Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baebele E na Le Mokwalo o o Fitlhegileng?

A Baebele E na Le Mokwalo o o Fitlhegileng?

A Baebele E na Le Mokwalo o o Fitlhegileng?

MO E ka nnang dingwaga tse pedi morago ga go bolawa ga ga Tonakgolo ya Iseraele Yitzhak Rabin ka 1995, mokwadi mongwe wa dikgang o ne a bolela gore o thusitswe ke boranyane jwa khomputara go bonela pele tiragalo eo e e neng e fitlhegile mo mokwalong wa ntlhantlha wa Baebele wa Sehebera. Mokwadi yono wa dikgang e bong Michael Drosnin, o ne a kwala gore o ne a lekile go tlhagisa tonakgolo lobaka lo lo fetang ngwaga pele a bolawa mme ga se ka ga thusa sepe.

Gone jaanong go sa ntse go gatisiwa dibuka le ditlhogo dingwe tse di bolelang gore mokwalo ono o o fitlhegileng o bontsha sentle gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. A go na le mokwalo o o ntseng jalo? A re tshwanetse go dirisa mokwalo o o fitlhegileng go dira gore re dumele gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo?

A ke Kgopolo e Ntšha?

Kgopolo e e malebana le mokwalo o o fitlhegileng mo Baebeleng ga se selo se sesha. Ke kgopolo ya konokono mo Cabala, kana mo tumelong ya Sejuda ya masaitseweng. Barutisi ba Cabala ba bolela gore se se tlhalosiwang ke mokwalo wa Baebele moo, ga se tlhaloso ya one ya mmatota. Ba dumela gore Modimo o dirisitse tlhaka nngwe le nngwe ya mokwalo wa Baebele wa Sehebera e le letshwao, mo e leng gore fa e tlhalogantswe sentle e tla senola boammaaruri jo bogolo. Go ya ka bone, tlhaka nngwe le nngwe ya Sehebera le fa e kwadilweng gone mo mokwalong wa Baebele e beilwe ke Modimo ka boikaelelo jo bo rileng.

Jeffrey Satinover, mmatlisisi mongwe wa mokwalo ono o o fitlhegileng wa Baebele, o bolela gore Bajuda bano ba ba dumelang mo masaitseweng ba dumela gore ditlhaka tsa Sehebera tse di neng tsa dirisiwa go kwala pego ya popo mo go Genesise di na le maatla a magolo a masaitseweng. O kwala jaana: “Ka bokhutshwane fela, Genesise ga se tlhaloso fela; yone ka boyone ke sedirisiwa sa popo, ke polane e Modimo a neng a e akantse mme e bonala ka tsela ya mmatota.”

Rabi wa Cabala wa mo lekgolong la bo13 la dingwaga, Bachya ben Asher wa kwa Saragossa, kwa Spain, o ne a kwala a bua ka tshedimosetso nngwe e e fitlhegileng e a neng a e bona fa a ne a bala tlhaka nngwe le nngwe ya bo42 mo karolong ya Genesise. Mokgwa ono wa go tlola ditlhaka ka go latela tsela e e rileng ka maiteko a go batla melaetsa e e fitlhegileng, ke one o o dirisiwang mo kgopolong ya segompieno ya mokwalo o o fitlhegileng wa Baebele.

Dikhomputara di “Senola” Mokwalo o o Fitlhegileng

Pele ga motlha wa dikhomputara, motho o ne a sa kgone go le kalokalo go sekaseka mokwalo wa Baebele ka tsela eno. Le fa go ntse jalo, ka August 1994 lokwalopaka lwa Statistical Science lo ne lwa gatisa setlhogo se Eliyahu Rips wa Hebrew University kwa Jerusalema le babatlisisikaene ba neng ba bua dilo tse di gakgamatsang mo go sone. Ba ne ba tlhalosa gore ka go tswala diphatlha tsotlhe tse di fa gare ga ditlhaka le go dirisa tatelano ya go tlola sekgala se se lekanang fa gare ga ditlhaka mo mokwalong wa Sehebera wa Genesise, ba ile ba lemoga maina a borabi ba ba tumileng ba le 34 mo mokwalong ono, mmogo le tshedimosetso e nngwe, e e jaaka matlha a matsalo a bone kana a go swa ga bone, a bapile fela le maina a bone. * Fa babatlisisi ba sena go tlhatlhoba seno ka makgetlho a mantsi, ba ne ba gatisa tshwetso ya bone ya gore tshedimosetso e e kwadilweng ka mokwalo o o fitlhegileng mo go Genesise ga e a itlhagela fela—e ne e le bosupi jwa gore ke tshedimosetso e e tlhotlheleditsweng e e fitlhilweng ka boomo e le mokwalo o o fitlhegileng mo go Genesise, ka diketekete tsa dingwaga tse di fetileng.

