Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Jehofa a re Gogang ka Teng

Kafa Jehofa a re Gogang ka Teng

Kafa Jehofa a re Gogang ka Teng

“Nkgoge mo tselaneng ya thokgamo.”—PESALEMA 27:11NW.

1, 2. (a) Jehofa o goga batho ba gagwe jang gompieno? (b) Go sola dipokano molemo ka botlalo go akaretsa eng?

JEHOFA ke Motswedi wa lesedi le boammaaruri jaaka fa re ithutile mo setlhogong se se fetileng. Lefoko la gagwe le bonesa tsela ya rona fa re ntse re sepela mo tselaneng ya thokgamo. Jehofa o re goga ka go re ruta ditsela tsa gagwe. (Pesalema 119:105) Fela jaaka mopesalema wa bogologolo, re itumelela go tsibogela tsela e Modimo a re gogang ka yone mme re rapela jaana: “Nthute kaga tsela ya gago, wena Jehofa, Mme o nkgoge mo tselaneng ya thokgamo.”—Pesalema 27:11NW.

2 Tsela nngwe e Jehofa a re rutang ka yone gompieno ke ka dipokano tsa Bokeresete. A re sola thulaganyo eno e e lorato molemo ka botlalo ka (1) go nna gone ka metlha, (2) go reetsa thulaganyo ka kelotlhoko, le (3) go nna le seabe ka botlalo mo dipuong tse bareetsi ba nnang le seabe mo go tsone? Mo godimo ga moo, a re tsiboga ka go leboga fa re neelwa dikakantsho tse di ka re thusang go tswelela pele “mo tselaneng ya thokgamo”?

O Nna Gone mo Dipokanong go le Kana Kang?

3. Motlhanka mongwe wa nako e e tletseng o ne a itlwaetsa jang go nna gone ka metlha mo dipokanong?

3 Baboledi bangwe ba Bogosi ba sa le ba nna gone ka metlha mo dipokanong go tloga bongwaneng. Modiredi mongwe wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa o gakologelwa jaana: “Fa nna le bonkgonne re ne re gola ka bo1930, go ne go sa tlhokege gore re botse batsadi ba rona gore a re ya dipokanong. Re ne re itse gore re a ya ntle le fa re lwala. Lelapa la rona le ne le se ke le tlolwa ke dipokano ka mabaka a a sa utlwaleng.” Fela jaaka moporofeti wa mosadi e bong Ana, kgaitsadi yono ga a “ke a tlhokega” mo lefelong la kobamelo la ga Jehofa.—Luke 2:36, 37.

4-6. (a) Ke ka ntlha yang fa baboledi bangwe ba Bogosi ba tlolwa ke dipokano? (b) Ke eng fa go le botlhokwa thata gore re nne gone mo dipokanong?

4 A o mongwe wa batho ba ba nnang gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete, kana a o na le go nna gone mo go tsone ka sewelo fela? Bakeresete bangwe ba ba neng ba akanya gore ba dira sentle mo kgannyeng eno ba ile ba dira tshwetso ya go itlhotlhomisa. Ba ile ba fetsa dibeke di sekae ba kwala pokano nngwe le nngwe e ba neng ba nna gone kwa go yone. Fa ba sekaseka pego eo kwa bofelong jwa nako e ba ipeetseng yone, ba ne ba gakgamadiwa ke go bona palo ya dipokano tse di ileng tsa ba tlola.

5 Mongwe a ka nna a re, ‘Seno ga se gakgamatse. Gompieno batho ba faraferwe ke mathata a a dirang gore go se ka ga nna motlhofo go nna gone ka metlha mo dipokanong.’ Ruri go boammaaruri gore re tshela mo dinakong tse di ngomolang pelo. Selo se se gakatsang dilo ke gore mathata ano a tla oketsega. (2 Timotheo 3:13) Mme gone, a seno ga se lone lebaka le le dirang gore go nne botlhokwa thata gore re nne gone ka metlha mo dipokanong? Ga re ka ke ra kgona go emelana le kgatelelo ya tsamaiso eno fa re sa ikotle ka metlha ka dijo tse di molemo tsa semoya. Ebu, fa re sa kopane le ba bangwe ka metlha, re ka nna ra raelesega go tlogela “tselana ya thokgamo” gotlhelele! (Diane 4:18) Ke boammaaruri gore fa re fitlha kwa gae morago ga letsatsi le le lapisang, ga se ka metlha re ka ikutlwang re rata go ya dipokanong. Le fa go ntse jalo, fa re nna gone mo go tsone le fa re ka tswa re na le letsapa, re solegelwa molemo e bile re kgothatsa Bakeresetekarona kwa Holong ya Bogosi.

