sa tshepe Jehofa. Moporofeti Hanani o ile a mmotsa jaana ka tlhamalalo: “A Baethiopia le Balubime ba ne ba se ntwa e kgolo thata, ba na le dikara le bapalami ba dipitse ba le bontsi jo bo feteletseng? Le fa go ntse jalo, ka o ne o ikaegile mo go Jehofa, a ba tsenya mo seatleng sa gago.” (2 Ditirafalo 16:7, 8) Le fa go ntse jalo, Asa o ile a gana kgalemo eo. (2 Ditirafalo 16:9-12) Fa re lebane le mathata, a re se senke ditsela tsa batho tsa go a rarabolola. Go na le moo, a re bontshe go tshepa Modimo, ka gonne go ikanya maatla a batho ruri go tla re swabisa.—Pesalema 146:3-5.
Batla Maatla a Jehofa a re Nayang One
6. Ke eng fa re tshwanetse go ‘batla Jehofa le nonofo ya gagwe’?
6 Jehofa a ka naya batlhanka ba gagwe maatla le go ba sireletsa. Baebele e re kgothaletsa gore re “[Batle] Jehofa le nonofo ya gagwe.” (Pesalema 105:4, NW) Ka ntlha yang? Ka gonne fa re dira dilo ka nonofo ya Modimo, re tla bo re dirisa maatla a rona ka tsela e e tla solegelang ba bangwe molemo, e seng go ba utlwisa botlhoko. Ga go ope yo o re tlhomelang sekao se se molemo go gaisa Jesu Keresete, yo o neng a dira dikgakgamatso di le dintsi ka “maatla a ga Jehofa.” (Luke 5:17) Jesu a ka bo a ile a ineela ka bojotlhe mo go humeng, mo go tumeng kana le e leng go nna kgosi e e nang le maatla a magolo. (Luke 4:5-7) Go na le moo, o ne a dirisa maatla a Modimo o mo neileng one go ruta le go thapisa, go thusa le go fodisa. (Mareko 7:37; Johane 7:46) A sekao se se molemo ruri!
7. Ke nonofo efe e e botlhokwa e re lwelang go nna le yone fa re dira dilo ka nonofo ya Modimo go na le ya rona?
7 Mo godimo ga moo, fa re dira dilo “ka nonofo e Modimo o e nayang,” seno se tla re thusa go nna re le boikokobetso. (1 Petere 4:11) Batho ba ba ipatlelang maatla ka bobone ba nna boikgogomoso. Sekai se se bontshang seno ke sa ga Kgosi Esare-hadone wa Asiria, yo o neng a bua jaana ka boikgogomoso: “Ke maatla, ke maatla a a boitshegang, ke mogale, ke seganka, ke a boitshega.” Go na le moo, Jehofa o “kgetha dilo tse di bokoa tsa lefatshe, gore [a] tle [a] tlhabise dilo tse di nonofileng ditlhong.” Ka gone, fa Mokeresete wa boammaaruri a ipelafatsa, o ipelafatsa mo go Jehofa, ka gonne a itse gore se a se dirileng o kgonne go se dira e seng ka nonofo ya gagwe ka nosi. ‘Go ikokobetsa kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo’ go tla re dira gore re itumele ka tsela ya mmatota.—1 Bakorintha 1:26-31; 1 Petere 5:6.
8. Selo sa ntlha se re ka se dirang gore re amogele maatla a ga Jehofa ke eng?
8 Re ka bona jang nonofo ya Modimo? Sa ntlha, re tshwanetse go e kopa fa re rapela. Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore Rraagwe o ne a tla abela ba ba mo kopang moya o o boitshepo. (Luke 11:10-13) Akanya kafa seno se neng sa neela barutwa ba ga Keresete maatla ka teng fa ba ne ba tlhopha go utlwa Modimo bogolo go baeteledipele ba bodumedi ba ba neng ba ba laetse gore ba kgaotse go neela bosupi ka Jesu. Fa ba ne ba rapelela thuso ya ga Jehofa, thapelo ya bone e ba neng ba e rapela ka tlhoafalo e ne ya arabiwa, mme moya o o boitshepo o ne wa ba nonotsha go tswelela pele ba rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale.—Ditiro 4:19, 20, 29-31, 33.
9. Umaka selo sa bobedi se se ka re nonotshang semoyeng, mme umaka sekai sa Dikwalo go bontsha kafa se nang le matswela ka teng.
