Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bori—Nonofo e e Rotloetsang Kagiso

Bori—Nonofo e e Rotloetsang Kagiso

Bori—Nonofo e e Rotloetsang Kagiso

A bo lefatshe le ne le tla itumedisa jang ne fa mongwe le mongwe a ne a le bori. Batho ba ne ba ka se nne ditlhogodithata, ba malapa ba ne ba ka se rate dikomang, ditlhopha tsa bagwebi di ne di ka se nne le moya wa kgaisano, mme ditšhaba di ne di ka se lwantshane. A o ka rata go nna mo lefatsheng le le ntseng jalo?

BATLHANKA ba boammaaruri ba ga Jehofa Modimo ba ipaakanyetsa lefatshe le lesha le a le solofeditseng, mo mongwe le mongwe a tla bong a tsaya go nna bori e le nonofo ya bopelokgale le go nna molemo, e seng go nna bokoa. (2 Petere 3:13) Tota e bile, ba bontsha nonofo ya go nna bori gone jaanong. Ka ntlha yang? Segolobogolo ka gonne ke sone se Jehofa a se batlang mo go bone. Moporofeti wa gagwe Mika o ne a kwala jaana: “O go supeditse se se molemo motho ke wena; gape Jehofa o lopang mo go wena, fa e se gore o dire ka tshiamo, le go rata boutlwelobotlhoko, le go sepela ka boikokobetso le Modimo wa gago?”—Mika 6:8.

Go nna bori go ka kaya dilo di le dintsi, jaaka go sa nne boikgogomoso, kana mabela, le go sa ikgantshe ka ntlha ya bokgoni, katlego le ka ntlha ya dithoto tse o nang le tsone. Go ya ka buka nngwe ya tshupiso, go nna bori gape go kaya “go dira dilo ka tekanyetso.” Motho yo o bori o itshwara sentle. Gape o a itse gore ga se dilo tsotlhe tse a tshwanetseng go di dira le gore a ka se kgone go dira dilo tsotlhe. O itse gore go na le dilo tse di sa mo tshwaneleng. Tota re ikutlwa re kgatlhegela batho ba ba bori. Mmoki wa Moesemane e bong Joseph Addison o ne a kwala jaana: “Ga go na sepe se se rategang thata jaaka go nna bori ka tsela ya mmatota.”

Go nna bori ga se mokgwa o o itlelang fela mo bathong ba ba sa itekanelang. Re tshwanetse go leka thata go nna le nonofo eno. Lefoko la Modimo le tlhalosa ditiragalo di le mmalwa tse di tlhalosang go nna bori ka ditsela tse di farologaneng, go re kgothatsa.

Dikgosi Tse Pedi Tse di Bori

Dafide e ne e le mongwe wa batlhanka ba ba ikanyegang thata ba ga Jehofa, yo o neng a tlodiwa go nna kgosi ya Iseraele e sa ntse e le lekawana. Morago ga moo, Kgosi Saulo yo o neng a busa ka nako eo o ne a tsenya Dafide mo kgatelelong e kgolo ka go leka go mmolaya le go mo tshedisa jaaka motshabi.—1 Samuele 16:1, 11-13; 19:9, 10; 26:2, 3.

Tota le fa Dafide a ne a le mo maemong a a ntseng jalo, o ne a lemoga gore go na le dilo tse a sa tshwanelang go di dira fa a sireletsa botshelo jwa gagwe. Mo tiragalong nngwe fa Dafide a le mo nageng, o ne a gana go dumelela Abishai go utlwisa Kgosi Saulo yo o neng a robetse botlhoko, a re: “A go se nne jalo fa nka ntshetsa motlodiwa wa ga Jehofa letsogo.” (1 Samuele 26:8-11) Dafide o ne a itse gore o ne a sa tshwanela go tlosa Saulo mo bogosing. Ka jalo Dafide o ne a bontsha bori mo tiragalong eno ka go itshwara ka tsela e e tshwanetseng. Ka mo go tshwanang, batlhanka ba motlha wa segompieno ba Modimo ba itse gore “go ya ka pono ya ga Jehofa,” go na le dilo tse ba ka se kang ba di dira, tota le fa botshelo jwa motho bo le mo kotsing.—Ditiro 15:28, 29; 21:25.