6 Bahebera 10:25 e akantsha lebaka le lengwe le le botlhokwa la go bo re tshwanetse go nna gone ka metlha mo dipokanong. Mo go yone moaposetoloi Paulo o kgothatsa Bakeresetekaene gore ba kopane mmogo ‘segolobogolo ka ba bona letsatsi le atamela.’ Ee, ga re a tshwanela go lebala gore “letsatsi la ga Jehofa” le atametse. (2 Petere 3:12) Fa re ne re ka akanya gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo sa ntse bo le kgakala, re ka nna ra simolola go letla gore dilo tsa rona ka namana e nne tsone di tsayang maemo a ditiro tse di botlhokwa tsa semoya, tse di jaaka go nna gone mo dipokanong. Mme jaaka Jesu a ile a tlhagisa, ‘letsatsi leo la re wela ka ponyo ya leitlho.’—Luke 21:34.

Nna Moreetsi yo o Molemo

7. Ke eng fa go le botlhokwa gore bana ba reetse ka tlhoafalo mo dipokanong?

7 Ga go a lekana go nna gone fela mo dipokanong. Re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko, re sekegela se se buiwang tsebe. (Diane 7:24) Seno se akaretsa le bana ba rona. Fa ngwana a ya sekolong, go lebeletswe gore a reetse morutabana ka tlhoafalo, le fa thuto e a e rutwang e sa mo kgatlhe kana go lebega a sa e tlhaloganye. Morutabana o a itse gore fa ngwana a leka go reetsa ka tlhoafalo, bobotlana o tla solegelwa molemo ke thuto eo. A ga go utlwale he go bo bana ba ba tsenang sekolo ba tshwanetse go reetsa thuto e re e neelwang mo dipokanong ka tlhoafalo go na le gore ba letlwe go thulamela ka bonako fela fa dipokano di simolola? Ke boammaaruri gore, dingwe tsa dithuto tsa boammaaruri jwa Dikwalo ke “dilo dingwe tse di thata go tlhaloganngwa.” (2 Petere 3:16) Mme gone, ga re a tshwanela go tlhaetsa matlho kgono ya go ithuta e ngwana a nang le yone. Modimo ga a dire jalo. Mo motlheng wa Baebele, o ne a laela batlhanka ba gagwe ba babotlana gore ba ‘utlwe, le gore ba ithute, ba boife Jehofa, ba tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o,’ mme ga go pelaelo gore mangwe a one a ne a le thata go ka tlhaloganngwa ke bana. (Duteronome 31:12; bapisa Lefitiko 18:1-30.) A le gompieno Jehofa ga a lebelela se se tshwanang ka bana?

8. Ke dikgato dife tse batsadi bangwe ba di tsayang go thusa bana ba bone go reetsa ka tlhoafalo mo dipokanong?

8 Batsadi ba Bakeresete ba a lemoga gore dilo tse bana ba bone ba ithutang tsone mo dipokanong ka tsela nngwe di ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Ka gone, batsadi bangwe ba rulaganya gore bana ba bone ba robale go sekae pele ga dipokano e le gore ba fitlhe ba lapologetswe le gore ba kgone go ka ithuta fa ba fitlha kwa Holong ya Bogosi. Batsadi bangwe ka botlhale ba thusa bana ba bone go lekanyetsa nako e ba lebang thelebishene ka yone kgotsa le e leng go ba iletsa go e lebelela gotlhelele mo malatsing a dipokano. (Baefeso 5:15, 16) Mme batsadi ba ba ntseng jalo ba leka go fokotsa dilo tse di ka itayang bana ba bone tsebe, ba ba kgothaletsa go reetsa le go ithuta go ya ka dingwaga tsa bone le kgono ya bone.—Diane 8:32.

9. Ke eng se se ka re thusang go tokafatsa kgono ya rona ya go reetsa?

9 Jesu o ne a bua le bagolo fa a ne a re: “Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone.” (Luke 8:18) Mo malatsing ano ga go motlhofo go dira jalo. Ke boammaaruri gore, go reetsa ka tlhoafalo ga go motlhofo, mme gone motho a ka kgona go tokafatsa kgono ya gagwe ya go reetsa. Fa o ntse o reeditse puo ya Baebele kana puo nngwe mo dipokanong, leka go tlhaola dintlha tsa konokono. Leka go akanyetsa pele gore sebui se tlile go reng. Senka dintlha tse o ka di dirisang mo bodireding kana go di dirisa mo botshelong jwa gago. Boeletsa dintlha mo mogopolong fa go ntse go tlotliwa ka tsone. Kwala dintlha tse dikhutshwane.

