Kgomotso e Tlhokega Thata!
Kgomotso e Tlhokega Thata!
“Bonang, dikeledi tsa ba ba patikwang, mme ba bo ba se na mogomotsi; mo ntlheng ya bapatiki ba bone go ne go na le nonofo, mme bone ba bo ba se na mogomotsi.”—MORERI 4:1.
A O BATLA go gomodiwa? A o eletsa go bona tlhasenyana e e tla go nametsang gore o kgone go kgabaganya lefifi le le kwenneng la tlalelo? A o eletsa thata go bona letlhotlhorinyana fela la nametsego gore o natetshe botshelo jo bo tladikilweng ka bogalaka jwa go boga le dilo tse di sa itumediseng?
Nako nngwe mo botshelong, rotlhe re tlhoka kgomotso le kgothatso thata. Go ntse jalo ka gore go na le dilo tse dintsi mo botshelong tse di re hutsafatsang. Rotlhe re tlhoka go sirelediwa, go ratiwa, go tlamparelwa. Bangwe ba rona ba tsofetse mme seo ga se ba itumedise. Ba bangwe ba kgobegile marapo thata go bo botshelo bo le ka tsela e ba neng ba sa lebelela ka yone. Mme ba bangwe bone ba tshwentswe ke pego e ba e utlwang e e tswang kwa laboratoring e e tlhatlhobang malwetse.
Mo godimo ga moo, ke batho ba le mmalwa fela ba ba tla ganetsang gore dilo tse di diragetseng mo motlheng wa rona di dirile gore re tlhoke kgomotso le tsholofelo thata. Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng le le losi fela, go ile ga swa batho ba ba fetang dimilione di le lekgolo mo ntweng. * Bontsi jwa bone ba tlogetse malapa a a hutsafetseng—bommè le borre, bomorwadiarramotho le bomorwarramotho, batlholagadi le masiela—a tlhoka go gomodiwa thata. Gompieno, batho ba ba fetang dimilione di le sekete ba mo lehumeng le legolo. Bontlhanngwe jwa baagi ga ba kgone gore ka metlha ba bone kalafi le ditlhare tse ba di tlhokang. Mo mebileng ya ditoropo tse di kgolo go kgarakgatshega bana ba ba dimilione ba ba latlhilweng, ba bontsi jwa bone ba dirisang diokobatsi e bile ba rekisa mebele ya bone. Batshabi ba bantsi ba mo maemong a a boitshegang mo dikampeng.
Le fa go ntse jalo, dipalo—le fa di tlhokega thata jaana—ga di tlhalose botlhoko le go boga ga motho mo batho bangwe ba go utlwang mo botshelong jwa bone. Ka sekai, akanya ka Svetlana, mosadi mongwe yo mosha wa kwa Balkans yo o neng a tsholelwa mo lehumeng le legolo. * O bolela jaana: “Batsadi ba me ba ne ba nthoma gore ke ye go kopa kana go utswa gore re tle re nne le madi. Botshelo jwa lelapa bo ile jwa senyega thata jaana mo e leng gore ke ile ka tlhaselwa ke mongwe wa losika ka tlhakanelodikobo. Ke ne ka bona tiro ya go nna weitara kwa resetšhurenteng mme mmè, yo o neng a amogela madi a ke neng ke a berekela, o ne a re fa nka latlhegelwa ke tiro, o tla ipolaya. Dilo tseno tsotlhe di ile tsa dira gore ke feleletse ke le seaka se se ithekisang. Ke ne ke na le dingwaga di le 13 fela. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka ima mme ka senya mpa. Fa ke le dingwaga di le 15, ke ne ke lebega jaaka motho wa dingwaga tse 30.”
Laimonis, lekawana lengwe le le tswang kwa Latvia, o bolela kafa a tlhokang kgomotso ka teng le kafa dilo tse di mo diragaletseng tse di bosula di mo hutsafatsang ka teng. Fa a le dingwaga di le 29, o ne a nna le kotsi ya koloi mme e ne ya mo tlogela a sule ditokololo go tswa mo nokeng go ya kwa tlase. O ne a ikutlwa a kgobegile marapo thata mme a simolola go nwa bojalwa. Dingwaga tse tlhano morago ga foo, e ne e le selo fela—e le lekgoba la bojalwa e bile a sule ditokololo a se na isagwe epe. O ne a ka bona kae kgomotso?
