Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe le Lesha—A o Tla Nna Gone?

Lefatshe le Lesha—A o Tla Nna Gone?

Lefatshe le Lesha—A o Tla Nna Gone?

“Ga go na sepe se se botoka mo go bone fa e se go ipela le go dira molemo mo nakong ya botshelo jwa motho; gape gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—MORERI 3:12, 13NW.

1. Ke eng fa re ka nna le tsholofelo ka isagwe?

BATHO ba le bantsi ba tsaya Modimo Mothatayotlhe a le bogale thata. Le fa go ntse jalo, mafoko a a fa godimo ke boammaaruri jo o ka bo fitlhelang mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. A dumalana le gore ke “Modimo o o itumetseng” le go bo a ile a baya batsadi ba rona ba ntlha mo lefatsheng la paradaise. (1 Timotheo 1:11; Genesise 2:7-9) Fa re batla go nna le lesedi malebana le isagwe e Modimo a e solofetsang batho ba gagwe, ga re a tshwanela go gakgamala fa re utlwa ka maemo a a tla dirang gore re nne le boitumelo jo bo nnetseng ruri.

2. Dingwe tsa dilo tse o tlhoafaletseng go di bona ke dife?

2 Mo setlhogong se se fetileng, re sekasekile makgetlho a le mararo mo go a le manè a mo go one Baebele e bolelelang pele ka “magodimo a maša, le lefatshe le leša.” (Isaia 65:17) Nngwe ya dipolelelopele tseo tse di ikanyegang e kwadilwe mo go Tshenolo 21:1. Ditemana tse di latelang eo di bua ka nako ya fa Modimo Mothatayotlhe a tla bong a fetola maemo a lefatshe gotlhelele gore dilo di nne botoka. O tla phimola dikeledi tsa khutsafalo. Batho ga ba kitla ba tlhola ba swa ka ntlha ya go tsofala, bolwetse kana dikotsi. Khutsafalo, selelo le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. A tebelelo e e molemo ruri! Mme gone, a re ka tlhomamisega gore seo se tla direga, mme tebelelo eo e ka re ama jang rona gompieno?

Mabaka a go Nna le Tshepo

3. Ke eng fa re ka ikanya ditsholofetso tsa Baebele malebana le isagwe?

3 Ela tlhoko kafa Tshenolo 21:5 e tswelelang pele ka teng. E nopola Modimo a dutse mo setulong sa gagwe sa bogosi kwa legodimong, a re: “Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.” Tsholofetso eno ya Modimo e gaisa maiphako a naga epe fela a boipuso, molaotlhomo ope fela wa gompieno wa ditshwanelo tsa botho, kana maikaelelo ape fela a batho ba nang le one ka isagwe. Ke mafoko a a ikanyegang a a buiwang ke Yo Baebele e reng ke ‘o o sa ka keng a aka.’ (Tito 1:2) Go a utlwala go bo o ka ikutlwa gore re eme teng fela fano mme re ijese monate ka go akanya ka tsholofelo eno e e molemolemo le Modimo yo o ikanyegang. Mme gone ga re tlhoke go ema. Re sa ntse re na le dilo tse dintsi go ithuta tsone ka isagwe.

4, 5. Ke dipolelelopele dife tsa Baebele tse di setseng di sekasekilwe tse di ka nonotshang tshepo ya rona malebana le se se tlileng go direga?

4 Akanya ka se setlhogo se se fetileng se re lemotshitseng sone malebana le ditsholofetso tsa Baebele tse di malebana le magodimo a masha le lefatshe le lesha. Isaia o ile a bolelela pele tsamaiso e e ntseng jalo ya dilo mme boporofeti jwa gagwe bo ile jwa diragadiwa fa Bajuda ba ne ba boela kwa nagagaeng ya bone mme ba tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. (Esera 1:1-3; 2:1, 2; 3:12, 13) Le fa go ntse jalo, a seo ke sone fela se boporofeti jwa ga Isaia bo neng bo bua ka sone? Legoka! Dilo tse a di boleletseng pele di ne di tla diragadiwa gape ka tsela e kgolwane mo nakong e e neng e sa ntse e le kgakala. Ke eng fa re swetsa jalo? Ka ntlha ya se re se balang mo go 2 Petere 3:13 le Tshenolo 21:1-5. Ditemana tseo di bolelela pele ka magodimo a masha le lefatshe le lesha le le tla solegelang Bakeresete molemo mo lefatsheng lotlhe.