10, 11. Batsadi bangwe ba ile ba thusa bana ba bone jang go nna bareetsi ba ba molemo, mme ke mokgwa ofe o wena o boneng o thusa?

10 Go botoka thata gore motho o ithute mekgwa e e molemo ya go reetsa fa a sa le monnye. Batsadi bangwe ba kgothaletsa bana ba bone ba ba iseng ba tsene sekolo go kwala “dintlha” ka nako ya dipokano le e leng pele ga ba itse go bala le go kwala. Ba thala molanyana mo pampitshaneng fa go umakwa maina a a tlwaelegileng a a jaaka, “Jehofa,” “Jesu,” kana “Bogosi.” Seno se thusa bana gore ba ithute go tlhoma mogopolo mo go se se buiwang kwa seraleng.

11 Tota le bana ba ba godileng ba tshwanetse go kgothalediwa gore ba reetse ka tlhoafalo. Tlhogo nngwe ya lelapa e ne ya naya morwawe wa dingwaga tse 11 Baebele a bo a mo kopa gore a lebe dikwalo tse sebui se neng se di umaka ka gonne a ne a etse tlhoko gore o ne a etile mogopolo ka nako ya kopano ya Bokeresete. Rre yono o ne a kwala dintlha mme a lebile fa morwawe a ntse a tshwere Baebele. Go tswa foo, mosimane o ne a reetsa thulaganyo ya kopano ka matlhagatlhaga.

Latlhela Tlhware Legonyana

12, 13. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne le seabe fa go opelwa mo phuthegong?

12 Kgosi Dafide o ile a opela jaana: “Ke tlaa dikanyeletsa sebeso sa gago, Jehofa. Gore ke tle ke utlwatse lentswe la tebogo.” (Pesalema 26:6, 7) Dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa di re neela tshono e ntle ya go utlwatsa tumelo ya rona. Tsela e nngwe e re ka dirang seno ka yone ke ka go nna le seabe mo go opeleng mo phuthegong. Seno ke karolo e e botlhokwa ya kobamelo ya rona, mme go motlhofo go e tlhokomologa.

13 Bana bangwe ba ba iseng ba itse go bala ba ithuta mafoko a dipina tsa Bogosi tse di tlileng go opelwa mo dipokanong ka tlhogo beke nngwe le nngwe. Ba itumelela go kgona go opela le batho ba ba godileng. Le fa go ntse jalo, fa bana ba ntse ba gola, ba ka nna ba se ka ba tlhola ba kgatlhegela go opela dipina tsa Bogosi le ba bangwe. Bagolo bangwe le bone ba tlhabiwa ke ditlhong go opela mo dipokanong. Le fa go ntse jalo, go opela ke karolo ya kobamelo ya rona fela jaaka bodiredi jwa tshimo e le karolo ya kobamelo ya rona. (Baefeso 5:19) Re dira ka bojotlhe go galaletsa Jehofa mo bodireding jwa tshimo. A ga re a tshwanela go mo galaletsa jalo le ka go tsholetsa mantswe a rona—e ka ne a le monate kana nnyaa—ka go opela dipina tsa pako go tswa pelong?—Bahebera 13:15.

14. Ke eng fa dilo tse re ithutang tsone kwa dipokanong di tlhoka gore re di ipaakanyetse go sa le gale?

14 Gape re galaletsa Modimo fa re akgela ka tsela e e agang mo dipokanong ka nako ya dipuo tse di batlang gore bareetsi ba nne le seabe. Seno se batla gore re baakanyetse. Go re tlhoka nako gore re akanye ka dilo tse di boteng tsa Lefoko la Modimo. Moaposetoloi Paulo yo e neng e le moithuti yo o tlhagafetseng wa Dikwalo, o ile a lemoga seno. O ile a kwala jaana: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso!” (Baroma 11:33) Ditlhogo tsa malapa, go botlhokwa gore lo thuse mongwe le mongwe mo lelapeng la lona gore a hukutse botlhale jwa Modimo jo bo senotsweng mo Dikwalong. Iphe nako ya go tlhalosa dintlha dingwe tse di thata ka nako ya thuto ya lona ya lelapa ya Baebele le go thusa lelapa go ipaakanyetsa dipokano.

