Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Dilo Tsotlhe Sesha—Jaaka go Boleletswe Pele

Go Dira Dilo Tsotlhe Sesha—Jaaka go Boleletswe Pele

Go Dira Dilo Tsotlhe Sesha—Jaaka go Boleletswe Pele

“Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’ Gape, a re: . . . ‘Mafoko ano a boikanngo e bile a boammaaruri.’”—TSHENOLO 21: 5.

1, 2. Ke eng fa batho ka bontsi ba na le lebaka la go okaoka go akanya ka se se tla diregang mo isagweng?

A O KILE wa bua jaana kana wa akanya jaana: ‘Ke mang yo tota a itseng gore dilo di tla nna jang mo isagweng?’ O ka tlhaloganya lebaka la go bo batho ba okaoka go fopholetsa gore dilo di tla nna jang mo isagweng kana go ikanya batho ba ba ipolelang gore ba kgona go bolelela pele dilo tse di sa ntseng di tla direga. Batho ga ba na bokgoni jwa go bolelela pele ka tlhomamo se se tla diregang mo dikgweding kana mo dingwageng tse di tlang.

2 Makasine wa Forbes ASAP o ne wa gatisa ditlhogo tse di kgethegileng tse di buang fela ka nako. Mo go one, mogasi wa lenaneo lengwe la thelebishene e bong Robert Cringely, o ile a kwala jaana: “Nako e tle e re tlhabise ditlhong rotlhe, mme gone, ga go na batho ba nako e tleng e ba tlhabise ditlhong go gaisa batho ba ba bolelelang dilo pele. Go leka go fopholetsa isagwe ke malepa a ka metlha a re palelang. . . . Le fa go ntse jalo, batho ba go tweng ke bomankge ga ba lese go nna ba bolelela dilo pele.”

3, 4. (a) Batho bangwe ba na le tsholofelo efe ka mileniamo o mosha? (b) Batho ba bangwe ba na le tsholofelo efe e e utlwalang malebana le isagwe?

3 O ka tswa o etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba lebega ba akanya thata ka isagwe ka go bo go buiwa thata ka mileniamo o mosha. Mo masimologong a ngwaga o o fulereng, makasine wa Maclean’s o ile wa re: “Bontsi jwa batho ba Canada ba ka tswa ba tsaya ngwaga wa 2000 o tshwana fela le dingwaga tse dingwe tsa khalendara, mme gone, go ka nna ga tshogana go direga sengwe se sesha mo go one.” Porofesa Chris Dewdney wa York University o boletse gore lebaka le le dirang gore batho ba nne le tsholofelo jalo ke gore: “Mileniamo o kaya gore jaanong re tla kgaogana le lekgolo la dingwaga le le maswe thata.”

4 A seo se utlwala e le keletso fela e e sa utlwaleng? Kwa Canada ke diperesente di le 22 fela tsa batho ba ba neng ba tsibogela patlisiso nngwe ba ba neng ba “dumela gore ngwaga wa 2000 o tla lere sengwe se sesha mo lefatsheng.” Tota e bile, mo e batlang e le halofo ya bone “e dumela gore go tla nna le kgotlhang e nngwe ya lefatshe”—ntwa ya lefatshe—mo dingwageng tse 50 tse di tlang. Go bonala sentle gore bontsi jwa batho ga bo akanye gore mileniamo o mosha o ka nyeletsa mathata a rona, o dira dilo tsotlhe sesha. Rre Michael Atiyah, yo e kileng ya bo e le poresidente wa Royal Society ya Boritane, o ile a kwala jaana: “Diphetogo tse dikgolo tse di diregang . . . di supa gore lekgolo la bomasomeamabedinngwe la dingwaga le tla lere dikgwetlho tse dikgolo mo setšhabeng sotlhe sa rona. Mathata a go oketsega ga palo ya baagi, go tlhaela ga meamuso, go leswafadiwa ga tikologo le go anama ga khumanego a setse a re aparetse mme go tshwanetse ga lowa le one ka bonako jo bogolo.”

