Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Jesu Keresete A ka Re Thusang ka Teng

Kafa Jesu Keresete A ka Re Thusang ka Teng

Kafa Jesu Keresete A ka Re Thusang ka Teng

DILO tse Jesu Keresete a ileng a di dira a thusa batho fa a ne a le mo lefatsheng di ne di gakgamatsa tota. Di ne di le boammaaruri jaana mo e leng gore fa mosupi mongwe yo o boneng ka matlho a sena go umaka ditiragalo di le dintsi tsa botshelo jwa ga Jesu o ne a re: “Tota e bile, go na le dilo tse dingwe tse dintsi gape tse Jesu a di dirileng, tse, fa go ne go diregile gore dintlha tsotlhetsotlhe tsa tsone di kwalwe ka botlalo, ke tsaya gore, lefatshe ka bolone le ne le ka se ka la tshola dikwalomomeno tse di kwadilweng.” (Johane 21:25) E re ka Jesu a ile a dira dilo tse dintsi thata jaana mo lefatsheng, re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A ka nna mothusi wa rona jang kwa legodimong? A re ka solegelwa molemo ke kutlwelobotlhoko ya ga Jesu e e lorato gone jaanong?’

Karabo e a itumedisa e bile e a re tlhomamisetsa. Baebele e re bolelela gore Keresete o ne a tsena “mo legodimong ka bolone, jaanong gore a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana.” (Bahebera 9:24) O re diretse eng? Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “[Keresete] o ne a tsena, nnyaa, e seng ka madi a dipodi le a dipowana, mme ka madi a gagwe, gangwe felafela mo lefelong le le boitshepo [“legodimo ka bolone”] mme a re bonela kgololo ya bosakhutleng.”—Bahebera 9:12; 1 Johane 2:2.

A bo e le dikgang tse di molemo jang ne! Go na le gore go fedise ditiro tse dintle tse Jesu a neng a di direla batho, go ya ga gagwe legodimong go ile ga dira gore a kgone go direla batho mo go oketsegileng. Go ntse jalo ka go bo Modimo, ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang, o ile a tlhoma Jesu gore e nne “motlhanka mo setšhabeng”—moperesiti yo mogolo—“kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Yo O Tlotlometseng kwa magodimong.”—Bahebera 8:1, 2.

“Motlhanka mo Setšhabeng”

Ka jalo, fa Jesu a le kwa legodimong, o ne a tla nna motlhanka mo setšhabeng go direla batho. O ne a tla dira tiro e e tshwanang le e moperesiti yo mogolo wa kwa Iseraele a neng a e direla baobamedi ba Modimo mo metlheng ya bogologolo. Tiro eo e ne e le eng? Paulo o tlhalosa jaana: “Moperesiti yo o kwa godimo mongwe le mongwe o tlhomelwa go isa dimpho le ditlhabelo tshupelo; jalo he go ne go tlhokega gore yono le ene [Jesu Keresete yo o tlhatlogileng] a nne le sengwe se a se isang tshupelo.”—Bahebera 8:3.

Jesu o ne a na le sengwe se a ka se ntshang se se neng se le botoka thata go gaisa se moperesiti yo mogolo wa bogologolo a neng a se ntsha. “Fa madi a dipodi le a dipoo” a ne a ka kgona go ntlafatsa Iseraele wa bogologolo ka selekanyo se se rileng mo semoyeng “madi a ga Keresete . . . one a [ne a] tla ntlafatsa digakolodi tsa rona mo ditirong tse di suleng go le kana kang gore re direle Modimo o o tshelang tirelo e e boitshepo?”—Bahebera 9:13, 14.

Jesu gape ke motlhanka mo setšhabeng yo o tlhomologileng ka gonne o filwe bosasweng. Kwa Iseraeleng wa bogologolo “ba le bantsi ba ne ba tshwanela go nna baperesiti ka go tlhatlhamana ka ntlha ya go idiwa ke loso go tswelela ba le seo.” Mme go tweng ka Jesu? Paulo o kwala jaana: “Ene . . . boperesiti jwa gagwe ga bo na batlhatlhami bape. Ke gone ka moo gape o kgonang go boloka ka mo go feletseng ba ba atamelang Modimo ka ene, ka gonne ka metlha o a tshela go ba rapelela.” (Bahebera 7:23-25; Baroma 6:9) Ee, kafa letsogong la Modimo la moja kwa legodimong, re na le motlhanka mo setšhabeng yo ‘o tshelang ka metlha go re rapelela.’ Akanya fela gore seo se kaya eng mo go rona gone jaanong!

