Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo go Baroma 12:19, a moaposetoloi Paulo o ne a kaya gore Bakeresete ga ba a tshwanela go shakgala fa a ne a re: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo”?

Nnyaa ga go jalo. Golo fano moaposetoloi Paulo o ne a bua ka tšhakgalo ya Modimo. Ke boammaaruri gore, seno ga se bolele gore Bakeresete ba tshwanetse go ineelela go galefa. Baebele e re gakolola ka tlhamalalo gore re se ka ra shakgala. Akanyetsa dikai di sekae tsa kgakololo ya Modimo.

“Bakela bogale, o lese kgakalo; o se ka wa itshwenya, ka go itshwenya go tle go ise kwa bosuleng.” (Pesalema 37:8) “Mongwe le mongwe yo o tswelelang a shakgaletse morwarraagwe o tla ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso.” (Mathaio 5:22) “Ditiro tsa nama di a bonatshega, mme tsone ke kgokafalo, bosengphepa, boitshwaro jo bo repileng, kobamelo ya medingwana, tlwaelo ya go dirisana le meya, bobaba, kgogakgogano, lefufa, ditsogelo tsa kgalefo.” (Bagalatia 5:19, 20) “A bogalaka jotlhe jwa bopeloetlhoi le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua, bonya kaga go shakgala.” (Jakobe 1:19) Mo godimo ga moo, buka ya Diane gangwe le gape e re gakolola gore re se ka ra ineelela go shakgala kana go galefisiwa ke diphosonyana tse di sa reng sepe tse di dirwang ke batho ba bangwe.—Diane 12:16; 14:17, 29; 15:1; 16:32; 17:14; 19:11, 19; 22:24; 25:28; 29:22.

Se go buiwang ka sone mo go Baroma 12:19 se malebana le kgakololo eno. Paulo o ile a akantsha gore lorato lwa rona e se ka ya nna la boitimokanyi, a re re segofatse ba ba re bogisang, re akanye tse di molemo ka batho ba bangwe, re se ka ra busetsa bosula ka bosula le gore re leke go nna le kagiso le batho botlhe. Go tswa foo o ile a akantsha jaana: “Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’”—Baroma 12:9, 14, 16-19.

Ee, re se ka ra letla kgalefo e re dira gore re ipusolosetse. Ga re na kitso e e siameng ka maemo a a tlhagang e bile ga re kgone go diragatsa tshiamiso sentle. Fa re letla kgalefo e re dira gore re ipusolosetse, gantsi re tla dira dilo tse di phoso. Fa re dira jalo re tla bo re dira dilo go ya kafa Mmaba wa Modimo, Diabolo a batlang ka teng. Paulo o ile a kwala jaana golo gongwe: “Shakgalang, mme lefa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo santse lo rumolesegile, le gone lo se ka lwa letlelela Diabolo sebaka.”—Baefeso 4:26, 27.

Tsela e e botoka, e e molemo ke gore re letle Modimo e nne ene yo o swetsang gore o tla re busolosetsa leng le gore o tla dira jalo mo go bomang. A ka dira jalo a itse dintlha tsotlhe sentle, mme tefetso epe fela e a tla e dirang e tla supa tsela e a leng tshiamo ka yone. Re kgona go bona gore seno ke sone se Paulo a neng a bua ka sone mo go Baroma 12:19 fa a nopola Duteronome 32:35, 41, e e akaretsang mafoko ano: “Pusoloso ke ya me, le tefetso.” (Bapisa Bahebera 10:30.) Ka gone, le fa mafoko “ya Modimo” a sa tlhage mo mokwalong wa Segerika, baranodi ba le bantsi ba segompieno ba tsentse mafoko ano mo go Baroma 12:19, mo go dirang gore e balege jaana, “a Modimo a ipusolosetse” (The Contemporary English Version); “nayang tšhakgalo ya Modimo sebaka” (American Standard Version); “a Modimo a otlhaye fa a rata” (The New Testament in Modern English); “nayang tefetso ya bomodimo sebaka.”—The New English Bible.

Tota le fa re sotlwa kana re bogisiwa ke batho ba ba leng kgatlhanong le boammaaruri, re ka ikanya tsela eno e Moshe a neng a utlwa Jehofa Modimo a itlhalosa ka yone: “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri; O bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope.”Ekesodo 34:6, 7. (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)