Botshelo jo bo Itumedisang Jwa Lelapa bo Ngokela ba Bangwe mo Modimong
Pego ya Baboledi ba Bogosi
Botshelo jo bo Itumedisang Jwa Lelapa bo Ngokela ba Bangwe mo Modimong
JEHOFA o ne a segofatsa Josefa ka botlhale jo bogolo le ka temogo. (Ditiro 7:10) Ka ntlha ya seo, temogo ya ga Josefa “[e ne ya nna] selo se se molemo mo matlhong a ga Faro le mo matlhong a batlhanka botlhe ba gagwe.”—Genesise 41:37.
Le gompieno Jehofa o naya batho ba gagwe botlhale le temogo fa ba ntse ba ithuta Baebele. (2 Timotheo 3:16, 17) Botlhale le temogo eno di dira gore motho a nne le maungo a a molemo fa a ntse a dirisa kgakololo e e tswang mo Baebeleng. Gantsi boitshwaro jwa bone jo bo siameng bo ile jwa ‘nna selo se se molemo mo matlhong a batho ba ba ba lebeletseng’ jaaka maitemogelo ano a a tswang kwa Zimbabwe a bontsha.
• Mosadi mongwe o ne a na le baagelani ba e leng Basupi ba ga Jehofa. Le mororo a ne a sa rate Basupi, o ne a rata boitshwaro jwa bone, segolobogolo botshelo jwa bone jwa lelapa. O ne a tlhokometse gore monna yono le mosadi wa gagwe ba na le kamano e ntle thata le gore bana ba bone ba kutlo. O ne a tlhokomela thatathata gore monna yono o rata mosadi wa gagwe thata.
Tumelo e e tlwaelegileng mo setsong sa Seafrika ke gore fa monna a rata mosadi wa gagwe, mosadi wa gagwe o tshwanetse a bo a ile a dirisa boselamose gore a mo “kgwabofatse.” Ka gone mosadi yono o ne a bua le mosadi wa Mosupi mme a mo kopa jaana: “A o ka mpha boselamose jo o bo fileng monna wa gago gore monna wa me le ene a nthate jaaka wa gago a go rata?” Mosupi o ne a araba a re: “Ee, ke tla go bo tlisetsa ka moso mo thapameng.”
Letsatsi le le latelang, kgaitsadi o ne a etela moagelani wa gagwe ka “boselamose” jwa gagwe. E ne e le eng? E ne e le Baebele, le buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa ba sena go sekaseka tshedimosetso e e mo bukeng ya Kitso kafa tlase ga setlhogo se se reng “Go Aga Lelapa le le Tlotlang Modimo,” o ne a raya mosadi yono a re: “Se ke sone ‘boselamose’ jo nna le monna wa me re bo dirisang gore re ‘kgwabofatsane’ mme ke lone lebaka la go bo re ratana thata jaana.” Go ne ga simololwa thuto ya Baebele mme mosadi yoo o ne a gatela pele ka bonako go ya bokgakaleng jwa gore a bontshe boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.
• Babulatsela ba babedi ba ba kgethegileng ba ba neng ba abetswe kwa phuthegong e nnye gaufi le molelwane o o kafa ntlheng ya bokonebotlhaba jwa Zimbabwe le Mozambique ba ne ba sa tswele bodireding jwa ntlo le ntlo ka dibeke di le pedi. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba ne ba tla mo go bone go utlwa gore ba reng. Mongwe wa babulatsela o tlhalosa gore go tlile jang: “Re ne re tsamaya sekgala sa dikilometara di le 15 go ya go tshwara thuto ya Baebele ya legae le motho yo o kgatlhegang. Go ne go se motlhofo gore re fitlhe mo lefelong leno. Re ne re tshwanelwa ke go tsamaya mo seretseng e bile re tshwanelwa ke go kgabaganya dinoka tse di tletseng thata tse di neng di fitlha mo dithamong tsa rona. Se se ne se raya gore re rwale diaparo le ditlhako tsa rona mo tlhogong, re gobua mo nokeng mme fa re fitlha ka kwa ga noka re bo re boa re apara gape.
“Baagelani ba motho yo o kgatlhegang yono ba ne ba kgatlhwa thata ke tlhoafalo ya rona. Mongwe wa batho ba ba neng ba re etse tlhoko e ne e le moeteledipele wa mokgatlho wa bodumedi wa lefelo leo. O ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: ‘A ga lo batle go nna le tlhoafalo e e tshwanang le ya makawana a mabedi ale a Basupi ba ga Jehofa?’ Letsatsi le le latelang, bontsi jwa balatedi ba gagwe ba ne ba tla mo ntlong ya rona go tla go botsa gore ke eng fa re tlhoafetse jaana. Mo godimo ga moo, mo dibekeng tse pedi tse di latelang, re ne ra nna le baeti ba bantsi jaana mo e leng gore re ne re se na le nako ya go ikapeela dijo!”
Mongwe wa batho ba ba neng ba etela babulatsela bano mo dibekeng tse pedi tseo e ne e le moeteledipele yole wa bodumedi. Akanya fela gore babulatsela ba ile ba itumela jang fa a amogela thuto ya legae ya Baebele!