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, batho ba ne ba thologela kwa go ene gore ba thusiwe mme ka dinako tse dingwe ba ne ba tsamaya dikgala tse ditelele gore a tle a ba thuse. (Mathaio 4:24, 25) Kwa legodimong, batho ba ditšhaba tsotlhe ba kgona go atamela Jesu motlhofo. Mo boemong jwa gagwe jwa selegodimo, o nna a le teng ka metlha jaaka motlhanka mo setšhabeng.

Jesu ke Moperisiti yo Mogolo wa Mofuta Ofe?

Tsela e Jesu Keresete a tlhalosiwang ka yone mo dipegong tsa Efangele e dira gore re se ka ra nna le pelaelo epe ya gore tota ke motho yo o ratang go thusa le yo o kutlwelobotlhoko thata. A bo e ne e le motho yo o intshang setlhabelo jang ne! Ka makgetlhonyana, o ile a tshwenngwa mo bonosing jwa gagwe fa ene le barutwa ba gagwe ba leka go ikhutsa e re ka ba ne ba tlhoka seo thata. Go na le gore a ikutlwe e kete batho ba mo tseela nako ya gagwe ya go nna mo kagisong le mo tidimalong, ‘o ne a’ tlhotlheletsega go tlhomogela pelo batho ba ba neng ba batla gore a ba thuse. Tota le fa Jesu a ne a lapile, a tshwerwe ke tlala e bile a nyorilwe, o ne “a ba amogela ka bopelonomi” mme a iketleeditse go itima dijo fa e le gore go ne go tla thusa baleofi ba ba peloephepa.—Mareko 6:31-34; Luke 9:11-17; Johane 4:4-6, 31-34.

E re ka Jesu a ile a tlhomoga pelo, o ne a dira se se tshwanetseng gore a thuse batho ka dilo tse ba di tlhokang mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng. (Mathaio 9:35-38; Mareko 6:35-44) Mo godimo ga moo, o ne a ba ruta gore ba bone kgololesego le kgomotso e e sa khutleng. (Johane 4:7-30, 39-42) Ka sekai, a bo taletso eno ya gagwe ka namana e itumedisa jang ne: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo fufulelwang le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke maikutlo a bori e bile ke kgobaletse mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.”—Mathaio 11:28, 29.

Jesu o ne a rata batho thata jaana mo e leng gore kgabagare o ne a ntshetsa batho ba ba leofileng botshelo jwa gagwe. (Baroma 5:6-8) Malebana le seno, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “[Jehofa Modimo] o o neng wa se ka wa dibela le eleng Morwaone mme wa mo neela ka ntlha ya rona rotlhe, ke ka ntlha yang fa gape o ka se ka, ka bopelonomi, wa re naya dilo tsotlhe mmogo le ene? . . . Keresete Jesu ke ene yo o neng a swa, ee, tota ke ene yo o neng a tsosiwa mo baswing, yo a leng kafa seatleng sa moja sa Modimo, yo gape a re rapelelang.”—Baroma 8:32-34.

Moperesiti yo Mogolo yo o Kgonang go Utlwela Botlhoko

Fa Jesu a ne a sa ntse a le motho, o ne a tshwarwa ke tlala, a nyorwa, a lapa, a tlalelwa, a utlwa botlhoko a bo a swa. Kgatelelo le mathata a a ileng a nna le one a ile a dira gore a tshwanelege ka tsela e e tlhomologileng go nna Moperesiti yo Mogolo wa batho ba ba bogang. Paulo o ile a re: “[Jesu] o ne a patelesega go tshwana le ‘barwarraagwe’ ka ditsela tsotlhe, gore a tle a nne moperesiti yo o kwa godimo yo o nang le kutlwelobotlhoko le yo o boikanngo mo dilong tse di malebang le Modimo, e le gore a tle a isetse maleo a batho setlhabelo sa thuanyo. Gonne e re ka ene ka boene a bogile fa a ne a bewa mo tekong, o kgona go tswa ba ba bewang mo tekong thuso.”—Bahebera 2:17, 18; 13:8.

Jesu o ne a supa gore o a tshwanelega e bile o rata go thusa batho gore ba atamele Modimo. Gone mme, a seno se raya gore o tshwanetse gore a fetole mogopolo wa Modimo o o setlhogo o o se nang kutlwelobotlhoko o o sa rateng go itshwarela? Ga go a nna jalo tota, ka gonne Baebele e re tlhomamisetsa gore “Jehofa, o molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela.” Gape ya re: “Fa re ipolela maleo a rona, o boikanngo le tshiamo mo o tla re itshwarelang maleo a rona le go re phepafatsa mo tshiamololong yotlhe.” (Pesalema 86:5NW; 1 Johane 1:9) Tota e bile, mafoko le ditiro tsa ga Jesu tsa lorato di supa bopelotlhomogi, kutlwelobotlhoko le lorato lwa ga Rraagwe.—Johane 5:19; 8:28; 14:9, 10.

