Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Batho ba Tlhoka Mothusi

Lebaka La go Bo Batho ba Tlhoka Mothusi

Lebaka La go Bo Batho ba Tlhoka Mothusi

MONNA mongwe yo pele e neng e le motho yo o ikgogomosang le yo o dikgoka o ne a dumela jaana: ‘Ke ne ke le mmogisi yo o se nang maitseo.’ O ne a kile a bo a le motlhapatsi yo o setlhogo yo o neng a bogisa le go tlhasela balatedi ba ga Jesu Keresete ba ba boifang Modimo. Mme ka tebogo o ne a bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko.” Le mororo go ka tswa go le thata go dumela seno, mmogisi yo o bogale yono o ne a nna moaposetoloi Paulo yo o ikanyegang wa Mokeresete.—1 Timotheo 1:12-16; Ditiro 9:1-19.

Ga se mongwe le mongwe yo o dirileng dilo tse Paulo a di dirileng. Le fa go ntse jalo, rotlhe re palelwa ke go fitlhelela ditekanyetso tsa Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Mo godimo ga moo, go motlhofo thata go farafariwa ke go tlalelwa, gongwe re ikutlwa gore re bosula thata gore re ka amogela kutlwelobotlhoko ya Modimo. Fa Paulo a ne a sa ntse a akanya ka mo a sekametseng ka teng go dira boleo, o ne a tlhaeletsa jaana: “A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” Fa a ikaraba o ne a re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!”—Baroma 7:24, 25.

Mmopi yo o tshiamo a ka nna jang le dikamano le baleofi? (Pesalema 5:4) Ela tlhoko gore Paulo o ne a re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona.” Motho yo mongwe yo o neng a amogela kutlwelobotlhoko ya Modimo o tlhalosa jaana: “Lefa go ntse jalo, fa mongwe ruri a dira boleo, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami. Mme ene ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona, lefa go ntse jalo e seng sa a rona fela mme le sa a lefatshe lotlhe.”—1 Johane 2:1, 2.

Ke eng fa go twe Jesu Keresete ke “mothusi kwa go Rara”? Mme Jesu ke “setlhabelo sa thuanyo” ya maleo jang?

Lebaka La go Bo go Tlhokega Mothusi

Jesu o ne a tla mo lefatsheng “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Thekololo ke tlhwatlhwa e e duelwang go rekolola, kana go dira gore sengwe kana mongwe a gololwe. Lediri la lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “thekololo” le naya kgopolo ya go bipa kana go dira tetlanyo ya maleo. (Pesalema 78:38) Lefoko la Segerika, le le jaaka le le mo go Mathaio 20:28, le ne le dirisiwa segolobogolo go kaya tlhwatlhwa e e duelelwang thekololo ya bagolegwa ba ntwa kana go golola makgoba. Go diragatsa tshiamiso, go ntshiwa sengwe mo boemong jwa se sengwe se se nang le boleng jo bo tshwanang.

Batho ba ne ba tsena mo bokgobeng ka go bo motho wa ntlha a ile a tsuologela Modimo. Jaaka go bontshitswe mo go Genesise kgaolo 3, motho yo o itekanetseng yoo—Adame—o ne a tlhopha go latela tsela ya go sa utlwe Jehofa Modimo. Ka go dira jalo, o ne a rekisetsa ene le bana ba gagwe ba ba neng ba ise ba tsholwe mo bokgobeng jwa boleo le loso. Ka jalo, Adame o ne a latlha mpho ya botshelo jo bo itekanetseng jo ene le bana ba gagwe botlhe ba neng ba tla nna le jone.—Baroma 5:12, 18, 19; 7:14.

Kwa Iseraeleng ya bogologolo, Modimo o ne a rulaganya gore go nne le ditlhabelo tsa diphologolo tse di tla letlanyang kana tsa bipa maleo a batho. (Lefitiko 1:4; 4:20, 35) Totatota, botshelo jwa phologolo ya setlhabelo bo ne bo ntshiwa mo boemong jwa botshelo jwa moleofi. (Lefitiko 17:11) Ka gone, “letsatsi la tetlanyo” le ka bidiwa gape go twe ke “letsatsi la dithekololo.”—Lefitiko 23:26-28.

Le fa go ntse jalo, e re ka diphologolo di le kwa tlase ga batho, go ne go sa “kgonege gore madi a dipoo le a dipodi a tlose maleo [ka mo go feletseng].” (Bahebera 10:1-4) Gore setlhabelo se nne le boleng jo bo lekaneng go letlanya kana go tlosa maleo ka mo go feletseng, se ne se tla tshwanela gore se lekane le boleng jwa se Adame a se latlhileng. Go ya ka dikale tsa tshiamiso go ne go tlhokega gore monna yo o itekanetseng (Jesu Keresete) a lekalekanye se monna yo mongwe yo o itekanetseng (Adame) a se latlhileng. E ne e le botshelo jwa motho yo o itekanetseng fela jo bo neng bo ka kgona go duelela tlhwatlhwa ya thekololo go golola bana ba ga Adame mo bokgobeng jo rraabone wa ntlha a neng a ba rekiseditse mo go jone. ‘Botshelo mo boemong jwa botshelo’ bo ne bo tla kgona go diragatsa tshiamiso ya boammaaruri.—Ekesodo 21:23-25.

Fa Adame a ne a leofa mme a otlhaelwa loso, bana ba gagwe ba ba neng ba ise ba tsholwe ba ne ba sa ntse ba le mo dinokeng tsa gagwe mme ka jalo ba ne ba swa le ene. Monna yo o itekanetseng e bong Jesu, “Adame wa bofelo,” ka go rata ga a ka a nna le lelapa. (1 Bakorintha 15:45) O ne a na le bana ba ba iseng ba tsholwe mo dinokeng tsa gagwe fa a ne a swa e le setlhabelo se se itekanetseng sa motho. Ka jalo, go ka nna ga bolelwa gore batho ba ba neng ba tla nna teng ba ba neng ba le mo dinokeng tsa gagwe ba ile ba swa le ene. Jesu o ne a tsaya lelapa le le leofileng le le swang la ga Adame go nna la gagwe. O ne a ithontsha tshwanelo ya go nna le lelapa la gagwe. Ka go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna setlhabelo, Jesu o ne a rekolola bana botlhe ba ga Adame gore ba tle ba nne lelapa la Gagwe, a nna ‘Rre wa bone wa Bosakhutleng.’—Isaia 9:6, 7.

Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se ne sa bulela batho ba ba kutlo tsela ya gore ba amogele kutlwelobotlhoko ya Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a ileng a kwala jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo o e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Re tlhotlheletsega gore re bake Jehofa ka ntlha ya lorato le kutlwelobotlhoko tse di amanang le setlhabelo, tse a ileng a di ntsha le mororo go ne go ama ene le Morwawe yo o rategang thatathata. (Johane 3:16) Mme ga go na pelaelo gore Jesu o ile a itshupa e le “mothusi mo go Rara” fa a ne a tsosediwa go tshela kwa legodimong mme a ntsha boleng jwa setlhabelo sa thekololo ya gagwe mo pele ga Modimo kwa legodimong. * (Bahebera 9:11, 12, 24; 1 Petere 3:18) Mme gone jaanong Jesu Keresete o itshupa jang gore ke mothusi wa rona kwa legodimong?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Bona dikgaolo 4 le 7 mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng bo ile jwa nna tlhwatlhwa ya thekololo ya bana ba ga Adame