5 Jaaka fa go boletswe pelenyana, Baebele e dirisa polelwana “magodimo a masha le lefatshe le lesha” ka makgetlho a manè. Re setse re tlotlile ka a le mararo a makgetlho ano mme go dirile gore re dire ditshwetso tse di kgothatsang. Baebele e bolelela pele ka tlhamalalo gore Modimo o tla fedisa boikepo le dilo tse dingwe tse di bakang go boga le gore o tla segofatsa batho go ya pele mo lefatsheng la gagwe le lesha le a le solofeditseng.

6. Boporofeti jwa bonè jo bo umakang “magodimo a masha le lefatshe le lesha” bo bolelela pele eng?

6 A jaanong re sekasekeng lekgetlho le le setseng moo polelo e e reng “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e tlhagang teng mo go Isaia 66:22-24, (NW) e e reng: “‘Fela jaaka magodimo a masha le lefatshe le lesha tse ke di dirang di eme fa pele ga me,’ go bua Jehofa, ‘fela jalo lotsalo lwa lona le leina la lona le tla nna le eme. Ruri go tla diragala gore go tloga ka ngwedi o mosha go ya go ngwedi o mosha le go tloga ka sabata go ya go sabata nama yotlhe e tla tla go inkobela,’ go buile Jehofa. ‘Mme ba tla tswa ba ya go leba ditoto tsa batho ba ba neng ba ntirela tlolo; gonne diboko tse di mo go bone ga di kitla di swa le molelo wa bone ga o kitla o timiwa, mme ba tla nna selo se se ferosang sebete mo nameng yotlhe.’”

7. Ke eng fa re ka konela ka gore Isaia 66:22-24 e sa ntse e tla diragadiwa mo malatsing a a tlang?

7 Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa fa Bajuda ba ne ba tsosolosa dilo gape kwa nageng ya bone, le fa go ntse jalo, bo ne bo tla diragadiwa ka tsela e nngwe. Seno se ne se tla direga moragonyana thata ga gore go kwalwe lekwalo la bobedi la ga Petere le buka ya Tshenolo, ka gonne di bua ka ‘magodimo le lefatshe le lesha’ tse di neng di sa ntse di tla. Re ka lebelela gore bo diragadiwe jalo ka tsela e kgolwane le ka botlalo mo tsamaisong e ntšha. Akanya ka mangwe a maemo a re ka lebelelang go a itumelela.

8, 9. (a) Batho ba Modimo ba tla ‘nna ba eme’ ka tsela efe? (b) Boporofeti jwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba tla mo obamela “go tloga ka ngwedi o mosha go ya go ngwedi o mosha le go tloga ka sabata go ya go sabata” bo kaya eng?

8 Tshenolo 21:4 e ile ya bontsha gore loso ga lo kitla lo tlhola lo nna teng. Mafoko a a mo go Isaia kgaolo 66 a dumalana le seo. Re kgona go bona mo temaneng ya 22 gore Jehofa o itse gore magodimo a masha le lefatshe le lesha ga e kitla e nna selo sa nakwana fela. Mo godimo ga moo, batho ba gagwe ba tla nnela ruri; ba tla ‘sala ba ntse fa pele’ ga gagwe. Dilo tse Modimo a setseng a di diretse batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng di re naya lebaka la go nna le tshepo. Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba lebana le dipogiso tse di setlhogo, tota le e leng maiteko a magolo a go ba fedisa. (Johane 16:2; Ditiro 8:1) Le fa go ntse jalo, tota le baba ba ba maatla ba batho ba Modimo, ba ba jaaka Mmusimogolo wa Roma e bong Nero le Adolf Hitler, ga ba a ka ba atlega go nyeletsa baikanyegi ba Modimo, ba ba emelang leina la gagwe. Jehofa o ile a babalela phuthego ya batho ba gagwe, mme ga re na pelaelo gore o tla tswelela pele a e bolokile e eme go ya go ile.