9 Sa bobedi, re ka bona maatla a a re nonotshang semoyeng go tswa mo Baebeleng. (Bahebera 4:12) Maatla a lefoko la Modimo a ile a bonala mo motlheng wa ga Kgosi Josia. Le fa kgosi eno ya Juda e ne e setse e tlositse medimo ya disetwa ya seheitene mo nageng, go ribololwa ga Molao wa ga Jehofa mo tempeleng go sa lebelelwa go ne ga mo tlhotlheletsa go akofisa letsholo leno la go phepafatsa. * Fa Josia a sena go balela batho Molao ka boene, setšhaba sotlhe se ne sa dira kgolagano le Jehofa, mme ga duwa letsholo la bobedi le legolo go gaisa, la go nyeletsa kobamelo ya medingwana. Matswela a a molemo a diphetogo tseno tse Josia a neng a di dira e ne ya nna gore mo “metlheng yotlhe ya gagwe ga ba a ka ba kgaogana le go sala Jehofa . . . morago.”—2 Ditirafalo 34:33.
10. Tsela ya boraro ya go nonotshiwa ke Jehofa ke efe, mme ke eng fa e le botlhokwa thata?
10 Sa boraro, re bona nonofo go tswa mo go Jehofa ka go kopana ga rona ga Bokeresete. Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete go nna gone kwa dipokanong ka metlha “go tlhotlheletsa loratong le ditirong tse di molemomogolo” le go kgothatsana. (Bahebera 10:24, 25) Fa Petere a ne a gololwa ka kgakgamatso mo kgolegelong, o ne a batla go kopana le bakaulengwe ba gagwe, ka jalo o ne a ya ka tlhamalalo kwa ntlong ya ga mmaagwe Johane Mareko, “koo ba le bantsi thata ba neng ba phuthegile gone e bile ba rapela.” (Ditiro 12:12) Ke boammaaruri gore ba ne ba ka nna ba itulela botlhe kwa gae mme ba ithapelela. Mme gone ba ne ba tlhopha go kopana mmogo go tla go rapela le go kgothatsana mo nakong eo e e thata. Fa Paulo a tloga a wetsa loeto lwa gagwe lo loleele le lo lo diphatsa lwa go ya kwa Roma, o ne a kopana le bakaulengwe bangwe ba kwa Puteoli mme moragonyana le ba bangwe ba ba neng ba tlile go mo kgatlhantsha. O ile a tsiboga jang? “Ya re Paulo a tshogana ka a ba bona [batho bano], a leboga Modimo mme a kgothala.” (Ditiro 28:13-15) O ne a nonotshiwa ke go kopana gape le Bakeresetekaene. Le rona re nonotshiwa ke go kopana le Bakeresetekarona. Fa fela re sa ntse re gololesegile e bile re kgona go kopana mmogo, re se ka ra leka go sepela re le nosi mo tseleng eno e e pitlaganeng e e isang botshelong.—Diane 18:1; Mathaio 7:14.
11. Umaka maemo mangwe a mo go one re tlhokang thata “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”
11 Ka go rapela ka metlha, go ithuta Lefoko la Modimo le go kopana le badumedikarona, re “[tswelela re] bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe.” (Baefeso 6:10) Ga go pelaelo gore rotlhe re tlhoka “maatla mo Moreneng.” Bangwe ba bogisiwa ke malwetse a a koafatsang, ba bangwe ke go tsofala kana go swelwa ke molekane yo ba feditseng lobaka lo loleele ba tshela le ene. (Pesalema 41:3) Ba bangwe ba itshokela go ganediwa ke molekane yo o sa dumeleng. Batsadi, segolobogolo ba ba se nang balekane, ba ka fitlhela gore go tlhokomela lelapa ba tla ba bereka tiro ya nako e tletseng ke boikarabelo jo bo lapisang. Basha ba Bakeresete ba tlhoka nonofo e e ka ba thusang go fenya kgatelelo ya balekane le go gana go ineelela diokobatsi le boitsholo jo bo maswe. Ope wa rona a se ka a okaoka go kopa Jehofa “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” a a tla mo thusang go fenya dikgwetlho tseno.—2 Bakorintha 4:7.
“O Naya yo o Lapileng Maatla”
12. Jehofa o re nonotsha jang mo bodireding jwa Bokeresete?
12 Mo godimo ga moo, Jehofa o naya batlhanka ba gagwe maatla fa ba le mo bodireding jwa bone. Re bala jaana mo boporofeting jwa ga Isaia: “O naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng. . . . Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa.” (Isaia 40:29-31, NW) Moaposetoloi Paulo ka boene o ne a newa maatla mo bodireding jwa gagwe. Ka ntlha ya seo, bodiredi jwa gagwe bo ne bo na le matswela. O ne a kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika jaana: “Dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka maatla le ka moya o o boitshepo.” (1 Bathesalonika 1:5) Tiro ya gagwe ya go rera le go ruta e ne e na le maatla a go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a batho ba ba neng ba mo reetsa.