Fa mokwadi wa dikgang Drosnin a ne a atolosa mokgwa ono, o ne a itlhatlhobela ka boene, a batlisisa tshedimosetso e e fitlhegileng mo dikwalong tse tlhano tsa ntlha tsa Baebele ya Sehebera. Drosnin o bolela gore o ne a bona leina la ga Yitzhak Rabin le kwadilwe mo mokwalong wa Baebele ka go latelana ga ditlhaka dingwe le dingwe di le 4 772. Fa a sena go rulaganya mokwalo wa Baebele ka mela ya ditlhaka dingwe le dingwe di le 4 772, o ne a bona leina la ga Rabin (le balega go ya kwa tlase) le kgabaganya mola (Duteronome 4:42, fa e balwa go tswa letlhakoreng le lengwe go ya go le lengwe) o Drosnin a neng a o ranola e le “mmolai yo o tla bolayang.”

Tota Duteronome 4:42 e bua ka mmolai yo o bolaileng motho ka phoso. Ka gone, batho ba le bantsi ba ne ba sa dumalane le mokgwa o Drosnin a itlhametseng one, ba bolela gore mekgwa ya gagwe e e seng ya saense e ka dirisiwa go batla melaetsa e e tshwanang mo mokwalong ope fela. Mme Drosnin o ne a ema a nitame, a ikarabela ka go re: “Fa batho ba ba ntshwayang diphoso ba ka bona molaetsa o o malebana le go bolawa ga ga Tonakgolo nngwe o kwadilwe ka mokwalo o o fitlhegileng mo [bukeng ya] Moby Dick, ke tla ba dumela.”

A go Na le Bosupi Jwa Gore o Tlhotlheleditswe?

Moporofesa Brendan McKay, wa Lephata la Saense ya Dikhomputara kwa National University ya Australia, o ne a araba mafoko a ga Drosnin mme a dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka khomputara mo mokwalong wa Seesemane wa ga Moby Dick. * McKay o bolela gore ka go dirisa mokgwa o o tlhalositsweng ke Drosnin, o ile a bona “dipolelelopele” tsa go bolawa ga ga Indira Gandhi, Martin Luther King, Jr., John F. Kennedy, Abraham Lincoln le ba bangwe. McKay o bolela gore o ne a lemoga gore Moby Dick le ene o ile a “porofeta” ka go bolawa ga ga Yitzhak Rabin.

Fa re boela mo mokwalong wa Sehebera wa Genesise, Moporofesa McKay le ditsala tsa gagwe le bone ba ne ba belaela dilo tse di fitlheletsweng ke Rips le ditsala tsa gagwe. Ba ne ba nyatsa kgang ya gore dilo tse ba di fitlheletseng ga di amane ka gope le molaetsa o o tlhotlheleditsweng wa mokwalo o o fitlhegileng, go na le moo di amana le mokgwa le tsela ya babatlisisi—ya go dira gore tshedimosetso e tshwanele thata se babatlisisi ba se batlang. Bakanoki ba sa ntse ba ganetsana thata ka kgang eno.

Go tsoga kgang e nngwe fa go bolelwa gore melaetsa eo e e kwadilweng ka mokwalo oo e fitlhilwe ka boomo mo mokwalong “o o tlwaelegileng” kana “wa ntlhantlha” wa Sehebera. Rips le babatlisisikaene ba bolela gore ba dirile patlisiso ya bone ka “mokwalo wa Genesise o o tlwaelegileng, o o amogelwang thata.” Drosnin o kwala jaana: “Dibaebele tsotlhe tse di kwadilweng ka puo ya ntlhantlha ya Sehebera tse di leng teng di na le ditlhaka tse di tshwanang.” A mme go ntse jalo? Mo boemong jwa go dirisa mokwalo o o “tlwaelegileng,” gompieno go dirisiwa dikgatiso tse di farologaneng tsa Baebele ya Sehebera, tse di theilweng mo mekwalong ya seatla e e farologaneng ya bogologolo. Le fa gone molaetsa wa Baebele o sa fetoge, ditlhaka tsa mekwalo eno ya seatla ga di tshwane.