5. Re ka bona kae tshedimosetso e e ikanyegang e e malebana le isagwe?

5 O ka nna wa ipotsa gore, ‘E re ka batho ba sa kgone go bolelela pele gore isagwe ya rona e tla nna jang, a ga go botoka fa re itlhokomolosa isagwe?’ Karabo ke nnyaa! Ke boammaaruri gore batho ga ba kgone go bolelela pele sentle gore go tla direga eng mo isagweng, mme ga re a tshwanela go akanya gore ga go ope yo o ka kgonang go dira jalo. Mme gone, ke mang yo o ka kgonang go dira jalo, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le tsholofelo ka isagwe? O ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang mo dipolelelopeleng tse nnè tse di maleba. Di kwadilwe mo bukeng e e anamisitsweng thata le e e balwang go gaisa tsotlhe, e gape e leng buka e e sa tlhaloganngweng le e e itlhokomolosiwang go di gaisa tsotlhe—Baebele. O tshwanetse go ipha nako ya go sekaseka ditemana tseno tse nnè tse di botlhokwa le fa o ka tswa o akanya eng ka Baebele kana o ka tswa o tlwaelane go le kana kang le yone. Totatota di bolelela pele isagwe e e itumedisang thata. Mo godimo ga moo, dipolelelopele tseno tsa konokono di tlhalosa kafa isagwe ya gago le ya ba o ba ratang e ka nnang ka teng.

6, 7. Isaia o ne a porofeta leng, mme dilo tse a neng a di bolelela pele di ile tsa diragadiwa jang ka tsela e e gakgamatsang?

6 Ya ntlha e fitlhelwa mo bukeng ya Isaia kgaolo 65. Pele ga o e bala, tlhoma mogopolo mo go se se neng se direga moo—fa kgang eno e ne e kwalwa le maemo a e neng e bua ka one. Moporofeti wa Modimo e bong Isaia, yo o kwadileng mafoko ano, o ne a tshela dingwaga tse di fetang lekgolo pele bogosi jwa Juda bo fedisiwa. Bo ile jwa fedisiwa ka nako ya fa Jehofa a ne a tlogela go tlhola a sireletsa Juda e e sa ikanyegeng, a letla Bababelona gore ba senye Jerusalema le go isa batho ba yone botshwarong. Seo se ne sa direga dingwaga tse di fetang lekgolo morago ga gore Isaia a se bolelele pele.—2 Ditirafalo 36:15-21.

7 Go oketsa tshedimosetso e e kaga go diragadiwa ga tiragalo eno, se lebale gore Isaia o ile a kaelwa ke Modimo go bolelela pele leina la Moperesia yo ka nako eo a neng a ise a tsalwe, e bong Kurose, yo kwa bofelong e neng e tla nna ene a menolang Babelona. (Isaia 45:1) Kurose o ile a baakanyetsa Bajuda go boela kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. Selo se se gakgamatsang ke gore, Isaia o ile a bolelela pele go tsosolosiwa goo, jaaka fa re bala ka gone mo go kgaolo 65. O ile a bua thata ka maemo a a neng a tla nna gone fa Baiseraele ba sena go boela kwa nagagaeng ya bone.

8. Isaia o ne a bolelela pele eng se se itumedisang ka isagwe, mme ke mafoko afe a re a kgatlhegelang thata?

8 Re bala jaana mo go Isaia 65:17-19: “Bonang, ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong. Lona lo ipele, lo itumele ka bosakhutleng mo go se ke se tlholang; gonne ke tlhola Jerusalema go nna boipelo, le batho ba gagwe go nna boitumelo. Ke tlaa ipela ka Jerusalema, ke ja monate mo bathong ba me; mme lentswe la selelo ga le ketla le tlhola le utlwiwa mo go ene, le fa e le lentswe la go gala.” Ruri Isaia o ile a tlhalosa maemo a a neng a tla nna botoka thata go gaisa a Bajuda ba ileng ba tshela mo go one kwa Babelona. O ile a bolelela pele gore go tla nna le boipelo le boitumelo. Jaanong ela tlhoko mafoko a a reng “magodimo a maša, le lefatshe le leša.” Leno ke lekgetlho la ntlha mo go a manè a polelwana eno e tlhagang ka one mo Baebeleng, mme ditemana tseno tse nnè di ka ama isagwe ya rona ka tlhamalalo, tota le e leng go e bolelela pele.