13. Ke eng se se neng sa nonotsha Jeremia gore a itshoke le mororo a ne a ganediwa?
13 Fa re kopana le batho ba ba re itlhokomolosang mo tshimong ya rona—tshimo e re ka tswang re e reretse ka dingwagangwaga kwantle ga matswela—re ka nna ra kgobega marapo. Jeremia le ene o ne a ikutlwa a kgobilwe marapo ke kganetso, go sotlwa le go itlhokomolosiwa. O ile a ipolelela gore: “Ga nketla ke [umaka Modimo], le fa e le go tlhola ke bua mo leineng la gagwe.” Mme gone o ne a sa kgone go nna a didimetse fela. Molaetsa wa gagwe o ne ‘wa nna jaaka molelo mo pelong ya gagwe.’ (Jeremia 20:9) Ke eng se se neng sa dira gore a boe a nne le maatla gape mo pitlaganong e e ntseng jalo? Jeremia o ile a re: “Jehofa o [ne a] nna le nna jaaka seganka.” (Jeremia 20:11) Tsela e Jeremia a neng a anaanela kafa molaetsa wa gagwe o leng botlhokwa thata ka yone le kabelo eo e a e filweng ke Modimo e ne ya dira gore a amogele kgothatso ya ga Jehofa.
Maatla a go Utlwisa Botlhoko Le a Go Fodisa
14. (a) Loleme ke sedirisiwa se se maatla go le kana kang? (b) Neela dikai tse di bontshang kafa loleme lo ka senyang ka teng.
14 Ga se maatla otlhe a re nang le one a a tswang mo Modimong ka tlhamalalo. Ka sekai, loleme lo lonnye, mme lo na le maatla a go utlwisa botlhoko le a go fodisa. Solomone o tlhagisa jaana: “Loso le botshelo di mo thateng ya loleme.” (Diane 18:21) Motlotlonyana o mokhutshwane o Satane a ileng a o tlotla le Efa o bontsha kafa mafoko a ka bakang tlhakatlhakano ka teng. (Genesise 3:1-5; Jakobe 3:5) Le rona re ka baka tshenyo e kgolo ka loleme. Go bua mafoko a a tlhabang kaga go nona ga mosetsana go ka dira gore a feleletse a itima dijo gore a bo a tsenwe ke bolwetse jwa anorexia. Go gasagasa tshele ka yo mongwe go ka tlhoboganya batho ba ba sa bolong go nna ditsala. Ee, loleme lo tshwanetse lwa laolwa.
15. Re ka dirisa loleme lwa rona jang go aga le go fodisa?
15 Le fa go ntse jalo, loleme lo ka kgona go aga e bile lo ka kgona go senya. Seane sa Baebele sa re: “Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela, mme loleme lwa motho yo o botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Bakeresete ba ba botlhale ba dirisa maatla a loleme lwa bone go gomotsa ba ba ngomogileng pelo le ba ba mo khutsafalong. Mafoko a a supang go utlwela botlhoko a ka kgothatsa basha ba ba lwang le kgatelelo e e sa siamang ya balekane. Loleme lo lo supang go akanyetsa lo ka kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng gore ba ikutlwe ba sa ntse ba tlhokwa e bile ba ratwa. Mafoko a bopelonomi a ka dira gore ba ba lwalang ba ikutlwe botoka. Mo godimo ga tsotlhe, re ka dirisa loleme lwa rona go bolelela batho botlhe ba ba reetsang molaetsa o o maatla wa Bogosi. Re ka nna le maatla a go bolela Lefoko la Modimo fa re le rata. Baebele ya re: “Ba ba tshwanetsweng ke go direlwa molemo, o se ka wa gana ka one, fa go le mo thateng ya seatla sa gago go o dira.”—Diane 3:27.
Go Dirisa Maatla Sentle
16, 17. Bagolwane, batsadi, banna le basadi ba ka etsa Jehofa jang fa ba dirisa taolo e ba e filweng ke Modimo?
16 Le fa Jehofa a le mothatayotlhe, o laola phuthego ka lorato. (1 Johane 4:8) Balebedi ba Bakeresete ba etsa Modimo ka go tlhokomela letsomane ka lorato—ba dirisa taolo ya bone sentle e seng ka tsela e e sa siamang. Ke boammaaruri gore, ka dinako tse dingwe balebedi ba tshwanelwa ke go ‘kgalemela, go kgalema ka bogale, le go rotloetsa,’ mme gone, ba tshwanetse go dira jalo “ka go itshwara ka bopelotelele gotlhe le botswerere jwa go ruta.” (2 Timotheo 4:2) Ka jalo bagolwane ka metlha ba tlhatlhanya ka mafoko a moaposetoloi Petere a ileng a a kwalela batho ba ba nang le taolo mo phuthegong: “Disang letsomane la Modimo le le mo tlhokomelong ya lona, e seng ka go patelelwa, mme ka go rata; lefa e le ka go rata poelo ya matsoketsane, fa e se ka phisego; lefa e le ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme ka go nna dikao mo letsomaneng.”—1 Petere 5:2, 3; 1 Bathesalonika 2:7, 8.