9 Le batho ba ba ikanyegang mo Modimong, ba e tla nnang karolo ya lefatshe le lesha, setšhaba sa baobamedi ba boammaaruri mo lefatsheng le lesha, le bone ba tla nna ba eme motho ka namana ka gonne ba tla bo ba direla Mmopi wa dilo tsotlhe kobamelo e e itshekileng. Ga ba ne ba mo obamela jalo ka sewelo kana ka tsela e ba ratang ka yone. Molao wa Modimo o Baiseraele ba neng ba o neetswe ka Moshe, o ne o batla gore ba dire ditiro dingwe tsa kobamelo kgwedi nngwe le nngwe, jaaka fa go bonala ka tiragalo ya ngwedi o mosha le beke le beke jaaka go bonala ka letsatsi la Sabata. (Lefitiko 24:5-9; Dipalo 10:10; 28:9, 10; 2 Ditirafalo 2:4) Ka jalo, Isaia 66:23 e bua ka kgang ya go obamela Modimo ka metlha le ka tsela e e tswelelang pele, beke le beke, kgwedi le kgwedi. Ka nako eo go tla bo go sa tlhole go na le bolatolamodimo le boitimokanyi jwa bodumedi. “Nama yotlhe e tlaa tla go obama fa pele ga” Jehofa.

10. Ke eng fa o ka tshepa gore lefatshe le lesha ga le na go senngwa ke baikepi ka bosakhutleng?

10 Isaia 66:24 e re tlhomamisetsa gore kagiso le tshiamo mo lefatsheng le lesha ga di kitla di kgorelediwa. Baikepi ga ba kitla ba le senya. Gopola gore 2 Petere 3:7 ya re go tlile go nna le “letsatsi la katlholo le la go senngwa ga batho ba e seng ba bomodimo.” Go tlile go fedisiwa batho ba e seng ba bomodimo. Batho ba ba se nang molato ga ba ne ba utlwisiwa botlhoko, jaaka go tle go direge mo dintweng tsa batho, tse mo go tsone o fitlhelang palo ya baagi ba ba swang e feta ya masole. Moatlhodi yo Mogolo o re tlhomamisetsa gore letsatsi leo la gagwe e tla bo e le la go senngwa ga batho ba e seng ba bomodimo.

11. Isaia o bontsha gore go tla direga eng ka motho ope fela yo o tla nnang kgatlhanong le Modimo le kobamelo ya gagwe?

11 Basiami ba ba tla falolang ba tla bona gore lefoko la Modimo la boporofeti le boammaaruri. Temana ya 24 e re bolelela gore “ditoto tsa batho ba ba dirileng ditlolo fa pele ga” Jehofa e tla nna bosupi jwa katlholo ya gagwe. Mafoko a tshwantshetso a Isaia a a dirisang fano a ka lebega a garola pelo. Le fa go ntse jalo, a dumalana le se se ileng sa direga mo hisitoring. Ka kwa ntle ga dithako tsa Jerusalema wa bogologolo go ne go na le dithotobolo tsa matlakala, mme gangwe le gape go ne go latlhelwa ditopo tsa dikebekwa tse go neng go atlhotswe gore ga di tshwanelwe ke go fitlhwa ka tsela e e tlotlegang. * Diboko le molelo o mogolo wa teng di ne di laila matlakala le ditopo tseo. Go bonala mafoko ano a ga Isaia a tshwantshetso a bontsha kafa katlholo ya ga Jehofa ya makgaolakgang e tla diragadiwang ka botlalo ka teng mo baleofing.