9. Bajuda ba bogologolo ba ile amega jang mo go diragadiweng ga Isaia 65:17-19?

9 Nako e Isaia 65:17-19 e neng ya diragadiwa la ntlha ka yone e ne e amana le Bajuda ba bogologolo, ba ba ileng ba boela nagagaeng ya bone ba ba ba fitlha ba aga mo go yone le go tsosolosa kobamelo e e itshekileng, fela jaaka Isaia a ile a bolelela pele. (Esera 1:1-4; 3:1-4) O tshwanetse wa bo o lemoga gore ba ile ba boela mo nagagaeng e e neng e le mo go yone polanete eno, e seng golo gongwe go sele mo lobopong. Kgang eno e ka re thusa go lemoga gore Isaia o ne a kaya eng fa a ne a bua ka magodimo a masha le lefatshe le lesha. Ga go tlhokege gore re fopholetse dilo jaaka fa batho bangwe ba dira ka dipolelelopele tsa ga Nostradamus kana batho ba bangwe ba ba bolelelang dilo pele. Baebele ka boyone e tlhalosa sentle se Isaia a neng a se kaya.

10. Re tshwanetse go tlhaloganya jang “lefatshe” le lesha le Isaia a boleletseng pele ka lone?

10 Mo Baebeleng, ga se ka metlha “lefatshe” le kayang kgolokwe eno ya rona. Ka sekai, Pesalema 96:1 ya re: ‘Opelelang Jehofa, lefatshe lotlhe.’ Re a itse gore polanete ya rona—naga le mawatle—ga di kgone go opela. Batho ke bone ba ba opelang. Ee, Pesalema 96:1 e bua ka batho ba ba mo lefatsheng. * Mme gone, Isaia 65:17 e bua le ka “magodimo a maša.” Fa e le gore “lefatshe” le emela setšhaba se sesha sa batho ba ba boetseng kwa nagagaeng ya Juda, “magodimo a maša” one ke eng?

11. Polelwana e e reng “magodimo a maša” e kaya eng?

11 Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, ya ga M’Clintock le Strong, e bolela gore: “Gongwe le gongwe fela mo go buiwang ka kgang nngwe ya boporofeti teng, legodimo le emela . . . mebuso yotlhe e e laolang . . . e busa e bile e laola batho ba yone fela jaaka legodimo la mmatota le okame e bile le laola lefatshe.” Malebana le polelwana e e kopantseng mafoko a mabedi e leng “legodimo le lefatshe,” Cyclopedia eno e tlhalosa gore ‘go ya ka tsela ya boporofeti ya go tlhalosa dilo, polelwana eno e kaya maemo a bopolotiki a batho ba maemo a a sa tshwaneng. Legodimo ke bolaodi; lefatshe ke babusiwa, batho ba ba laolwang ke batho ba bagolo mo go bone.’

12. Bajuda ba bogologolo ba ile ba nna le “magodimo a maša le lefatshe le leša” ka tsela efe?

12 Fa Bajuda ba ne ba boa go tswa kwa Babelona, ba ile ba nna le se re ka se bitsang gore ke tsamaiso e ntšha ya dilo. Go ne go na le babusi ba basha. Serubabele, yo e neng e le setlogolwana sa ga Kgosi Dafide, e ne e le molaodi mme Joshua e le moperesiti yo mogolo. (Hagai 1:1, 12; 2:21; Sekaria 6:11) Ba ne ba dira “magodimo a maša.” Ba busa eng? “Magodimo a maša” a ne a busa “lefatshe le leša,” e leng setšhaba se se phepafaditsweng sa batho ba ba neng ba boetse kwa nagagaeng ya bone go aga Jerusalema le tempele ya yone sesha gore go obamelwe Jehofa gone. Ka gone, go ne ga nna le “magodimo a maša le lefatshe le leša” ka tsela ya mmatota fa go ne go diragadiwa mafoko ano malebana le Bajuda ba nako eo.

13, 14. (a) Ke lekgetlho lefe le lengwe le polelwana “magodimo a maša le lefatshe le leša” e tlhagang gone e re tshwanetseng go e sekaseka? (b) Ke eng fa re kgatlhegela thata boporofeti jwa ga Petere mo nakong ya gompieno?

13 Ela tlhoko gore o tlhaloganye kgang eno sentle. Seno ga se go tlhalosa Baebele ka tsela ya rona kana go ikgopotsa fela hisitori ya bogologolo. O ka bona seno ka go fetela mo lekgetlhong le lengwe le polelwana “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e tlhagang mo go lone. Mo go 2 Petere kgaolo 3, ke lekgetlho le lengwe le polelwana eno e tlhagang gone me o tla lemoga gore isagwe ya rona e a amega.