Morwa Kgosi Dafide e bong Solomone le ene o ne a bontsha bori fa a ne a le lekawana, le fa gone e ne e le ka tsela e e farologaneng. Fa Solomone a ne a tlhomiwa go nna kgosi, o ne a ikutlwa a sa tshwanelwe ke boikarabelo jo bo boima jwa go nna kgosi. O ne a rapela jaana: “Jehofa Modimo wa me, o dirile motlhanka wa gago kgosi mo boemong jwa ga Dafite rre; ke ngwanyana fela; ga ke itse go tswa le go tsena.” Go phepafetse gore Solomone o ne a lemoga gore ga a na bokgoni le boitemogelo. Ka gone o ne a le bori, a sa ikgogomose, kana a se mabela. Solomone o ne a kopa temogo mo go Jehofa, mme kopo ya gagwe e ne ya arabiwa.—1 Dikgosi 3:4-12.

Mesia le Moetapele wa Gagwe

Mo dingwageng tse di fetang 1 000 morago ga motlha wa ga Solomone, Johane Mokolobetsi o ne a dira tiro e e neng e baakanyetsa Mesia tsela. Johane o ne a diragatsa boporofeti jwa Baebele ka go nna moetapele wa Motlodiwa. A ka bo a ile a ikgantsha ka ntlha ya tshiamelo eno. Gape Johane a ka bo a ile a batla gore tlotlo e isiwe kwa go ene ka gonne a amana le Mesia ka losika. Mme gone, Johane o ne a bolelela batho bangwe gore o ne a sa tshwanela tota le go funolola kgole ya mpaatšhane ya ga Jesu. Fa Jesu a ne a tla go kolobediwa kwa Nokeng ya Joredane, Johane o ne a bolela jaana: “Ke tshwanetse ka bo ke kolobediwa ke wena, mme a o tla mo go nna?” Seno se bontsha gore Johane e ne e se motho yo o neng a rata go ikgantsha. O ne a le bori.—Mathaio 3:14; Malaki 4:5, 6; Luke 1:13-17; Johane 1: 26, 27.

Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a simolola bodiredi jwa nako e e tletseng, a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Le mororo Jesu e ne e le monna yo o itekanetseng, o ne a re: “Ga ke na go dira sepe ke le nosi . . . ke senka, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.” Mo godimo ga moo, Jesu o ne a sa batle gore batho ba mo tlotlomatse, mme o ne a dira gore go galalediwe Jehofa mo go sengwe le sengwe se a neng a se dira. (Johane 5:30, 41-44) A bo a ne a le bori jang ne!

Go phepafetse gore batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang—ba ba jaaka Dafide, Solomone, Johane Mokolobetsi, tota le monna yo o itekanetseng Jesu Keresete—ba ne ba le bori. Ba ne ba sa ikgantshe, ba ne ba se mabela, kana ba se boikgogomoso, mme ba ne ba dira dilo ka tsela e e tshwanetseng. Dikao tsa bone ke tsone tse di dirang gore batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba tlhagolele go nna bori le go bo dirisa. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le mabaka a mangwe a go nna bori.

Mo motlheng ono o o tletseng thubakanyo mo hisitoring ya batho, go nna bori ke nonofo e e botlhokwa thata mo Bakereseteng ba boammaaruri. E thusa motho go nna le kagiso le Jehofa Modimo, go tshedisana le batho ba bangwe ka kagiso le go ritibala mo maikutlong.