15. Ke dikakantsho dife tse di ka thusang motho go akgela mo dipokanong?

15 Fa e le gore o ka rata go akgela gangwe le gape mo dipokanong, ke eng fa o sa baakanyetse se o tla ratang go se bua go sa le gale? Ga go tlhokege gore o bue kgang e telele. Go bala temana e e tshwanelang ya Baebele o tlhatswegile pelo kana go bua mafoko a sekae a o a rulagantseng sentle go tswa pelong go ka anaanelwa thata. Baboledi bangwe ba kopa motshwari wa thuto go ba naya tshono ya go akgela kakgelo ya ntlha mo serapeng se se rileng e le gore ba se ka ba tlolwa ke tshono ya go tlhalosa tumelo ya bone phatlalatsa.

Yo o Se Nang Maitemogelo o a Tlhalefa

16, 17. Ke kgakololo efe e mogolwane mongwe a ileng a e neela motlhanka mongwe wa bodiredi, mme ke eng fa e ne e le molemo?

16 Mo dipokanong Basupi ba ga Jehofa gantsi ba kgothalediwa go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi. Go dira jalo go a lapolosa. Gape go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng, go baakanya makoa mo bothong jwa rona, go fenya dithaelo le go boa re tsepama gape semoyeng fa go ka direga gore re tseye kgato e e phoso.—Pesalema 19:7.

17 Bagolwane ba phuthego ba ba nang le maitemogelo ba nna ba iketleeleditse go re neela kgakololo ya Dikwalo e e tshwanelang se re se tlhokang. Se re tshwanetseng go se dira fela ke gore “re e ge” ka go kopa kgakololo ya bone e e theilweng mo Baebeleng. (Diane 20:5) Nako nngwe motlhanka wa bodiredi yo mosha o ne a kopa mogolwane go mo neela dikakantsho malebana le gore a ka dirang gore a nne mosola thata mo phuthegong. E re ka mogolwane a ne a itse lekawana leno sentle, o ne a bula Baebele mo go 1 Timotheo 3:3, e e bolelang gore banna ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go nna “kakanyetso.” O ile a tlhalosetsa lekawana leno ka bopelonomi gore le ka dira jang gore le nne kakanyetso fa le dirisana le batho ba bangwe. A lekawana leno le ne la kgopisiwa ke go bo a ile a mo neela kgakololo eo e e tlhamaletseng? Legoka! O tlhalosa jaana: “Mogolwane o ne a dirisa Baebele, ka jalo ke ne ka lemoga gore kgakololo eno e tswa mo go Jehofa.” Motlhanka wa bodiredi o ne a itumelela go dirisa kgakololo eo mme gone jaanong o gatela pele sentle.

18. (a) Ke eng se se neng sa thusa Mokeresete mongwe yo mosha go fenya dithaelo kwa sekolong? (b) Ke ditemana dife tsa Baebele tse o di gopolang fa o lebane le dithaelo?

18 Gape Lefoko la Modimo le ka thusa basha go “tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Timotheo 2:22) Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo mosha yo o sa tswang go aloga mo sekolong se segolo bosheng jaana o ile a kgona go fenya thaelo mo dingwageng tsotlhe tse a neng a tsena sekolo ka tsone ka go tlhatlhanya le go dirisa ditemana dingwe tsa Baebele. Gantsi o ne a akanya ka kgakololo eno e e kwadilweng mo go Diane 13:20: “Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale.” Ke gone ka moo a neng a nna kelotlhoko gore a tsalane fela le batho ba ba neng ba tlotla melaometheo ya Dikwalo. O ile a tlhalosa jaana: “Ga ke botoka go feta batho ba bangwe. Fa ke itsalanya le batho ba ba sa siamang, ke tla batla go itumedisa ditsala tsa me mme seno se tla ntsenya mo mathateng.” Gape o ne a thusiwa ke kgakololo ya ga Paulo e e mo go 2 Timotheo 1:8. O ile a kwala jaana: “O se ka wa tlhabisiwa ditlhong ke bosupi kaga Morena wa rona, . . . mme wena nna le seabe mo go bogeng bosula ka ntlha ya dikgang tse di molemo.” Go dumalana le kgakololo eo, ka bopelokgale o ne a tle a tlotlele ba a tsenang le bone mo tlelaseng dilo tse a di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng mo nakong nngwe le nngwe e e tshwanetseng. Nako nngwe le nngwe fela fa a abetswe go bua fa pele ga tlelase, o ne a tlhopha kgang e e tla mo nayang tshono ya go neela bosupi ka Bogosi jwa Modimo ka botlhale.

19. Ke eng fa lekawana lengwe le ile la palelwa ke go fenya dikgatelelo tsa lefatshe, mme ke eng se se neng sa le nonotsha semoyeng?