Jesu o golola jang baleofi ba ba ikwatlhayang? Ka go ba thusa gore ba itumele le go kgotsofala fa ba ntse ba leka ka tlhoafalo go itumedisa Modimo. Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresetekaene ba ba tloditsweng, o ne a sobokanya se se diregang ka go bolela jaana: “Jalo, ka re bona gore re na le moperesiti yo o kwa godimo yo mogolo yo o raletseng magodimo, Jesu Morwa Modimo, a re tshwareleleng mo go boleleng ga rona fa re dumela mo go ene. Gonne yo re nang le ene e le moperesiti yo o kwa godimo, ga se yo o sa ka keng a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo. Jalo, a re atameleng ka kgololesego ya go bua kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, e le gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang go bona thuso ka nako e e leng yone.”—Bahebera 4:14-16.

“Thuso ka Nako e e Leng Yone”

Le fa go ntse jalo, re ka dira eng fa e le gore re lebana le mathata a re bonang a le magolo thata mo e leng gore re ka se ka ra a kgona—bolwetse jo bo masisi, mokgweleo o o utlwisang botlhoko wa go ikutlwa molato, go kgobega marapo thata le go tshwenyega mo maikutlong? Re ka dirisa yone thuso e Jesu a neng a ikaega ka yone ka metlha—tshiamelo e e botlhokwa ya thapelo. Ka sekai, mo bosigong jwa pele ga a re ntshetsa botshelo jwa gagwe “a tswelela go rapela ka tlhoafalo segolo; mme mofufutso wa gagwe wa nna jaaka marothodi a madi a wela fa fatshe.” (Luke 22:44) Ee, Jesu o a itse gore go ntse jang go rapela Modimo ka tlhoafalo e kgolo. O ne a “isa mekokotlelo mmogo le ditōpō kwa go One o o neng wa kgona go mmoloka mo losong, ka dilelo tse dikgolo le dikeledi, mme o ne a utlwiwa ka kamogelo ka ntlha ya poifo ya gagwe ya bomodimo.”—Bahebera 5:7.

Jesu o itse gore go botlhokwa go le kana kang mo bathong go “utlwiwa ka kamogelo” le go nonotshiwa. (Luke 22:43) Mo godimo ga moo, o ne a solofetsa jaana: “Fa lo kopa sepe mo go Rara o tla se lo naya ka leina la me. . . . Kopang mme lo tla amogela, gore boipelo jwa lona bo tle bo tladiwe.” (Johane 16:23, 24) Ka jalo, re ka kopa Modimo re na le tshepo ya gore o tla letlelela Morwawe gore a dirise taolo ya gagwe le tlhwatlhwa ya setlhabelo sa thekololo ya gagwe go re thusa.—Mathaio 28:18.

Re ka tlhomamisega gore jaaka Jesu a le mo boemong jwa gagwe jwa selegodimo, o tla re neela thuso e e tshwanelang ka nako e e tshwanetseng. Ka sekai, fa e le gore re dirile boleo jo re bo ikwatlhaelang tota, re ka gomodiwa ke tlhomamisetso ya gore “re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami.” (1 Johane 2:1, 2) Mothusi le Mogomotsi wa rona kwa legodimong o tla re buelela gore dithapelo tsa rona tse di dirwang ka leina la gagwe le tse di tsamaisanang le Dikwalo di arabiwe.—Johane 14:13, 14; 1 Johane 5:14, 15.

Go Bontsha Gore re Anaanela Thuso ya ga Keresete

Re ka dira mo gontsi go feta go kopa Modimo ka Morwawe fela. Ka tlhwatlhwa ya setlhabelo sa gagwe sa thekololo, “Keresete o ne a re golola ka theko” mme a nna jaaka ‘mong yo o rekileng’ batho. (Bagalatia 3:13; 4:5; 2 Petere 2:1) Re ka supa gore re lebogela Keresete sotlhe se a se re direlang ka go dumela gore ke mong wa rona le go tsibogela taletso eno ya gagwe ka boitumelo: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme a ntatele ka metlha.” (Luke 9:23) ‘Go iitatola’ ga se fela go bua ka molomo gore ga o tlhole o itaola. Gone e bile, Keresete “o ne a swela botlhe e le gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele yo o neng a ba swela.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Ka jalo, go anaanela thekololo go tla ama thata tsela e re lebang dilo ka yone, mekgele ya rona le tsela e re tshelang ka yone. Lebaka la go bo re kolota “Keresete Jesu, yo o neng a re ineelela,” go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re ithute mo go oketsegileng ka ene le ka Rraagwe yo o lorato e bong Jehofa Modimo. Mme gape re tshwanetse ra batla go nonofa mo tumelong, go tshela ka melao ya Modimo e e re solegelang molemo le go ‘tlhoafala mo ditirong tse di molemo.’—Tito 2:13, 14; Johane 17:3.