Se a Se Solofeditseng

12. Isaia o re neela tshedimosetso efe e nngwe malebana le botshelo mo lefatsheng le lesha?

12 Tshenolo 21:4 e re bolelela ka dingwe tsa dilo tse di tla bong di seo mo tsamaisong e ntšha e e tlang. Le fa go ntse jalo, ke dilo dife tse di tla bong di le gone ka nako eo? Botshelo bo tla bo bo ntse jang? A re ka nna le tshedimosetso e e ikanyegang? Ee. Isaia kgaolo 65 e re tlhalosetsa ka tsela ya boporofeti maemo a re tla itumelelang one fa e le gore Jehofa o tla re tsaya re le batho ba ba tshwanelwang ke go tshela fa kgabagare a tla bo a bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha. Batho ba ba tla nnang le lesego la go bona bonno jo bo nnetseng ruri mo lefatsheng le lesha ga ba kitla ba tsofala mme kgabagare ba bo ba swa. Isaia 65:20 e re tlhomamisetsa jaana: “Ga go ketla go tlhola go nna gone losea lwa malatsi a mannye, le fa e le monna mogolo yo o iseng a bone botlalo jwa malatsi a gagwe; gonne ngwanyana o tlaa swa a le dinyaga di le lekgolo, mme moleofi yo o tlaa bong a le dinyaga di le lekgolo o tlaa bo a hutsegile.”

13. Isaia 65:20 e re tlhomamisetsa jang gore batho ba Modimo ba tla sireletsega?

13 Fa mafoko ano a ne a diragadiwa la ntlha mo bathong ba gaabo Isaia, a ne a bolela gore masea a ne a babalesegile mo nageng eo. Go ne go se na baba bape ba ba neng ba ba tlhasela, jaaka Bababelona ba ne ba tlhola ba dira, go tla go tsaya maseanyana a a neng a sa ntse a anya kana go bolaya makawana a a neng a sa ntse a gola. (2 Ditirafalo 36:17, 20) Mo lefatsheng le lesha le le tlang batho ba tla bo ba babalesegile, ba sireletsegile ba kgona go itumelela botshelo. Fa go ka direga gore motho a tsuologele Modimo, ga a kitla a letlwa go tswelela pele a tshela. Modimo o tla mo nyeletsa. Go tweng fa e le gore motsuolodi yoo o na le dingwaga di le lekgolo? O tla swa jaaka “ngwanyana” go na le gore a tshele ka bosakhutleng.—1 Timotheo 1:19, 20; 2 Timotheo 2:16-19.

14, 15. Go ya ka Isaia 65:21, 22, ke ditiro dife tse di monate tse o ka solofelang go di dira?

14 Go na le gore Isaia a bue thata ka kgang ya gore moleofi wa ka boomo o tla fedisiwa jang, o tlhalosa tsela e go tla bong go tshelwa ka yone mo lefatsheng le lesha. Leka go akanya o ipona o le mo maemong ao. Dilo tse di ka tlang pele mo mogopolong wa gago ke dilo tse di go amang thata. Isaia o bua ka tsone mo temaneng ya 21 le 22: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma, mme go je o sele; gonne jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tlaa nna jalo, mme baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele.”

15 Fa e le gore ga o na maitemogelo ka tsa kago kana ka tsa tshingwana, boporofeti jwa ga Isaia bo ka tswa bo bolela gore o tlile go rutiwa dilo tseno. Mme gone, a o ne o ka se rate go ithuta dilo tseno o thusiwa ke batlhatlheledi ba ba nang le bokgoni, gongwe e bile o thusiwa le ke baagelani ba ba molemo? Isaia ga a tlhalose gore a ntlo ya gago e tla bo e na le marobana a magolo a difensetere a a nang le disiraletsatsi gore o kgone go itumelela pheswana e e monate kana gore a e tla bo e na le difensetere tsa galase tse ka tsone o ka bogang dipaka tsa ngwaga fa di fetoga. A o tla dira ntlo ya polane ya marulelo a a phekameng gore a reledise metsi a pula le kapoko? Kana a tlelaemete ya mo o tla bong o nna teng e tla go tlhoka gore o age ntlo ya marulelo a a sephaphati—jaaka a mangwe a matlo a kwa Botlhabagare—a o ka kgobokanelang le ba lelapa la gago mo go one lo jela mo go one le go tlotla mmogo?—Duteronome 22:8; Nehemia 8:16.

16. Ke eng fa o ka lebelela gore lefatshe le lesha le tla re kgotsafatsa ka bosakhutleng?

16 Selo se se botlhokwa thata go gaisa go itse dilo tseo tsotlhe, ke go itse gore o tla bo o na le bodulo jo e leng jwa gago. E tla bo e le jwa gago—go sa tshwane le gompieno mo o tshwanelwang ke go ngakalala o dira ka natla gore o age ntlo mme motho o sele e bo e nna ene a solegelwang molemo. Gape Isaia 65:21 ya re o tla jala mme o je maungo a teng. Ruri seno se sobokanya kafa maemo a tla bong a le ka teng. O tla kgotsofalela maiteko a gago ka botlalo, maungo a mofufutso wa phatla ya gago. O tla dira jalo o tshela ka lobaka lo loleele—“jaaka malatsi a setlhare a ntse.” Ruri seno se tshwanela tlhaloso e e reng—‘dilo tsotlhe di le disha’!— Pesalema 92:12-14.