14 Moaposetoloi Petere o ne a kwala lekwalo leno la gagwe dingwaga di feta 500 fa Bajuda ba sena go boela kwa nagagaeng ya bone. Mme e re ka Petere e ne e le mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu, o ne a kwalela balatedi ba ga Keresete, “Morena” yo o umakilweng mo go 2 Petere 3:2. Mo temaneng ya 4, Petere o umaka ‘go nna gone ga ga Jesu go go solofeditsweng,’ e leng se se dirang gore boporofeti jono bo tshwanele thata gompieno. Bosupi jo bontsi bo bontsha gore fa e sa le ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, Jesu o ntse a le gone ka tsela ya gore o ntse a busa e le Mmusi wa Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. (Tshenolo 6:1-8; 11:15, 18) Seno se nna le bokao jo bo kgethegileng fa re leba selo se sengwe gape se Petere a ileng a se bolelela pele mo kgaolong eno.

15. Boporofeti jwa ga Petere malebana le “magodimo a masha” bo diragadiwa jang?

15 Re bala jaana mo go 2 Petere 3:13: “Mme go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” O ka tswa o setse o itse gore Jesu kwa legodimong ke ene Molaodi yo mogolo wa “magodimo a masha.” (Luke 1:32, 33) Le fa go ntse jalo, ditemana tse dingwe tsa Baebele di bontsha gore ga a buse a le nosi. Jesu o ile a solofetsa gore baaposetoloi le batho ba bangwe ba ba tshwanang le bone ba ne ba tla nna le bonno kwa legodimong. Mo bukeng ya Bahebera, moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa batho bao a re ke “banaleseabe ba pitso ya selegodimo.” Mme Jesu o ile a bolela gore setlhopha seo sa batho se tla dula le ene mo ditulong tsa bogosi kwa legodimong. (Bahebera 3:1; Mathaio 19:28; Luke 22:28-30; Johane 14:2, 3) Mme kgang fano ke gore batho bangwe ba busa le Jesu e le karolo ya magodimo a masha. Mme he Petere o ne a kaya eng fa a bua ka “lefatshe le lesha”?

16. Ke ‘lefatshe lefe le lesha’ le le setseng le le gone?

16 Fela jaaka mo tiragatsong ya ntlha—go boela ga Bajuda kwa nagagaeng ya bone—go diragadiwa ga segompieno ga 2 Petere 3:13 go akaretsa batho ba ba ikobelang puso ya magodimo ano a masha. Gompieno go na le dimilione tsa batho ba ba itumelelang go ikobela bolaodi joo. Ba solegelwa molemo ke thulaganyo ya jone ya go ruta mme ba leka go tshela go ya ka melao ya jone e e mo Baebeleng. (Isaia 54:13) Batho bano ke bone motheo wa “lefatshe le lesha” ka tsela ya gore ba dira setšhaba sa lefatshe lotlhe se se tswang mo ditšhabeng tsotlhe, dipuo le ditso mme ba seoposengwe mo go ikobeleng Kgosi e e busang, Jesu Keresete. Selo se se botlhokwa ke gore le wena o ka nna mongwe wa bone!—Mika 4:1-4.

17, 18. Ke eng fa mafoko a 2 Petere 3:13 a re naya lebaka la go nna le tsholofelo ka isagwe?

17 O se ka wa akanya gore kgang eno e felela fano, gore ga re na tshedimosetso e e oketsegileng malebana le isagwe. Tota e bile, fa o ntse o sekaseka kgang e go buiwang ka yone mo go 2 Petere kgaolo 3, o tla lemoga gore go buiwa ka phetogo e kgolo e e tlileng go direga. Mo ditemaneng 5 le 6, Petere o umaka Morwalela wa motlha wa ga Noa, Morwalela o o neng wa nyeletsa baikepi ka nako eo. Mo temaneng ya 7, Petere o bolela gore ‘magodimo le lefatshe tsa gone jaanong,’ ke gore, babusi le babusiwa ba teng, ba beetswe go ya “letsatsing la katlholo le la go senngwa ga batho ba e seng ba bomodimo.” Seno se tlhomamisa boammaaruri jwa gore mafoko ‘magodimo le lefatshe tsa gone jaanong’ ga se lobopo lono lo re leng mo go lone, go na le moo, ke batho le babusi ba bone.