17 Batsadi le banna ba ba nyetseng le bone ba na le taolo e ba e neilweng ke Jehofa, mme maatla ano a tshwanetse go dirisediwa go thusa, go tlamela le go ngomaela. (Baefeso 5:22, 28-30; 6:4) Sekai sa ga Jesu se bontsha gore taolo e ka dirisiwa ka tsela e e molemo ka lorato. Fa kotlhao e dirwa ka tekatekano le ka tsela e e tshwanetseng, bana ga ba kitla ba kotlomana dipelo. (Bakolosa 3:21) Manyalo a a nonofa fa banna ba Bakeresete ba dirisa botlhogo jwa bone ka lorato mme basadi bone ba bontsha tlotlo e kgolo mo botlhogong jwa banna ba bone, go na le gore ba dirise seabe se ba se filweng ke Modimo ka tsela ya go gatelela kana go itirela boithatelo.—Baefeso 5:28, 33; 1 Petere 3:7.
18. (a) Re tshwanetse go etsa Jehofa jang fa re laola kgalefo? (b) Batho ba ba nang le taolo ba tshwanetse go tlhotlheletsa eng mo bathong ba ba ba tlhokometseng?
18 Batho ba ba nang le taolo mo lelapeng le mo phuthegong ba tshwanetse go nna kelotlhoko segolobogolo mo go laoleng kgalefo ya bone, e re ka kgalefo e baka poifo e seng lorato. Moporofeti Nahume o ile a re: “Jehofa o bonya go galefa, o mogolo mo nonofong.” (Nahume 1:3; Bakolosa 3:19) Go laola kgalefo ya rona ke sesupo sa go nonofa, mme go ineelela go fenngwa ke yone go supa gore motho o bokoa. (Diane 16:32) Mokgele wa rona mo lelapeng le mo phuthegong ke gore go nne le moya wa lorato—go rata Jehofa, go ratana le go rata melaometheo e e siameng. Lorato ke sebofo se se nonofileng go gaisa tsotlhe sa go nna seoposengwe e bile ke tlhotlheletso e e nonofileng go gaisa tsotlhe ya go dira se se siameng.—1 Bakorintha 13:8, 13; Bakolosa 3:14.
19. Ke kgothatso efe e Jehofa a re tlhomamisetsang yone, mme re tshwanetse go e tsibogela jang?
19 Go itse Jehofa ke go lemoga maatla a a nang le one. Jehofa o ile a bua jaana ka Isaia: “A ga o ise o itse? A ga o ise o utlwe? Modimo o o sa khutleng, Jehofa Motlhodi wa dikhutlo tsa lefatshe ga a idibale, ga a lape.” (Isaia 40:28) Maatla a ga Jehofa ga a fele. Fa re ikaega ka ene re sa ikaege ka rona ka borona, ga a kitla a re latlha. O re tlhomamisetsa jaana: “O se ka wa boifa, gonne ke nna nao; o se ka wa kgaoga pelo, gonne ke Modimo wa gago; ke tlaa go thatafatsa; Ee, ke tlaa go thusa; ee, ke tlaa go tshegetsa ka seatla se se siameng sa tshiamo ya me.” (Isaia 41:10) Re tshwanetse go tsibogela jang tsela e e lorato e a re tlhokomelang ka yone? Jaaka Jesu, a re diriseng maatla ape fela a Jehofa a re nayang one go thusa le go aga. E kete re ka laola loleme lwa rona e le gore le fodise go na le go utlwisa botlhoko. Gape a re nneng re tsogile semoyeng, re eme re tlhomame mo tumelong, re gole mo maatleng a Mmopi wa rona yo Mogolo, Jehofa Modimo.—1 Bakorintha 16:13.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 9 Go bonala Bajuda ba ile ba ribolola mokwalo wa ntlhantlha wa Molao wa ga Moshe o o neng o tsentswe mo tempeleng makgolo a dingwaga pelenyana ga foo.
A o Ka Tlhalosa?
• Jehofa o dirisa maatla a gagwe jang?
• Re ka bona maatla a ga Jehofa ka ditsela dife?
• Re tshwanetse go dirisa jang maatla a loleme?
• Taolo e re e neilweng ke Modimo e ka dirisiwa jang ka tsela e e molemo?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jesu o ne a dirisa nonofo ya ga Jehofa go thusa ba bangwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Re ka na le maatla a go bolela Lefoko la Modimo fa re le rata