17. Ke tsholofetso efe e segolobogolo e ka kgothatsang batsadi?

17 Fa o le motsadi, o tla angwa pelo ke mafoko ano: “Ga ba ketla ba kgokgolela lefela, le fa e le go tsholela thekisego bana; gonne bone ke losika lwa basegofadiwi ba ga Jehofa, le matlhogela a bone nabo. Go tlaa dirafala go re, pele ba e se ba bitse, ke tlaa araba; mme ba tlaa re ba sa ntse ba bua ke utlwe.” (Isaia 65:23, 24) A o ka tswa o itse botlhoko jwa go “tsholela thekisego bana” go ya ka se se go diragaletseng? Ga re tlhoke go nankolola mathata a mantsintsi a bana ba ka nnang le one a a ka bakelang batsadi le batho ba bangwe thekisego. Malebana le kgang eno, rotlhe re bone kafa batsadi bangwe ba inaakanyang thata le mebereko ya bone ka teng le ditiro tse dingwe, kana go ijesa menate mo e leng gore ba ipha nako e nnye fela le bana ba bone. Jehofa o farologane thata le bone, o re tlhomamisetsa gore o tla re reetsa e bile o tla tsibogela dilo tse re di tlhokang, tota e bile o tla nna a di letetse.

18. Ke eng fa o ka lebelela go itumelela diphologolo mo lefatsheng le lesha?

18 Fa o ntse o akanya ka dilo tse o ka itumelelang tsone mo lefatsheng le sesha, akanya ka maemo ano a lefoko la Modimo la boporofeti le a tlhalosang: “‘Phiri e tlaa ja mmogo fela le kwanyana, le tau e tlaa ja lotlhaka jaaka kgomo; mme lorole e tlaa nna dijo tsa noga. Ga di ketla di utlwisa botlhoko, le fa e le go senya mo thabeng e e itshepileng ya me yotlhe fela,’ go bua Jehofa.” (Isaia 65:25) Bataki ba batho ba ile ba leka go tshwantsha maemo ano, mme gone, seno ga se setshwantsho fela sa botaki se se tshwantshang dilo ka go di feteletsa. Maemo ano e tla bo e le a mmatota. Batho ba tla tshedisana ka kagiso, mme kagiso e e ntseng jalo e tla bo e le teng le mo diphologolong. Baithutaditshedi ba le bantsi le batho ba ba ratang diphologolo ba fetsa dingwaga tse dintsi tsa botshelo jwa bone ba ithuta ka mefuta e sekae fela ya diphologolo, gongwe losika lo le longwe fela lwa tsone. Go na le moo, akanya fela gore o tla kgona go ithuta go le gontsi jang ka diphologolo fa di tla bo di sa tlhole di tshaba batho. Ka nako eo o tla kgona go atamela le e leng dinonyane le ditshedinyana tse dinnye tse di nnang mo sekgweng—ee, o kgona go di sekaseka go di ithuta, le go di itumelela. (Jobe 12:7-9) Mme o tla bo o kgona go dira jalo o babalesegile, o sa boife batho kana diphologolo. Jehofa a re: “Ga di ketla di utlwisa botlhoko, le fa e le go senya mo thabeng e e itshepileng ya me yotlhe.” A bo seo e tla nna phetogo e kgolo jang ne go tswa mo go se re se bonang le se se re diragalelang gompieno!

19, 20. Ke eng fa batho ba Modimo ba farologana thata le bontsi jwa batho gompieno?