18 Go tswa foo Petere o tlhalosa gore letsatsi le le tlang la ga Jehofa le tla dira tiro e kgolo ya go phepafatsa, le bula tsela ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse di umakilweng mo temaneng ya 13. Ela tlhoko mafoko a bofelo a temana eo—“go tla nna tshiamo mo go tsone.” A seno ga se bontshe gore go tla nna le diphetogo tse dikgolo tse di tlileng go dira gore dilo di nne botoka? A seno ga se dire gore re solofele dilo tse disha, nako ya fa batho ba tla bo ba itumelela botshelo go feta jaaka go ntse gompieno? Fa e le gore o lemoga seno, he o na le lesedi ka se Baebele e se bolelelang pele, lesedi le batho ba sekae fela ba nang le lone.

19. Ke ditiragalo dife tse buka ya Tshenolo e buang ka tsone malebana le “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse di sa ntseng di tla?

19 Mme gone, a re tlhaloseng seno go ya pele. Re tlotlile ka lekgetlho le polelwana “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e tlhagang gone mo go Isaia kgaolo 65, le mo e tlhagang gone gape mo go 2 Petere kgaolo 3. Jaanong bula mo go Tshenolo kgaolo 21, e e nang le lekgetlho le lengwe gape le polelwana eno e tlhagang gone gape mo Baebeleng. Fano le gone, go tlhaloganya se go buiwang ka sone go tla re thusa. Mo dikgaolong tse pedi tse di tlang pele ga eno, mo go Tshenolo kgaolo 19, go buiwa ka ntwa ka tsela ya tshwantshetso—mme ga se ntwa ya dinaga tse pedi tse di tlhabantshanang. Kafa letlhakoreng le lengwe go eme “Lefoko la Modimo.” O ka tswa o itse gore eno ke tsela e Jesu Keresete a retwang ka yone. (Johane 1:1, 14) O kwa legodimong, mme ponatshegelo eno e mo tlhalosa a na le masomosomo a selegodimo. Ba lwa le mang? Kgaolo eno e umaka “dikgosi,” “balaodi ba sesole,” le batho ba maemo a a farologaneng, “ba bannye le ba bagolo.” Ntwa eno e akaretsa letsatsi le le tlang la ga Jehofa, fa go fedisiwa boikepo. (2 Bathesalonika 1:6-10) Fa Tshenolo kgaolo 20 e tswelela pele, e simolola ka go tlhalosa go tlosiwa ga “noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane.” Seno se re baakanyetsa go ka sekaseka Tshenolo kgaolo 21.

20. Tshenolo 21:1 e bontsha gore go tlile go direga phetogo efe e kgolo?

20 Moaposetoloi Johane o simolola ka mafoko ano a a kgatlhang: “Ka bona legodimo le lesha le lefatshe le lesha; gonne legodimo la pele le lefatshe la pele di ne di fetile, le lewatle ga le tlhole le le gone.” Go ya ka se re setseng re se lemogile mo go Isaia kgaolo 65 le 2 Petere kgaolo 3, re ka tlhomamisega gore seno ga se kaye gore magodimo a mmatota le polanete ya rona, ka mawatle a yone, a tla tseelwa sebaka ke a mangwe. Jaaka fa dikgaolo tse di fetileng di bontsha, batho ba ba boikepo le babusi ba bone, go akaretsa le mmusi wa bone yo o sa bonaleng e bong Satane, ba tla tlosiwa. Ee, golo fano batho ba solofediwa tsamaiso e ntšha ya dilo mo lefatsheng.

21, 22. Johane o re tlhomamisetsa masego afe, mme go phimolwa ga dikeledi go kaya eng?

21 Re tlhomamisediwa seno fa re fetela kwa pele mo boporofeting jono jo bo kgatlhang. Temana ya 3 e konela ka go bua ka nako ya fa Modimo a tla bo a nna le batho, a lebisa tlhokomelo ya gagwe ka tsela e e molemo mo bathong ba ba dirang thato ya gagwe. (Esekiele 43:7) Johane o tswelela pele jaana mo ditemaneng 4, 5: “[Jehofa] o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, lefa e le khutsafalo lefa e le selelo lefa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile. Mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’ Gape, a re: ‘Kwala, ka gonne mafoko ano a boikanngo e bile a boammaaruri.’” A boporofeti jo bo kgothatsang ruri!