19 Fa go ka direga gore re fapoge mo ‘tselaneng ya basiami,’ Lefoko la Modimo le ka re thusa go baakanya dikgato tsa rona. (Diane 4:18) Lekawana lengwe la Afrika le ile la iponela seno ka matlho. Fa le ne le etetswe ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, le ne la dumela go ithuta Baebele le ene. Le ne la itumelela se le neng le ithuta sone, mme gone, go ise go ye kae le ile la inaakanya le ditsala tse di bosula kwa sekolong. Fa go ntse go ya le ile la simolola go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo maswe. Le dumela jaana: “Ke ne ke tshwenngwa ke segakolodi, mme ka tshwanelwa ke go tlogela go ya dipokanong.” Moragonyana le ne la simolola go nna gone gape kwa dipokanong. Lekawana leno le ne la akgela jaana ka tsela e e senolang dilo: “Ke ile ka lemoga gore lebaka le legolo la seno e ne e le go bo ke ne ke ipolaisa tlala semoyeng. Ke ne ke se na thuto ya motho ka namana. Ke gone ka moo ke neng ke fekeediwa ke dithaelo. Ke ne ka simolola go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! Ke ne ka boa ka nonofa gape semoyeng ka ba ka baakanya botshelo jwa me. Seno se ne sa nna bosupi jo bo molemo tota mo bathong ba ba neng ba bona diphetogo tse ke di dirileng. Ke ne ka kolobediwa, mme jaanong ke itumetse.” Ke eng se se neng sa thusa lekawana leno go fenya makoa a lone a a sa siamang? Thuto ya Baebele ya motho ka namana e ne ya mo thusa go boa a nonofa gape semoyeng.

20. Mosha a ka fenya jang ditlhaselo tsa ga Satane?

20 Basha ba Bakeresete, lo a tlhaselwa gompieno! Fa lo batla go fenya ditlhaselo tsa ga Satane, lo tshwanetse go ikotla ka dijo tsa semoya ka metlha. Mopesalema yo go bonalang ene ka boene e ne e le lekawana o ne a itse seno. O ne a lebogela Jehofa go re abela Lefoko la gagwe le le dirang gore ‘lekau le ntlafatse tsela ya lone.’—Pesalema 119:9.

Gotlhe Kwa Modimo a re Gogelang Gone re Tla Ya

21, 22. Ke eng fa re sa tshwanela go swetsa ka gore tsela ya boammaaruri e boima thata?

21 Jehofa o ne a ntsha setšhaba sa Iseraele kwa Egepeto go se isa kwa Nageng e e Solofeditsweng. Motho o ne a ka tsaya gore o ne a tlhophile gore ba tseye tsela e e thata go sa tlhokege. Jehofa o ne a kaela batho ba gagwe go tsaya tsela ya sekaka e e thata mo boemong jwa go tsaya tsela e go neng go bonala e le motlhofo e bile e tlhamaletse e e iphaphatileng ka Lewatle la Mediterranean. Le fa go ntse jalo, tota Modimo o ne a bontsha bopelonomi ka go dira jalo. Le mororo tsela eo ya lewatle e ne e le khutshwane, e ne e tla tlhoka gore Baiseraele ba ralale naga ya Bafilisitia ba ba ratang ntwa. Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe gore ba se ka ba thulana le Bafilisitia ka go tlhopha tsela e sele.

22 Le gompieno, tsela e Jehofa a re gogang mo go yone e ka lebega e le thata ka dinako tse dingwe. Beke le beke re na le ditiro tse dintsi tsa Bokeresete tse re tshwanetseng go di dira, go akaretsa le dipokano tsa phuthego, thuto ya motho ka namana le tirelo ya tshimo. Ditsela tse dingwe di ka lebega di le motlhofo. Mme gone, re ka kgona go fitlha kwa lefelong le re kgaratlhang thata jaana go fitlha kwa go lone fa fela re latela tsela e Modimo a re gogang mo go yone. Ka gone, a re tsweleleng pele re reetsa thuto e e botlhokwa e Jehofa a re neelang yone mme re nne re le mo “tselaneng ya thokgamo” ka bosakhutleng!—Pesalema 27:11NW.

A o Ka Tlhalosa?

Ke eng fa segolobogolo re tshwanetse go nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete?

Ke eng se batsadi ba ka se dirang go thusa bana ba bone go reetsa ka tlhoafalo mo dipokanong?

Go nna moreetsi yo o molemo go akaretsa eng?

Ke eng se se ka re thusang go akgela mo dipokanong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete go re thusa go nna re gopotse letsatsi la ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go galaletsa Jehofa mo dipokanong tsa Bokeresete