Dithanolo di le dintsi gompieno di theilwe mo Leningrad Codex—e leng mokwalo wa seatla wa Sehebera wa Masora o o feletseng o mogologolo go gaisa yotlhe—o o neng wa kwalololwa mo e ka nnang ka ngwaga wa 1000 C.E. Mme Rips le Drosnin ba ne ba dirisa mokwalo o o farologaneng, e leng Koren. Shlomo Sternberg, rabi wa Mo-Orthodox e bile e le moitsedipalo kwa Yunibesithing ya Harvard, o tlhalosa gore Leningrad Codex “e farologana le kgatiso ya Koren, e e neng e dirisiwa ke Drosnin, ka ditlhaka di le 41 mo go Duteronome fela.” Memeno ya Lewatle le le Suleng e na le dikarolo tsa mokwalo wa Baebele tse di neng tsa kwalololwa dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Gantsi tsela e go kwalwang mafoko ka yone mo memenong eno e farologane thata le mekwalo ya Masora ya moragonyana. Mo memenong e mengwe, ditlhaka dingwe di ne tsa tsenngwa e le fela go bontsha gore ditumanosi di ne di tla bidiwa jang, e re ka go ne go se na ditumanosi. Mo memenong e mengwe, go ne go dirisiwa ditlhaka di sekae fela. Fa go bapisiwa mekwalo yotlhe ya seatla e e leng teng ya Baebele, o kgona go bona gore bokao jwa mokwalo wa Baebele ga bo ise bo fetoge. Le fa go ntse jalo, gape go bontsha sentle gore tsela ya go kwala mmogo le palo ya ditlhaka e a farologana mo mekwalong e e farologaneng.

Go batlisisa se go tweng ke molaetsa o o fitlhegileng go ikaegile ka mokwalo o o sa fetogeng gotlhelele. Fa go ka fetolwa tlhaka e le nngwe go ka senya tatelano ya ditlhaka—le molaetsa, fa e le gore o ne o le teng. Modimo o bolokile molaetsa wa gagwe mo Baebeleng. Mme gone, ga a ka a tlhomamisa gore tlhaka nngwe le nngwe e se ka ya fetoga, jaaka e kete o ne a amegile thata ka dilo tse di nnye jalo tse di jaaka go fetoga ga mokwalo ka makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. A seno ga se bontshe gore ga go na molaetsa ope o o fitlhegileng mo Baebeleng?—Isaia 40:8; 1 Petere 1:24, 25.

A re Tlhoka Mokwalo o o Fitlhegileng wa Baebele?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka phepafalo gore “lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go sugeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse tiro nngwe le nngwe e e molemo mo go feletseng.” (2 Timotheo 3:16, 17) Molaetsa o o phepafetseng le o o tlhamaletseng o o mo Baebeleng ga o thata go ka tlhaloganngwa le go dirisiwa, mme batho ba le bantsi ba a o tlhokomologa. (Duteronome 30:11-14) Boporofeti jo bo kwadilweng mo Baebeleng bo re neela motheo o o nonofileng wa go dumela gore e tlhotlheleditswe. * Boporofeti jwa Baebele ga bo tshwane le mokwalo o o fitlhegileng, ga bo ka ke jwa itlhalosediwa ka tsela nngwe le nngwe fela, e bile ga bo ‘tswe mo phuthololong epe ya motho ka boene.’—2 Petere 1:19-21.

Moaposetoloi Petere o ne a kwala a bolela gore “e ne e se ka go latela dipolelo tsa maaka tse di logetsweng maano ka boferefere go bo re ne ra lo tlwaelanya le maatla le go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete.” (2 Petere 1:16) Kgopolo ya gore go na le mokwalo o o fitlhegileng mo Baebeleng e simologile mo tumelong ya Bajuda ya masaitseweng, e e dirisang mekgwa e e “logetsweng maano” e e kgoreletsang le go senya bokao jo bo utlwalang jwa mokwalo o o tlhotlheleditsweng wa Baebele. Dikwalo tsa Sehebera ka botsone di ne tsa nyatsa gotlhelele mokgwa o o ntseng jalo wa masaitseweng.—Duteronome 13:1-5; 18:9-13.

A bo re itumela jang ne go bo re na le molaetsa le thuto e e phepafetseng ya Baebele, tse di ka re thusang go itse Modimo! Seno se gaisa tsela ya go leka go ithuta ka Mmopi wa rona ka go batlisisa melaetsa e e fitlhegileng e e iphutholetsweng ke batho ka bobone le ka go dirisa dikakanyo tse di ikaegileng ka khomputara.—Mathaio 7:24, 25.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Ka Sehebera, dipalo le tsone di ka kwalwa ka ditlhaka. Ka gone, matlha ano a ne a lemogiwa go ya ka ditlhaka mo mokwalong wa Sehebera e seng ka dinomoro.

^ ser. 13 Sehebera ke puo e e se nang ditumanosi. Mmadi ke ene a itsenyetsang ditumanosi go ya ka kgang e go buiwang ka yone. Fa go ka tlhokomologiwa kgang e go buiwang ka yone, bokao jwa lefoko bo ka fetoga gotlhelele fa go tsentswe tumanosi e e sa tshwanelang. Seesemane se na le ditumanosi tse di sa fetogeng, mo go dirang gore go batlisisa mafoko a a ntseng jalo go nne thata e bile go kgoreletsege.

^ ser. 19 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go tlhotlhelediwa ga Baebele le boporofeti jwa yone, bona boroutšhara jwa Buka ya Batho Botlhe, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.