Kgotsa o akanye ka Angie. Monna wa gagwe o ne a ariwa gararo mo bobokong mme seo sa mo tlogela a golafetse go sekae. Morago ga foo, dingwaga tse tlhano morago ga karo ya bofelo, o ne a tlhagelwa ke kotsi e e maswe thata, e e neng ya batla e mmolaya. Fa mosadi wa gagwe a tsena mo kamoreng ya maemo a tshoganyetso mme a bona monna wa gagwe a robetse moo a le mo kidibalong e kgolo fa a sena go utlwa botlhoko thata mo tlhogong, o ne a itse gore mathata a etla. Botshelo jwa gagwe le jwa lelapa la gagwe bo ne bo tlile go nna boima. O ne a ka bona jang kemonokeng le kgothatso?
Mo go Pat, letsatsi lengwe la mariga dingwaga di le mmalwa tse di fetileng le simolotse le bonala e le letsatsi le le tlwaelegileng fela. Le fa go ntse jalo, malatsi a mararo a a ileng a latela a phimogile mo mogopolong wa gagwe. Monna wa gagwe o ne a mmolelela moragonyana gore e rile a sena go nna le ditlhabi tse di botlhoko mo sehubeng, pelo ya gagwe e ne ya ema tsi! Pelo ya gagwe e simolotse e itaya thata e bile e iteela kwa godimo go tswa foo ya ema gotlhelele. O ne a emisa go hema. Pat o bolela jaana: “Ke tswa go boa fa kgorong ya lebitla.” Mme ka tsela nngwe o ne a falola. O tlhalosa jaana fa a bua ka nako e telele e a e ntseng kwa kokelong: “Ke ne ke tshosiwa ke ditlhatlhobo tse dintsi, ke tshosiwa thata ke fa ba ne ba leka go roromisa pelo ya me le go e emisa, jaaka e ne e dira mo tshimologong.” Ke eng se se neng se tla mo naya kgomotso e a neng a e tlhoka thata ka nako eo e e thata?
Joe le Rebecca ba ne ba swelwa ke morwaabone wa dingwaga tse 19 mo kotsing ya koloi. Ba bolela jaana: “Ga re ise re ko re lebane le botlhoko jo bogolo jaana. Le mororo mo nakong e e fetileng re ne re lela le ba bangwe ka ntlha ya khutsafalo ya bone, tota re ne re sa utlwe botlhoko jo bogolo jwa pelo jo re bo utlwang gone jaanong.” Ke eng se se neng se ka kgona go kokobatsa “botlhoko jo bogolo [jono] jwa pelo”—khutsafalo e kgolo ya go swelwa ke mongwe yo o mo ratang thata?
Batho bano botlhe, le dimilione tsa ba bangwe, ba ile ba bona motswedi wa kgomotso o o e gaisang yotlhe. Go bona kafa le wena o ka solegelwang molemo ka teng ke motswedi ono, tsweetswee tswelela pele o bala.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 5 Palo ya sebele ya masole le batho fela ba ba suleng ga e itsiwe. Ka sekai, buka ya 1998 ya Facts About the American Wars e bolela jaana ka Ntwa ya Lefatshe II fela: “Dibuka tse dintsi di bolela gore palo ya batho ba ba suleng ka ntlha ya Ntwa ya Lefatshe II (masole le batho fela) ke batho ba le dimilione di le 50 mme ba le bantsi ba ba ithutileng ka kgang eno thata ba dumela gore palo ya sebele e kwa godimo thata go feta moo—mo e ka nnang palo eo e menagane gabedi.”
^ ser. 6 Leina le fetotswe.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]
UNITED NATIONS/PHOTO BY J. K. ISAAC
UN PHOTO 146150 BY O. MONSEN