Phuthego ya Bokeresete ke yone tsela e ka yone re amogelang dijo tsa semoya, kgothatso le kaelo ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45-47; Bahebera 10:21-25) Ka sekai, fa go na le mongwe yo o lwalang semoyeng, a ka nna a “[biletsa] banna ba bagolwane [bagolwane ba ba tlhomilweng] ba phuthego.” Jakobe o oketsa ka go re tlhomamisetsa jaana: “Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, mme Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.”—Jakobe 5:13-15.

Go tshwantsha: Monna mongwe yo o kwa kgolegelong mo Afrika Borwa o ne a kwalela mogolwane mongwe wa phuthego a leboga “Basupi ba ga Jehofa botlhe ba ba dirang tiro e e molemo e Jesu Keresete a e simolotseng ya go thusa batho go batla Bogosi jwa Modimo.” O ne a re: “Ke ne ka itumela thata fa ke amogela lekwalo la gago. Go amega ga gago ka kgololesego ya me ya semoya go ile ga nkama thata. Go dira gore ke ititeye sehuba le go feta gore ke simolole go utlwa kgothatso ya ga Jehofa Modimo ya gore ke ikwatlhaye. Mo dingwageng tse 27 ke ntse ke kgopega e bile ke timelelwa ke tsela mo lefifing la boleo, tsietso, dilo tse di sa siamang le boitsholo jo bo sa siamang le bodumedi jo bo belaetsang. Fa e sa le ke kopane le Basupi ba ga Jehofa, ke akanya gore kgabagare ke bone tsela—tsela e e siameng! Se ke tlhokang go se dira fela ke go e latela.”

Thuso e e Oketsegileng mo Bogautshwaneng

Maemo a a ntseng a senyegela pele a lefatshe a bontsha sentle gore re tshela mo nakong e e thata e e neng e tla tla pele ga “pitlagano e kgolo” e simologa. Gone jaanong, boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo ditšhabeng tsotlhe, mo merafeng yotlhe, mo bathong botlhe le mo dipuong tsotlhe ba ‘tlhatswa diaparo tsa bone ba di sweufatsa mo mading a Kwana.’ (Tshenolo 7:9, 13, 14; 2 Timotheo 3:1-5) E re ka ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo, ba itshwarelwa maleo a bone e bile ba thusiwa gore ba nne le kamano e e atamalaneng le Modimo—mo e leng gore ba nna ditsala tsa gagwe.—Jakobe 2:23.

Kwana, e leng Jesu Keresete, “o tla [disa bafalodi ba pitlagano e kgolo], e bile o tla ba kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo. Mme Modimo o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone.” (Tshenolo 7:17) Go tswa foo Keresete o tla dira ditiro tsa gagwe tsa go nna Moperesiti yo Mogolo ka botlalo. O tla thusa ditsala tsa Modimo tsotlhe go solegelwa molemo ka botlalo ke ‘metswedi ya metsi a botshelo’—mo semoyeng, mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Se Jesu a ileng a se simolola ka 33 C.E. le se a neng a tswelela a se dira go tloga ka nako eo se tla diragadiwa ka botlalo.

Ka jalo, le ka motlha o se ka wa tlogela go anaanela thata dilo tsotlhe tse Modimo le Keresete ba re di diretseng—le tse ba sa ntseng ba re di direla. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. . . . Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:4, 6, 7.

Go na le tsela e e molemo thata e o ka supang ka yone gore o anaanela Jesu Keresete, Mothusi wa rona kwa legodimong. Fa letsatsi le sena go phirima ka Laboraro, April 19, 2000, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tla phuthega go tla go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete. (Luke 22:19) E tla bo e le tshono ya gore o nonotshe kanaanelo ya gago mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete. O lalediwa ka lorato gore o nne gone go tla go utlwa kafa thulaganyo ya Modimo e e itumedisang ya poloko ka Keresete e ka go solegelang molemo ka teng goyagoile. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang mo lefelong la lona ka nako le lefelo le le tshwanetseng la pokano e e kgethegileng eno.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o itse gore go ntse jang go rapela Modimo ka tlhoafalo

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Keresete o tla re thusa gore re lebane le mathata a magolo a rona ka borona re sa kgoneng go a rarabolola

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Keresete o dirisa bagolwane ba ba lorato go re thusa