Go Nna le Kagiso le Jehofa Modimo

Re ka kgona go nna le kagiso le Jehofa fa re dira dilo go ya ka melao e a re tlhometseng yone mo kobamelong ya boammaaruri. Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba tlola melao e Modimo a neng a ba beetse yone, mme ya nna batho ba ntlha go nna boikgodiso. Ba ne ba latlhegelwa ke boemo jwa bone jo bo molemo le Jehofa, mmogo le legae la bone, isagwe le matshelo a bone. (Genesise 3:1-5, 16-19) A bo ba ne ba welwa ke masetlapelo jang ne!

A re ithuteng mo diphosong tsa ga Adame le Efa, ka gonne kobamelo ya boammaaruri e re beela melao e e malebana le kafa re tshwanetseng go itshwara ka teng. Ka sekai, Baebele e bolela gore “go le bagokafadi, lefa e le baobamedi ba medingwana, lefa e le baakafadi, lefa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, lefa e le banna ba ba robalang le banna, lefa e le magodu, lefa e le batho ba ba bogagaru, lefa e le matagwa, lefa e le bagobolodi, lefa e le batsayakadikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Ka tsela e e botlhale, Jehofa o re beela melao eno gore e re solegele molemo, mme re bontsha botlhale fa re e dirisa. (Isaia 48:17, 18) Diane 11:2 e re bolelela jaana: “Botlhale bo nna le yo o [bori, NW].”

Go tweng fa mokgatlho mongwe wa bodumedi o re bolelela gore re ka tlola melao eno mme ra nna re ntse re na le kagiso le Modimo? Mokgatlho oo o leka go re tsietsa. Mo letlhakoreng le lengwe, go nna bori go re thusa go nna le botsala le Jehofa Modimo.

Go Tshedisana le Batho ba Bangwe ka Kagiso

Gape go nna bori go dira gore re tshedisane le ba bangwe ka kagiso. Ka sekai, fa batsadi ba tlhoma sekao ka go kgotsofalela dilo tse ba di tlhokang e bile ba baya dilo tsa semoya kwa pele, bana ba bone ba ka nna le boikutlo joo. Go tla nna motlhofo gore basha ba kgotsofalele se ba nang naso, tota le fa ba ka tswa ba sa nne le dilo tse ba di batlang ka metlha. Seno se tla ba thusa go tshela ka tsela e e bori, mme ba tla tshedisana sentle ka kagiso mo lelapeng.

Ba ba okametseng ba tshwanetse go ela tlhoko thata go nna bori e seng go dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa tshwanelang. Ka sekai, Bakeresete ba laelwa jaana: “Lo se ka lwa ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.” (1 Bakorintha 4:6) Bagolwane ba phuthego ba itse gore ga ba a tshwanela go leka go pateletsa batho ba bangwe megopolo ya bone. Go na le moo, ba dirisa Lefoko la Modimo e le motheo wa go kgothatsa batho go tsaya tsela e e siameng mo dikgannyeng tsa boitshwaro, moaparo, go ipaakanya, kana tsa boitlosobodutu. (2 Timotheo 3:14-17) Fa maloko a phuthego a bona gore bagolwane ba dira dilo go ya ka Dikwalo, seno se dira gore a tlotle banna bano le gore go nne le lorato le kagiso mo phuthegong.

Go Tshela o Ritibetse Maikutlo

Batho ba ba bori ba duelwa ka go nna ba ritibetse. Motho yo o bori ga a boikgodiso. Seno ga se bolele gore ga a ipeele mekgele. Ka sekai, a ka nna a rata go nna le ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo, mme gone o letela Modimo, mme ditshiamelo dipe fela tsa Bokeresete tse a di neelwang, o isa pako kwa go Jehofa. Ga a tseye gore o di bone ka boene fela. Seno se dira gore motho yo o bori a tsalane thata le Jehofa, “Modimo wa kagiso.”—Bafilipi 4:9.

A re re gongwe ka dinako tse dingwe re tsaya gore batho ba bangwe ba a re tlhokomologa. A go ka se nne botoka go tlhokomologwa ka gonne re le bori go na le gore re dire gore re tsewe tsia ka go dirisa boikgodiso? Batho ba ba bori ga ba boikgodiso. Ka gone, ba ritibetse mo maikutlong, e leng selo se se ba solegelang molemo mo maikutlong le mo mmeleng.

