Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Diefangele tse tharo di bolela ka tiragalo ya go ngongoregela gore Jesu o ne a tlodiwa ka lookwane lo lo turang. A baaposetoloi ba le bantsi ba ne ba ngongorega, kana a go ne go ngongorega Judase thata?

Re bona tiragalo eno e bolelwa mo Diefangeleng ke Mathaio, Mareko le Johane. Go bonala e le Judase yo o neng a ngongorega thata, go na le baaposetoloi bangwe ba ba neng ba dumalana le ene. Tiragalo eno e bontsha lebaka la go bo re ka lebogela go nna le dipego tse nnè tsa Efangele. Se mokwadi mongwe le mongwe a se kwadileng se ne se le boammaaruri, mme ga ba bolele dintlha tse di tshwanang botlhe. Ka go bapisa dipego tseno tse di tsamaisanang, re bona dintlha ka botlalo tsa ditiragalo di le dintsi.

Pego e e mo go Mathaio 26:6-13 e re neela lefelo—ntlo ya ga Simone wa molepero, kwa Bethani—mme ga e re bolelele leina la mosadi yo o neng a simolola go tshela lookwane lo lo nkgang monate mo tlhogong ya ga Jesu. Mathaio o bolela jaana: “Ya re barutwa ba bona seno ba gakala” mme ba ngongoregela gore lookwane lono lo ka bo lo rekisitswe mme madi a lone a neelwa bahumanegi.

Pego ya ga Mareko e tshotse bontsi jwa dintlha tseno. Mme o oketsa ka gore o ne a bula kurwana ka go e thuba. E ne e na le lookwane lo lo nkgang monate lo e neng e le “naredo ya mmatota,” jaaka tse di tswang kwa India. Fa e le ka ngongorego, Mareko o bega gore “go ne go na le bangwe ba ba neng ba bontsha kgakalo,” mme “ba ne ba ikutlwa ba sa itumelele mosadi yono gotlhelele.” (Mareko 14:3-9) Ka jalo dipego tseno tse pedi di bontsha gore go ne go sa ngongorege moaposetoloi a le mongwe fela. Le fa go le jalo, go simologile jang?

Johane, yo o neng a bona ka matlho, o ne a oketsa ka dintlha tse di tshwanetseng. O bolela mosadi yono ka leina—Marea, kgaitsadie Maretha le Lasaro. Gape Johane o ne a bolela dintlha tseno, tse re ka di tsayang e le tse di tlatsanang go na le go ganetsana: “A tlotsa dinao tsa ga Jesu a ba a phimola dinao tsa gagwe ka moriri wa gagwe.” Fa re kopanya dipego tseno, re ka bona gore Marea o tshwanetse a bo a ile a tshasa tlhogo ya ga Jesu le maoto ka lookwane, lo Johane a tlhomamisang gore e ne e le “naredo ya mmatota.” Johane e ne e le tsala e kgolo ya ga Jesu mme o ne a tle a gakale fa a bona Jesu a nyenyefadiwa. Re bala jaana: “Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, yo o neng a tloga a mo neela batho ka boferefere, a re: Ke ka ntlha yang fa lookwane lo lo nkgang monate lono lo ne lo sa rekisiwe ka didenario di le makgolo a mararo mme tsa newa batho ba ba humanegileng?’”—Johane 12:2-8.

Ke boammaaruri gore Judase e ne e le “mongwe wa barutwa ba gagwe,” mme o ka bona gore Johane o ne a gakaletse gore motho yo o mo boemong jwa gagwe o ne a rulaganya go oka Jesu. Moranodi Dr. C. Howard Matheny o ne a bolela jaana ka Johane 12:4: “Lediriletlhalosi la jaanong e leng ‘yo o tlogang a’ [kana, “yo o neng a tloga a”] le letlhaedi la jaanong ‘go neela’ [kana, “yo o neng a tloga a mo neela batho]” ka bobedi a tlhalosa tiro e e tswelelang pele. Seno se bontsha gore ga go a ka ga itlela ka tshoganetso fela gore Judase a neele Jesu batho, ka gonne ke selo se a neng a se akantse le go se rulaganya ka malatsi a le mantsi.” Johane o ne a dira gore re tlhaloganye gape gore Judase o ne a ngongorega “e seng ka gonne a ne a tshwenyegile ka bahumanegi, mme ka gonne e ne e le legodu e bile a ne a tshola letlole la madi mme a ne a tle a tseye madi a a beilweng mo go lone.”

Ka gone go bonala go utlwala gore Judase wa legodu ke ene a neng a simolola go ngongorega ka gonne o ne a tla kgona go utswa madi a mantsi fa lookwane lo lo turang lo ne lo ka rekisiwa mme madi a tsenngwa mo lebokosong la madi le a neng a le tshwara. Fa Judase a sena go ngongorega, baaposetoloi bangwe ba ka tswa ba ne ba ngunanguna ka seo se neng se lebega e le ntlha e e utlwalang. Le fa go ntse jalo, Judase ke ene a neng a tlhotlheletsa go ngongorega gono.