22 A ko o eme go se kae mme o akanye ka se Baebele e se bolelelang pele fano. ‘Modimo o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone.’ Go ka se ka ga bo go buiwa ka dikeledi tse di tlwaelegileng tse di tlhatswang matlho a rona a a bosisi, e bile go ka se ka ga bo go buiwa ka dikeledi tsa boitumelo. Nnyaa, dikeledi tse Modimo a tla di phimolang ke dikeledi tse di bakwang ke go boga, khutsafalo, maswabi, kutlobotlhoko le tlalelo. Re itse seo jang? Ebu, tsholofetso eno e e molemo ya Modimo e amanya go phimolwa ga dikeledi le kgang ya gore ‘loso, khutsafalo, selelo, le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.’—Johane 11:35.

23. Boporofeti jwa ga Johane bo re tlhomamisetsa gore go tla fedisiwa maemo afe?

23 A seno ga se bontshe gore kankere, seterouko, malwetse a pelo le e leng loso a tla bo a fedisitswe? Ke mang wa rona yo o iseng a swelwe ke yo a mo ratang ka ntlha ya bolwetse bongwe, kotsi kana masetlapelo mangwe? Golo fano Modimo o solofetsa gore loso ga lo kitla lo tlhola lo nna gone, e leng selo se se nayang kgopolo ya gore bana ba ba ka nnang ba tsholwa ka nako eo ga ba kitla ba lebana le go tsofala—go go felelang ka loso. Gape boporofeti jono bo kaya gore ga go kitla go tlhola go nna le bolwetse jwa Alzheimer, jwa osteoporosis, ditlhagala mo ditogweng, bolwetse jwa matlho jwa glaucoma, kana le e leng letha mo matlhong—malwetse a a tshwarang batsofe thata.

24. “Magodimo a masha le lefatshe le lesha” a tla bo a le molemo ka tsela efe, mme ke eng se re sa ntseng re tla se sekaseka?

24 Ga go pelaelo gore o tla dumela gore khutsafalo le selelo di tla fokotsega fa loso, botsofe le malwetse a ka fedisiwa. Mme go tweng ka khumanego e e feteletseng, go sotlwa ga bana, le tlhaolele ya go gatelela batho ka ntlha ya maemo kana mmala wa bone? Fa dilo tseno—tse di anameng thata gompieno—di ne di ka tswelela pele di le gone, re ne re ka se gololesege mo khutsafalong le mo selelong. Ka gone, botshelo mo ‘magodimong a masha le lefatshe le lesha’ ga bo na bo sulafadiwa ke dilo tseno tse gone jaanong di bakang khutsafalo. A phetogo e kgolo ruri! Mme gone, go fitlha jaanong re sekasekile makgetlho a le mararo fela mo go a le manè a polelwana “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e tlhagang gone mo Baebeleng. Go na le le lengwe gape le le amanang le se re sa tswang go se sekaseka mme le gatelela lebaka la go bo re tshwanetse go nna le tsholofelo kaga nako le tsela e Modimo a tla diragatsang tsholofetso ya gagwe ya gore o tla ‘dira dilo tsotlhe sesha.’ Setlhogo se se latelang se bua ka boporofeti jono le gore bo tla ama jang boitumelo jwa rona.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 The New English Bible e ranola Pesalema 96:1 e re: “Opelelang MORENA, lona batho botlhe ba lefatshe.” The Contemporary English Version yone e balega jaana: “A mongwe le mongwe mo lefatsheng leno a galaletse MORENA.” Seno se dumalana le kgang ya gore Isaia o ne a bua ka batho ba Modimo ba le mo nageng ya bone fa a ne a bua ka “lefatshe le leša.”

O Gopola Eng?

• Ke makgetlho afe a mararo a mo go one Baebele e bolelelang pele ka “magodimo a masha le lefatshe le lesha”?

• Bajuda ba bogologolo ba ile ba amega jang mo go diragadiweng ga “magodimo a masha le lefatshe le lesha”?

• Re tlhaloganya gore “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse Petere a di umakang di ile tsa diragadiwa ka ditsela dife?

Tshenolo kgaolo 21 e re lemotsha jang gore go tla nna le isagwe e e itumedisang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fela jaaka Jehofa a ile a bolelela pele, Kurose o ne a baakanya maemo gore Bajuda ba boele kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E.