19 Jaaka fa go umakilwe pelenyana, batho ga ba kgone go bolelela isagwe pele ka tlhomamo, le fa batho ka bontsi ba amegile thata ka dilo tse di amanang le mileniamo o mosha. Seno se bolaisa batho ba le bantsi pelo, se dira gore ba tlhakane tlhogo kana ba itlhoboge. Peter Emberley, mokaedi wa yunibesithi nngwe kwa Canada, o ile a kwala jaana: “[Bagolo] ba le bantsi kgabagare ba lebana le dipotso tse di botlhokwa tse di malebana le go nna gone ga bone. Ke mang? Totatota ke kgaratlhela eng? Ke tlogelela kokomana e e tlang boswa bofe? Fa ba fitlha mo dingwageng tsa magareng ba kgaratlhela go rulaganya matshelo a bone le go batla go itse lebaka la go bo ba tshela.”

20 O ka tlhaloganya gore ke eng fa go ntse jalo ka batho ba le bantsi. Ba ka tswa ba batla go itumelela botshelo ka ditiro tsa boiketlo kana ka mefuta mengwe e e kgatlhang ya boitlosobodutu. Le fa go ntse jalo, ga ba itse gore isagwe e ba tsholetse eng, ka jalo botshelo bo ka lebega bo se botlhokwa, bo sa rulagana kana bo se na bokao jwa mmatota. Mme jaanong bapisa seo le tsela e wena o lebang botshelo ka yone, go ya ka se re setseng re se sekasekile. O a itse gore mo magodimong a masha a ga Jehofa le mo lefatsheng le lesha la gagwe, re tla kgona go leba dilo tse di re dikologileng re bo re bua jaana ka pelo yotlhe, ‘Ruri Modimo o dirile dilo tsotlhe sesha!’ A bo re tla itumelela seo thata jang ne!

21. Ke selo sefe se se tshwanang se re se fitlhelang mo go Isaia 65:25 le mo go Isaia 11:9?

21 Re a bo re sa ikgodise fa re ipona ka leitlho la mogopolo re tshela mo lefatsheng le lesha la Modimo. O a re kopa e bile o re kgothaletsa gore re mo direle ka boammaaruri gone jaanong mme re tshwanelegele go tshela ka nako ya fa ‘di se kitla di gobatsa le fa e le go senya ka gope mo thabeng yotlhe ya gagwe e e boitshepo.’ (Isaia 65:25) Mme gone, a o ne o etse tlhoko gore Isaia o ile a dirisa tlhaloso e e tshwanang le eno pelenyana, le gore o ne a akaretsa selo se se leng botlhokwa thata se se ka re thusang go itumelela lefatshe le lesha? Isaia 11:9 ya re: “Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”

22. Go sekaseka ga rona dipolelelopele tse nnè tsa Baebele go tshwanetse ga re thusa go ititaya sehuba go dira eng?

22 “Kitso ya ga Jehofa.” Fa Modimo a dira dilo tsotlhe sesha, baagi ba lefatshe ba tla nna le kitso e e leng ya boammaaruri kaga gagwe le ka thato ya gagwe. Seo ga se ne se akaretsa fela go ithuta ka diphologolo. Go akaretsa Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Ka sekai, akanya ka dilo tse dintsi tse re di lemogileng ka go sekaseka fela dipolelelopele tse nnè tse di umakang “magodimo a masha le lefatshe le lesha.” (Isaia 65:17; 66:22; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:1) O na le lebaka le le molemo la go bala Baebele letsatsi le letsatsi. A ke selo se o se dirang ka metlha? Fa e le gore ga go jalo, ke diphetogo dife tse o ka di dirang e le gore o bale mangwe a mafoko a Modimo letsatsi le letsatsi? O tla lemoga gore mo godimo ga go solofela go itumelela go tshela mo lefatsheng le lesha, o tla nna le boitumelo jo bogolo gone jaanong, fela jaaka mopesalema.—Pesalema 1:1, 2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 906, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa re ka swetsa ka gore Isaia 65:22-24 e bolelela pele dilo tse di sa ntseng di tla diragala?

• Ke dilo dife tse segolobogolo o tlhoafaletseng go di bona gareng ga tse di umakwang mo dipolelelopeleng tse di mo go Isaia 66:22-24 le Isaia 65:20-25?

• Ke mabaka afe a a go dirang gore o nne le tshepo ka isagwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Isaia, Petere le Johane ba ile ba bolelela pele dintlha dingwe ka “magodimo a masha le lefatshe le lesha”