Go Nna Bori le go Tswelela Pele Re na Le Jone

Adame le Efa ba ne ba ineela mo boikgodisong—mokgwa o ba neng ba o fetisetsa mo baneng ba bone. Ke eng se se ka re thusang go tila go dira phoso e e dirilweng ke batsadi ba rona ba ntlha? Re ka kgona jang go nna le nonofo eno e e molemo ya bori?

Sa ntlha, go tlhaloganya sentle boemo jwa rona le Jehofa, Mmopi wa lobopo lotlhe, go tla re thusa. Ke dilo dife tse re ka reng re atlegile mo go tsone tse tota re ka di bapisang le dilo tse Modimo a di dirileng? Jehofa o ne a botsa motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang Jobe jaana: “O ne o le kae fa ke thaya lefatshe? Mpolelele, fa o tlhaloganya.” (Jobe 38:4) Jobe o ne a palelwa ke go araba. A le rona ga re tlhaele mo kitsong, mo bokgoning le mo boitemogelong? A ga go molemo gore re lemoge makoa a rona?

Mo godimo ga moo, Baebele e re bolelela jaana: “Lefatshe ke la ga Jehofa, le botlalo jwa lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone.” Seno se akaretsa “setshedi sengwe le sengwe sa sekgwa . . . le dikgomo tse di nnang mo dithabeng tse di makgolo a le some.” Jehofa a ka re: “Selefera ke ya me, le gouta ke ya me.” (Pesalema 24:1; 50:10; Hagai 2:8) Ke dithoto dife tse re ka reng re na le tsone tse re ka di bapisang le tsa ga Jehofa? Ebu, tota le motho yo o humileng ga a tshwanela go ikgantsha ka se a nang le sone! Ka gone, go molemo go latela kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng ya ga moaposetoloi Paulo e a neng a e neela Bakeresete ba Roma: “Ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo ke bo neilweng ke bolelela mongwe le mongwe koo mo go lona gore a se ka a ikgopola bobe go feta kafa go tlhokegang go akanya ka gone.”—Baroma 12:3.

Jaaka batlhanka ba Modimo ba re ratang go nna bori, re tshwanetse go rapelela go nna le maungo a moya—lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori le boikgapo. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Ka ntlha yang? Ka gonne nngwe le nngwe ya dinonofo tseno e tla re thusa go nna bori. Ka sekai, go rata batho ba bangwe go tla re thusa go lwantsha mokgwa wa boikgantsho kana wa boikgogomoso. Mme boikgapo bo tla re thusa gore re akanye pele re dira dilo ka tsela ya boikgodiso.

A re ntsheng matlho dinameng! Re tshwanetse gore ka dinako tsotlhe re nne re butse matlho gore re se ka ra wela mo mameneng a boikgodiso. Ga se gore dikgosi tse pedi tse di umakilweng pelenyana di ne di le bori ka dinako tsotlhe. Kgosi Dafide o ne a potlakela go bala batho kwa Iseraele, selo se Jehofa a neng a sa se rate. Kgosi Solomone o ne a nna boikgantsho a bo a tsenelela mo kobamelong ya maaka.—2 Samuele 24:1-10; 1 Dikgosi 11:1-13.

Fa fela tsamaiso eno ya dilo e e boikepo e sa ntse e le teng, re tla tshwanelwa ke go ela tlhoko gore ka metlha re nne bori. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re leke. Mo lefatsheng le lesha la Modimo, go tla bo go na le batho ba ba bori fela. Ba tla bo ba tsaya go nna bori e le go nna pelokgale, e seng go nna bokoa. A bo go tla bo go le molemo jang ne fa batho botlhe le malapa otlhe a tla bo a segofaditswe ka kagiso e e lerweng ke go nna bori!

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a bontsha bori ka go galaletsa Jehofa mo go sengwe le sengwe se a neng a se dira